O se Ka wa Letla Gore Nonofo ya Gago e Nne Bokoa Jwa Gago
Go ne go tsewa gore sekepe sa Titanic se se manobonobo se se nang le dikamore tse 16 tse di dirilweng gore go se ka ga tsena metsi mo go tsone ga se ka ke sa nwela. Mo loetong lwa sone lwa ntlha mo lewatleng ka 1912, se ne se na le sephatlo fela sa mekoro e e falotsang e tota e neng e tlhokega. Sekepe seno se ne sa thula thabakgapetla mme sa nwela, ga swa batho ba ba fetang 1 500.
KGOSI Usia wa Jerusalema wa bogologolo yo a neng a boifa Modimo e ne e le molaodi wa sesole yo o botlhale. Ka thuso ya ga Jehofa, o ne a fenya baba ba gagwe ka go latelana. “Mme leina la [ga Usia] la tumela kwa kgakala; ka a ne a thusiwa mo go gakgamatsang, ga tsamaya a nna thata.” Mme morago ga foo, “pelo ya gagwe ya tsholetsega . . . a leofela Jehofa, Modimo wa gagwe.” Usia o ne a itewa ka lepero ka ntlha ya boikgogomoso jwa gagwe.—2 Ditirafalo 26:15-21; Diane 16:18.
Dipego tse pedi tseno di re ruta gore fa dinonofo di sa lekalekanngwe ka botlhale, bori le boikokobetso, di ka fetoga makoa kana dikgoreletsi motlhofo fela. Kgang eno e masisi, ka gonne ka tsela nngwe mongwe le mongwe wa rona o na le dinonofo dingwe kana dimpho mme re batla gore di solegele rona le ba bangwe molemo gape di re itumedise mme segolobogolo di itumedise Mmopi wa rona. Ebu, re tshwanetse go dirisa ka botlalo mpho epe fela e re e filweng ke Modimo e re ka tswang re na le yone mme ka nako e e tshwanang re e laole gore e nne e ntse e le selo se se molemo.
Ka sekai, go ka direga motlhofo gore motho yo o ratang tiro ya gagwe a fetole mpho eno go nna bokoa ka gore a nne lekgoba la tiro. Motho yo o kelotlhoko a ka nna a bo a sa tsiediwe motlhofo mme a ka nna a bo a le kelotlhoko thata jaana mo e leng gore ga a nke a dira ditshwetso. Botswerere le jone ke nonofo e e molemo, mme fa bo fetelediwa, mo e leng gore go tlhokomologiwa botho, go ka felela ka gore go nne le maemo a a seng monate a a gagametseng a a dirang gore go se ka ga nna le boitumelo. Ka jalo iphe nako go akanya ka dinonofo tse wena ka bowena o nang natso. A o di dirisa ka tsela e e tshwanetseng? A di solegela ba bangwe molemo? Go feta moo, a o di dirisetsa go tlotla Jehofa, Motswedi wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo”? (Jakobe 1:17) Gore re kgone seo, a re sekasekeng ka kelotlhoko dikai tse dingwe di sekae tsa dinonofo tse di ka fetogang makoa, kana le e leng go nna dikgoreletsi fa di sa elwe tlhoko.
Dirisa Bokgoni Jwa Tlhaloganyo ka Tsela e e Botlhale
Go nna le mogopolo o o tlhaga ke selo se se molemo tota. Le fa go ntse jalo, o ka fetoga bokoa fa e le gore o dira gore re itshepe thata kana o dira gore re itseele kwa godimo, segolobogolo fa e le gore batho ba bangwe ba re akgola thata kana ba a re fora. Kana re ka nna ra simolola go akanya gore re itse Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa go ithuta tsa Baebele thata.
Go itshepa thata go ka nna ga iponatsha ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, fa motho yo o nang le mogopolo o o tlhaga a fiwa kabelo ya puo mo phuthegong ya Bokeresete, gongwe e le puo ya phatlalatsa kana puo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, a ka nna a ipaakanyetsa mo metsotswaneng ya bofelo, gongwe e bile a sa rapelele tshegofatso ya ga Jehofa. Go na le moo, o tshepile kitso e a nang le yone le bokgoni jwa gagwe jwa go akanya ka bonako. Bokgoni jwa tlholego bo ka nna jwa bipa go latlhelela dilo ga gagwe ka nakwana, mme fa a se na tshegofatso ya ga Jehofa ka botlalo, kgatelopele ya gagwe ya semoya e tla fokotsega, gongwe e bile e fele. A bo e le go dirisa mpho e e molemo ka bofafalele jang ne!—Diane 3:5, 6; Jakobe 3:1.
Motho yo o nang le mogopolo o o tlhaga gape a ka nna a akanya gore o itse Baebele le dikgatiso tse di re thusang go ithuta Baebele thata. Le fa go ntse jalo, kitso e e ntseng jalo e “gogomosa” motho fela kana e budulosa go ipona ga gagwe jaaka balunu e e buduletsweng; ga e ‘age’ dikamano tse di lorato tsa Bokeresete. (1 Bakorintha 8:1; Bagalatia 5:26) Ka fa letlhakoreng le lengwe, monna wa semoya, le fa a ka tswa a na le bokgoni jo bo kana kang jwa tlhaloganyo, ka metlha o rapelela moya wa Modimo le go o ikanya. Nonofo ya gagwe e nna e ntse e nna thuso e kgolo fa a ntse a gola mo loratong, mo boikokobetsong, mo kitsong le mo botlhaleng—mme tsotlhe di dirisiwa ka tsela e e lekalekaneng sentle.—Bakolosa 1:9, 10.
Bokgoni bo ka fetoga bokoa gape fa e le gore ka ntlha ya jone re nna le boikutlo jwa boikgodiso, re se bori. Motho yo o nang le bokgoni—le ba ba mo ratang mo go feteletseng—ba ka nna ba lebala gore Jehofa “ga a tlhokomele bape ba ba pelo e e tlhalefileng,” le fa ba ka tswa ba na le bokgoni jo bo kana kang. (Jobe 37:24) Lefoko la Modimo la re: “Botlhale bo nna le yo o ikgobalatsang.” (Diane 11:2) Le mororo moaposetoloi Paulo a ne a le botlhale thata e bile a rutegile, o ne a raya Bakorintha jaana: “Nna, e rile ke tla kwa go lona, bakaulengwe, ke ne ka se ka ka tla ka puo e e feteletseng kgotsa botlhale jo bo feteletseng . . . Ke ne ka tla mo go lona ka bokoa le ka poifo le ka go roroma thata; mme puo ya me le se ke neng ka se rera di ne di se ka mafoko a a tlhotlheletsang a botlhale mme di ne di le ka pontsho ya moya le maatla, gore tumelo ya lona e tle e nne, e seng mo botlhaleng jwa batho, fa e se mo maatleng a Modimo.”—1 Bakorintha 2:1-5.
Motho yo o botlhale tota ga a tsiediwe ke tsela e lefatshe le lebang botlhale ka yone le tsela e le lebang katlego ka yone. Ka jalo, go na le gore a dirise bokgoni jwa gagwe gore a amogelwe ke batho kana gore a ikgobokanyetse dikhumo tsa lefatshe, o dirisetsa bokgoni jwa gagwe Ene yo o mo fileng botshelo le bokgoni. (1 Johane 2:15-17) Ka go dira jalo o dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di nne di tle pele mo botshelong jwa gagwe, a nna jaaka “setlhare [se se ungwang] se se tlhomilweng mo dinokaneng tsa metsi.” “Le fa e le eng se o se dirang se tla segofala” ka ntlha ya tshegofatso ya ga Jehofa, e seng ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa tlholego.—Pesalema 1:1-3; Mathaio 6:33.
Letlelela Bokeresete Gore bo Tiise Nonofo ya Gago
Bokeresete ka bojone bo na le dinonofo tse dintsi jaana mo e leng gore difilosofi tsa lefatshe di bokoa fa di bapisiwa le jone. Ka sekai, tsela ya Mokeresete ya go tshela, e dira gore banna, basadi, baagelani le bathapiwa ba nne botoka—e nne batho ba ba ikanyegang, ba ba nang le tlotlo, ba ba ratang kagiso le ba ba tlhoafetseng. (Bakolosa 3:18-23) Mo godimo ga moo, go thapisiwa ga Bakeresete go bua le go ruta go dira gore ba nne le bokgoni jo bo molemo jwa go buisana. (1 Timotheo 4:13-15) Ka gone, ga go gakgamatse go bo gantsi bathapi ba batla go naya Bakeresete maikarabelo a a oketsegileng le maemo a a kwa godimo. Mme dinonofo tse di ntseng jalo le tsone di ka dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang fa e le gore ga di elwe tlhoko. Go tlhatlosiwa maemo kana go fiwa tiro e e gapang maikutlo go ka nna ga raya go ineela mo khampaning, go dira gore motho a fose dipokano tsa Bokeresete ka metlha kana le go itima nako e e botlhokwa le lelapa la gago.
Kwa Australia mogolwane mongwe wa Mokeresete e bile e le tlhogo ya lelapa yo le ene a neng a atlega thata mo kgwebong, “o ne a filwe ka diatla tsoopedi,” jaaka go ka tualo. Le fa go ntse jalo, o ne a gana thaelo ya go atlega mo tsamaisong eno. O bolela jaana: “Ke ne ke batla go ipha nako e e oketsegileng ya go nna le lelapa la me le ya bodiredi jwa Bokeresete. Ka jalo, nna le mosadi wa me re ne ra dumalana gore ke tla fokotsa nako e ke e dirisang mo tirong ya boitshediso ka kelotlhoko. O ne a oketsa ka go ipotsa gore, ke eng fa ke tshwanetse go bereka malatsi a le matlhano mo bekeng fa tota ke sa tlhoke go dira jalo?” Ka go dira diphetogo di sekae mo botshelong jwa gagwe tse a di akanyeditseng sentle, mogolwane yono o ne a bona gore o sa ntse a kgona go tlamela lelapa la gagwe ka go bereka malatsi a le mararo kana a le manè mo bekeng. Fa nako e ntse e ya, o ne a fiwa ditshiamelo tse dingwe tsa tirelo, tse di jaaka go direla mo Komiting ya Holo ya Kopano ya lefelo la ga bone le mo tsamaisong ya dikopano tsa kgaolo. E re ka a ne a dirisa dinonofo tsa gagwe ka tsela e e tshwanetseng, go ne ga dira gore ene le lelapa la gagwe ba itumele le gore ba kgotsofale.
Go Nna le Boikutlo jo bo Lekalekaneng Malebana le Ditshiamelo
Banna ba Bakeresete ba kgothadiwa gore ba dire ka natla gore ba tshwanelegele ditshiamelo tsa tirelo mo phuthegong. “Fa monna mongwe a gabalalela tiro ya bolebedi [kana ya go nna motlhanka wa bodiredi], o eletsa tiro e e molemomogolo.” (1 Timotheo 3:1) Fela jaaka go ntse ka dinonofo tse di setseng di umakilwe, go rata go batla go amogela maikarabelo le gone go tshwanetse ga lekalekanngwa le go sekaseka maemo sentle. Ga go na ope yo o tlhokang go nna le dikabelo tse dintsi jaana mo e leng gore ga a sa tlhole a itumelela go direla Jehofa. Ee, go nna le moya wa go rata ke selo se sentle, e bile go botlhokwa, ka gonne Jehofa ga a amogele boikutlo jwa go ikgogona; mme go nna le moya wa go rata le gone go tshwanetse ga supa bori le “go itekanela sentle ga mogopolo.”—Tito 2:12; Tshenolo 3:15, 16.
Go nna bonolo ga ga Jesu, le temogo ya gagwe le go amega ka ba bangwe go ne ga dira gore tota le batho ba maemo a a kwa tlase thata ba ikutlwe ba gololesegile fa ba na le ene. Go ntse jalo le gompieno, batho ba ikutlwa ba gololesegile le batho ba ba nang le nonofo ya go akanyetsa le go amega ka ba bangwe. Mo phuthegong ya Bokeresete, bagolwane ba ba ntseng jalo ba ba lorato ba ba atamelesegang, tota ke “dimpho [ka] banna” ba ba anaanelwang thata. Ke “boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong; jaaka dinoka tsa metsi mo sekakeng, jaaka moriti wa lefika le legolo mo nageng e e lapisang.”—Baefeso 4:8; Isaia 32:2.
Mme gone bagolwane ba tshwanetse go lekalekanya nako e ba e dirisang go thusa ba bangwe le e ba tlhokang go e dirisetsa go ithuta ka namana, go tlhatlhanya, go rapela le go nna mo bodireding jwa phatlalatsa. Ka tshwanelo, bagolwane ba ba nyetseng ba tshwanetse gore gape ba iphe nako le malapa a bone, ao ba tshwanetseng ba atamelesega thata mo go one.
Basadi ba ba Nang le Bokgoni—Tshegofatso e e Molemo
Fela jaaka bagolwane ba ba nang le bokgoni, basadi ba ba ratang dilo tsa semoya le bone ke thuso e e molemo mo phuthegong ya ga Jehofa. Gantsi, basadi ba na le bokgoni jwa go kgatlhegela batho ba bangwe—nonofo e Jehofa a e tseelang kwa godimo thata e bile a e rotloetsa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “[Lo beye leitlho], e seng mo molemong wa ka namana mo dilong tse di amang lona fela, mme gape le mo molemong wa ka namana mo go tsa ba bangwe.” (Bafilipi 2:4) Le fa go ntse jalo, ‘dilo tse di amang wena fela’ di lekanyeditswe, ka gonne ga go na Mokeresete ope yo o batlang go nna “mosunyanko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe”; e bile motho ga a tshwanela go nna mosebi.—1 Petere 4:15; 1 Timotheo 5:13.
Basadi ba na le dimpho tse dingwe tse dintsi. Ka sekai, mosadi wa Mokeresete a ka nna a bo a na le bokgoni jwa tlhaloganyo jo bo fetang jwa monna wa gagwe. Le fa go ntse jalo, jaaka “mosadi yo o nang le bokgoni” (NW), yo o boifang Jehofa, o tla tlotla monna wa gagwe mme a bo a dirisa bokgoni jwa gagwe go mo thusa, e seng go gaisana nae. Mme monna yo o botlhale le yo o boikokobetso o tla anaanela dinonofo tsa mosadi wa gagwe a bo a di itumelele, go na le gore a mo fufegele kana a mo tenegele. O tla mo kgothaletsa gore a dirise bokgoni jwa gagwe ka botlalo go aga lelapa la gagwe le go thusa bana ba gagwe go ‘boifa Jehofa,’ fela jaaka ene a mmoifa. (Diane 31:10, 28-30; Genesise 2:18) Banna le basadi ba ba ntseng jalo ba ba bori e bile ba le boikokobetso ba atlega mo manyalong a a tlotlang Jehofa tota.
Go Laola Botho jo bo Nonofileng
Botho jo bo nonofileng jo bo dirisediwang go dira se se siameng le go dira go rata ga ga Jehofa ka moya otlhe e ka nna thuso e e molemo fa e le gore bo lekalekanngwa le bori le boikokobetso. Le fa go ntse jalo, bo ka fetoga bokoa fa e le gore bo dira gore motho a laole kana a tshosetse ba bangwe. Go ntse jalo segolobogolo mo phuthegong ya Bokeresete. Bakeresete ba tshwanetse go ikutlwa ba gololesegile fa ba le mmogo, go akaretsa le fa ba na le bagolwane ba phuthego.—Mathaio 20:25-27.
Bagolwane le bone, ba tshwanetse go ikutlwa ba gololesegile fa ba le mmogo bone ka bobone. Fa ba kopana mmogo, e tshwanetse go nna moya o o boitshepo o o tlhotlheletsang ditshwetso tse ba di dirang e seng botho jwa bone. Ebu, moya o o boitshepo o ka tlhotlheletsa mongwe le mongwe fela yo o mo setlhopheng sa bagolwane, go akaretsa mogolwane yo mmotlana kana yo o ditlhong thata. Ka jalo bagolwane ba ba nang le botho jo bo nonofileng, ba tshwanetse go laola nonofo ya bone ka go ithuta go ineela, tota le fa ba akanya gore se ba se buang se siame, ka go dira jalo ‘ba bontshana tlotlo’ jaaka bagolwane mmogo. (Baroma 12:10) Moreri 7:16 e tlhagisa jaana ka lorato: “O se ka wa nna tshiamo ya mo go feteletseng; le gone o se ka wa itira botlhale jwa mo go feteletseng; ana o ka bo o itshenyetsang?”
Jehofa, Motswedi wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo” o dirisa dinonofo tsa gagwe tse di boitshegang ka tsela e e itekanetseng. (Jakobe 1:17; Duteronome 32:4) Mme ke Moruti wa rona! Ka jalo a re ithuteng mo go ene mme re lekeng ka natla go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa tlhago kana dinonofo tsa rona le go di dirisa ka tsela e e tshwanetseng, ka bori le ka lorato. Fa re dira jalo, a bo re tla bo re le thuso e kgolo jang ne mo go ba bangwe!
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Re ka gatela pele semoyeng fa re ithuta ka tlhoafalo e bile re ikaega ka Jehofa
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Go kgatlhegela ba bangwe ka namana mmogo le go nna bori ke tshegofatso
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Courtesy of The Mariners’ Museum, Newport News, VA