APRIL 6 27–MAY 3, 2026
PINA 99 Boidiidi Jwa Bakaulengwe
Ipaakanyetse Dikgwetlho Tsa fa o Sena go Kolobediwa
“Letla gore dikgato tsa me di nne mo ditselaneng tsa gago.”—PES. 17:5.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore Bakeresete ba ka ipaakanyetsa jang dikgwetlho tse ba ka lebanang le tsone fa ba sena go kolobediwa.
1-2. Re ka dira eng gore re tswelele re atamalane le Jehofa fa re lebana le dikgwetlho? Naya sekai.
RE A itse gore re tla lebana le mathata mo lefatsheng leno la ga Satane. Jesu o ile a tlhagisa balatedi ba gagwe a re: “Dikgoreletsi di tla tla.” (Math. 18:7) Re akantse ka tlhagiso eo, re tshwanetse go ipaakanyetsa dikgwetlho tse re ka lebanang le tsone, go akaretsa tse di ka nnang teng fa re dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi.
2 A re dire sekai. Ga re bolo go kgothalediwa gore re ipaakanyetse masetlapelo a tlholego. Re a ipaakanyetsa jang? Sa ntlha, re ipotsa gore ke masetlapelo afe a a ka diregang mo lefelong la rona. Go botlhokwa gore re dire jalo, segolobogolo fa e le gone re gorogang mo lefelong leo. Fa re sena go itse gore ke masetlapelo afe a a ka diregang, re a a ipaakanyetsa. (Diane 21:5) Ka tsela e e tshwanang, go botlhokwa gore re itse gore re ka lebana le dikgwetlho dife fa re sena go kolobediwa, mme re di ipaakanyetse gone jaanong. Fa re dira jalo, re tla kgona go di itshokela, e bile re tla tswelela re atamalane le Jehofa. (Pes. 17:5) Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dikgwetlho tse tharo tse re ka lebanang le tsone fa re sena go kolobediwa, le gore re ka di ipaakanyetsa jang.a
MOKAULENGWE KGOTSA KGAITSADI A KA GO KGOPISA
3. Ke kgwetlho efe e re ka lebanang le yone mo phuthegong?
3 A o sa ntse o gopola gore o ne o ikutlwa jang lekgetlo la ntlha fa o ya dipokanong, mme o bona kafa batho ba ga Jehofa ba leng lorato ka gone? A o ne o tlhatswegile pelo gore o bone boammaaruri? (Joh. 13:35; Bakol. 3:12) Kgaitsadi Blancab o ne a ikutlwa jalo. Mme gone, fa a sena go kolobediwa, go ile ga direga sengwe se a neng a sa se lebelela. A re: “Kgaitsadi mongwe o ne a ntshwara makgwakgwa, e bile ke ile ka mo utlwa a bua batho ba bangwe maswe. Ke ne ke gakgametse fa seo se direga ka gonne ke ne ke ithutile gore Basupi ba ga Jehofa ba lorato e bile ba dirisana ka kagiso.” Gone ke boammaaruri gore batho ba ga Jehofa ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba nne le dinonofo tse Bakeresete ba tshwanetseng go nna le tsone. Mme gone, ba na le boleo. (Baef. 4:23, 24; 1 Joh. 1:8) Ka jalo, ka dinako dingwe mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a ka bua kgotsa a dira sengwe se se ka go utlwisang botlhoko. (Jak. 3:8) Ka maswabi, seo se ile sa dira gore bangwe ba tlogele go direla Jehofa.
4. Re ka ipaakanya jang gore re itse se re tshwanetseng go se dira fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a re kgopisa? (Baefeso 4:32)
4 O ka ipaakanya jang gone jaanong gore o itse gore o ka dira eng fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a go kgopisa? Itlwaetse go dirisa kgakololo e e mo go Baefeso 4:32. (E bale.) Fa o dira sotlhe se o ka se kgonang gore o nne o le pelonomi e bile o tlhomogela ba bangwe pelo, o ka se nne le dikgotlhang le ba bangwe go sa tlhokege. Gape ipeele mokgele wa go itshwarela ba bangwe ka pelo yotlhe fa ba bua kgotsa ba dira sengwe se se go utlwisang botlhoko. Ke eng se se ka go thusang go dira jalo? Gopola gore o ile wa kopa Jehofa ka makgetlo a le mantsi gore a go itshwarele, e bile o ka tswa o lebogela gore o ile a go itshwarela ka pelo yotlhe. (Math. 6:12) Fa o nna o akanya ka gore Jehofa o go itshwaretse ka makgetlo a le mantsi go le kana kang, go tla nna motlhofo gore le wena o itshwarele ba bangwe.
5. Ke molaomotheo ofe wa Baebele o o ka re thusang fa mongwe a re kgopisa? (Diane 19:11) (Bona le ditshwantsho.)
5 Bala Diane 19:11. Baebele e a re fa mongwe a re kgopisitse, temogoc e tla re thusa gore re se ka ra galefa ka bonako. Molaomotheo ono o ile wa thusa Kgaitsadi Rima, yo o nang le dingwaga di le mmalwa fela a kolobeditswe. A re: “Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bua kgotsa ba dira dilo tse di nkutlwisang botlhoko, ke gopola Diane 19:11. Ke leka go akanya ka maemo a bone le tsela e ba godisitsweng ka yone, le gore ke eng se se ka tswang se dirile gore ba itshware jalo. Gape ke leka go bereka le bone mo tshimong, seo se nthusa gore ke ba itse botoka.” Go botlhokwa thata gore re itse bakaulengwe le bokgaitsadi gone jaanong. Fa re ba itse sentle, go tla nna motlhofo gore re ba itshwarele fa ba dira dilo tse di re utlwisang botlhoko.
Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a go kgopisitse, mo kope gore lo bereke mmogo mo tshimong (Bona serapa 5)
6. Ke eng se se ka re thusang gore re atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong?
6 O ka dira eng gore o atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong? Tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tse ba nang le tsone. (Bapisa le Diane 10:12; Bar. 12:10; Bafil. 2:2, 3) Go dira jalo go ile ga thusa Mokaulengwe Mark. Fela fa a sena go kolobediwa, o ile a fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi. Seo se ile sa dira gore a simolole go lemoga makoa a bone. Ke eng se se ileng sa mo thusa gore a se ka a kgopisiwa ke diphoso tse ba neng ba di dira? A re: “Ke ile ka lemoga gore diphoso tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba di dira, tota e ne e se tsa sepe fa di bapisiwa le dilo tse di bosula tse batho ba le bantsi ba di dirang mo lefatsheng. Ka jalo, ke ile ka dira tshwetso ya gore ke se ka ka nnela go tlhoma mogopolo mo diphosong tse dinnye tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba di dirang. Go na le moo, ke batle dinonofo tse di molemo tse ba nang le tsone le gore ke akanye ka tsone.” Fa le rona re tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tse bakaulengwe le bokgaitsadi ba nang le tsone, re tla atamalana le bone.
O KA SIMOLOLA GO ELETSA DILO TSE O DI TLOGETSENG
7. Ke eng se se ka dirang gore o simolole go eletsa dilo tse o di tlogetseng?
7 Ga go pelaelo gore fa o ne o nna Mosupi wa ga Jehofa, o ile wa itumelela gore ga o sa tlhole o le karolo ya lefatshe le le bosula la ga Satane, e bile o ka tswa o sa dumele gore go na le mongwe yo o ka batlang go boela kwa go lone. Le fa go ntse jalo, fa o lebana le diteko, o ka nna wa simolola go gopola kgotsa go eletsa dilo dingwe tse o ileng wa di tlogela gore o kgone go direla Jehofa. (Bapisa le Dipalo 11:4-6.) Ka sekai, bakaulengwe bangwe ba ka tswa ba ile ba tlogela ditiro dingwe tse di neng di ba duela madi a mantsi mme di ba jela nako. Bangwe bone ba ka tswa ba ile ba latlhiwa ke ditsala fa ba simolola go ithuta Baebele. Ba bangwe bone ba ka tswa ba ile ba kgona go tlogela mokgwa mongwe o o sa siamang o ba neng ba o rata. Go ka utlwisa botlhoko tota gore Mokeresete a letlelele sepe fela se a se tlogetseng mo nakong e e fetileng se mo katosetsa kgakala le Jehofa. O ka ipaakanya jang gone jaanong gore o se ka wa boela kwa dilong tse o di tlogetseng?
8. Re ithuta eng mo go Aborahame le Sara?
8 Baebele e re bolelela ka banna le basadi ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ba neng ba ka simolola go eletsa dilo tse ba di tlogetseng. Ka sekai, Aborahame le Sara ba ile ba ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore ba tswe kwa motseng o montle wa Ure, mme ba ye go nna kwa ditenteng. (Baheb. 11:8, 9) Ga go pelaelo gore ba ka tswa ba ne ba a tle ba gopole botshelo jo bo monate jwa kwa Ure. Mme “fa ba ka bo ba ile ba nna ba gakologelwa” kgotsa ba eletsa se ba se tlogetseng, ba ne ba ka raelesega go boela kwa Ure. Mme ga ba a ka ba dira jalo, go na le moo ba ile ba akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a solofeditseng gore o tla ba direla tsone mo nakong e e tlang.—Baheb. 11:15, 16.
9. Moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa jang ka dilo tse a neng a di tlogetse? (Bafilipi 3:7, 8, 13)
9 Moaposetoloi Paulo le ene o ile a tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe mo botshelong gore a direle Jehofa. Ka sekai, pele a nna Mokeresete, Gamaliele yo Bajuda ba neng ba mo tlotla thata, o ile a mo ruta Molao wa Bajuda. (Dit. 22:3) Paulo o ne a tlile go nna moeteledipele yo Bajuda ba neng ba tla mo tseela kwa godimo. (Bagal. 1:13, 14) Mme gone, o ile a amogela dikgang tse di molemo. Ka jalo o ile a tlogela dilo tseo. A mme seo se raya gore botshelo jwa gagwe bo ne bo relela fela fa a sena go sokologa? Nnyaa. O ne a itewa, a tsenngwa mo kgolegelong, e bile batho ba gagabo ba ne ba mo tlhoile. (2 Bakor. 11:23-26) Fa a ka bo a ile a fetsa nako e ntsi a akanya ka diteko tseo le gore botshelo jwa gagwe bo ne bo ntse jang pele, o ne a ka tsaya gore o dirile phoso ka go nna molatedi wa ga Jesu. Mme ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o ile a akanya thata ka tshiamelo e a neng a na le yone ya go nna molatedi wa ga Keresete e bile o ile a nna a akantse ka tuelo e e itumedisang e a neng a tla e bona mo nakong e e tlang. Paulo o ne a tlhatswegile pelo gore go nna molatedi wa ga Jesu go ne go le botoka go gaisa sepe fela se a se tlogetseng!—Bala Bafilipi 3:7, 8, 13.
10. Re tshwanetse go nna re akanya ka eng? (Mareko 10:29, 30) (Bona le ditshwantsho.)
10 Re ithuta eng? Fa o simolola go akanya ka dilo tse o di tlogetseng gore o nne Mokeresete, gape akanya gore ke eng fa o di tlogetse. (Mor. 7:10) Bapisa dilo tseo le masego a o nang le one gone jaanong ka gonne o itse boammaaruri. Ka sekai, o itumelela go atamalana le Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. (Diane 3:32) O na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato mo lefatsheng lotlhe. (Bala Mareko 10:29, 30.) Gape akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a solofetsang gore o tla go direla tsone mo nakong e e tlang! (Isa. 65:21-23) Fa o nna o akanya ka masego a o nang le one ka gonne o direla Jehofa, ga o ka ke wa eletsa dilo tse o di tlogetseng.
O se ka wa eletsa dilo tse o di tlogetseng, go na le moo itumelele tiro e Jehofa a go neileng yone (Bona serapa 10)e
11. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Rosemary?
11 Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Rosemary o kolobeditswe a na le dingwaga di ka nna 50. Go na le sengwe se se ileng sa mo thusa gore a se ka a nna a eletsa dilo tse a di tlogetseng. A re: “Kwa tshimologong, ke ne ke gopola dinako tse di monate tsa fa ke ne ke keteka Keresemose le ba lelapa la me. Ke ne ke itumelela go ba naya dimpho. Gape ke ne ke itumelela go bona bongwanake ba ntse go dikologa setlhare sa Keresemose ba phutholola dimpho.” Ke eng se se mo thusitseng? Rosemary a re: “Ke ile ka dira sengwe mo boemong jwa go keteka Keresemose. Ngwaga le ngwaga ka letsatsi le le farologaneng, ke ne ke phutha ba lelapa la me, ke ba naya dimpho e bile ke ba bolelela gore ke a ba rata.” Gape go na le kgwetlho nngwe e Rosemary a neng a lebana le yone. A re: “Fa ke sena go ithuta boammaaruri, ditsala tsa me di ne tsa ntatlha. Ka dinako dingwe, ke ne ke ba gopola e bile ke jewa ke bodutu.”d Ke eng se se ileng sa mo thusa? O ile a simolola go dira dithulaganyo tsa go bereka le bokgaitsadi ba ba farologaneng mo tshimong. A re: “Seo se ile sa dira gore ke nne le ditsala tse disha tse ke di ratang.” O ka ithuta eng mo go Rosemary? O ka tswa o eletsa sengwe se o neng o se itumelela pele o ithuta boammaaruri. Mme gone, o ka kgona go se emisetsa ka sengwe se se botoka. (Bafil. 4:8, 9) Gopola seno: Ka metlha, se Jehofa a go nayang sone se botoka thata go feta se o se tlogetseng.
FA BANGWE BA TLOGELA GO DIRELA JEHOFA
12. Ke eng se se ka diregang mo phuthegong se go ka nnang thata go se itshokela?
12 Ga go pelaelo gore fa o nna Mosupi, o ile wa itumelela go tswa mo lefatsheng leno le le bosula, mme o bo o nna mongwe wa batho ba ba ratang boammaaruri e bile ba leka go dira se se siameng. (Isa. 65:14) Mme gone, ka dinako dingwe mongwe mo phuthegong a ka dira boleo jo bo masisi. Tota e bile, motho yoo a ka tlosiwa mo phuthegong. (1 Bakor. 5:13) Seo se ile sa ama kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Samar. A re: “Fa ke sena go kolobediwa, mogolwane mongwe o ile a dira boleo jo bo masisi a bo a tlosiwa mo phuthegong. Ke batlile ke tlogela go direla Jehofa. Ke ne ke sa akanye gore mogolwane a ka leofela Jehofa jalo a bo a utlwisa batho ba bangwe mo phuthegong botlhoko.” Boammaaruri ke gore, ga re belaele gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rata Jehofa le gore ba batla go tswelela ba ikanyega mo go ene. (1 Bakor. 13:4, 7) Le fa go ntse jalo, ngwaga le ngwaga bangwe ba a tlosiwa mo phuthegong. Mme go ka nna thata tota fa mongwe a tlogela go direla Jehofa, segolobogolo fa e le tsala, mongwe mo lelapeng kgotsa mongwe yo re mo tlotlang thata.
13. Re ka ipaakanya jang gore re tswelele re direla Jehofa fa tsala kgotsa mongwe mo lelapeng a mo tlogela?
13 O ka ipaakanya jang gone jaanong gore o tswelele o direla Jehofa ka boikanyegi fa tsala kgotsa mongwe mo lelapeng a tlogela go mo direla? Tswelela o nonotsha botsala jwa gago le Jehofa. (Jak. 4:8) Gopola gore o dirile tshwetso ya gore o tla direla Jehofa le fa batho ba bangwe ba ka mo tlogela. Ka sekai, re ka tswa re obamela Jehofa mmogo le ba malapa a rona kgotsa le bakaulengwe le bokgaitsadi, mme gape re tshwanetse go rapela le go ithuta Baebele re le nosi.—Pes. 1:2; 62:8.
14. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng moaposetoloi Petere? (Johane 6:66-68)
14 Se se diragaletseng moaposetoloi Petere se ka re thusa. Nako nngwe barutwa ba le bantsi ba ne ba tlogela go sala Jesu morago ka gonne a ne a ruta sengwe se ba neng ba sa se tlhaloganye. Petere le ene a ka tswa a ne a sa tlhaloganye se Jesu a neng a se bua, mme o ile a tswelela a ikanyega. (Bala Johane 6:66-68.) Go na le gore a nne a akanya ka se batho ba bangwe ba se dirileng, o ile a tswelela a akanya ka boammaaruri jo Jesu a neng a bo ruta. Ka jalo, Petere ga a ka a tlogela go nna molatedi wa ga Jesu. Ka tsela e e tshwanang, fa ba bangwe ba tlogela go direla Jehofa, gopola gore phuthego ya ga Jehofa ke yone e e go rutileng boammaaruri ka Jehofa. O se ka wa bo tlogela! Samar, yo re tlotlileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Ke nna ke ikgopotsa gore fa mongwe a dirile sengwe se se sa siamang, seo ga se reye gore batho botlhe mo phuthegong ba dira dilo tse di sa siamang kgotsa gore phuthego ya ga Jehofa e ruta dilo tse di sa siamang.”
15. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Emily?
15 Akanya ka se se ileng sa diragalela Emily. Beke fela morago ga gore a kolobediwe, mmaagwe o ne a tlogela ba lelapa la gagwe e bile o ne a tlosiwa mo phuthegong. Emily a re: “Ke ne ke sa akanye gore Mama o ne a ka dira selo se se ntseng jalo. Eo e ne e le kgwetlho e kgolo e nkileng ka lebana le yone, e bile ke tlhologelelwa Mama thata.” Ke eng se se ileng sa thusa Emily? A re: “Ga ke nosi, Papa o nkema nôkeng. Mo godimo ga moo, bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba ntsaya jaaka mongwe wa lelapa la bone. Boammaaruri ke gore mongwe le mongwe yo o direlang Jehofa o na le mathata. Ka jalo, go botlhokwa gore re atamalane le gore re kgothatsane.” (1 Pet. 5:9) Ga o a tshwanela go emela gore o nne le mathata pele, e bo e le gone o atamalanang le bakaulengwe le bokgaitsadi. Dira jalo gone jaanong. Seo se tla dira gore o se ka wa ikutlwa o le nosi le fa o ka diragalelwa ke eng mo botshelong.
16. Ke eng se re tshwanetseng go se gopola? (Bona le setshwantsho.)
16 Gape gopola gore Jehofa o kgalemela ba a ba ratang. (Baheb. 12:6) O batla gore botlhe ba ba tlositsweng mo phuthegong ba boele kwa go ene. (2 Pet. 3:9) Ka jalo, fa mongwe yo o atamalaneng le ene a tlosiwa mo phuthegong, tlhomamisega gore bagolwane ba tla dira sotlhe se ba se kgonang go mo thusa gore a boele kwa go Jehofa.—2 Tim. 2:24, 25.
Fa mongwe yo o atamalaneng le ene a tlosiwa mo phuthegong, gopola gore bagolwane ba batla go mo thusa go boela kwa go Jehofa (Bona serapa 16)f
17. Re ka tlhatswega pelo ka eng?
17 Re tlotlile ka dikgwetlho di le mmalwa fela tse o ka lebanang le tsone fa o sena go kolobediwa. Boammaaruri ke gore, dingwe tsa tsone di ka lebega di le thata tota, mme ga o tlhoke go boifa, o ka ipaakanya gone jaanong. Gape o se ka wa lebala gore Jehofa o tla go thusa. Ga a bolo go go thusa, e bile o tla tswelela a go thusa! (1 Pet. 5:10) Ka metlha o tla go naya maatla a o a tlhokang e bile o tla go thusa gore o itshokele teko epe fela e o ka lebanang le yone. Fa o letla Jehofa gore a go thuse, ga go na kgwetlho epe e e tla go katosetsang kgakala le ene.—Pes. 119:165; Bar. 8:38, 39.
PINA 154 Lorato Lo lo Sa Feleng
a Le fa setlhogo seno se bua ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa tswang go kolobediwa, se ka re tswela mosola rotlhe mo phuthegong.
b Maina a fetotswe.
c Temogo e akaretsa go nna le bokgoni jwa go sa lebe fela phoso e mongwe a e dirileng. E ka re thusa go lemoga gore ke eng fa mongwe a buile kgotsa a dirile sengwe se se rileng.
d Mongwe le mongwe wa rona mo phuthegong o tshwanetse go dira gore batho ba ba ithutang Baebele le ba ba sa tswang go kolobediwa ba ikutlwe ba ratiwa. Bala setlhogo se se reng, “Phuthego e ka Thusa Jang Moithuti wa Baebele Gore a Kolobediwe?” serapa 15 le 16 mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 2021.
e TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa kgaitsadi mongwe a le mo tshimong, o bona basadi bangwe ba tshameka bolo, seo se mo gopotsa nako ya fa a ne a sa ntse a tshameka bolo. Moragonyana kgaitsadi yoo o rerela mongwe wa basadi bao yo a ka tswang a ne a tshameka bolo le ene mo nakong e e fetileng.
f TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Bagolwane ba babedi ba etela monna mongwe yo o tlositsweng mo phuthegong ba mo kgothaletsa gore a boele kwa go Jehofa.