Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo July 1
“Ba le bantsi ba rona re ikutlwa re sa itse gore re ka reng fa tsala e tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi kgotsa e lwalela go swa. O akanya eng ka kgakololo eno? [Bala Jakobe 1:19. Go tswa foo mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se re naya dikakantsho di le mmalwa tse di mosola tse di theilweng mo melaometheong ya Baebele.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 10.
Tsogang! July
“A basadi ba tshwanetse go tlhomiwa go nna badiredi? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e tlhalosa seno malebana le mosadi mongwe. [Bala Baroma 16:1.] Le fa go ntse jalo, temana e nngwe ya re basadi ba tshwanetse go didimala mo phuthegong. Ka gone he, Baebele ya reng ka seno? Setlhogo seno se a tlhalosa.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 28.
Tora ya Tebelo August 1
“Batho ba le bantsi ba boifa gore ntwa ya nuklea kgotsa go fetoga ga tlelaemete go tla senya lefatshe. A o akanya gore seo se tla direga? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Baebele e se bolelang malebana le kgang eno. [Bala Tshenolo 11:18.] Makasine ono o araba dipotso tse nnè tse di bodiwang thata malebana le bokhutlo jwa lefatshe.”
Tsogang! August
“Go ka direga gore Basupi ba ga Jehofa ba kile ba bua le wena. A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa re tsamaya ka ntlo le ntlo, segolobogolo ka gonne batho ba le bantsi ba sa kgatlhege? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Mathaio 24:14.] Re lemogile gore batho ba le bantsi ba na le dikgopolo tse di phoso ka rona. Makasine ono o tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ke bomang.”