Dipokano Tsa Tirelo Tsa January
Beke e e Simololang ka January 6
Pina 6
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Akgela ka pego ya tirelo ya tshimo ya October ya phuthego ya lona.
20 mets: Go neela Bosupi ka Boitshwaro jo bo Molemo. Mogolwane o buisana le basha ba le babedi kana ba le bararo. Motlotlo o theilwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 1987, ditsebe 10-20. Akaretsa maitemogelo a a gatisitsweng le maitemogelo lefa e le afe a lefelo la lona a a bontshang kafa batho ba ba tlhokometseng ba ileng ba kgatlhwa ka gone ke boitshwaro jo bo siameng jwa basha ba Bakeresete.
15 mets: “Go Tshwanelega le go Etleetsegela go Ruta ba Bangwe.” (Dirapa 1-6) Akgela go sekae ka dirapa 1-2, o gatelela kafa go tlhokegang ka gone gore re tshepe gore ka thuso ya ga Jehofa re ka kgona go ruta ba bangwe ka tsela e e nang le matswela. Dira gore ditlhopha tse pedi tsa baboledi le beng ba matlo ba bontshe kafa go ka buisanwang le batho ka gone go dirisiwa dirapa 3-6, setlhopha sengwe le sengwe se bontsha kafa go ka dirwang loeto lwa ntlha le loeto lwa go boela ka gone.
Pina 14 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 13
Pina 16
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Tlotlomatsa dintlha dingwe tse di ka buelelwang mo dimakasineng tsa bosheng. Ntsha dikakantsho tsa gore re ka ikitsise jang fa re atamela batho gore re ba neele bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Kopa bareetsi gore ba bolele gore ba dirisitse mafoko afe a a simololang fa ba bua le ba bangwe mo mabenkeleng, mo mmileng, mo parakeng, mo dipalangweng tsa botlhe, jalo le jalo.
20 mets: Nako ya go Ntšhafatsa Karata ya Advance Medical Directive/Release. Mogolwane yo o tshwanelegang o tlotla ka tsela e go leng botlhokwa ka yone go tlatsa karata eno yotlhe le go nna le yone ka dinako tsotlhe. Karata eno e a go buelela fa o sa kgone go ipuelela mo maemong a tshoganyetso. (Bapisa Diane 22:3.) Go tshwanetse ga tladiwa karata e ntšha ngwaga nngwe le nngwe gore o nne le boipolelo jwa sesheng jwa gore ga o batle madi, e re ka dingaka dingwe le batho ba bangwe ba ile ba bolela gore dikwalo tse di fetang ngwaga di ka nna tsa bo di sa bontshe tumelo ya motho yoo ya gone jaanong. Morago ga pokano eno, baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba tla newa karata ya Advance Medical Directive/Release, mme ba ba nang le bana ba bannye ba ba sa kolobediwang ba tla amogela Identity Card ya ngwana mongwe le mongwe. Tlhalosa gore dikarata tseno ga di a tshwanela go tladiwa mo maitsiboeng ano. Di tshwanetse tsa tladiwa ka kelotlhoko kwa gae mme DI SE KA tsa saeniwa. Go saena, go saenisa basupi, le go tsenngwa ga matlha a dikarata tsotlhe go tla dirwa morago ga Thuto ya Buka ya Phuthego e e latelang, ka kaelo ya motshwari wa thuto ya buka. O tla ela tlhoko gore botlhe ba ba abetsweng mo setlhopheng sa gagwe ba amogetse karata mme ba bona thuso e ba e tlhokang. Ba ba saenang e le basupi ba tshwanetse go bona mong wa karata a saena ka boene mo karateng eno. Lefa e le mang yo o seyong ka nako eo o tla thusiwa ke batshwari ba thuto ya buka kana bagolwane kwa Pokanong ya Tirelo e e latelang go fitlhelela baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba na le dikarata tsa bone di tladitswe sentle le go saeniwa. (Boeletsa lekwalo la October 15, 1992.) Baboledi ba ba sa kolobediwang ba ka nna ba ikwalela tsa bone gore ba di dirise ka bobone le mo baneng ba bone, ba fetola fela puo e e dirisitsweng mo karateng eno gore e dumalane le maemo a bone le seo ba se dumelang. Fa re dirisa temogo fa re diragatsa dintlha tseno tse di botlhokwatlhokwa go tla dira gore re bone molemo go tswa mo go Jehofa.—Dia. 16:20.
15 mets: “Go Tshwanelega le go Etleetsegela go Ruta ba Bangwe.” (Dirapa 7-9) Bolela boitemogelo jo bo amanang le go dira maeto a go boela jo bo mo go 1995 Yearbook, tsebe 45, o gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone go boela gape kwa go bonweng kgatlhego gone. Dira gore mmoledi yo o tshwanelegang a bontshe kafa go ka dirisiwang dikakantsho tsa serapa 7-8 ka gone. Le mororo go tsamaisiwa dikgatiso tse dingwe pele, re tshwanetse ra leka gore kgabagare re bo re tshwara dithuto ka buka ya Kitso. Kgothaletsa botlhe gore ba rulaganye nako ya go dira maeto a go boela mo bekeng e e latelang.
Pina 15 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 20
Pina 21
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.
20 mets: Baakanyetsa Bana ba Gago Ngwaga o Mosha wa Sekolo. Puo e neelwa ke mogolwane e thailwe mo boroutšhareng jwa Thuto, tsebe 27-30. Thusa batsadi gore ba lemoge kafa go tlhokegang ka gone gore ba baakanyetse bana ba bone dikgwetlho tse ba tla kopanang le tsone kwa sekolong. Dikgang tse go sa buiwang ka tsone mo boroutšhareng jwa Thuto, tse di tshwanang le ditiro tse di dirwang morago ga sekolo, malatsi a boikhutso, le mekete e mengwe, le thuto ya bodumedi, di ka nna tsa batlisisiwa mo boroutšhareng jwa Sekolo le mo dikgatisong tse dingwe tsa Mokgatlho. Batsadi le bana ba tshwanetse ba dira tumalanong le melaometheo e go buiwang ka yone moo. Bontsha kafa go tlhokegang ka gone gore batsadi ba tlwaelane le barutabana ba bana ba bone le gore ba se ka ba bua le bone fela fa go tsoga mathata mangwe. Gape ba tshwanetse ba tlhokomela gore barutabana ba nne le khopi ya boroutšhara jwa Thuto. Go begwa gore batsadi bangwe ga ba ise ba bone go tlhokega gore ba kope gore bana ba bone ba se ka ba nna gone mo dithutong tsa bodumedi lefa molao o dirile gore thulaganyo eno e nne gone. Mo ntlheng eno, go botlhokwa gore o etele mogokgo ka boene mme o ye o tshwere lekwalo le le kwadilweng le mo go lone o kopang gore ngwana a se nne gone mo dithutong tseno. Dira gore go nne le pontsho e khutshwane mme e baakanyeditswe sentle ya motsadi a tlotla le morutabana ka dilo tse di amanang le ngwana wa gagwe mme a fetsa ka go mo naya boroutšhara jwa Thuto.
15 mets: “Batho ba Mefuta Yotlhe ba Tla Bolokwa.” Dipotso le dikarabo. Kopa bareetsi gore ba bolele ka bokhutshwane maitemogelo mangwe a a bontshang kafa ba neng ba bona karabelo e e molemo ka gone mo bathong ba mefuta e e farologaneng.
Pina 23 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 27
Pina 20
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ka bonako fa kgwedi eno e fela.
10 mets: Molebedi yo o okamelang kana molebedi wa tirelo o tlotla ka Lebokoso la Dipotso. Gatelela ntlha ya gore ke boikarabelo jwa mmoledi mongwe le mongwe gore a tlise pego ya gagwe ka bonako fa kgwedi nngwe le nngwe e fela.
15 mets: “Re ‘Rera Lefoko.’” Dipotso le dikarabo. Akaretsa dikakgelo tse di bontshang gore ke ka ntlha yang fa re anaanela botlhokwa jwa Lefoko la Modimo.—Bona Tsogang! ya March 22, 1984, (ka Seesemane) ditsebe 9-11.
15 mets: Boeletsa Mpho ya Buka ya February. Bontsha dikarolo tse di kgatlhang tsa buka eno, tse di jaaka: (1) Ditlhogo tse di kgatlhang tsa dikgaolo, (2) ditshwantsho tsa mebalabala, (3) mabokose a a rutang le ditšhate, le (4) dipotso tse di gatisitsweng tse di dirang gore motho a akanye. Tumalanong le puo e e tlileng pele ga eno, kgothaletsa gore go dirisiwe dikwalo tse di tlhophilweng sentle fa go buisanwa le batho. Dira gore go nne le pontsho e le nngwe kana di le pedi tse dikhutshwane tse di bontshang gore go ka buisanwa jang le batho. Gakolola botlhe gore ba iponele dibuka tse ba tla di dirisang mo bekeng eno.
Pina 26 le thapelo e e konelang.