PINA 67
“Rera Lefoko”
1. Jehofa o re laetse
Go rerela batho molaetsa.
A re direng jalo ka metlha
Re diragatse thomo ya rona.
(KHORASE)
Jalo rerang,
Gore botlhe ba utlwe!
Bolelang,
Gore ’khutlo bo gaufi.
Rerelang,
Botlhe ba ba pelontle.
Bolelang
’Fatsheng lotlhe!
2. Re tla tlelwa ke mathata
Gape re tla nna re bogisiwa.
Le fa re thibelwa go rera,
Re ikanya Modimo wa rona.
(KHORASE)
Jalo rerang,
Gore botlhe ba utlwe!
Bolelang,
Gore ’khutlo bo gaufi.
Rerelang,
Botlhe ba ba pelontle.
Bolelang
’Fatsheng lotlhe!
3. Fa maemo a’iketlile,
Re tla ruta batho ka Bogosi.
Re ba bontsha tsela’a poloko
Gore ba galaletse Modimo.
(KHORASE)
Jalo rerang,
Gore botlhe ba utlwe!
Bolelang,
Gore ’khutlo bo gaufi.
Rerelang,
Botlhe ba ba pelontle.
Bolelang
’Fatsheng lotlhe!
(Bona le Math. 10:7; 24:14; Dit. 10:42; 1 Pet. 3:15.)