LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 12/1 ts. 25
  • Kgolo ya Puso ya Modimo Kwa Namibia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgolo ya Puso ya Modimo Kwa Namibia
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Kabelo ya Rona ya Borongwa E ne Ya Fetoga Legae la Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 12/1 ts. 25

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Kgolo ya Puso ya Modimo Kwa Namibia

DIKGANG tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di ne tsa fitlha la ntlha kwa Namibia mo bofelong jwa bo1920. Fa e sa le ka nako eo, makgolokgolo a batho ba ba dipelo tse di ikanyegang a ile a tsibogela molaetsa wa Modimo wa poloko. Maitemogelo ano a a latelang a bontsha kafa Jehofa a kokoanyang batho bano ba ba eletsegang ka gone mo lesakeng la gagwe.—Hagai 2:7.

◻ Paulus, yo e leng molemirui yo o nnang kwa bokonebotlhaba jwa Namibia, o ne a kopana la ntlha le Basupi ba ga Jehofa fa a ne a etetse kwa Windhoek, e leng motsemoshate. Paulus o ne a tlhatswega pelo ka bonako gore o bone boammaaruri. O ne a boela gae a tshotse buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Mme fa a le mo loetong go ya kwa Rundu, e leng toropo e e neng e le yone e e gaufi e e neng e na le Holo ya Bogosi, Paulus o ne a bona Basupi mme a ba kopa gore ba mo etele.

Le fa go ntse jalo, Paulus o ne a nna kgakala thata gore Basupi ba ka kgona go ya go mo tshwarela thuto ya Baebele ya beke le beke. A sa kgobiwe marapo ke seno, Paulus o ne a simolola go ithuta Baebele a le esi. Mo godimo ga moo, o ne a bolelela ba bangwe ka tlhoafalo dilo tse a neng a di ithuta. Fa nako e ntse e ya, go ne ga simololwa setlhopha se se ithutang Baebele. Fa setlhopha seno se sennye se ne se utlwa mo radiong gore go ne go tlile go tshwarwa kopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Rundu, se ne sa kokoanya mmogo madinyana a sone mme sa rulaganya sepalangwa go ya kwa kopanong eo.

A bo e ne e le maitemogelo a a itumedisang jang ne mo go bone go kopana le Basupi ba ga Jehofa ka lekgetlho la ntlha! Go ne ga rulaganngwa ka bonako gore bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba etele setlhopha seno ka metlha. Gompieno go na le baboledi ba le barataro mo motseng o Paulus a nnang mo go one.

◻ Johanna o ne simolola go kgatlhegela leina la Modimo fa a ne a utlwa mongwe a bua maswe ka Basupi ba ga Jehofa. O gakologelwa jaana: “Lekgetlho la ntlha fa ke ne ke utlwa leina Jehofa, le ne la nnela ruri mo mogopolong wa me, mme ke ne ka simolola go ipotsa gore Jehofa ke mang. Ke ne ke nna le monna wa me gaufi le Walvis Bay mo lebopong la Namibia. Ka nako nngwe re ne ra ya kwa toropong, mme ke ne ka bona Basupi bangwe ba tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo mo seterateng. Ke ne ka tsaya khopi e le nngwe mme ka kopa thuto ya Baebele, ka gonne ke ne ke na le dipotso di le dintsi. Ke ne ka lela fa ba ne ba mpolelela gore ba ne ba palelwa ke go tla ka gonne sepalangwa sa bone se ne se robegile. Ka bonakonyana fela morago ga moo monna wa me o ne a tlhokafala, mme ke ne ka ya go nna kwa Keetmanshoop. Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng (moreri wa nako e e tletseng) o ne a abetswe go bereka mo lefelong leno, mme ke ne ka iponela buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng mo go ene. Go tloga fela kwa tshimologong, ke ne ke kgona go utlwa gore e bua boammaaruri.

“Kgabagare, ke ne ka lalediwa go nna le seabe mo tirong ya go rera, le fa go ntse jalo, ke ne ke fekeediwa ke go tshaba batho. Fa ke ne ke tsamaya ka ntlo le ntlo, ke ne ke rapela Jehofa gore bogolo a ntetle gore ke swe go na le go ntira gore ke rere. Fa ke ne ke kopanela la ntlha mo go neeleng bosupi mo mebileng, ke ne ka iphitlha mo tselaneng nngwe e e neng e tsena mo dikagong ke solofela gore ga go yo o tla mponang. Kgabagare, ke ne ka nna le bopelokgale jwa go neela motho mongwe yo a neng a kgabaganya ka mmila makasine, mme e nnile morago ga moo fela ke neng ka kgona go bua sengwe. Ka letsatsi leo, ke thusiwa ke Jehofa, ke ne ka kgona go bolelela batho ba le bantsi tsholofelo ya me e e theilweng mo Baebeleng.

“Gompieno, morago ga dingwaga di le 12, le mororo ke humanegile mo dilong tsa senama, ke sa ntse ke rata thata tshiamelo ya tirelo ya bobulatsela mme ke ntse ke tswelela go bona boitumelo jo bo seng kana ka sepe ka go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Bogosi.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela