LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/97 ts. 2
  • Re “Rera Lefoko”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re “Rera Lefoko”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Rera Lefoko”
    Opelelang Jehofa
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • “Rera Lefoko”
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Dikgang Tse di Molemo di Rerwa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 1/97 ts. 2

Re “Rera Lefoko”

1 Se Baebele e se tlhalositseng ka “metlha ya bofelo” ke boammaaruri, gompieno batho ba bantsi ba na le “setshwantsho fela sa poifomodimo.” (2 Tim. 3:1, 5) Seno ke ka gonne baeteledipele ba bodumedi ba reteletswe ke go naya matsomane a bone kaelo ya mmatota ya semoya. Baruti ba Labokeresete ga ba buelele Baebele. Ba rata go buelela dithuto tsa maaka tsa boradifilosofi le tsa baithutabomodimo kana go tlhokomela dikgang tsa setšhaba le tsa dipolotiki go na le go rera Lefoko la Modimo. Bontsi jwa baeteledipele ba bodumedi ga ba dumele Baebele. Ba akanya gore e tswile mo nakong, ka jalo ba rotloetsa kgopolo ya thutotlhagelelo ka tsela e e sa tshwanelang go na le thuto ya Baebele ka Mmopi yo Mogolo. Bontsi jwa baruti ga bo dirise le e leng leina la Modimo, mme ga ba re sepe fa le tlositswe mo dithanolong tsa segompieno tsa Baebele.

2 Fela jaaka go ne go ntse ka baeteledipele ba bodumedi mo motlheng wa ga Jesu, baruti ba gompieno ba rerela lefela. (Math. 15:8, 9) Go ntse fela jaaka moporofeti Amose a ne a bolelelapele. Go na le leuba, “e seng leuba la dijo le fa e le lenyora la metsi, fa e se leuba la go utlwa lefoko la ga Jehofa.” (Amose 8:11) Batho ba tlhoka dijo tsa semoya tsa Lefoko la Modimo go feta selo sepe se sele.

3 Tsela ya go Naya Batho Se ba Se Tlhokang Semoyeng: Paulo o ne a kgothatsa Timotheo go ngaparela ‘dikwalo tse di boitshepo tse di nonofileng go tlhalefisetsa motho Polokong,’ mme morago a mo rotloetsa thata gore a ‘rere lefoko’ mo go ba bangwe. (2 Tim. 3:14, 15; 4:2) Ka re le Basupi ba ga Jehofa, re tshwanetse go kgomarela mo go se Baebele e se rutang fa re rera, ka jalo re tla bo re etsa Motlhomasekao wa rona, Jesu, yo o neng a re: “Thuto ya me, ga se ya me; ke ya yo o nthomileng.” (Joh. 7:16) Re dirisa Lefoko la Modimo e le motheo wa thuto ya rona gonne re tlhokomela gore le na le botlhale jwa bomodimo, mme re batla gore batho ba itse motswedi wa tshedimosetso e re buang le bone ka yone.—1 Bakor. 2:4-7.

4 Batho ba tshwanetse go utlwa boammaaruri go tswa mo Baebeleng pele ga ba ka ithuta ka Jehofa le go dumela mo go ene. Paulo o ne a kwala jaana ka tsela e e botlhale: “Ba ka dumela jang mo go ene yo ba iseng ba utlwe ka ga gagwe? Mme ba ka utlwa jang fa ba se na moreredi?” (Bar. 10:14) Ka go rera Lefoko la Modimo, re thusa ba bangwe go nna le tumelo ka kitso e e tlhomameng. Kitso e e ntseng jalo e ka kgona go fetola matshelo a batho go nna a a botoka e bile e dirile jalo. Mokwadi wa Moesemane Charles Dickens o kwadile jaana malebana le Baebele: “Ke buka e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng e bile e tla nna e ntse e gaisa gonne e go ruta dithuto tse di ka kaelang motho ope fela yo o lekang go nna boammaaruri le boikanyego.”

5 Bao ba tshwerweng ke tlala ya boammaaruri jwa semoya ba lemoga gore e thusiwa ke motswedi wa tshedimosetso ya Lefoko la Modimo. Morago kwa ka 1913, Frederick W. Franz, yo e neng e le moithuti yo mosha wa ko koletšheng, o ne a newa bukana e e neng e na le setlhogo se se reng Where Are the Dead? Morago ga go bala karabo ya Baebele ya potso eno ka kgatlhego e kgolo, o ne a bolela jaana: “Seno ke boammaaruri.” Dimilione tsa batho ba ba batlang boammaaruri le bone ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re tsweleleng pele re rera Lefoko ka tlhoafalo le ka botlhaga mme ka jalo re tla itumelela go utlwa ba bangwe ba re: “Seno ke boammaaruri.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela