LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 11/1 ts. 9-14
  • O Rata Lefoko la Modimo go le Kana Kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Rata Lefoko la Modimo go le Kana Kang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Bopang Tlhologelelo” ya Lefoko la Modimo
  • Mopesalema yo o Neng a Rata Molao wa Modimo
  • Kgosana e e Neng ya Nna Pelokgale go Farologana le ba Bangwe
  • Lefoko la Modimo Le ne La Nonotsha Jesu
  • Baetsi ba Bangwe ba ga Keresete
  • Ikanye Lefoko la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Letla Lefoko la Modimo e Nne Lesedi la Tsela ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Boitumelo go sa Kgathalesege Lefatshe la Boganana le le le Senang Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • “A Nna a Ngaparela Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 11/1 ts. 9-14

O Rata Lefoko la Modimo go le Kana Kang?

“Ana ke rata molao wa gago jang! Ke one go tlhatlhanya ga me ka letsatsi lotlhe.”—PESALEMA 119:97.

1. Ke tsela efe e batho ba ba boifang Modimo ba bontshang ka yone gore ba rata Lefoko la Modimo?

DIMILIONE di le makgolokgolo tsa banna le basadi di na le Baebele. Mme gone, go nna le Baebele ga go bolele gore motho o rata Lefoko la Modimo. A tota go ka twe motho o rata Lefoko la Modimo fa a le bala ka sewelo fela? Legoka! Go na le moo, batho bangwe ba ba kileng ba bo ba sa tseye Baebele tsia thata gone jaanong ba e bala letsatsi le letsatsi. Ba ile ba simolola go rata Lefoko la Modimo, mme jaaka mopesalema, jaanong ba dira gore Lefoko la Modimo e nne selo se ba tlhatlhanyang ka sone “letsatsi lotlhe.”—Pesalema 119:97.

2. Tumelo ya mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e ile ya nonotshiwa jang go itshokela maemo a a bokete?

2 Mongwe wa batho ba ba ileng ba simolola go rata Lefoko la Modimo ke Nasho Dori. O feditse masome a le mantsi a dingwaga a kgaratlhela go direla Jehofa a na le badumedikaene kwa nageng ya gaabo ya Albania. Mo nakong eo yotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibetswe, mme Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba ne ba ntse ba amogela dibuka di sekae fela tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, tumelo ya ga Mokaulengwe Dori e ne ya nna e nonofile. O kgonne jang? O ile a re: “Mokgele wa me e ne e le go bala Baebele bobotlana ura e le nngwe ka letsatsi, e leng selo se ke se dirileng ka dingwaga di le 60 pele ga matlho a me a koafala.” Go tla go fitlha bosheng jaana, go ne go ntse go se na Baebele yotlhe e e feletseng ka Se-Albania, mme gone, Mokaulengwe Dori o ile a ithuta Segerika fa a sa le monnye, ka jalo o ne a bala Baebele ka puo eo. Go bala Baebele ka metlha go ile ga nonotsha Mokaulengwe Dori go itshokela diteko tse di farologaneng, mme le rona go ka re nonotsha.

“Bopang Tlhologelelo” ya Lefoko la Modimo

3. Bakeresete ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe malebana le Lefoko la Modimo?

3 Moaposetoloi Petere o ile a re: “Jaaka masea a a sa tswang go tsalwa, bopang tlhologelelo ya mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko.” (1 Petere 2:2) Bakeresete ba ba tsayang dilo tsa bone tsa semoya tsia thata ba itumelela go bala Lefoko la Modimo fela jaaka ngwana a nyorelwa mashi a ga mmaagwe. A ke kafa o ikutlwang ka teng? Fa e le gore ga go jalo, se kgobege marapo. Le wena o ka kgona go dira gore o nyorelwe Lefoko la Modimo.

4. Go itlwaetsa go bala Baebele letsatsi le letsatsi go akaretsa eng?

4 Gore o kgone go dira jalo, sa ntlha o tshwanetse go kgaratlhela go itlwaetsa go bala Baebele ka metlha, fa go kgonega, letsatsi le letsatsi. (Ditiro 17:11) O ka nna wa se ka wa kgona go fetsa ura letsatsi le letsatsi o bala Baebele jaaka Nasho Dori, mme gone, o ka nna wa ipha nakonyana ya go bala Lefoko la Modimo go sekae letsatsi le letsatsi. Bakeresete ba le bantsi ba tsoga metsotso e sekae go sa le gale gore ba tlhatlhanye ka ditemana di sekae tsa Baebele. Ke tsela efe e e molemo go gaisa eno e motho a neng a ka simolola letsatsi ka yone? Ba bangwe ba rata go konela letsatsi ka go bala Baebele pele fela ga ba robala. Ba bangwe bone ba bala Baebele ka dinako tse dingwe tse di ba tshwanetseng. Selo sa botlhokwa ke gore re bale Baebele ka metlha. Go tswa foo, iphe nakonyana o tlhatlhanya ka se o se badileng. A re sekasekeng dikai di sekae tsa batho ba ba ileng ba solegelwa molemo ke go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone.

Mopesalema yo o Neng a Rata Molao wa Modimo

5, 6. Le fa re sa itse leina la mokwadi wa Pesalema ya bo119, ke eng se re ka ithutang sone fa re bala le go tlhatlhanya ka se a se kwadileng?

5 Ruri mokwadi wa Pesalema ya bo119 o ne a anaanela Lefoko la Modimo thata. Ke mang yo o kwadileng pesalema eo? Baebele ga e bolele gore ke mang yo o e kwadileng. Le fa go ntse jalo, go ya ka se go buiwang ka sone moo, re kgona go lemoga dintlha dingwe ka ene, e bile re lemoga gore o ne a tle a lebane le mathata mo botshelong. Batho bangwe ba a neng a tlwaelane le bone ba ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba obamela Jehofa ba ne ba sa rate melaometheo ya Baebele jaaka ene. Le fa go ntse jalo, mopesalema o ile a se ka a letla gore boikutlo joo jwa bone bo mo thibele go dira se se siameng. (Pesalema 119:23) Fa o nna kana o bereka le motho mongwe yo o sa bontsheng go tlotla melao ya Baebele, o ka nna wa lemoga gore mopesalema o ne a le mo seemong se se tshwanang le sa gago.

6 Le fa gone mopesalema e ne e le motho yo o molemo, ruri o ne a sa itire mosiami yo o feteletseng. O ne a sa fitlhe makoa a gagwe. (Pesalema 119:5, 6, 67) Le fa go ntse jalo, o ne a sa letle gore boleo bo mo laole. O ile a botsa jaana: “Ana motho wa lekau o tlaa ntlafatsa tsela ya gagwe ka eng?” A araba ka go re: “Ka go e tlhokomela ka fa lefokong la gago.” (Pesalema 119:9) Go tswa foo mopesalema o ile a oketsa jaana, a gatelela kafa Lefoko la Modimo le nang le maatla a go tlhotlheletsa motho go dira molemo ka teng: “Ke beile lefoko la gago mo pelong ya me gore ke se ka ka go leofela.” (Pesalema 119:11) Ruri le na le maatla a magolo a go re thusa go tila go leofela Modimo!

7. Ke eng fa basha segolobogolo ba tshwanetse go tsaya tsia botlhokwa jwa go bala Baebele letsatsi le letsatsi?

7 Go ka nna molemo fa basha ba Bakeresete ba ka tsaya tsia mafoko a mopesalema. Basha ba Bakeresete ba a tlhaselwa gompieno. Diabolo o rata thata gore a senye thaka e tshesane ya baobamedi ba ga Jehofa. Boikaelelo jwa ga Satane ke go hepisa basha ba Bakeresete gore ba ineelele go dira dikeletso tsa nama le go tlola melao ya Modimo. Gantsi dibaesekopo le dithulaganyo tsa thelebishene di bontsha tsela ya go akanya ya ga Diabolo. Megaka ya dithulaganyo tseo e lebega e kgatlha e bile e ratega; boitsholo jo bo maswe jo ba bo dirang bo dirwa gore bo tsewe bo itshiametse fela. Molaetsa wa teng ke eng? ‘Ga go phoso fa batho ba babedi ba ba sa nyalanang ba tlhakanela dikobo fa fela ba ratana tota.’ Ka maswabi, ngwaga le ngwaga basha ba le bantsi ba Bakeresete ba wela mo seraing seo. Bangwe ba bone ba senyegelwa ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe. Ka jalo, kgatelelo eno e a oketsega! Mme gone, a kgatelelo eno e boitshega thata jalo mo go ka se kgonegeng gore lona basha lo e itshokele? Legoka! Jehofa o re neile dilo tse di ka thusang basha ba Bakeresete go fenya dikeletso tse di sa siamang. Ba ka tila sebetsa sepe fela se Diabolo a ka se dirisang ‘ka go itlhokomela go ya kafa Lefokong la Modimo, ba baya mafoko a Modimo mo dipelong tsa bone.’ O ipha nako e e kana kang o bala Baebele ka metlha le go tlhatlhanya ka yone?

8. Dikai tse di umakilweng mo serapeng seno di ka go thusa jang gore tsela e o anaanelang Molao wa ga Moshe ka yone e gole?

8 Mokwadi wa Pesalema ya bo119 o ile a tlhaeletsa jaana: “Ana ke rata molao wa gago jang!” (Pesalema 119:97) O ne a bua ka molao ofe? O ne a bua ka lefoko la ga Jehofa le le senotsweng, go akaretsa le Molao wa ga Moshe. Batho bangwe ba ka nna ba tsaya ditaelo tseno tsa Molao e le tse di siilweng ke nako le go ipotsa gore go ka tla jang gore motho a di rate. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re tlhatlhanya ka dikarolo tse di farologaneng tsa Molao wa ga Moshe jaaka mopesalema, re ka kgona go lemoga kafa Molao oo o neng o le molemo ka teng. Kwantle ga dilo tse dintsi tsa Molao oo tse di amanang le boporofeti, gape o ne o na le ditaelo tse di malebana le kgelelo ya leswe le tsa dijo, tse di neng di rotloetsa bophepa le botsogo jo bo molemo. (Lefitiko 7:23, 24, 26; 11:2-8) Molao o ne o kgothaletsa batho go ikanyega mo go tsa kgwebo e bile o gakolola Baiseraele go amega ka baobamedikabone ba ba tlhokang. (Ekesodo 22:26, 27; 23:6; Lefitiko 19:35, 36; Duteronome 24:17-21) Ba ne ba sa tshwanela go gobelela mo dikgannyeng tsa boatlhodi. (Duteronome 16:19; 19:15) Fa mokwadi wa Pesalema 119 a ntse a nna le maitemogelo mo botshelong, ga go pelaelo gore o ile a lemoga kafa batho ba ba dirisang Molao wa Modimo ba atlegang ka teng mme tsela e a neng a o rata ka yone e ne ya gola. Le gompieno, fa Bakeresete ba ntse ba atlega mo go diriseng melaometheo ya Baebele, lorato lwa bone le kanaanelo ya bone ka Lefoko la Modimo di a oketsega.

Kgosana e e Neng ya Nna Pelokgale go Farologana le ba Bangwe

9. Ke boikutlo bofe jo Kgosi Hesekia a neng a na le jone malebana le Lefoko la Modimo?

9 Diteng tsa Pesalema ya bo119 di dumalana sentle le se re se itseng ka Hesekia fa e sa ntse e le kgosana e nnye. Bakanoki bangwe ba Baebele ba bolela gore Hesekia ke ene yo o kwadileng pesalema eno. Le fa re sa tlhomamisege ka seno, gone re a itse gore Hesekia o ne a tlotla Lefoko la Modimo thata. O ile a bontsha ka tsela e a neng a tshela ka yone gore o ne a dumalana ka pelo yotlhe le mafoko a Pesalema 119:97. Baebele e bua jaana ka Hesekia: “A ngaparela Jehofa, ga a ka a kgaogana le go mo sala morago, a tshegetsa ditaolo tsa gagwe tse Jehofa o ne a di laoletse Moše.”—2 Dikgosi 18:6.

10. Sekao sa ga Hesekia se ka kgothatsa Bakeresete ba ba godisitsweng ke batsadi ba ba sa boifeng Modimo jang?

10 Go ya kafa go bonalang ka teng, Hesekia ga a golela mo lelapeng le le molemo. Rraagwe, e bong Kgosi Ahase, e ne e le motho yo o se nang tumelo yo o neng a obamela medimo ya disetwa yo o neng a ba a fisa mongwe wa bomorwawe—monnawe Hesekia—go nna setlhabelo sa modimo wa maaka! (2 Dikgosi 16:3) Le fa Hesekia a ne a tlhometswe sekao se se maswe go le kalo, o ne a “ntlafatsa tsela ya gagwe” ka go tila tlhotlheletso ya baheitane ka go itlwaelanya le Lefoko la Modimo.—2 Ditirafalo 29:2.

11. Fa Hesekia a ntse a etse tlhoko, dilo di ile tsa tsamaela rraagwe yo o tlhaelang tumelo jang?

11 Fa Hesekia a ntse a gola, o ile a iponela ka matlho kafa rraagwe yo o obamelang medimo ya disetwa a neng a dira dilo tsa Puso ka teng. Juda e ne e dikaganyeditswe ke baba. Go ne go na le Resine, kgosi ya Siria, e e neng ya ikopanya le Kgosi Peka wa Iseraele go tlhasela Jerusalema. (2 Dikgosi 16:5, 6) Go ne go na le Baedoma le Bafilisitia ba ba neng ba tle ba atlege mo go thopeng dilo kwa Juda le e leng go gapa metse mengwe ya Judea. (2 Ditirafalo 28:16-19) Ahase o ile a itebaganya jang le mathata ano? Mo boemong jwa gore Ahase a kope Jehofa gore a mo thuse mo go tlhabantsheng Siria, o ile a kopa thuso ya kgosi ya Asiria, a e reka ka gauta le selefera, go akaretsa le ya ntlo ya polokelo ya tempele. Mme gone, seno ga se a ka sa dira gore Juda e nne le kagiso e e nnelang ruri.—2 Dikgosi 16:6, 8.

12. Hesekia o ne a ka kgona go tila diphoso tse di dirilweng ke rraagwe ka go dira eng?

12 Kgabagare, Ahase o ile a swa mme Hesekia a nna kgosi a le dingwaga di le 25. (2 Ditirafalo 29:1) O ne a sa ntse a le monnye thata, mme seo ga se a ka sa mo thibela go nna kgosi e e atlegileng. Go na le gore a etse boitshwaro jwa ga rraagwe yo o neng a se na tumelo, o ile a kgomarela Molao wa ga Jehofa. O ne o akaretsa taelo eno e e kgethegileng e e beetsweng dikgosi: “Fa [kgosi] a dula mo setulong sa bogosi jwa gagwe, a a ikwalele malebela a molao o o mo lokwalong, a a tseye mo go lo lo fa pele ga baperesiti, e bong Balefi; mme a nne nalo, a bale mo go lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, gore a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe, le go tshegetsa mafoko otlhe a taolo e, le ditaolo tse, go di dira.” (Duteronome 17:18, 19) Hesekia o ne a tla ithuta go boifa Jehofa le go tila diphoso tse rraagwe yo o tlhaelang tumelo a neng a di dirile ka go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi.

13. Mokeresete a ka tlhomamisa jang gore sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega, ka tsela ya semoya?

13 E ne e se dikgosi tsa Iseraele fela tse di neng di kgothalediwa go aga di bala Lefoko la Modimo mme le Baiseraele botlhe ba ba boifang Modimo ba ne ba tshwanetse go dira jalo. Pesalema ya ntlha e tlhalosa motho yo eleruri a itumetseng e re ke yo “go itumela ga gagwe go [leng] mo molaong wa ga Jehofa; mme o akanya mo molaong wa gagwe motshegare le bosigo.” (Pesalema 1:1, 2) Mopesalema o bua jaana ka motho yo o ntseng jalo: “Le fa e le eng se o se dirang se tlaa segofala.” (Pesalema 1:3) Baebele e tlhalosa motho yo o tlhaelang tumelo mo go Jehofa Modimo ka tsela e sele fa e re: “Ke motho yo o sa kgoneng go dira tshwetso, yo o sa nitamang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.” (Jakobe 1:8) Rotlhe re batla go nna re itumetse le go atlega. Go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele go ka dira gore re itumele.

Lefoko la Modimo Le ne La Nonotsha Jesu

14. Jesu o ile a bontsha jang gore o rata Lefoko la Modimo?

14 Nako nngwe batsadi ba ga Jesu ba ne ba mo fitlhela a dutse fa gare ga barutisi kwa tempeleng kwa Jerusalema. A bo baitse bano ba Molao wa Modimo ba ne “ba makadiwa ke tlhaloganyo ya gagwe le dikarabo tsa gagwe” thata jang ne! (Luke 2:46, 47) Jesu o ne a le dingwaga tse 12. Ee, tota le fa a ne a sa ntse a le monnye, o ne a rata Lefoko la Modimo tota. Moragonyana, Jesu o ne a dirisa Dikwalo go kgala Diabolo jaana: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:3-10) Moragonyana ga foo, Jesu o ne a rerela baagi ba motse wa gaabo wa Nasaretha a dirisa Dikwalo.—Luke 4:16-21.

15. Jesu o ne a re tlhomela sekao jang fa a rerela batho ba bangwe?

15 Gangwe le gape Jesu o ne a nopola mo Lefokong la Modimo go tshegetsa dilo tse a di rutang. Bareetsi ba gagwe ba ne ba “tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” (Mathaio 7:28) Mme seno ga se gakgamatse—dithuto tsa ga Jesu di ne di tswa mo go Jehofa Modimo ka boene! Jesu o ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng. Yo o buang mo go tswang mo go ene o senka kgalalelo ya gagwe; mme yo o senkang kgalalelo ya ene yo o mo romileng, yoo o boammaaruri, mme ga go na tshiamololo mo go ene.”—Johane 7:16, 18.

16. Jesu o ile a bontsha go le kana kang gore o rata Lefoko la Modimo?

16 Jesu o ne a farologana le mokwadi wa Pesalema 119, ene o ne a se na “tshiamololo” epe mo go ene. E ne e le Morwa Modimo yo o se nang boleo, yo o neng “a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha kwa losong.” (Bafilipi 2:8; Bahebera 7:26) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ithuta Molao wa Modimo le go o ikobela le mororo a ne a itekanetse. Selo seno ke sone se se neng sa mo thusa go nna a thokgame. Jesu o ile a kgalemela Petere a ba a botsa moaposetoloi yono jaana fa a ne a dirisa tšhaka go leka go thibela gore Mong wa gagwe a se ka a tshwarwa: “A o akanya gore ga ke ka ke ka ikuela kwa go Rre gore a nneye mo go yone nako eno mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele? Mo kgannyeng eo, Dikwalo di ne di tla diragadiwa jang gore go tshwanetse ga diragala ka tsela eno?” (Mathaio 26:53, 54) Ee, Jesu o ne a tsaya go le botlhokwa gore Dikwalo di diragadiwe go na le gore a namolwe mo losong lo lo setlhogo le lo lo tlhabisang ditlhong. O ne a rata Lefoko la Modimo tota!

Baetsi ba Bangwe ba ga Keresete

17. Lefoko la Modimo le ne le le botlhokwa go le kana kang mo go moaposetoloi Paulo?

17 Moaposetoloi Paulo o ile a kwalela Bakeresetekaene jaana: “Nnang baetsi ba me, le eleng jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) Paulo le ene o ile a rata Dikwalo thata fela jaaka Mong wa gagwe. O ile a ipolela jaana: “Ke rata Molao wa Modimo go tswa boteng jwa pelo ya me.” (Baroma 7:22, The Jerusalem Bible) Paulo o ne a nopola Lefoko la Modimo gangwe le gape. (Ditiro 13:32-41; 17:2, 3; 28:23) Fa Paulo a ne a neela modiredikaene, e bong Timotheo ditaelo tsa bofelo, o ile a gatelela kafa Lefoko la Modimo le tshwanetseng go nna le seabe se se botlhokwa ka teng mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi jwa “motho wa Modimo.”—2 Timotheo 3:15-17.

18. Nopola sekai sa segompieno sa motho yo o neng a bontsha go tlotla Lefoko la Modimo.

18 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno le bone ba ile ba etsa tsela e Jesu a neng a rata Lefoko la Modimo ka yone. Fa lekgolo leno la dingwaga le ne le simologa, lekawana lengwe le ne la abelwa Baebele ke tsala ya lone. O tlhalosa kafa mpho eno e e botlhokwa e neng ya mo ama ka teng: “Ke ne ka itlhomela mokgele wa gore ke tla bala ditemana di se kae tsa Baebele letsatsi lengwe le lengwe.” Lekawana leo e ne e le Frederick Franz, mme tsela e a neng a rata Baebele ka yone e ne ya dira gore a fetse nako e telele le botshelo jo bo atlegileng mo tirelong ya ga Jehofa. O sa ntse a gopolwa ka lorato ka bokgoni jo a neng a na le jone jwa go nopola dikgaolo tsotlhe tsa Baebele ka tlhogo.

19. Bangwe ba rulaganya go bala mmalo wa Baebele wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo jang?

19 Basupi ba ga Jehofa ba gatelela gore go botlhokwa thata gore motho a bale Baebele ka metlha. Beke le beke fa ba baakanyetsa nngwe ya dipokano tsa bone tsa Bokeresete, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ba bala dikgaolo di se kae tsa Baebele. Ka nako ya pokano eno go tlotliwa ka dintlha tse dikgolo tsa mmalo oo wa Baebele o ba o abetsweng. Basupi bangwe ba bone go le botoka gore ba kgaoganye mmalo oo wa Baebele ka dikarolwana tse dinnye tse supa ba bo ba bala karolo e le nngwe letsatsi lengwe le lengwe. Fa ba ntse ba bala, ba akanya ka dintlha tsa one. Fa go kgonega, ba dira dipatlisiso tse di oketsegileng ba dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng.

20. Ke eng se se tlhokegang gore motho a nne le nako ya go bala Baebele ka metlha?

20 Go ka nna ga tlhokega gore ‘o reke nako’ go tswa mo ditirong tse dingwe e le gore o kgone go bala Baebele ka metlha. (Baefeso 5:16) Le fa go ntse jalo, o tla bona melemo e megolo thata ka go intsha setlhabelo jalo. Fa o ntse o itlwaetsa go bala Baebele letsatsi le letsatsi, tsela e o ratang Lefoko la Modimo ka yone e tla gola. Go ise go ye kae o tla bo o tlhotlheletsega go bua jaana jaaka mopesalema: “Ana ke rata molao wa gago jang! Ke one go tlhatlhanya ga me ka letsatsi lotlhe.” (Pesalema 119:97) Boikutlo jo bo ntseng jalo bo tla go leretse melemo e megolo gone jaanong le mo isagweng, jaaka fa setlhogo se se latelang se tla bontsha.

A o A Gakologelwa?

◻ Mokwadi wa Pesalema 119 o ne a bontsha jang gore o rata Lefoko la Modimo thata?

◻ Re ka ithuta eng go tswa mo sekaong sa ga Jesu le Paulo?

◻ Ke eng se se ka re thusang go godisa tsela e rona ka borona re ratang Lefoko la Modimo ka yone?

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Dikgosi tse di ikanyegang di ne di tshwanetse go bala Lefoko la Modimo ka metlha. A wena o dira jalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Jesu o ne a rata Lefoko la Modimo go tloga e sa le mosimanyana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela