LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 12/15 ts. 14-19
  • A le Ka Motlha re se Kate ka Morago go ya Tshenyegong!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A le Ka Motlha re se Kate ka Morago go ya Tshenyegong!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se go Kata ka Morago go ya Tshenyegong go se Kayang
  • Tsela e Bakeresete ba Neng ba Patelediwa go Kata ka Morago ka Yone
  • Lebaka La go Bo ba Sa Tshwanela go Kata ka Morago go ya Tshenyegong
  • Lebaka La go Bo re Sa Tshwanela go Kata ka Morago go ya Tatlhegong
  • Itshwarelele ka Tsholofelo e e Fa Pele Ga Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • A re Nneng Mofuta Wa ba Ba Nang le Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Jaaka Masetlapelo a Lefatshe a Atamela—‘Akanyaka Jesu’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 12/15 ts. 14-19

A le Ka Motlha re se Kate ka Morago go ya Tshenyegong!

“Ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong.”—BAHEBERA 10:39.

1. Ke maemo afe a a neng a dira gore Petere a fenngwe ke poifo?

BAAPOSETOLOI ba tshwanetse ba bo ba ile ba garoga dipelo fa Mong wa bone yo ba mo ratang e bong Jesu, a ne a ba bolelela gore botlhe fela ba ne ba tlile go gasama ba mo latlha. Go ne go ka tla jang gore ba dire selo se se ntseng jalo—ka nako eo e a neng a tla ba tlhoka thata ka yone? Petere o ile a ganela ka go bua jaana: “Le eleng fa ba bangwe botlhe ba ka kgotšwa, lefa go ntse jalo nna ga ke na go kgotšwa.” Tota Petere o ne a le pelokgale, monna wa segatlhamelamasisi. Mme gone, e ne ya re fa Jesu a okiwa a bo a tshwarwa, baaposetoloi—go akaretsa le Petere—ba ne ba gasama. Moragonyana fa Jesu a ne a botsolotswa dipotso kwa ntlong ya ga Kaiafase Moperesiti yo Mogolo, Petere o ne a nnanna mo lelwapeng lwa teng a tlhobaela. Fa nako e ntse e ya mo bosigong joo jo bo tsididi, go ka direga gore Petere o ile a tlelwa ke poifo ya gore Jesu le mongwe fela wa ba a neng a tsamaya le bone ba ka nna ba bolawa. Fa batho bangwe ba ba neng ba ntse foo ba lemoga gore Petere ke mongwe wa ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu, o ile a tsenwa ke tsebetsebe. O ile a latola ka makgetlho a mararo gore ga a amane ka gope le Jesu. Petere o ile a ba a gana le gore o a mo itse!—Mareko 14:27-31, 66-72.

2. (a) Ke eng fa poifo e e neng ya wela Petere mo bosigong jwa fa Jesu a ne a tshwarwa e sa bontshe gore ke “mofuta wa ba ba katang ka morago”? (b) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

2 Eo e ne ya nna nako e Petere a neng a ikutlwa a koafetse go gaisa tsotlhe bo botshelong jwa gagwe, nako e kwantle ga pelaelo a ileng a e ikwatlhaela botshelo jotlhe jwa gagwe. Mme gone, a se se diragaletseng Petere mo bosigong joo se bontsha gore e ne e le legatlapa? A se bontsha gore e ne e le “mofuta” wa batho ba moaposetoloi Paulo a ileng a ba tlhalosa jaana moragonyana: “Jaanong ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong”? (Bahebera 10:39) Bontsi jwa rona re ka dumela gore mafoko ano a ga Paulo ga a tshwanele Petere. Ka ntlha yang? Ka gonne poifo ya ga Petere e ne e le ya nakwana fela, e ne ya nna go relela fela ga nakwana ga motho yo o neng a le pelokgale e bile a na le tumelo mo botshelong jotlhe jwa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, bontsi jwa rona re na le dilo dingwe tse di diragetseng mo nakong e e fetileng tse fa re di gopola re ikutlwang re tlhabiwa ke ditlhong, maemo a mo go one poifo e neng ya re wela re sa lebelela mme ya dira gore re se ka ra nna pelokgale go emela boammaaruri ka tsela e re neng re ka batla ka yone. (Bapisa Baroma 7:21-23.) Re ka tlhomamisega gore dinako tse di ntseng jalo tsa go relela ga nakwana ga di bolele gore re mofuta wa batho ba ba katang ka morago go ya tshenyegong. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ititaya sehuba gore le ka motlha re se ka ra nna mofuta wa batho ba ba ntseng jalo. Ka ntlha yang? Re ka tila jang go nna batho ba ba ntseng jalo?

