Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora Ya Tebelo May 15
“O ne o ka araba potso eno jang? [Bala potso e e mo tsebeng e e kafa ntle. Morago ga moo mo letle gore a arabe.] Baebele e re naya lebaka la go nna le tsholofelo. [Bala Mathaio 6:9, 10.] Makasine ono o tlhalosa kafa Bogosi jwa Modimo bo tla dirang gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng ka gone.”
Tsogang! May
“A o akanya gore Modimo o laotse go sa le gale gore re tla dira dilo tse di ntseng jang le bofelelo jwa rona? [Mo letle gore a arabe.] Go ya ka temana eno ya Baebele, Modimo o letla batho go tlhopha kafa ba tla tshelang matshelo a bone ka gone. [Bala Duteronome 30:19.] Setlhogo seno se bontsha se Baebele e se buang ka kgang eno.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 12.
Tora Ya Tebelo June 1
“Mo e ka nnang letsatsi le letsatsi re utlwa dikgang tsa batho ba ba dirang ditiro tse di bosula. [Umaka sekai sa bosheng se se itsegeng mo lefelong la lona.] A o kile wa ipotsa gore a go na le selo sengwe se se bosula se se sa bonaleng se se tlhotlheletsang batho? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo bala Tshenolo 12:12.] Makasine ono o tlhalosa kafa re ka itshireletsang ka gone.”
Tsogang! June
“Nka rata go utlwa se o se akanyang ka se temana eno e se bolelang. [Bala 1 Timotheo 6:10.] A o akanya gore batho ba ba tshelelang go kgobokanya madi le dikhumo ba a boga ka ntlha ya seo? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa diphelelo tse di bosula tsa go gagamalela dikhumo.”