LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/09 ts. 4
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 5/09 ts. 4

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa lo dira maeto a go boela mo bathong ba ba kgatlhegang, go akaretsa le ba ba nnang teng kwa Segopotsong kgotsa kwa dilong tse dingwe tse di amanang le puso ya Modimo mme ba sa kopanele ka metlha le phuthego, tlhomang mogopolo mo go simololeng dithuto lo dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? June: Totatota Baebele e Ruta Eng? July le August: Epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Meya Ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa?—A Totatota E A Tshela?, O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!, le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng A o E Bone?

◼ Fa e le gore o rulagantse go etela naga e sele mme o batla go ya kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong tse dinnye kgotsa tsa kgaolo, o tshwanetse go kopa tshedimosetso malebana le matlha, dinako le mafelo kwa ofising ya lekala e e okametseng tiro kwa nageng eo. Diaterese tsa diofisi tsa makala di thathamisitswe mo tsebeng ya bofelo ya Yearbook ya bosheng.

◼ Go tla dirwa maiteko a magolo a go phasalatsa dikopano tsa kgaolo le tsa boditšhabatšhaba tsa 2009 tse di tla tshwarwang mo lefatsheng lotlhe. Baboledi ba tla nna le tshono ya go tsamaisa pampitshana e e kgethegileng ya taletso mo tshimong ya bone. Letsholo leno le tshwanetse go nna gone dibeke di le tharo pele ga kopano e phuthego e e abetsweng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela