Ipaakanyetse Mileniamo e e Botlhokwa!
PUSO ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete e tla tlisetsa batho masego a mantsi. Ka kaelo ya ga Jesu e e lorato, batho ba tla ntshiwa mo boemong jwa bone jo bo hutsafatsang jo ba leng mo go jone gone jaanong ba isiwa mo boitekanelong jo bo itumedisang. A ko o akanye gore seo se tla kaya eng mo go wena. Botsogo jo bo itumedisang! Akanya fela o tsoga moso mongwe le mongwe o ikutlwa botoka go gaisa letsatsi le le fetileng. Banna, basadi le bana ba le dimilione ba lebeletse pele go tshela mo nakong e e itumedisang eo. Ba e tshepile, e bile ba a e rapelela. Go ithuta ga bone Baebele go ile ga ba tlhatswa pelo gore ba ka kgona go itumelela masego ano.
Le fa go ntse jalo, pele ga Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Jesu Keresete e simologa, o tshwanetse go tlosa batho botlhe ba ba ganetsang puso ya gagwe mo lefatsheng. O tla dira seno ka ntwa e mo Baebeleng e bidiwang Aramagedona. (Tshenolo 16:16) Bakeresete ba boammaaruri mo lefatsheng ga ba ne ba lwa mo ntweng eo. Ke ntwa ya Modimo. Mme ga e ne e lwelwa mo lefelong le le lengwe. Baebele e bolela gore e tla fitlha kwa dikhutlong tse di kgakala tsa lefatshe. Baba ba puso ya ga Keresete ba tla bolawa. Ga go na ope wa bone yo o tla falolang!—Jeremia 25:33.
Morago ga foo Jesu o tla lebisa tlhokomelo ya gagwe mo go Satane Diabolo le badimona ba gagwe. Akanya ka se se tla diragalang, ka tsela e mokwadi wa buka ya Tshenolo a ileng a go bona ka teng: “Ka bona moengele [Jesu Keresete] a fologa kwa legodimong a tshotse selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo mo seatleng sa gagwe. Mme a tshwara kgogela, noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane, a ba a mmofa dingwaga di le sekete.” (Tshenolo 20:1, 2) Moragonyana, Satane le badimona ba gagwe ba tla nyelelediwa ruri.—Mathaio 25:41.
‘Boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o kgonang go bo bala,’ bo tla falola Aramagedona. (Tshenolo 7:9) Keresete o tla ba kaela gore ba solegelwe molemo ka botlalo mo “metsweding ya metsi a botshelo,” fela jaaka modisa a kaela dinku tsa gagwe kwa metsing a a nayang botshelo. (Tshenolo 7:17) E re ka bafalodi bano ba Aramagedona ba tla bo ba sa kgorelediwe ke Satane le badimona ba gagwe gore ba gatele pele semoyeng, ba tla thusiwa ka iketlo gore ba fenye mekgwa ya bone ya boleo go fitlha kgabagare ba fitlha mo boitekanelong!
Mo pusong ya ga Keresete e e lorato, maemo a botshelo a tla tokafala ka tlhomamo. Jehofa Modimo o tla tlosa dilo tsotlhe tse di bakang botlhoko le loso ka Jesu Keresete. O “tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:4) Moporofeti Isaia o sobokanya setshwantsho seno ka go bolela jaana: “E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela.” (Isaia 35:5, 6) Mme baswi, “ba bagolo le ba bannye,” ba tla tsosiwa ka tsholofelo ya gore ba ka se tlhole ba swa gape!—Tshenolo 20:12.
Tota le e leng gone jaanong, “boidiidi jo bogolo” jo bo tla falolang Aramagedona bo a phuthiwa. Ba ipaakanyetsa Puso ya ga Keresete ya Mileniamo. Le fa gone ba sa itse gore puso eo e tla simolola leng, ba tshepa gore e tla nna teng ka nako e e beilweng ke Modimo. O ka kgona go nna mongwe wa bone, mme le wena o tshwanetse go ipaakanya—e seng ka go rekisa dithoto tsa gago le go fudugela kwa lefelong lengwe, mme ka go nna le kitso e e tlhomameng ka Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe ka go ithuta Baebele. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go bontsha kafa wena le lelapa la gago lo ka solegelwang molemo ka teng ka go ithuta Baebele, kwantle ga go go kopa madi ape kana go go pateletsa. Bagatisi ba makasine ono ba tla itumelela go go neela tshedimosetso e e oketsegileng.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Dingwaga Tse di Sekete—A ke Tsa Mmatota Kana ke Tsa Tshwantshetso?
E re ka bontsi jwa buka ya Baebele ya Tshenolo e ile ya kwalwa ka puo ya tshwantshetso, go tsoga potso. Go tweng ka Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete e e umakiwang mo go Tshenolo? A ke nako ya mmatota kana ke ya tshwantshetso?
Mabaka otlhe a supa gore go buiwa ka nako ya dingwaga tse di sekete ya mmatota. Akanya: Moaposetoloi Paulo o bua ka Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete e batho ba tla atlholwang ka yone, e le letsatsi. (Ditiro 17:31; Tshenolo 20:4) Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore letsatsi le le lengwe (diura di le 24) mo go Jehofa le ntse jaaka dingwaga di le sekete. (2 Petere 3:8) Seo se tla raya gore “letsatsi” leno la katlholo tota ke dingwaga tse di sekete tsa mmatota.