Se go Kata ka Morago go ya Tshenyegong go se Kayang

3. Poifo e ile ya fenya moporofeti Elija le Jona jang?

3 Fa Paulo a ne a kwala ka “mofuta wa ba ba katang ka morago,” o ne a sa bue ka batho ba ba neng ba ka tsenwa ke poifo ka nakwana. Ga go pelaelo gore Paulo o ne a itse ka se se neng se diragaletse Petere le ditiragalo tse dingwe tse di tshwanang le eo. Elija, moporofeti yo o pelokgale wa segatlhamelamasisi, o kile a tsenwa ke poifo mme a tshaba fa a ne a le mo kotsing ya go bolawa ke Kgosigadi Jesebele yo o boikepo. (1 Dikgosi 19:1-4) Moporofeti Jona ene o ile a welwa ke poifo e e masisi tota. Jehofa o ne a mo laetse go ya kwa motseng wa Ninefe o o neng o itsege ka tirisodikgoka. Ka yone nako eo Jona o ne a tsena mo sekepeng se se neng se ya kwa Tareshishe—dikilometara di le 3 500 go tswa kwa a neng a romilwe teng! (Jona 1:1-3) Le fa go ntse jalo, ga go ope wa baporofeti bano ba ba ikanyegang, tota le ene moaposetoloi Petere, yo o neng a ka tshwanelwa ke tlhaloso ya gore ke mofuta wa motho yo o katang ka morago. Ka ntlha yang?

4, 5. (a) Kgang e go buiwang ka yone e re thusa jang go bona gore Paulo o ne a bolelang fa a ne a bua ka ‘tshenyego’ mo go Bahebera 10:39? (b) Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re: “Ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong”?

4 Ela tlhoko polelwana yotlhe e Paulo a e dirisitseng: “Jaanong ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong.” O ne a kaya eng fa a bua ka “tshenyego”? Ka dinako tse dingwe lefoko la Segerika le a le dirisitseng le kaya tshenyego ya bosakhutleng. Tlhaloso eno e dumalana le kgang e go buiwang ka yone moo. Paulo o ne a sa tswa go tlhagisa jaana: “Fa re dira boleo ka boomo e le tlwaelo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng, mme go na le tebelelo nngwe e e boifisang ya katlholo gape go na le lefufa le le tukang le le tlileng go laila ba ba ganetsang.”—Bahebera 10:26, 27.

5 Ka jalo, fa Paulo a ne a raya badumedikaene a re, “Ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong,” o ne a bolela gore ene le Bakeresete ba ba ikanyegang ba a neng a ba kwaletse ba ne ba ititeile sehuba gore le ka motlha ga ba kitla ba tlhanogela Jehofa e bile ba se kitla ba tlogela go mo direla. Go dira jalo go ne go tla felela fela ka tshenyego ya bosakhutleng. Judase Isekariota e ne e le mongwe wa ba ba neng ba kata ka morago go ya tshenyegong, fela jaaka go dirile baba ba boammaaruri ba ba ileng ba nna kgatlhanong le moya wa ga Jehofa ka bomo. (Johane 17:12; 2 Bathesalonika 2:3) Batho bao ke bangwe ba “magatlapa” a a bonang tshenyego ya bosakhutleng mo letsheng la molelo la tshwantshetso. (Tshenolo 21:8) Nnyaa, le ka motlha ga re batle go nna mofuta wa ba ba ntseng jalo!

6. Satane Diabolo o batla gore re tseye tsela efe?

6 Satane Diabolo o batla gore re kate ka morago go ya tshenyegong. E re ka e le kgeleke ya “ditiro tse di bofitlha,” o a itse gore tsela e e ntseng jalo e e kotsi gantsi e simolola ka dilo tse di sa reng sepe. (Baefeso 6:11, mokwalo o o kwa tlase mo NW) Fa a sa atlege mo go koafatseng tumelo ya Bakeresete ba boammaaruri ka pogiso e e tlhamaletseng, o senka go dirisa mekgwa e e bofitlha. O batla go didimatsa Basupi ba ga Jehofa ba ba pelokgale le ba ba tlhagafetseng. A re bone gore o ile a dirisa maano afe mo Bakereseteng ba Bahebera ba Paulo a ileng a ba kwalela.

Tsela e Bakeresete ba Neng ba Patelediwa go Kata ka Morago ka Yone

7. (a) Phuthego ya kwa Jerusalema e ne e itsege ka ditiragalo dife? (b) Ke maemo afe a semoya a babadi bangwe ba ga Paulo ba neng ba lebane le one?

7 Bosupi bo bontsha gore Paulo o ile a kwalela Bahebera lekwalo la gagwe ka 61 C.E. Phuthego ya kwa Jerusalema e ne e itsege ka go aparelwa ke mathata. Morago ga loso lwa ga Jesu, go ile ga tsoga pogiso e e setlhogo e e neng ya pateletsa Bakeresete ba motse ono go gasama. Le fa go ntse jalo, go ile ga simolola nako ya kagiso, e e neng ya dira gore palo ya Bakeresete e ate. (Ditiro 8:4; 9:31) Fa dingwaga di ntse di feta, go ile ga tlhaga dipogiso tse dingwe le mathata mme le tsone tsa feta. Go bonala gore ka nako ya fa Paulo a kwala lekwalo leno la phuthego ya Bahebera, e ne e tletswe gape ke nako ya kagiso go sekae. Go ne go sa ntse go na le mathata. Go ne go setse go batla go fetile dingwaga di le masome a mararo fa e sa le Jesu a boleletse pele gore Jerusalema e ne e tla senngwa. Go ka direga gore go ne go na le bangwe ba ba neng ba akanya gore bokhutlo bo ne bo diegile thata go sa tlhokege le gore bo ne bo se kitla bo tla mo motlheng wa bone. Ba bangwe, segolobogolo ba ba neng ba sa ntse ba le basha mo tumelong, ba ne ba ise ba lekwe ke dipogiso tse di setlhogo e bile ba ne ba sa itse sepe ka ga botlhokwa jwa go itshokela diteko. (Bahebera 12:4) Ga go pelaelo gore Satane o ile a batla go dirisa maemo ao ka botlalo. O ile a dirisa ‘ditiro dife tse di bofitlha’?

8. Bontsi jwa Bajuda ba ne ba ikutlwa jang ka phuthego ya Bakeresete e e neng e sa le ntšha?

8 Bajuda ba ba neng ba nna kwa Jerusalema le Judea ba ne ba sa beye phuthego ya Bakeresete e e neng e sa ntse e le ntšha sebete. Go ya ka dilo tse Paulo a buang ka tsone mo lekwalong la gagwe, re kgona go lemoga dilo dingwe tse baeteledipele ba ba lonyatso ba bodumedi ba Bajuda le balatedi ba bone ba neng ba di dirisa go tlhasela Bakeresete ka tsone. Tota e bile, ba ka tswa ba ne ba aga ba re: ‘Re na le tempele e kgolo go gaisa tsotlhe mo Jerusalema e e sa bolong go nna gone ka makgolokgolo a dingwaga! Mo go yone re na le moperesiti yo mogolo wa maemo a a kwa godimo yo o dirang le baperesiti ba babotlana. Go ntshiwa ditlhabelo mo go yone letsatsi le letsatsi. Re na le Molao, o Moshe a neng a o newa go dirisiwa moengele wa ba wa tlhongwa ka ditiragalo tse di gakgamatsang mo Thabeng ya Sinai. Lekokonyana leno le lesha, Bakeresetenyana bano ba ba tlhanogetseng Bojuda, ga ba na sepe sa dilo tseno!’ A tshotlo e e ntseng jalo e ile ya nna le matswela? Go bonala Bakeresete bangwe ba Bahebera ba ile ba tshwenngwa ke ditlhaselo tseo. Lekwalo la ga Paulo le ile la ba tlhaga thuso ka yone nako e ba neng ba e tlhoka ka yone.

