LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/97 ts. 1
  • Batho ba Mefuta Yotlhe ba Tla Bolokwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba Mefuta Yotlhe ba Tla Bolokwa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Yo o Bonang Botlhale o Bona Botshelo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Patlisiso ya Boammaaruri e Duetswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Go Ikemisetsa go Tshela ka Ditekanyetso tse di Siameng tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • “Go Tlhōgōnōlō Motho Eo O Bōnañ Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 1/97 ts. 1

Batho ba Mefuta Yotlhe ba Tla Bolokwa

1 Jehofa o batla “gore batho botlhe ba bolokwe, mme ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Lefa batho ba tlhotlheleditswe go ya bokgakaleng jo bo rileng ke go gotsa, tsela e ba godileng ka yone le tikologo e ba leng mo go yone, ba na le go itlhophela se ba se batlang mme mongwe le mongwe a ka kgona go tlhopha gore o tla dirisa botshelo jwa gagwe jang. Ba ka dira se se molemo mme ba bone botshelo, kana ba ka dira se se bosula mme ba nyelele. (Math. 7:13, 14) Go tlhaloganya seno go ama pono ya rona jang ka batho ba re buang le bone ka mafoko a a molemo a Bogosi?

2 Ga re a tshwanela go akanya gore go kgatlhegela ga motho boammaaruri go laolwa ke dilo tse di tshwanang le bomorafe kana setso kana maemo a gagwe mo setšhabeng. Boammaaruri bo ka nna jwa kgatlha ba ba nang le thuto fela e nnye kana ya maemo a a kwa godimo, ba ba nang le seabe mo dipolotiking le ba borutego bongwe, balatolamodimo, ba ba reng Modimo ke masaitseweng le eleng badirabosula ba ba itsegeng thata. Batho ba ba mefuta yotlhe le ba maemo otlhe ba fetotse tsela e ba neng ba tshela ka yone mo nakong e e fetileng mme gone jaanong ba lebile pele go bona botshelo mo lefatsheng le lesha la Modimo. (Dia. 11:19) Ka jalo, ga re a tshwanela go okaoka go bua le batho ba mefuta yotlhe ka molaetsa wa Bogosi.

3 Akanya ka Dikai Tseno: Monna mongwe o ne a loga maano a go bolaya rraagwe wa bobedi mme o ne a itaya sefololetse. Moragonyana a swetsa gore a ipolaye mme o ne a retelelwa. Morago ga go tshwarelwa go utswa le go gweba ka diokobatsi, lenyalo la gagwe le ne la thubega. Gompieno motho yono o tshela ka boikanyego e bile o na le lenyalo le le itumetseng mmogo le kamano e e molemo le rraagwe wa bobedi. Ke eng se se dirileng phetogo eno? O ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme a dirisa se a se ithutileng. Jehofa ga a ka a mo leba e le yo o sa tlhokeng thekololo.

4 Go tuma ga mosadi mongwe wa moroba yo e neng e le motshameki wa thelebishene ga go a mo tlisetsa boitumelo. Mme ka ntlha ya go kgatlhiwa ke boitshwaro jo bo molemo jwa Basupi, o ne a dumela go rutwa Baebele, mme ka bonako a thusa ba bangwe go utlwa ka ga mafoko a a molemo a Bogosi. O ne a itsiwe gongwe le gongwe kwa a neng a dira bodiredi jwa ntlo le ntlo gone, mme o ne a tlhalosa ka boitumelo gore o batla go itsege e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go na le go itsege e le motshameki wa thelebishene.

5 Fa Mosupi mongwe a ne a dira dithulaganyo tsa go ithuta Baebele le motho yo o neng a na le peeletso ya Tora ya Tebelo, moagelani o ne a utlwa ka ga yone mme a nna gone mo thutong. Ka yone nako eo moagelani o ne a bona boammaaruri jo e leng kgale a bo batla! Ene le monna wa gagwe ba ne ba phimola tumalano ya go tlhalana e ba neng ba e dirile mme ba letlanya. O ne a inaakantse thata le tepodinaledi e bile a rata lekoko lengwe la tirisabadimo, lefa go ntse jalo o ne a latlha dibuka tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo le sengwe le sengwe se a neng a na le sone se se neng se tsamaisana le bodimona. Go ise go ye kae o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong le go bua le ba losika le ditsala ka ga tumelo ya gagwe e ntšha. Gone jaanong o neela ba bangwe bosupi ka matlhagatlhaga.

6 Ga re a tshwanela go atlhola ope. Go na le moo, a re nneng le seabe ka tlhoafalo go bolelela batho mafoko a a molemo gongwe le gongwe. Re na le lebaka le le utlwalang la go tshepa gore Jehofa yo o ‘lebang pelo,’ o tla nna “Mmoloki wa batho botlhe.”—1 Sam. 16:7; 1 Tim. 4:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela