Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo May 1
Bala Mathaio 24:3. Go tswa foo o bo o re: “Bangwe ba akanya gore potso eno e amana le bokhutlo jwa polanete eno ya rona. A o akanya gore lefatshe le tla fedisiwa? [Mo letle gore a arabe.] Karabo ya ga Jesu e re thusa gore re nne le sengwe se re ka se solofelang—e seng go fedisiwa ga polanete eno mme bokhutlo jwa sengwe se sele. Setlhogo se se mo tsebeng ya 16 se tlhatlhoba kgang eno go ya pele.”
Tsogang! May
“Baruti bangwe ba rera gore fa re itumedisa Modimo, o tla dira gore re hume ka dithoto. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o itse batho ba ba siameng ba ba humanegileng. A o akanya gore Modimo o batla gore re hume? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Bahebera 13:5.] Setlhogo seno se tlhalosa kafa Modimo a re segofatsang ka teng.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 12.
Tora ya Tebelo June 1
“Dibuka tse di nayang batho kgakololo malebana le go godisa bana, lorato le go kgotsofala di ratiwa thata gompieno. A wena o di fitlhetse di thusa? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba itlhokomolosa motswedi o o latelang o o ikanyegang wa kgakololo. [Bala 2 Timotheo 3:16.] Makasine ono o tlhalosa lebaka la go bo re ka ikanya Baebele e bile o re naya dikai tsa kgakololo e e mosola e e leng mo go yone.”
Tsogang! June
“Jaaka o ka tswa o itse, go ganetsanwa thata ka kgang ya gore a go siame go senya mpa kgotsa nnyaa. A o akanya gore Baebele e ka thusa motho go dira tshwetso ya gore a dire eng? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala 2 Timotheo 3:16, 17.] Makasine ono o bontsha gore Baebele ya reng ka kgang eno.”