Lebaka La go Bo ba Sa Tshwanela go Kata ka Morago go ya Tshenyegong

9. (a) Ke setlhogo sefe se se gatelelwang mo lekwalong la Bahebera? (b) Bakeresete ba ne ba dira ba le mo tempeleng e e botoka go gaisa ya kwa Jerusalema ka tsela efe?

9 A re sekaseke mabaka a mabedi a Paulo a neng a a naya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba kwa Judea a go bo ba ne ba sa tshwanela go kata ka morago. La ntlha—maemo a magolo a kobamelo ya Bokeresete e nang le one—a tlhalosiwa gotlhe mo lekwalong leno la Bahebera. Paulo o ile a gatelela kgang eno mo lekwalong lotlhe la gagwe. Tempele ya kwa Jerusalema e ne e le tshwantshetso fela ya sengwe se e neng e le sa mmatota go feta, tempele ya semoya ya ga Jehofa, kago “e e sa dirwang ka diatla.” (Bahebera 9:11) Bakeresete bao ba ne ba na le tshiamelo ya go dira mo thulaganyong eo ya semoya ya kobamelo e e itshekileng. Ba ne ba dira jalo ba le mo kgolaganong e e botoka, e Motsereganyi wa yone a leng mogolo thata mo go Moshe, e bong Jesu Keresete.—Jeremia 31:31-34.

10, 11. (a) Ke eng fa lotso lwa ga Jesu lo ne lo sa mo dire gore a se ka a tshwanelega go nna Moperesiti yo Mogolo mo tempeleng ya semoya? (b) Jesu e ne e le Moperesiti yo Mogolo go gaisa ba ba neng ba dira kwa tempeleng ya Jerusalema ka ditsela dife?

10 Gape Bakeresete bao ba ne ba na le Moperesiti yo Mogolo go gaisa e bong Jesu Keresete. Nnyaa, e ne e se wa lotso lwa ga Arone. Go na le moo, e ne e le Moperesiti yo Mogolo “ka fa mokgweng wa ga Melekiseteke.” (Pesalema 110:4) Melekisedeke, yo lotso lwa gagwe lo neng lo sa itsiwe, e ne e le kgosi e bile e le moperesiti yo mogolo wa Salema wa bogologolo. Ka gone, e ne e le setshwani tota sa boporofeti sa ga Jesu yo boperesiti jwa gagwe bo neng bo sa ikaega ka go nna wa lotso lwa motho ope yo o sa itekanelang go na le moo bo ikaegile ka sengwe se segolwane thata—maikano a ga Jehofa Modimo ka boene. Jesu, fela jaaka Melekisedeke, ga se Moperesiti yo Mogolo fela mme gape ke Kgosi, e e se kitlang e swa.—Bahebera 7:11-21.

11 Mo godimo ga moo, Jesu o ne a sa tshwane le baperesiti ba bagolo ba kwa tempeleng ya Jerusalema, ene o ne a sa tlhoke gore a ntshe ditlhabelo ka dingwagangwaga. Setlhabelo sa gagwe e ne e le sa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng, se a ileng a se ntshetsa ruri gangwe fela. (Bahebera 7:27) Ditlhabelo tsotlhe tse di neng di ntshiwa kwa tempeleng e ne e le moriti fela, e le tshwantshetso fela ya se Jesu a ileng a se ntsha. Setlhabelo sa gagwe se se itekanetseng se ile sa dira gore batho botlhe ba ba dumelang ba itshwarelwe maleo a bone ka tsela ya mmatota. Mafoko a mangwe a ga Paulo a a nametsang pelo ke fa a bontsha gore Moperesiti yono yo Mogolo ke ene Jesu yo o sa fetogeng yo Bakeresete ba Jerusalema ba neng ba mo itse. O ne a le boikokobetso, a le pelonomi e bile e le yo o ka ‘re utlwelang botlhoko go ya ka makoa a rona.’ (Bahebera 4:15; 13:8) Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba ne ba na le tsholofelo ya go nna baperesiti ba babotlana ba ga Keresete! Tota go ne go ka tla jang gore ba itetle go katela kwa morago kwa dilong “tse di bokoa le tsa lehumanyana” tsa Bojuda jo bo neng bo le boikepo?—Bagalatia 4:9.

12, 13. (a) Paulo o ile a ntsha lebaka lefe la bobedi la go se kate ka morago? (b) Ke eng fa rekoto ya nako e e fetileng ya boitshoko jwa Bakeresete ba Bahebera e ne e ka ba tlhotlheletsa gore ba se ka ba kata ka morago go ya tshenyegong?

12 Jaaka e kete go ne go sa lekana, Paulo o ile a naya Bahebera lebaka la bobedi la go bo le ka motlha ba sa tshwanela go kata ka morago go ya tshenyegong—rekoto ya bone ka namana ya go ikanyega. O ile a kwala jaana: “Nnang lo gakologelwe malatsi a pele a mo go one, fa lo sena go sedimosediwa, lo neng lwa itshokela kemelelano e kgolo tlase ga dipogo.” Paulo o ile a ba gopotsa gore ba ne ba ile ba “bewa mo mpaananeng jaaka mo bobogelong” ba sotlwa le go bogisiwa. Bangwe ba ne ba ile ba latlhelwa mo kgolegelong; ba bangwe ba ile ba bontsha go utlwela botlhoko ba ba neng ba latlhetswe mo kgolegelong le go ba kgothatsa. Ee, ba ile ba tlhoma sekao se se molemo sa tumelo le boitshoko. (Bahebera 10:32-34) Le fa go ntse jalo, ke eng fa Paulo a ile a ba kopa gore ba ‘nne ba gakologelwe’ ditiragalo tseo tse di botlhoko? A seo se ne se se kitla se ba kgoba marapo?

13 Nnyaa, ‘go gakologelwa malatsi a pele’ go ne go tla gopotsa Bahebera kafa Jehofa a ileng a ba nonotsha ka teng mo ditekong. Ka thuso ya gagwe, ba ne ba setse ba kgonne go fenya ditlhaselo di le dintsi tsa ga Satane. Paulo o ile a kwala jaana: “Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la one.” (Bahebera 6:10) Ee, Jehofa o ile a gakologelwa ditiro tsotlhe tsa bone tsa boikanyegi, a di boloka mo kgopolong ya gagwe e e sa lebaleng. Seno se re gopotsa kgothatso ya ga Jesu ya gore re ipolokele matlotlo kwa legodimong. Ga go legodu lepe le le ka utswang matlotlo ano; ga go motoutwane kana ruse e e ka di jang. (Mathaio 6:19-21) Tota e bile, matlotlo ano a ka senngwa fela ke fa Mokeresete a ka kata ka morago go ya tshenyegong. Seo se ka senya matlotlo ape fela a a ka tswang a ipoloketse one kwa legodimong. A bo seo e le lebaka le le utlwalang thata jang ne le Paulo a neng a le naya Bakeresete ba Bahebera la gore le ka motlha ba se ka ba latela tsela e e ntseng jalo! Go ne go ka tla jang gore ba senye dingwaga tsotlhe tse ba neng ba di feditse ba ikanyega? Go ne go tla bo go siame e bile go le botoka thata gore ba tswelele pele ba itshokile.

Lebaka La go Bo re Sa Tshwanela go Kata ka Morago go ya Tatlhegong

14. Ke dikgwetlho dife tse re lebanang le tsone tse di tshwanang le tse Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba lebana le tsone?

14 Bakeresete ba boammaaruri gompieno le bone ba na le mabaka a a nonofileng fela jalo a go se kate ka morago. La ntlha, a re se lebale masego a magolo a re nang le one mo kobamelong eno e e itshekileng e Jehofa a re neileng yone. Jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re tshela mo motlheng o mo go one maloko a madumedi a a tumileng thata a re tshegang le go re sotla, ba ipelafatsa ka dikago tse di maphatsiphatsi tsa madumedi a bone le dingwao tsa one tsa bogologolo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re tlhomamisetsa gore o amogela kobamelo ya rona. Tota e bile, gompieno re itumelela masego a Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba se na one. O ka nna wa ipotsa gore, ‘A ruri go ntse jalo?’ Kana e bile, ba ile ba tshela ka nako ya fa tempele ya semoya e ne e simolola go nna teng. Keresete o ne a nna Moperesiti wa yone yo Mogolo morago ga go kolobediwa ka 29 C.E. Bangwe ba bone ba ile ba bona Morwa Modimo yo o neng a dira dikgakgamatso. Tota le morago ga loso lwa gagwe, go ne ga dirwa dikgakgamatso tse dingwe. Le fa go ntse jalo, dineo tseo kgabagare di ile tsa khutlisiwa jaaka go ne go boleletswe pele.—1 Bakorintha 13:8.

15. Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tshela mo motlheng o go diregang boporofeti bofe, mme seno se kaya eng mo go rona?

15 Le fa go ntse jalo, re tshela mo nakong e boporofeti jo bogolo jwa tempele ya Esekiele 40-48 bo diragalang thata ka yone.a Ka gone, re bone ka matlho fa thulaganyo ya Modimo ya kobamelo e e itshekileng e tsosolosiwa. Tempele eo ya semoya e ile ya ntlafadiwa leswe lotlhe la semoya le kobamelo ya disetwa. (Esekiele 43:9; Malaki 3:1-5) Akanya fela ka melemo e re nang le yone ka ntlha ya go phepafadiwa jalo.

16. Ke maemo afe a a kgobang marapo a Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba lebana le one?

16 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, isagwe ya phuthego ya Bokeresete e ne e bonala e sa itumedise. Jesu o ile a bolelela pele gore e ne e tla tshwana le tshimo ya korong e e neng e sa tswa go lengwa e e neng e tletse ka peo ya mofero, e leng se se neng se tla dira gore motho a se ka a lemoga pharologanyo fa gare ga korong le mofero. (Mathaio 13:24-30) Mme go ile ga nna fela jalo. Mo bowelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, fa moaposetoloi Johane yo o neng a tsofetse e ne e le ene wa bofelo yo o setseng go ka thibela tlhotlheletso e e bosula, botlhanogi bo ne bo setse bo simologile. (2 Bathesalonika 2:6; 1 Johane 2:18) Go ise go ye kae fa baaposetoloi ba sena go swa, go ile ga nna le setlhopha sa baruti se se neng se gatelela letsomane e bile se apara diaparo tse di se tlhaolang. Botlhanogi bo ile jwa anama jaaka lerotse. A bo seo se ile sa kgoba Bakeresete ba ba ikanyegang marapo jang ne! Ba ne ba bona thulaganyo e e neng e sa tswa go tlhongwa ya kobamelo e e itshekileng e fekeediwa ke e e boikepo. Seno se ne sa direga jalo mo dingwageng tse di sa feteng lekgolo morago ga gore Keresete a tlhome phuthego.

