LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 8/1 ts. 19-25
  • Itshwarelele ka Tsholofelo e e Fa Pele Ga Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itshwarelele ka Tsholofelo e e Fa Pele Ga Gago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Ga Re Ba Bone Ba Ba Ikgogonang’
  • A Re Sekeng Ra “Katogèlèla Koñ”
  • Le Seka La “Tenèga”
  • Go Bontsha Tumelo “Gompiyeno”
  • O se Ka wa Lapa mo Lobelong Lwa Botshelo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Itise mo go Tlhokeng Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jaaka Masetlapelo a Lefatshe a Atamela—‘Akanyaka Jesu’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 8/1 ts. 19-25

Itshwarelele ka Tsholofelo e e Fa Pele Ga Gago

1, 2. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go akanyetsa ka bomasisi kgang ya go itshwarelela ka tsholofelo ya gago?

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a kwala ka gore “re dihegile baabedwi le Keresete, ha re tshegetsa tshimologō ea boikanyō yoa rona go ea ka tlhōmamō kwa bokhutloñ.” (Bahebera 3:14) O ne a bua gape ka tlhokafalo ya rona “ea go ichwarèlèla ka cholohèlō e re e beecweñ pele.”—Bahebera 6:18.

2 O ka ne o ile wa nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa bosheng jaana ebile o tlhomamisega ka tlhagafalo ka tse o di utlwileng. Kana gongwe o ka ne o nnile mosupi wa Mokeresete masome a dingwaga mme o ikutlwa o itsetsepetse mo tseleng ya boammaaruri. Mo matlhakoreng oo-mabedi, gongwe mongwe le mongwe wa rona o ka tswa a gakologelwa batho bangwe bao re ba itseng mme ba ile ba tlogela go tsamaya mo tseleng ya boammaaruri, le eleng jaaka go ne ga diragala mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Bafilipi 3:18; Ditihō 20:30) Bangwe ba ka bo ba ile ba latlhegelwa ke tumelo ya bone ka iketlo, ba tshwarega thata mo dikgatlhegong tsa dilo tse di bonalang kana go ineela mo thaelong le go leofa.

3-5. Buka ya Bahebera e ka nna thuso jang mabapi le tsholofelo ya rona?

3 Re ka tila jang gore seo se se re diragalele? A re akanyetseng kgakololo e e mo bukeng ya Bahebera. Re tla bona kafa e tshwanelang motlha wa rona ka teng, ka go itshoka ka boikanyego ga bontsi jwa basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno bao ba ileng ba nonotshiwa ke kgakololo e e ntseng jalo.

4 Bahebera e ne e kwaletswe Bakeresete bao e neng e le “baabedwi ba picō ya selegodimo.” Ba ne ba tloditswe ka moya wa Modimo mme ba nna le tsholofelo e e tiileng ya go latela Keresete ene wa ntlha go tsena mo legodimong. Jaaka gongwe o ka akanya, ‘tsholofelo eno e ne e le seitsetsepetso sa moya, tsholofelo e e tlhomameng, e e sa reketleng.’ Gape, Paulo o gogela tlhokomelo tlhokafalong ya go “ichwarèlèla ka cholohèlō e re e beecweñ pele.” (Bahebera 3:1; 6:18-20) Fa e le gore ba ne ba na le tlhokafalo e e ntseng jalo, abo bogolo jang ne gompieno masalela a a tloditsweng le “boidiidi yo bogolo” bao ba solofelang go falola “sepitla se segolo” se se tlang ba nang le yone.—Tshenolō 7:9, 15.

5 Mo go Bahebera Jehofa o re tlhagisa ka dikotsi tse di jaaka ‘go katogela koo,’ ‘go tenega,’ ‘go boduhala,’ ‘go ikgogonela kwa tatlhegong’ kana ‘go gana.’ (Bahebera 2:1; 6:6, 12; 10:39; 12:25) Buka e neela kgakololo e e molemo go re thusa go bontsha “tlhōahalō euō, go ea go hitlha mo botlaloñ yoa cholohèlō le go hitlha kwa bokhutloñ” le go nna “ba bōnè ba ba nañ le tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.”—Bahebera 6:11; 10:39.

‘Ga Re Ba Bone Ba Ba Ikgogonang’

6. Bakeresete ba Bahebera ba ne ba lebana le eng, lefa go le jalo ba ne ba na le tlhokafalo efe?

6 Ka mo go phephafetseng bontsi jwa Bakeresete ba Bahebera ba ne ba itemogela pogiso. Ba ne ba “bōna ntwa e kgolo ea ditlhokohaco,” jaaka go isiwa dipatlelong tsa metshameko tsa Roma kana go ipaya mo kotsing ka go tswa thuso bao ba neng ba le mo kgolegelong. (Bahebera 10:32-34) Lefa go ntse jalo, ba ne ba tshwanetse go re ba dire gore ba seka ba nna “ba bōnè ba ba ikgogonèlañ kwa tatlhegoñ; me [ba nne] ba bōnè ba ba nañ le tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.”—Bahebera 10:39.

7. (a) Tebelelo ya pogiso e ka ama Mokeresete jang? (b) Ke eng seo o tshwanetseng go se ipotsa?

7 Ka jalo go na le kotsi ya gore Mokeresete o ka godisa poifo ya kganetso, go mo dira gore a ‘ikgogone’ kana a ineele. Go tweng ka rona? Re ka nna ra bo re ile ra nna le kganetso e e lekanyeditsweng, jaaka ya balekane ba sekolo kana babereki-ka-rona. Le eleng go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng mo go diragaletseng bangwe ka molekane yo o sa dumeleng kana motsadi. Lefa go ntse jalo, mo mafatsheng a mantsi ga go a tlwaelega mo go kalo ka Mosupi go bogisiwa mo go botlhoko-tlhoko ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Se se ka mo dira gore a repise go ka ipaakanyetsa pogiso e e mahehe mme e re fa e tla a ‘ikgogone.’ A re botseng, ‘A nna, morago ga go tshela botshelo jwa manobonobo, ke ka raelesega go ikgogona fa ke ne ke ka tshosetswa mo go golo, jaaka go latlhegelwa ke legae ja me, tiro kana go sa letlelelwe go bona ba lelapa la me, kana go latlhelwa mo kgolegelong le eleng go tlhokofadiwa mo mmeleng?’

8. Bahebera e re neela kgakololo efe kaga go emelana le pogiso?

8 Fa a ne a akgela ka ga go bontsha tumelo tlase ga pitlagano, Paulo o re kgothaletsa go akanya kafa Jesu a itshokileng ka gone. (Bahebera 12:2, 3) He Paulo o re gakolola gore fa pogiso e e botlhoko e tla, re tshwanetse go e leba jaaka tsela ya kotlhao e e mosola. Legale, Modimo ga o tlise pogiso; o e letlelela fela. Gape, pogiso e ka re rutuntsha kana ya re thusa go tokafatsa dinonofo tsa Bokeresete tse di tlhokafalang, jaaka boitshoko, bopelotelele, boikanyegi le go ikanya mo go Jehofa.—Bahebera 12:4-11; Yakobe 1:2-4.

9. (a) Re itse jang gore batho ba ba sa itekanelang ba ka itshokela pogiso? (b) Ke eng seo se diragetseng ka bokgaitsadi bangwe mo lefatsheng la sekomanisi ka dingwaga tsa bo-1960?

9 Gore e se re gongwe ra ikutlwa gore ke motho yo o itekanetseng fela yo o neng a ka itshoka, jaaka go dirile Jesu, Bahebera e tlotlomatsa banna le basadi ba ba sa itekanelang jaaka rona ba ba neng ba itshoka ka tumelo. (Bahebera 11:35-40; 12:1) “Boidiidi yo bo kalo kalo yoa bashupi” jo bo itshokileng ka tumelo bo ile jwa okediwa mo metlheng ya segompieno. Ka Phatwe 1982 bokwala-dikgang jwa Switzerland bo ne jwa gatisa setlhogo se se amanang le maitemogelo a mosadi mongwe ka Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba golegilwe mo dikampeng tsa kgolegelo tsa basadi mo lefatsheng la sekomanisi masome a dingwaga a le mmalwa a a fetileng. Kakaretso ya dingwe tsa dikakgelo tsa gagwe ke e:

Dikereke tse dikgolo ke tsone fela di nang le kgololesego e se kae ka go bo di rera se Puso e se letlelelang. Ga go jalo ka ditumelo tse dipotlana tse di kopanelang mo magaeng. E e bogisiwang bogolo segolo ke ya Basupi ba ga Jehofa. Bontsi jwa Basupi bao go neng ga bonwa mo magaeng a bone dikaelo tsa Tora ya Tebelo ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong dingwaga tse 10. He go ka tlhaloganyesega, gore ke ka ntlha yang fa bagolwane ba kampa ya kgolegelo ba ne ba kgopisega thata fa Basupi ka tsela e e rileng ba ne ba nnela go bona dibuka ka bontsinyana. Legolegwa lengwe le lengwe le ne le apolwa le go phuruphutshiwa, mme diaparo tsa bone di ne di phuruphutshiwa fela thata. Gape, legolegwa lepe le le dirang mo masimong le ne le tlhomilwe leitlho ke badisi ba ba tshotseng dibetsa mme le ne le phuruphutshiwa fa le boela morago le tsena kwa hekeng. Lefa go le jalo dibuka di ne tsa nna tsa bonala. Go ne go lebega jaaka ekete baengele bosigo ba ne ba lala ba fofa le go di latlhela. Bontsi jwa Basupi e ne e le basadi ba meroba. Dingwaga tsa ntlha tsa kgolegelo di ne di tloga mo go 5 go ya go 7, molato wa bobedi o ne o se kafa tlase ga dingwaga tse 10. Basupi e ne e le bone fela ba ba tshwerweng setlhogo go feta mo kampeng. Fa ba ba fetang boraro mo go bone ba ne ba kopana ba ne ba laelwa gore ba kgaogane.

10. Bahebera e re thusa go fitlhelela boikemisetsong bofe kaga pogiso?

10 Mabapi le dikao tsa bogologolo tsa tumelo ka nako ya pogiso, Bahebera e re e ne e le “batho ba lehatshe le sa chwanelwañ ke bōnè,” mme gore Jehofa o tla tlhomamisega gore ba “dihwa boitekanèlō” mo Paradaiseng ya lefatshe. Ke mang yo o ka batlang se se fetang seo? Ka jalo a re tsenyeng mo pelong dikao tsa tumelo tsa bogologolo le tsa segompieno. Go na le ‘go ikgogonela kwa tatlhegong,’ re tshwanetse go ikemisetsa go nna le “tumèlō e e isañ polokoñ ea mōea.”—Bahebera 11:38, 40; 10:39.

A Re Sekeng Ra “Katogèlèla Koñ”

11. Ke jang go ‘katogela kong’ go ka nnang kotsi go mongwe yo a nnileng Mokeresete ka lobaka lo loleele?

11 Jaaka Bahebera e bontsha, kotsi e nngwe ke ‘go katogela kong.’ (Bahebera 2:1) Akanyetsa kafa seo se ka diragalang ka teng. Motho—e ka nna mang fela wa rona—a ne a nna Mokeresete mme ka mo go itumedisang a tletse ka tlhagafalo. Ka bofefo fela o ne a arola mo bodiheding jwa tshimo le eleng fa a ne a na le kitso e e lekanyeditsweng fela ya Bibela. (Ditihō 3:1-9; 8:39; 13:48, 49) Morago ga dingwaga tse di rileng tlhagafalo ya gagwe e ne e tshwanetse go gola go nna tlhoafalo e e nonofileng le ya boineelo jo bo tletseng. A mme? A o leba bodihedi jwa Bokeresete jaaka tsela ya go bontsha lorato lwa gagwe go Modimo le go thusa ba bangwe, jaaka le ene a ile a thusiwa? Kana e ile ya nna seomodiro, tiro ya malatsi otlhe? Fa e le gore o na le bana, a ka metlha le ka tlhagafalo o ba kgothaletsa go nna badihedi ba nako e e tletseng? Kana o go umaka fa gongwe fela ebile a sa tlhatswega pelo ka ga seo a se bolelang jaaka fa a dira ka go tswelela pele ga bone le thutego ya sekolo, go nna le tiro e e duelang madi a a kwa godimo le go ipatlela legae je le manobonobo?—Tshenolō 2:4.

12. (a) Bahebera e re neela kakgolo efe e le gore re tle re tile ‘go katogela kong’? (b) Ke dipotso dife tseo re ka di akanyetsang fa e le kaga go tsaya-tsia Lefoko?

12 Kgato ya go tila ‘go katogela kong’ ke go ‘tlhokomela ga rona thata dilo tse re di utlwileng.’ (Bahebera 2:1) Ba bangwe ba Bakeresete ba Bahebera ba ne ba palelwa ke se. Morago ga go ithuta kaga “ditshimologō tsa ntlha ntlha tsa ga Keresete,” ga ba a ka ba “[gagamalela] kwa boitekaneloñ.” Fa ba ne ba ‘tshwanetse go nna barutisi,’ ba ne ba sa ntse ba ntse ba le mo ditshimologong tsa ntlha ntlha. (Bahebera 5:12–6:2) Go tweng ka rona? A re “mo lotshitshing’’ fela kana re gatela pele ka go tlhokomela thuto ya botho? A re leka go bala karolo ya Bibela letsatsi le letsatsi? A re ithuta dikgatiso tsa Bokeresete ka kgatlhego ya mmatota, le eleng go tlotla le ba bangwe ka dilo tse dintsha tse re di ithutang? A re thusa bana ba rona go gatela pele go pota ka kwa ‘mashi a lefoko’? A ba ka tlhalosa go tswa mo Bibeleng boammaaruri kaga moya, tsogo, Tharonngwe, Paradaise ya lefatshe, jalo le jalo? A ba dira seo mo tirelong ya tshimo, ba sa ema golo go le gongwe fela fa ba neng ba ntse ba le teng ngogola?—1 Petere 3:15.

13. Bokgaitsadi ba rona ba ba neng ba le mo kgolegelong ba ne ba tlhoma motlhala ofe kaga go ithuta, moo go re akantshisa eng?

13 Mabapi le Basupi ba ba neng ba le mo kgolegelong, setlhogo seo se ne sa re:

Mo nakong ya bone fa ba ne ba sa dire sepe ba ne ba tlhoafalela go ikgakolola dikarolo tsa Bibela ka tlhogo. Gape, ba ne ba dira ka natla mo go ithuteng dipuo tsa seeng, bogolo jang Seesemane, Sefora le Sejeremane. Dibuka tseo ba neng ba tle ba di bone fa gongwe di ne di le ka tsone dipuo tseno, mme bao ba neng ba di ithuta ba ne ka gone ba ka ranolela bokgaitsadi ba bangwe boikitsiso.

Lefa ba se kae ba rona ba ka patelediwa go dira dioura tse di telele kwantle ga dijo tse di lekaneng fela jaaka bone, a ka natlafalo re dirisa nako ya rona ya fa re sa dire sepe go “tlhōkōmèla segolo thata dilō tse [rel di utlwilweñ”?

Le Seka La “Tenèga”

14. Ke eng seo se ka welang le eleng batho ba ba nnileng Bakeresete ka lobaka lo loleele?

14 Morago ga go re kgothaletsa go tswela pele Bahebera e tlhagisa ka gore “ba ba kileñ ba bōnesiwa” ba ka “tenèga,” gongwe go ya ntlheng ya go sa tlhole ba ka ikotlhaya. (Bahebera 6:4-8) Ee, Bakeresete bao ba diretseng Modimo ka lobaka lo loleele, le eleng bangwe ba batlodiwa bao ba neng ba “abèlwa Mōea o o Boitshèpō,” ba ka nna ba gogelwa sengweng seo se raelang mo tsamaisong ya jaanong.

15. Bangwe ba ile ba tenega jang mabapi le dikobo le ditiro tsa kgwebo?

15 Palo e e rileng e ile ya wa ka ntlha ya keletso ya nama kana keletso ya lehumo. (1 Yohane 2:16) Tota, keletso ya kafa dikobong e a kopanyelediwa fa banana ba ineela mo go tlhakaneleng dikobo pele ga lenyalo. Mme akanyetsa kgang e nngwe. Bangwe ba batho ba ba nyetseng ba ile ba kgora balekane ba bone ba lenyalo mme ba kopana le motho yo mongwe yo go lebegang a gogela ka mo go oketsegileng, a le seleta mo puong kana a atlega thata mo lefatsheng leno. Ka maswabi, seno se ile sa gogela mo ditlhalanong le dinyalong tse dintsha tsa boitsholo jo bo sa siamang. Bangwe ba ile ba “tenèga” ka ntlha ya telekiso ya dilo tse di bonalang, ba gogelwa mo ditseleng tsa kgwebo tse tota di supegang di sena boikanyego kana ba tlhokomologa go bona lekesense ya puso kana le dipatlafalo tsa lekgetho. (Mathaio 22:21) Gongwe ba ile ba godisa maretshwa a boferefere a go bona madi ka ponyo ya leitlho kana maano a go huma ka pelepele ao a raelang batho gore ka bogagapa ba itlhatlose ka bakaulengwe ba bone. (Bapisa Ditihō 20:33; 2 Bathesalonia 3:10, 11.) Maano ano, kwantle go go hupetsa ga one dikgatlhego tsa Bogosi gantsi, a nnile le go felela ka maikutlo a a botlhoko le dikgaruru ka dinako tse dingwe, fa motho a sa pegwe molato wa go dira ka tsietso. Bibela e itshupile e le boammaaruri fa e re: “Me ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ.”—1 Timotheo 6:9.

16. Bokgaitsadi ba ba neng ba le mo kgolegelong ba ne ba tlhoma sekao se se molemo jang sa go gana dithaelo?

16 Fa ka boikokobetso re lemoga gore ga re a nonofa mo go kalo mo re ka se weng, he re tshwanetse go ikemisetsa go sa ineele mo ditshimologong tsa thaelo le sebe. (Baroma 12:3; 1 Bakorintha 10:12) Bokgaitsadi mo kampeng ya kgolegelo ba re baakanyetsa ka sekao se se molemo:

Bangwe ba bone ba ne ba tsewa, bongwe ka bongwe, go ya kwa toropong koo go neng go na le mabenkele, mafelo a dibaesekopo le boitloso-bodutu jo bongwe. Ka sekai, mapodisi a mabedi a sephiri a ne a tsaya kgaitsadi a mo tsenya mo lebenkeleng le le neng le tletse ka dijo tse di neng di pakilwe sentle. Ba ne ba mo raya ba re, ‘Itlhopele se o se batlang.’ O ne a ba bolelela gore o ne a sa tlhoke sepe. Go ne go le maswe go bontsha motho yo o neng a fedile ke tlala dishelofo tsa borotho jo bo siameng sentle le dikuku tse di monate mme ebile a setse a feditse dingwaga a sa je ka mo go lekaneng. Dithaelo tse di tshwanang di ne tsa lekwa mo mabenkeleng a magolo le dibaesekopong. Lefa ba ile ba mmaya koo dibeke di se kae le go mo solofetsa kgololesego fa a ne a ka latofatsa tumelo ya gagwe, ga ba a ka ba tswa le sepe. Ba ne ba kgona go fenya kgaitsadi a le mongwe fela fela. Dikgwedi moragonyana o ne a boela kwa kampeng, a tla a nonne ebile jaanong a apere diaparo tsa maphatsi-phatsi. O ne a bua le bokgaitsadi ba gagwe ba pele ka thuto e e tsereng dioura tse pedi, bao le go mo dumedisa ba sekang ba mo dumedisa. Go lebega fa mapodisi a sephiri a ne a akantse gore jono e ne e le boiteko jo bo botlhale thata thata mme bokgaitsadi ba ne ba tla latela mo go latofatseng tumelo ya bone. Ba ne ba bona matswela a a fapaaneng le seo.

17. Re tshwanetse go ikutlwa jang kaga dithaelo tseo re lebanang le tsone?

17 A o ikutlwa gore o ka bo o ile wa nna pelokgale mo go lebaganeng le dithaelo tseo? Mme go tweng ka dithaelo tseo o lebaneng le tsone? Paulo o ne a re: “Lo itisè, ba ga echo, e se re kgotsa go bo go ka na le mo go moñwe oa lona pelo e e boshula, e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ: Me lo laanè ka malatsi aotlhe, ka go sa nntse go ka twe, Gompieno; gore opè oa lona a se ka a kgwaraladiwa ke [maatla] tsieco ea boleo.” (Bahebera 3:12, 13) Go tila go wa kana go katogela kong, re tlhoka go tlhoma mogopolo mo ‘gompienong.’

Go Bontsha Tumelo “Gompiyeno”

18. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ile ba tlhaela go tsena mo boikhutsong jwa Modimo?

18 Paulo o ne a theile kakgelo ya gagwe ka “gompiyeno” mo tsopolong e e dirilweng go Pesalema 95:7-11. (Bahebera 3:7-11) Jaaka ditemana tseo di umaka, Baiseraele ba ne ba kgwaralatsa dipelo tsa bone mo metlheng ya ga Moshe. Baiseraele, morago ga go utlwa pego ya ga Joshue le Kalebe kaga Lefatshe la Tsholofetso, ba ne ba bontsha tlhaelo ya tumelo. (Dipalō 13:17–14:38) Lefa e le gore ba ka bo ba ile ba ipelela kagiso le masego ka nako ya letsatsi la Modimo la boikhutso, Baiseraele, ka dipelo tse di kgwaraladitsweng le go sa dumele, ba ne ba gana go tsena mo lefatsheng le go tshela koo. Ka jalo Modimo o ne wa ba kgarakgatshisa mo nageng ka dingwaga tse 40.—Bahebera 3:17-19.

19. Ke leng le jang re ka tsenang mo boikhutsong jwa ga Jehofa?

19 Letsatsi le legolo la Sabata la Modimo, kana letsatsi la boikhutso, le a tswelela. (Genesise 1:31–2:3) Paulo o ne a kwala ka gore “polèlō ea choloheco e nntse e le gōna ea go tsèna mo boikhucoñ yoa ōna.” (Bahebera 4:1, 9) Ka jalo, rona Bakeresete re ka tsena jaanong kana ra nna mo “boikhucoñ” joo. Jang? Ka go bontsha tumelo, e seng mo go Joshue wa metlha ya bogologolo, mme mo go Joshue yo Mogolwane, moetapele wa rona Jesu. Re tlhoka gape go khutlela ditiro tsa go sa dumele, jaaka tseo di bontshiwang ke batho bao gotlhelele ba sa dumeleng gore Thulaganyo e Ntšha e tla tsamae e tle. Matshelo a bone a kgonosetse mo boitlosong bodutu kana menateng. Ba ka nna ba batla go nna “rre semang-mang,” jaaka ka go ipatlela maemo kana go itirela leina. Kana ba ka nna le mogopolo wa batlhale wa go nna motho yo o “molemo.”

20, 21. (a) Ke ditiro dife tse re tlhokang go di tila? (b) Ke tiro efe e e molemo e re tshwanetseng go arola mo go yone, jaaka go supilwe ke bokgaitsadi ba ba neng ba le mo kgolegelong?

20 Fa re na le tumelo mo go Jesu le seo se emeng kwa pele ga batho ba Modimo, re tshwanetse go bontsha seo ka ditiro tsa rona. Paulo o kwadile ka gore: “Eo o tsenyeñ mo boikhucoñ yoa gagwè [Modimo] le èna o bile o ikhutsitse mo tihoñ tsa gagwè.” (Bahebera 4:10) Ka jalo, mo boemong jwa ditiro tsa go sa dumele kana tseo motho a lekang go intlafatsa, re tshwanetse go nna le ditiro tse di bontshang tumelo ya rona.

21 Tiro e kgolo ya Mokeresete ke go bua ka ga Jehofa Modimo le Morwawe. Mabapi le Jesu, Paulo o ne a kgothatsa jaana: “A re tshegetseñ boipolèlō yoa rona [kaga gagwe] ka thata.” (Bahebera 4:14) Ka tshwanelo, re ka dira seo mme ebile re tshwanetse mo dipokanong tsa Bokeresete jaaka re dira boipolelo jwa patlalatsa jwa tsholofelo ya rona koo. (Bahebera 10:23-25) Mme ‘boipolelo jwa phatlalatsa’ joo bo tshwanetse go akareletsa go bolelela ba ba kwantle tumelo le ditsholofelo tsa rona. Eleruri, re tshwanetse go ikutlwa re patelesega go dira “chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina [ja Modimo].” (Bahebera 13:15; 1 Bakorintha 9:16) Mokwadi wa setlhogo se se umakilweng pelenyana o bolela ka puisano le kgaitsadi mongwe:

Ke boletse gore bagolwane ba puso ba le latlhela lotlhe mo kgolegelong, eseng ka ntlha ya ditumelo tsa lona, mme ka ntlha ya go bo lo rerela ba bangwe. Fa o ne o ka nna o le nosi kwa gae mme ka tidimalo wa rapela, ga go ope yo o neng a tla itse. Kgaitsadi a fetola jaana, ‘Seo se boammaaruri, mme tlamego ya rona ke go bua le ba bangwe le go gapa bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha. Re ka se ikgagapelele mme re ipaakanyetse re le rosi fela botshelo jwa rona mo lefatsheng ka nako ya dingwaga tse di sekete. Batho botlhe ba tshwanetse go itse gore botshelo ka nako eo bo tla bo bo ntse jang.’

22. Ke tlhatswego pelo efe e e theilweng mo go Bahebera e o nang le yone?

22 O ka bona gore kgang kgolo mo go Bahebera ke gore re tshwanetse “re tlhoaha[lele] go tsèna mo boikhucoñ [jwa Modimo], gore motho opè a se ka a wèla mo . . . go gan[eng] go utlwa.” (Bahebera 4:11) Re ka nna le kgotsofalo e kgolo mo go nneng mo boikhutsong joo gone jaanong jaana, ga mmogo le tlhomamisetso ya tsholofelo ya go tswelela mo go jone fa botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng ba obamela Modimo. Ga go na pelaelo epe kaga boikemisetso jwa ga Jehofa jwa go segofatsa le go boloka bao, ka tumelo le kutlo, ba tsenang mo boikhutsong joo gone jaana. Ke “moduedi oa ba ba [mmatlang].” (Bahebera 11:6) Fa go na le pelaelo epe, e tshwanetse ya bo e le ka ga rona. Lefa go le jalo le eleng rona ga re tlhoke go nna mo pelaelong. Ka tumelo ya rona le boitshoko jwa rona, mme le ka thuso ya Modimo, re ka “ichwarèlèla ka cholohèlō e re e beecweñ pele.”—Bahebera 6:18.

A O Sologetswe Molemo?

◻ Ke kgakololo kana thuto efe e bogolo o e ikamogeletseng mo go Bahebera?

◻ O ka solegelwa-molemo jang ke sekao sa bokgaitsadi bangwe ba ba neng ba le mo kgolegelong?

◻ Bahebera 2:1 e go kgothaletsa go dira eng go tlla go katogela koo?

◻ O ka tsena mo boikhutsong jwa Modimo jang?

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 20]

Bontsi jwa Basupi bao mo magaeng a bone go neng go bonwa dikaelo tsa Tora ya Tebelo ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong dingwaga tse 10

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 21]

Basupi ke bone ba ba neng ba tshwere setlhogo go feta botlhe mo kampeng. Fa ba ba fetang boraro ba bone ba ne ba kopana, ba ne ba laelwa go kgaogana

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Baiseraele ba ne ba utlwa pego ya ga Joshua le Kalebe mme ba nna ba tlhaela tumelo. Ka jalo ba ne ba seka ba tsena mo boikhutsong jwa Modimo mo Lefatsheng la Tsholofetso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela