MARCH 30–APRIL 5, 2026
PINA 76 A ga O Itumelele go Rera?
Bua Boammaaruri ka Tsela e e Itumedisang
“Jehofa, Modimo wa boammaaruri.”—PES. 31:5.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore re ka bua boammaaruri jang ka tsela e e tla tswelang ba bangwe mosola.
1. Re tshwanetse go dira eng gore re nne karolo ya lelapa la ga Jehofa?
NNGWE ya dipotso tse gantsi re di botsang mokaulengwe kgotsa kgaitsadi fa re kopana le ene lekgetlo la ntlha ke gore o bone boammaaruri jang. Bangwe ba araba potso eo ka gore ba godiseditswe mo boammaaruring, ba bangwe bone ba ka nna ba re ga se kgale ba rutilwe boammaaruri. Re araba potso eo jalo ka gonne boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo bo kaela tsela e re tshelang ka yone. Goreng? Ka gonne re a itse gore re ka kgona go nna karolo ya lelapa la ga Jehofa fa fela re bontsha gore re rata boammaaruri e bile re tshela go dumalana le jone. Seo se akaretsa go ikanyega mo go se re se buang le se re se dirang.—Pes. 15:1-3.
2. (a) Jesu o ne a itsege ka eng? (b) Batho ba ne ba tla ikutlwa jang ka boammaaruri jo Jesu a neng a bo ruta?
2 Ka metlha Jesu o ne a bua boammaaruri. Baba ba gagwe ba ne ba re o a ikanyega, tota le fa ba ne ba sa rate se a neng a se bua. (Math. 22:16) O ile a bolelela balatedi ba gagwe gore batho ba ne ba tla ikutlwa jang ka boammaaruri jo a neng a bo ruta. O ne a re: “Ke tletse go baka kgaogano fa gare ga monna le rraagwe, morwadi le mmaagwe le ngwetsi le matsalaayone.” (Math. 10:35) Jesu o ne a sa batle gore batho ba ganetse molaetsa o ene le balatedi ba gagwe ba neng ba o rera, mme o ne a itse gore seo se ne se tla direga. (Math. 23:37) O ne a itse gore batho bangwe ba ne ba tla rata molaetsa oo, mme ba bangwe bone ba ne ba ka se o itumelele.—2 Bathes. 2:9-11.
3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
3 Fela jaaka Jesu, re leka go ikanyega ka go bua boammaaruri ka metlha tota le fa batho ba bangwe ba sa rate seo. Gape re a rera e bile re ruta boammaaruri jo bo mo Baebeleng, tota le fa se re se buang se kgopisa batho ba bangwe. A mme seo se raya gore ga re kgathale gore re bua boammaaruri jang le gore re bo bua leng? Nnyaa, le e seng! Mo setlhogong seno, re tla simolola ka go tlotla ka potso eno: Re ka bona boammaaruri kae? Go tswa foo, re tla araba potso e e reng: Goreng re tshwanetse go bua boammaaruri, re tshwanetse go bo bua jang, le gone leng? Dikarabo tsa dipotso tseo di tla re thusa gore re tokafatse tsela e re buang boammaaruri ka yone, gore re bo bue ka botlhale le ka nako e e siameng.
RE KA BONA BOAMMAARURI KAE?
4. Goreng re ka re Jehofa ke Motswedi wa boammaaruri?
4 Jehofa ke Motswedi wa boammaaruri. Sengwe le sengwe se a se buang se boammaaruri. Ka sekai, fa a re sengwe se siame kgotsa ga se a siama, o a bo a bua boammaaruri. (Pes. 19:9; 119:142, 151) Sengwe le sengwe se a se solofetsang ka bokamoso, se a direga. (Isa. 55:10, 11) Ka metlha, o dira se a se solofetsang. (Dipa. 23:19) Tota e bile, ga go kgonege gore Jehofa a bue maaka! (Baheb. 6:18) Ka jalo, go a utlwala go bo Baebele e re ke “Modimo wa boammaaruri.”—Pes. 31:5.
5. Goreng go se thata go itse “Modimo wa boammaaruri”? Tlhalosa. (Ditiro 17:27)
5 Batho bangwe ba re go thata go itse “Modimo wa boammaaruri” e bong Jehofa. Mme ga go a nna jalo. Popo e bontsha gore Modimo o teng. (Bar. 1:20) Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua le Bagerika ba ba rutegileng ba kwa Athena, o ile a re Modimo o batla gore re “mo itse” le gore “ga go thata go mo itse.” (Bala Ditiro 17:27.) Tota e bile, Jehofa o gogela batho ba ba boikokobetso ba ba batlang boammaaruri kwa go ene.—Joh. 6:44.
6. Bongwe jwa boammaaruri jo Baebele e buang ka jone ke bofe, mme goreng o lebogela go bo o bo itse?
6 Nngwe ya ditsela tse re ka itseng Jehofa ka tsone, ke ka go ithuta Baebele. Banna ba ba e kwadileng ba ne ba thusiwa ke moya o o boitshepo. (2 Pet. 1:20, 21) Ka jalo, sengwe le sengwe se se mo Baebeleng se boammaaruri e bile re ka se tshepa. Ka sekai, re ka tshepa Baebele fa e re bolelela gore lefatshe le botshelo di simologile jang. (Gen. 1:1, 26) E re bolelela lebaka la go bo re na le boleo, re boga e bile re swa. (Bar. 5:12; 6:23) Gape re ka e tshepa fa e re bolelela gore Jehofa o tla dirisa Morwawe go tlosa tshenyo e Satane e bong “rramaaka” a e bakileng. (Joh. 8:44; Bar. 16:20) Mo godimo ga moo, re a dumela fa Baebele e re Jesu o tla fedisa batho ba ba bosula, o tla tsosa baswi, o tla baakanya lefatshe gore e nne Paradaise le gore o tla re thusa gore re se tlhole re nna le boleo. (Joh. 11:25, 26; 1 Joh. 3:8) Ruri eo ke tshiamelo e e seng kana ka sepe e Jehofa a re neileng yone! O re rutile boammaaruri e bile o re neile tshono ya go bo ruta batho ba bangwe.—Math. 28:19, 20.
GORENG RE BUA BOAMMAARURI?
7-8. A go botlhokwa gore re bua boammaaruri ka boikaelelo bofe? Naya sekai. (Mareko 3:11, 12) (Bona le ditshwantsho.)
7 Jaaka re bone mo dirapeng tse di fetileng, re tshwanetse go bua boammaaruri fa e le gore re batla go nna karolo ya lelapa la ga Jehofa. Mme gone, gore re mo itumedise, ga re a tshwanela go kgotsofalela fela gore re bua boammaaruri. Lebaka la go bo re bua boammaaruri le botlhokwa mo go Jehofa. Akanya ka se se ileng sa direga fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. (Bala Mareko 3:11, 12.) Fa a ne a rera gaufi le Lewatle la Galalea, batho ba le bantsi ba ile ba ya kwa go ene. Mo go bone, go ne go na le batho ba ba neng ba tsenwe ke madimona, ba ba neng ba itigela fa pele ga Jesu ba bo ba goa ba re: “O Morwa Modimo.” Goreng madimona ao a ne a bua boammaaruri ka Jesu? Gongwe a ne a batla gore batho ba ba neng ba a utlwa ba a tshepe mme go tswa foo, a bo a dira gore batho bao ba tlogele go direla Jehofa. Se madimona ao a neng a se bua se ne se le boammaaruri. Mme gone, a ne a bua boammaaruri joo ka boikaelelo jo bo sa siamang. Jesu o ne a itse seo e bile o ne a sa se itumelele. Tota e bile, o ile a laela madimona ao gore a se ka a rera ka ene.
8 Re ithuta eng mo pegong eno? Gore go botlhokwa mo go Jehofa gore re bua boammaaruri ka boikaelelo bofe. Ka jalo, go botlhokwa thata gore re rute batho boammaaruri ka Jehofa ka gonne re mo rata le gore re dire gore go tlotlomadiwe ene, e seng rona.—Math. 5:16; bapisa le Ditiro 14:12-15.
Fa o ruta boammaaruri, o batla gore go tlotlomadiwe mang? (Bona serapa 7-8)
9. Ke eng se re tshwanetseng go se tila, mme ka ntlha ya eng?
9 Akanya ka boemo jo re tshwanetseng go bo tila, jo bo ka dirang gore batho ba re tlotlomatse. A re re mokaulengwe yo o neilweng maikarabelo mangwe o re bolelela sengwe se batho ba bangwe ba sa tshwanelang go se itse, mme rona re bo re se bolelela batho ba bangwe. Fa batho bao ba lemoga gore kgang eo e boammaaruri, ba ka nna ba kgatlhiwa ke gore re itse dilo tse ba sa di itseng e bile ba ka nna ba tsaya gore go na le dilo tse dintsi tse re di itseng tse bone ba sa di itseng. Seo se ka dira gore ba re tseye re le batho ba botlhokwa, mme gone se ka se itumedise Jehofa. (Diane 11:13) Goreng? Ka gonne le fa se re se buang se le boammaaruri, ga re na tshwanelo ya go bolelela batho ba bangwe dikgang tse ba sa tshwanelang go di itse e bile re tla bo re dira jalo ka boikaelelo jo bo sa siamang.
RE KA BUA BOAMMAARURI JANG?
10. Go bua ka tsela e e “itumedisang” go kaya eng? (Bakolosa 4:6)
10 Bala Bakolosa 4:6. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Kolosa gore ka metlha ‘se ba se buang e nne se se itumedisang.’ O ne a raya jang? Mafoko a Segerika a a dirisitsweng fano a kaya gore se re se buang se tshwanetse go tswela batho ba bangwe mosola. Gape re tshwanetse go bua ka bopelonomi le ka tsela e e itumedisang.
11-12. Goreng re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re ruta batho boammaaruri jang? Naya sekai. (Bona le ditshwantsho.)
11 Re tshwanetse go dirisa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore re bue ka tsela e e itumedisang fa re ruta batho ba bangwe boammaaruri. Baebele e tshwantsha boammaaruri jo bo mo go yone le tšhaka e e bogale, e e kgaoganyang maikutlo le moya. Ka mafoko a mangwe, e kgona go senola tsela e re ikutlwang ka yone le se re se ikaeletseng. (Baheb. 4:12) Mme fa re sa dirise Baebele sentle, re ka kgopisa batho go sa tlhokege kgotsa re ka dira gore ba ngangisane le rona. Seo se ka direga jang?
12 Ka sekai, a re re fa re le mo tshimong re kopana le monna mongwe yo o rapelang ditshwantsho ka metlha, e bile a itumelela go keteka Keresemose le Ista le ba lelapa la gagwe. Re ne re ka dirisa Baebele go mmontsha gore go rapela ditshwantsho ke boeleele le gore moletlo wa Keresemose le wa Ista ga o dumalane le se Baebele e se rutang. (Isa. 44:14-20; 2 Bakor. 6:14-17) Fa re ne re ka dira jalo lekgetlo la ntlha re kopana le ene, re ne re tla bo re buile boammaaruri. Mme gone, re ne re tla bo re sa dirisa Lefoko la Modimo sentle.
O ka dirisa Baebele jang ka botswerere fa o ruta boammaaruri? (Bona serapa 11-12)a
13. Re ka loka jang se re se buang ka letswai?
13 Gape Paulo o ne a re kgothaletsa gore re loke se re se buang ka letswai. O ne a sa reye gore re tshwanetse go sokamisa boammaaruri kgotsa go bo fitlha. Go na le moo, o ne a re rotloetsa gore re rute boammaaruri ka tsela e e tla dirang gore batho ba ba bo utlwang ba bo itumelele. (Jobe 12:11) Go dira jalo e ka nna kgwetlho. Akanya ka dijo. Re ka nna ra tsaya gore batho ba bangwe ba rata tsela e re lokang dijo ka yone. Ka tsela e e tshwanang, re ka nna ra akanya gore batho ba bangwe ba rata tsela e re buang ka yone, mme go sa nna jalo. Ka sekai, batho ba ba tswang mo ditsong tse di rileng ba ka tswa ba tlwaetse go tlhalosa kafa ba ikutlwang ka gone ba sa potapote, tota le fa ba bua le batho ba bagolo. Mme seo se ka nna sa se ka sa amogelesega mo ditsong tse dingwe. Paulo o ile a re re tshwanetse go “itse kafa lo tshwanetseng go araba mongwe le mongwe ka gone.” Seo se raya gore re tshwanetse go bua le batho ka tsela e ba e ratang, e seng ka tsela e rona re e ratang.
RE KA BUA BOAMMAARURI LENG?
14. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, a o ile a ruta barutwa ba gagwe sengwe le sengwe se a neng a se itse? Tlhalosa.
14 Ka metlha, Jesu o ne a bua le balatedi ba gagwe ka tsela e e itumedisang, e bile o ne a ba ruta dilo di le dintsi a le pelonomi. (Mar. 6:34) Mme gone, go ne go sa ntse go na le dilo tse dintsi tse ba sa di itseng. Jesu ga a a ka a leka go ba ruta sengwe le sengwe se a neng a se itse. O ne a ba akanyetsa. O ne a itse gore e ne e ise e nne nako e e siameng ya gore ba itse dilo dingwe. Tota e bile, o ne a re ba ne ba ka se kgone go di tlhaloganya ka nako eo. (Joh. 16:12) Seo se re ruta eng?
15. A re tshwanetse go ruta batho ba re ithutang Baebele le bone sengwe le sengwe se re se itseng ka nako e le nngwe? Tlhalosa. (Diane 25:11) (Bona le setshwantsho.)
15 Se Jesu a neng a se dira se re bontsha gore go itse boammaaruri ga go reye gore re tshwanetse go ruta batho ba bangwe sengwe le sengwe se re se itseng ka nako e le nngwe. Mme gone, re ka etsa Jesu jang? Re tshwanetse go akanyetsa batho ba re ba rutang. Akanya gape ka monna yole yo o itumelelang go keteka Keresemose le Ista le ba lelapa la gagwe. Re a itse gore meletlo eo e simologile mo kobamelong ya medimo ya maaka le gore Jehofa ga a e amogele. Mme go tweng fa e le gore o simolotse go ithuta Baebele le ene beke e le nngwe kgotsa di le pedi pele ga Keresemose? A o tla bo o bua le ene ka tsela e e itumedisang fa o mmontsha se Baebele e se buang ka meletlo eo, o bo o lebelela gore a tlogele go keteka Keresemose ka yone nako eo? Boammaaruri ke gore batho bangwe ba dira diphetogo ka bonako. Mme ba bangwe bone ba tlhoka nako e e oketsegileng gore ba fetole tsela e ba akanyang ka yone le gore ba tlogele dilo tse ba di dirang. Re ka thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba dire diphetogo tse di tlhokegang ka go ba bolelela se ba tlhokang go se itse ka nako e e siameng fa ba setse ba kgona go se tlhaloganya.—Bala Diane 25:11.
Etsa Jesu fa o dira tshwetso ya gore o bolelela batho ba bangwe boammaaruri leng le gore o ba bolelela tshedimosetso e e kana kang (Bona serapa 15)
16. Re ka thusa jang batho ba re ba rutang Baebele gore ba tswelele “ba tsamaya mo boammaaruring”?
16 Sengwe sa dilo tse di re itumedisang thata, ke go ruta batho ba bangwe boammaaruri ka Jehofa. Re ka ba thusa gore ba tswelele “ba tsamaya mo boammaaruring” fa re dira dilo tse di latelang: Nna o ba tlhomela sekao. (3 Joh. 3, 4) Tlhomamisa gore tsela e o tshelang ka yone e bontsha gore o dumela dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone mo Lefokong la gagwe. Bua boammaaruri ka boikaelelo jo bo siameng. Fa o ruta ba bangwe boammaaruri, bua ka tsela e e itumedisang e bile o le bonolo. Mme o dira jalo ka nako e e siameng. Gape dira gore Jehofa e nne ene a tlotlomadiwang, e seng wena. Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha gore o obamela Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa.
PINA 160 “Dikgang Tse di Molemo”!
a TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mo setshwantshong sa ntlha, mokaulengwe o mo tshimong mme o bona setlhare sa Keresemose mo ntlong ya monna mongwe a bo a mmontsha setlhogo se se tlhalosang gore Keresemose e simologileng mo kobamelong ya medimo ya maaka. Mo setshwantshong sa bobedi, mokaulengwe o bontsha monna yoo setlhogo se se nang le dikakantsho tse di thusang borre. Ke puisano efe e e tla atlegang?