Go Nna le Kagiso ya Mmatota mo Nageng e e Nang le Matshwenyego
Pego nngwe morago kwa ka 1969 e ne ya re: “Seganka sa thubakanyo ya makoko se tlhasetse ruri.” E ne e le ka nako ya fa Matshwenyego, motlha dikhuduego tse di leng teng gone jaanong kwa Ireland Bokone, a simolola go ya magoletsa.
HUBAKANYO le polao ya makoko e ne ya nna selo se se tlwaelegileng fa babolai ba Porotesetanta le ba Katoliki e leng “banna ba ba setlhogo ba matlhakore oomabedi” a kganetsano ya bopolotiki le bodumedi, ba ne ba nonotsha kgaratlho ya go lwela maemo kwa Ireland. Go tloga ka nako eo “go ile ga bolawa batho ba ba fetang 3 600 mme diketekete tsa golafadiwa mo thubakanyong e e batlileng e tshwara dingwaga tse 30,” go bega jalo The Irish Times.
Le gale, kgaratlho eno ga e ntšha. Ga e bolo go nna teng kwa Ireland ka makgolokgolo a dingwaga. Mo dingwageng tsa bosheng jaana ditlamorago tsa yone tse di botlhoko thata di ile t bonala kwa Ireland Bokone, mme go ralala Ireland yotlhe batho ba ile ba amiwa ke botlhoko le dikgotlhang tse e di bakileng.
Go ntse go le jalo, mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo jaanong, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba bontsha gore tharabololo ya mmatota ya mathata a a aparetseng naga e e tletseng matshwenyego eno ke eng. Tharabololo eo ke Bogosi jwa Modimo bo eteletswe pele ke Jesu Keresete. (Mathaio 6:9, 10) Fa Matshwenyego a ne a simologa ka 1969, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 876 kwa Ireland. Gone jaanong go na le ba ba fetang 4 500, mo diphuthegong tse di fetang 100. Ano ke maitemogelo a sekae a batho bangwe ba ba ileng ba tlogela ditiro tsa bopolotiki le tsa bosole.
“Fa ke Gola, ke Tlile go Nna Mongwe wa Masole a IRA!”
Michaela o godile e le Mokatoliki kwa Republic of Ireland. Kwa sekolong o ne a rutiwa sengwe ka hisitori ya Ireland le kgotlhang ya yone ya makgolokgolo a dingwaga le Boritane. Fa a sa le ngwana, o ne a simolola go tlhoa Baesemane thata, a ba leba jaaka “bagateledi ba batho ba Ireland.” Fa a ne a le dingwaga di le lesome, o ne a raya nkoko wa gagwe a re, “Fa ke gola, ke tlile go nna mongwe wa masole a IRA!” ( Irish Republican Army) A re: “Ke ne ka fapholwa mo sefatlhegong ka tsela e ke sa ntseng ke e gakologelwa le gompieno. Moragonyana o ne a utlwa gore rraagwemogolo o ne a le mo sesoleng sa Boritane ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I. Ka lekgetlo lengwe nkokoagwe o ne a tshwanela gore a eme fa pele ga rraagwemogolo gore a thibele maloko a IRA gore a se ka a mo thuntsha.
Le fa go ntse jalo, fa Michael a nna mogolwane, o ne a batla go dira sengwe go thusa Bakatolikikaene kwa Ireland Bokone. O bolela jaana: “Ka nako eo mo go nna go ne go bonala fa batho ba le bosi ba ba dirang sengwe go thusa Bakatoliki kwa Ireland Bokone e le ba IRA.” E re ka a ne a tlhotlhelediwa ke se ene a neng a akanya gore ke selo se se siameng, o ne a nna leloko la IRA mme o ne a thapisediwa go dirisa dibetsa. Ditsala tsa gagwe tse tharo di ne tsa bolawa ka go thuntshiwa ke masole a Porotesetanta a kwa Ireland Bokone.
Kgabagare Michael o ne a kgobiwa marapo ke ntwa ya bosole, ka sekai, o ne a tshwenngwa ke bobaba jo bo maswe fa gare ga ditlhopha tse di farologaneng tsa masole. Fa a ntse a le kwa kgolegelong ka ntlha ya melato ya ditiro tsa IRA, o ne a rapela Modimo gore a mo thuse gore a bone tsela ya mmatota ya kagiso le tshiamiso e e tla nnelang ruri. Nakonyana morago ga moo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela kwa legaeng la gagwe. Le fa go ntse jalo, letlhoo la bogologolo le a neng a na le lone le ne la dira gore go nne thata. Basupi bao e ne e le Baesemane. Letlhoo le legolo le a neng a na nalo le ne la dira gore go nne thata gore a ba reetse. O bolela jaana: “Gantsi ke ne ke sa supe gore ke itumelela go ba bona, mme le fa go ntse jalo ba ne ba tswelela ba nketela le go bua le nna mme ka simolola go bona gore Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa tshiamololo yotlhe ya bopolotiki le ya loago tse ke neng ke lwela go di fedisa.”—Pesalema 37:10, 11; 72:12-14.
Makgaolakgang e ne ya nna bosigo bongwe fa Michael a ne a kopana le modiredimogolo wa gagwe yo o laolang wa IRA, yo o neng a re, “Re na le tiro e o tshwanetseng go e dira.” Michael a re: “Ke ne ka ikutlwa gore ke ne ke tshwanetse go dira tshwetso gone ka nako eo, ka jalo ke ne ka kgwa mowa mme ka re, ‘Ke setse ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa jaanong,’ le mororo ka nako eo ke ne ke ise ke kolobediwe. Ke ne ke itse fela gore ke batla go nna motlhanka wa ga Jehofa.” Modiredimogolo yo o laolang o ne a araba ka go re: “O tshwanetse wa bewa mo leboteng mme wa thuntshiwa.” Le mororo Michael a ne a tshosediwa jalo, o ne a tlogela IRA. O ne a nna pelokgale go dira seno ka go letla gore mafoko a ga Jehofa a ame mogopolo le pelo ya gagwe. “Fa nako e ntse e ya, mosadi wa me le bangwe ba bongwanake le bone ba ne ba ineela mo go Jehofa. Jaanong re na le kagiso ya mmatota mo dipelong tsa rona. Mme re tla leboga Jehofa ka metlha go bo a ile a re letla go ithuta boammaaruri le go nna le seabe mo go anamiseng molaetsa wa kagiso mo nageng e e tletseng matshwenyego.”—Pesalema 34:14; 119:165.
Go Itlhaola ke Tshireletso ya Mmatota
Patrick o bolela jaana: “Ke goletse kwa motseselegaeng wa County Derry kwa Ireland Bokone. Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke sa itse sepe fa e se Matshwenyego. Kwantle ga pelaelo, tikologo eo e ile ya ama tsela e ke lebang dilo ka yone le tsela e ke akanyang ka yone.” Patrick o ne a simolola go nna le maikutlo a a feteletsang dilo a a tlhotlhelediwang thata ke bosetšhaba jo bo nang le bopelompe le ke letlhoo le legolo ka batho ba Boritane. O ne a bona batho ba bodumedi mo matlhakoreng oomabedi a ntwa ya bopolotiki ba tlola melaometheo ya Bokeresete ya konokono le melaometheo e e tlwaelegileng ya botho. Ka ntlha ya seo, o ne a fularela bodumedi mme kgabagare a nna molatolamodimo le molatedi yo o itsetsepetseng wa ga Marx.—Bapisa Mathaio 15:7-9; 23:27, 28.
Patrick a re: “Dilo tse ke di gakologelwang thata tsa bogologolo ke go ipolaisa tlala ga magolegwa a marepaboliki kwa Bokone. Ba ne ba nkama thata. Ke gopola ke tsholetsa difolaga tsa Ireland ke bo ke kwala mokwalo o o supang letlhoo ka batho ba Boritane gongwe le gongwe koo ke neng ke kgona go dira jalo gone. Fa ke ne ke na le dingwaga di le 15 fela, ke ne ka nna mokaedi kwa phitlhong ya mongwe wa batho ba ba neng ba ipolaisitse tlala yo o neng a swela kwa kgolegelong.” Patrick, jaaka ba bangwe ba bantsi ba ba neng ba iphitlhela ba le mo tlhakatlhakanong ya nako eo, o ile a nna le seabe mo dikhuduegong le mo megwantong ya go batla go bona go diragadiwa tshiamiso ya setšhaba le tekatekano. O ne a simolola go tsalana thata le batho bangwe ba ba ratang bosetšhaba thata, bao bontsi jwa bone ba ileng ba tshwarwa ke balaodi ba Boritane.
Patrick o bolela jaana: “Morago ga foo, ka ntlha ya maemo a itsholelo, ke ne ka feleletsa ke nna kwa Engelane ka nakwana. Fa ke ntse ke le koo, mapodise a Boritane a ne a tshwara mongwe wa ditsala tsa me yo neng a romilwe go thaya bomo.” Le mororo Patrick a ne a sa ntse a rata ditiro tsa bosetšhaba thata, boikutlo jwa gagwe bo ile jwa simolola go fetoga. O ne a simolola go lemoga gore letlhoo le a nang nalo ka batho botlhe ba Baesemane le ne le se na mabaka a a utlwalang. O bolela jaana: “Ke bile ka lemoga gore ditiro tsa bosole le ka motlha di ka se ka tsa rarabolola mathata le go tlosa tshiamololo e e neng e nngomola pelo. Go ne go na le bosenyi jo bontsi thata le dilo tse dingwe tse di sa tsamayeng sentle mo bathong ba ba neng ba laola mekgatlho ya sesole.”—Moreri 4:1; Jeremia 10:23.
Kgabagare Patrick o ile a boela kwa Ireland Bokone. “Fa ke fitlha koo, tsala nngwe e ne ya nkgolaganya le Basupi ba ga Jehofa.” Ka ntlha ya go ithuta Baebele le Basupi, Patrick o ile a simolola go bona tharabololo ya mmatota ya dikgotlhang le go sa utlwane ga batho. O ne a gatela pele ka bonako mo semoyeng fa mogopolo le pelo ya gagwe di amiwa ke melaometheo ya Baebele. (Baefeso 4:20-24) O bolela jaana: “Gone jaanong, go na le gore ke rulaganye go menola puso e e leng teng, ke iphitlhela ke rera molaetsa wa kagiso o o tswang mo Baebeleng, tota le mo mafelong a batho ba ba ngaparetseng bopolotiki thata a ke neng nka se ka ka ya kwa go one pele. Tota e bile, ka nako ya fa go ne go na le dipolao tse dintsi tsa makoko kwa Belfast, batho fela ba ba neng ba kgona go ya ba gololesegile kwa mafelong a batho ba ba ngaparetseng bopolotiki le a baratabosetšhaba ba sa tsamaye ka dikoloi tse di sireleditsweng e ne e le Basupi ba ga Jehofa.” Fela jaaka Basupi ba bangwe kwa Ireland Bokone ka nako eno, o ne a bona gore go nna o itlhaotse, jaaka Bakeresete ba bogologolo, ke tshireletso ya mmatota. (Johane 17:16; 18:36) O konela jaana: “O ikutlwa o gololesegile tota go bona gore Jehofa ka Jesu Keresete o tla tlisetsa batho botlhe tshiamiso ya mmatota a bo a ba golole mo kgatelelong.”—Isaia 32:1, 16-18.
“Ditlhobolo Tsa Me e Ne e Le Tsone Fela Tse di ka Ntshireletsang”
William o bolela jaana: “Ke goletse mo letlhakoreng le lengwe la kganetsano ya bopolotiki le bodumedi. Letlhoo la Boporotesetanta le ne le itsetsepetse mo go nna mme ke ne ke ila sengwe le sengwe se e leng sa Katoliki. Ke ne ke sa ye tota le kwa lebenkeleng la Katoliki fa go kgonega, mme ke ne ka ya kwa Republic of Ireland gangwe fela. Ke ne ka inaakanya le ditlhopha le mekgatlho e e farologaneng ya Porotesetanta, e e jaaka Orange Order—mokgatlho o o ineetseng go sireletsa bodumedi jwa Porotesetanta le mokgwa wa jone wa botshelo.” Fa William a le dingwaga di le 22, o ne a tsenelela Ulster Defense Regiment, e e leng karolo ya sesole sa Boritane e e tlhomilweng gone mo lefelong la bone. Bontsi jwa maloko a yone e ne e le Baporotesetanta. O ne a iketleeditse go bolaya gore a tle a sireletse tsela ya gagwe ya botshelo. “Ke ne ke na le ditlhobolo di le mmalwa mme ke ne ke se kitla ke etsaetsega go di dirisa fa go ne go tlhokega. Ke ne ke baya e nngwe kafa tlase ga mosamo wa me bosigo.”
Mme le fa go ntse jalo, go ne ga nna le phetogo. “Ke ne ka lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba na le sengwe se se kgethegileng fa ke ntse ke bereka le mongwe wa bone re tsosolosa ntlo nngwe e kgologolo. Modirimmogo yono o ne a ama botshelo jwa me thata. Fa re ntse re aga ntlo mmogo, ke ne ka kgona go mmotsa dipotso tse dintsi tse di neng di ntshwenya tse di malebana le Matshwenyego, bodumedi le Modimo. Dikarabo tsa gagwe tse di sa raraanang, tse di tlhamaletseng di ile tsa nthusa gore ke bone Basupi ba ga Jehofa jaaka ba ntse tota—setlhopha sa batho ba ba utlwanang, ba ba se nang dikgoka le ba ba sa itshunyeng nko mo dipolotiking, ba ba itsegeng e le batho ba ba ratang Modimo le moagelani.”—Johane 13:34, 35.
Dikgwedi tse nnè William a sena go simolola go ithuta Baebele, o ne a tswa mo mekgatlhong yotlhe ya bodumedi le ya bopolotiki e a neng a le mo go yone. O gakologelwa jaana: “Eno e ne e le kgato e e botlhokwa mo go nna, ka gonne ke ne ka tshwanela gore ke tlogele dingwao tse dintsi tse ke neng ke di ratile nako e telele.” Le fa go ntse jalo, teko ya gagwe e kgolo go di gaisa tsotlhe e ne e sa ntse e tla. “Ka ntlha ya boemo jo bo neng bo le teng kwa Ireland Bokone, ke ne ke akanya gore ditlhobolo tsa me e ne e le tsone fela tse di ka ntshireletsang. Masole a IRA a ne a mpona ke le ‘motho yo o tshwanelwang ke go bolawa.’ Ka jalo go ne go le boima thata go latlha dibetsa tseno.” Le fa go ntse jalo, ka bonya ka bonya, kgakololo ya Baebele e e jaaka e e mo go Isaia 2:2-4, e ne ya fetola tsela e a lebang dilo ka yone. O ne a bona gore Jehofa ke ene tota tshireletso ya gagwe ya mmatota, fela jaaka a ne a ntse mo Bakereseteng ba bogologolo. Morago ga foo, William o ne a busa ditlhobolo tsa gagwe.
William o bolela jaana: “Sengwe sa dilo tse di intumedisang tota ke gore, jaanong ke na le botsalano jo bo nonofileng jo bo nnetseng ruri le batho ba pele ke neng ke ka ba leba e le baba ba ba kotsi. Gape, go itumedisa tota gore ke bo ke kgona go isa molaetsa wa Baebele wa tsholofelo kwa mafelong a pele ke neng ke a leba e le ‘a go sa tsenweng mo go one.’ Fa ke akanya ka se boammaaruri bo se diretseng nna le lelapa la me go dira gore ke leboge Jehofa le phuthego ya gagwe thatathata.”
“Ke ne Ke sa Tlhaloganye”
Robert le Teresa ba godile ka ditsela tse di farologaneng gotlhelele. Robert o bolela jaana: “Ke tswa mo lelapeng la Baporotesetanta ba ba ikanyegang. Bangwe ba masika a me ba kile ba tsena mo sesoleng. Nna ke ile ka tsenelela Ulster Defense Regiment ya sesole sa Boritane fa ke le dingwaga di le 19. Go le gantsi ke ne ke disa mafelo a Teresa a neng a nna mo go one. Bosigo bongwe ke ne ka fiwa dikabelo tse dingwe ke sa dire tiro ya me ya bodisa e e tlwaelegileng. Mo bosigong joo, Land-Rover e ke ka bong ke ne ke tsamaya ka yone e ne ya thuntshiwa. Go ne ga swa masole a le mabedi mme ba bangwe ba babedi ba ne ba gobala.”
Robert o ne a simolola go ipotsa ka bokao jwa botshelo. “Ke ne ke ntse ke dumela mo Modimong mme fa ke lebelela dilo mo Ireland Bokone, ke ne ke sa tlhaloganye. Ke bile ka simolola go rapela Modimo. Ke ne ka botsa Modimo gore a tota o teng, mme fa e le gore o teng, a mpontshe tsela e e siameng e ke tshwanetseng go tshela ka yone. Ke gopola ke raya Modimo ke re go tshwanetse ga bo go na le bodumedi bo le bongwe jwa boammaaruri felo gongwe!” Malatsi a sekae fela morago ga foo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a etela Robert mme a mo tlogelela dikgatiso dingwe. Fa Robert a boela gae bosigo a tswa tirong ya go disa, o ne a simolola go bala mme a bo a fetsa ka ura ya botlhano mo mosong. O bolela jaana: “Ke ne ka lemoga boammaaruri ka bonako mme ke ne ke kgona go bona gore sengwe le sengwe se tswa mo Baebeleng tota.” (2 Timotheo 3:16) O ne a simolola go ithuta Baebele mme mo nakong e khutshwane, a ineela mo Modimong.
“Basupi Ba ne Ba re Lebisa mo Baebeleng ka Metlha”
Teresa kafa letlhakoreng le lengwe, o ne a godisitswe e le Mokatoliki, a na le bosetšhaba jo bo tseneletseng. “Fa ke sa ntse ke le mosha, ke ne ka inaakanya le Sinn Féin.”b Teresa o dumela jaana: “Se se ile sa dira gore ke tshegetse ditiro tsa bosole. Ke ne ka thusa go dira madi a a tla dirisiwang mo kgaratlhong ya bosole. Ke ne ke nna ke itsise IRA ka se se diragalang mo lefelong le ke nnang mo go lone. Ke bile ka nna le seabe mo dikhuduegong le mo go tlhaseleng mapodise le masole a a disitseng ka go ba konopa ka maje.”
Fa bangwe ba gagabo Teresa ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, le ene o ne a batla go itse. Maatla a Lefoko la Modimo a ile a mo tlhotlheletsa thata. O bolela jaana: “Basupi ba ne ba re lebisa mo Baebeleng ka metlha go bona dikarabo tsa dipotso. Tsholofetso e e mo go Daniele 2:44 e ne ya mpula matlho tota. Ke ne ka bona gore Bogosi jwa Modimo e ne e le jone jo bo tla kgonang go fedisa tshiamololo yotlhe e ke neng ke lwa kgatlhanong le yone.” O ne a simolola go ikutlwa a ferosiwa sebete ke bosetlhogo jo bo neng bo dirwa ke ba sesole. Ka sekai, Teresa o ne a sa tlhaloganye gore go tla jang gore e re fa motho a le kutlwelobotlhoko e bile a na le botho a bo a itumelela dikgang tsa borukhutlhi tse mo go tsone masole kana batho ba bangwe ba ileng ba bolawa kana ba golafadiwa mme malapa a tlaletswe ka ntlha ya bohutsana le go ngomoga pelo. Le ene o ile a tsibogela boammaaruri jwa Baebele mme a letlelela melaometheo ya Modimo gore e fetole tsela e a akanyang ka yone. O ne a ineela mo Modimong a bo a kolobediwa ka bonako morago ga foo.—Diane 2:1-5, 10-14.
Teresa o ne a kopana le Robert fa bobedi jwa bone ba ne ba le kwa dipokanong tsa nngwe ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Ireland Bokone. O akgela jaana: “Fa ke simolola go kopana le Robert, go ne go le thata go dumela gore ke ne ke bua ke ritibetse e bile ke na le moya wa kagiso le motho yo pele ke neng ke ka mo leba e le karolo ya thulaganyo ya ntwa ya Boritane. Lefoko la Modimo le ne le nthusitse tota gore ke tlose letlhoo le legolo le go tlhaola batho tse ke neng ke na le tsone.” Ene le Robert ba ne ba bona gore go na le gore ba bo ba kgaogantswe ke letlhoo le go tlhaola batho ka ntlha ya dingwao le ditso tsa bone tse di farologaneng, gone jaanong ba ne ba na le dilo tse dintsi tse di ba kopanyang. Se se maatla go di gaisa tsotlhe e ne e le go rata Jehofa Modimo. Ba ne ba nyalana. Gone jaanong ba dira mmogo mo go isetseng batho ba mefuta yotlhe le ba ditumelo tsotlhe mo nageng e e nang le matshwenyego eno molaetsa wa Modimo wa kagiso ya boammaaruri.
Ba bangwe kwa Ireland ba ile ba diragalelwa ke dilo tse di tshwanang. Ka go reetsa le go amogela dithuto tsa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, ba ile ba falola ‘botlhajana le tsietso e e lolea’ ya batho. (Bakolosa 2:8) Gone jaanong, ba tshepa ditsholofetso tsa Modimo tse di mo Baebeleng ka botlalo. Ba itumelela go bolelela mongwe le mongwe yo o ratang go reetsa ka tsholofelo ya bone ya isagwe ya kagiso—e e tla bong e se na thubakanyo ya makoko le ya mefuta e mengwe.—Isaia 11:6-9.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina a fetotswe.
b Phathi ya bopolotiki e e amanang thata le sesole sa IRA se se Potlana.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Kgaratlho ya sesole e ile ya tlotlomadiwa ka ditshwantsho tse di dirilweng mo dipoteng go ralala Ireland Bokone yotlhe