17. Phuthego ya segompieno ya Bakeresete e botoka go feta ya lekgolo la ntlha la dingwaga ka ditsela dife?

17 Jaanong a ko o akanye ka sengwe se se farologaneng le seo. Gompieno, kobamelo e e itshekileng e setse e le gone ka dingwaga tse di fetang tsa nako ya go fitlha fa baaposetoloi ba swa! Jehofa o ile a re segofatsa ka kobamelo e e ntseng e nna boitsheko go ya pele go tloga fela ka nako ya fa go ne go simolola go gatisiwa kgatiso ya ntlha ya lokwalopaka lono morago kwa ka 1879. Jehofa le Keresete Jesu ba ile ba tsena mo tempeleng ya semoya ka 1918 ka boikaelelo jwa go e phepafatsa. (Malaki 3:1-5) Fa e sa le ka 1919, thulaganyo ya go obamela Jehofa Modimo e ile ya nna ya itshekisiwa kgato ka kgato. Tsela e re tlhaloganyang dipolelelopele tsa Baebele le melaometheo ya yone e ile ya nna ya tokafala go ya pele. (Diane 4:18) Ke mang yo o tshwanelwang ke go tlotlomalediwa seno? E seng motho ope yo o sa itekanelang. Ke Jehofa fela, le Morwawe yo e leng Tlhogo ya phuthego yo o neng a ka sireletsa batho ba Gagwe mo nakong eno e e tletseng boikepo. Ka gone, a le ka motlha re se lebale go leboga Jehofa go bo a re letlile go nna le seabe mo kobamelong e e itshekileng gompieno. E bile, a re ititeyeng sehuba gore le ka motlha ga re kitla re kata ka morago go ya tshenyegong!

18. Ke lebaka lefe le re nang le lone la gore le ka motlha re se ka ra kata ka morago go ya tshenyegong?

18 Fela jaaka Bakeresete bao ba Bahebera, re na le lebaka la bobedi la go gana go latela tsela ya bogatlapa, ya go kata ka morago—rekoto ya boitshoko jwa rona ka namana. E ka ne re sa tswa go direla Jehofa mo dingwageng tsa bosheng jaana kana re na le masomesome a dingwaga re dira jalo ka boikanyegi, re itiretse rekoto malebana le ditiro tsa Bokeresete. Bontsi jwa rona re ile ra bogisiwa, e ka ne e le ka go latlhelwa mo kgolegelong, go thibelwa, bosetlhogo kana go amogwa dithoto. Ba bangwe ba bantsi ba ile ba ganediwa ke ba malapa a bone, ba nyenyefadiwa, ba sotlwa le go ilwa. Rotlhe re ile ra itshoka, ra tswelela pele re direla Jehofa ka boikanyegi le mororo re lebana le dikgwetlho le diteko tsa botshelo. Ka go dira jalo, re itiretse rekoto ya boitshoko e Jehofa a se kitlang a e lebala, matlotlo kwa legodimong. Jalo he, eno ga se nako ya go kata ka morago go boela kwa tsamaisong eno e kgologolo ya dilo e e boikepo e re ileng ra kgaogana le yone! Ke eng fa re ka senya tiro yotlhe ya bonatla e re e dirileng? Seno se boammaaruri segolobogolo gompieno, moo go setseng “lobakanyana lo lonnye thata” pele ga bokhutlo bo tla.—Bahebera 10:37.

19. Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Ee, a re ititeyeng sehuba gore “ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong”! Go na le moo, a re nneng “mofuta o o nang le tumelo.” (Bahebera 10:39) Re ka tlhomamisa jang gore re tshwanela tlhaloso eo, mme re ka thusa jang Bakeresetekarona gore le bone ba dire jalo? Setlhogo sa rona se se latelang se tla sekaseka kgang eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tora ya Tebelo, March 1, 1999, ditsebe 8-23.

A o A Gakologelwa?

◻ Go kata ka morago go ya tshenyegong go bolela eng?

◻ Ke mathata afe a a neng a aparetse Bakeresete ba Bahebera ba Paulo a neng a ba kwalela?

◻ Paulo o ile a naya Bahebera mabaka afe a go se kate ka morago go ya tshenyegong?

◻ Ke mabaka afe a re nang le one a gore re ikemisetse go se kate ka morago go ya tshenyegong?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Go fekeediwa ke poifo ga ga Petere go ne go sa bolele gore ke “mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela