Boitumelo go sa Kgathalesege Lefatshe la Boganana le le le Senang Lorato
“Go segō bōnè ba ba itekanetseñ mo tseleñ, ba sepela mo molaoñ oa ga Yehofa.”—PESALEMA 119:1.
1, 2. (a) Boitumelo jwa mmatota bo tswa kwa go mang, mme bo ka itemogelwa ka lobaka lo lo kae? (b) Go na le go bo e le “the Beatitudes,” ke eng seo karolo e e simololang ya Thero mo Thabeng e tshwanetseng ya bidiwa sone, mme ke ka ntlhayang fa go le jalo?
BOITUMELO bo tswa mo Mmoping wa motho. Ke “Modimo o o itumetseng” yo o re tsholetsen mafoko a a molemo. (1 Timotheo 1:11, NW) O ile a tlhomela dibopiwa tsa gagwe tsa batho boitumelo jo bo sa khutleng gone mono mo lefatsheng. Le e leng gone jaanong ba ka tsena mo go jone ka go tsamaisanya le ditao tsa gagwe.—Pesalema 119:26, 33.
2 Makgolo a dingwaga a a lesome le bohera bongwe a a fetileng Jesu Keresete, Morwa “Modimo o o itumetseng,” o ne a bua seo se neng sa bidiwa Thero mo Thabeng. Go ya ka Mathaio 5:1-12, thero eno e ne ya simolola ka seo se bidiwang “the Beatitudes,” moo go rayang “Go Sego.” Lefa go ntse jalo, go ya ka puo ya Segerika eo polelo ya ga morutwa Mathaio ka ga botshelo jwa ga Jesu Keresete jwa selefatshe e neng ya ranolelwa mo go sone e tshwanetse go na le moo ga twe “boitumelo.” Le eleng polelo ya ga Mathaio mo puong ya Sehebera e dirisa lefoko la Sehebera leo le rayang “boitumelo.”
3. (a) A mokwadi wa Pesalema 119 o ne a tshwanelegela go ipelela boitumelo jo bo kgethegileng joo bo neng jwa bolelwa ke Jesu Keresete? Tlhalosa. (b) Tlhalosa maikutlo ao a bontshitsweng ke mopesalema tebang le Kgolagano ya Molao eo e neng e tsereganngwa ke Moshe.
3 Monna yoo e neng ya re bogologolo tala a tshwanelegela go ipelela boitumelo jo bo ntseng jalo joo boneng bo tlhalositswe ke Mesia wa Mojuda, e ne e le mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Mojuda wa Pesalema 119, pesalema e telele-telele mo Bibeleng. Ka go dumalana le mabaka ao a neng a neelwa ke Jesu Keresete a go itumela, mopesalema o ne a tsitsibogetse go tlhoka ga gagwe ga semoya. Gape, o ne a hutsahetse, a le bonolo, a bolaetswe tlala le go nyorelwa tshiamo, o ne a le kutlwelo-botlhoko, o ne a kgobiwa le go bogisiwa, mme ebile sengwe le sengwe sa boikepo se ne se buiwa ka maaka kgatlhanong le ene. O ne a kwala pesalema makgolokgolo a dingwaga pele ga Motlha wa Rona o o leaelegileng, fa morafe wa lseraele o ne o santse o le tlaseng ga kgolagano ya Molao eo e neng e tsereganngwa ke moperofeti Moshe magareng ga Jehofa Modimo le morafe oo ka 1513 B.C.E. kwa Thabeng ya Senai. Ka mo go tshwanetseng mopesalema o ne a se ka a fitlhela phoso epe mo Molaong wa kgolagano eo, ka o ne o ntshitswe ke Modimo. O ne a itse sentle gore merafe ya boheitane eo e neng e dikologile lefatshe la lseraele e ne e sena seo e neng e ka se bapisa le molao oo wa bomodimo. O ne a o leba jaaka oo o fang lesedi fela thata, a bua jaana mo ditemaneng Pes 119:105 le 130: “Lehoko ya gago ke lobōnè loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me. Go bolèlèsèga ga mahoko a gago, goa senola; go tlo go nee ba ba sa tlhalehañ tlhaloganyō.”
4. (a) Pesalema 119 e rulagantswe ka sebopego sefe, mme ke ka ntlha yang fa seno e le thuso? (b) Ka go lebisa go “Dipesalema,” Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tlhomela bomang sekao, mme ka boikaelelo bofe?
4 Gore go thuse motho go gakologelwa mopesalema o ne a e dira pesalema e e latelelanang ka ditlhaka, mo e leng gōre mo dikgaolwaneng tse 22 nngwe le nngwe ya ditselana tse 8 tsa Sehebera e simolola ka tlhaka e e tshwanang ya Sehebera, ka thulaganyo ya tatelano ya ditlhaka. Ka gone tselana nngwe le nngwe ya kgaolwana ya ntlha ka fa tlase ga tlhaka ya ntlha ya Sehebera Aleph jaaka setlhogo sa yone e simolola ka tlhaka eo ya ntlha Aleph. Tselana nngwe le nngwe ya kgaolwana ya bobedi e simolola ka tlhaka ya bobedi ya Sehebera Beth. Jalo go ntse fela jalo le ka dikgaolwana tse dingwe tse 22 tsa pesalema, di tsamaelana le ditlhaka tse 22 tsa tlhatlhamano ya ditlhaka tsa Sehebera. Ka ditselana tsa Sehebera tse 8 tsa nngwe le nngwe ya dikgaolwana tse 22, pesalema e felela e na le ditemana tse 176. Mo thutong ya gagwe Jesu Keresete ka boene o ne a lebisa “mo lokwaloñ loa Dipesalema.” (Luke 20:42; 24:44) Mo go seno o ne a tlhomela barutwa ba gagwe motlhala.—Ditihō 1:20; 13:33; 1 Bakorintha 14:26; Baefesia 5:19; Bakolosa 3:16; Bahebera 4:7; Yakobe 5:13.
5. Mo go simololeng Pesalema 119, ke maitemogelo a ga mang ao go bonalang a ne a a gopotse?
5 Mopesalema kwantle ga pelaelo o ne a kwala ka boitemogelo jwa gagwe ka sebele fa a ne a simolola Pesalema ya bo 119, a re: “Go segō bōnè ba ba itekanetseñ mo tseleñ, ba sepela mo malaoñ wa ga Yehofa. Go segō ba ba bolokañ dichupō tsa gagwè, . . . ba sepela hèla mo ditseleñ tsa gagwè. U re laoletse dikaèlō tsa gago, gore re di tlhōkōmèlè ka tlhōahalō. Ao, a bo ditsela tsa me di ka bo di ne di tlhōmametse go tlhōkōmèla ditaō tsa gago! Hoñ ke ne ke se ketla ke tlhaywa ke ditlhoñ, mogañ ke tsaeañ ditaolō cotlhe tsa gago tsia. Ke tla gu ntshetsa malebogō ka thōkgamō ea pelo, mogañ ke ithutañ dikatlholō tsa gago tse di siameñ. Ke tla èla ditaō tsa gago tlhōkō; a u ko u se ka ua ntlogèlèla rure.”—Pesalema 119:1-8.
6. (a) Mafoko a konokono a dirwa jang gore a tlhomologe mo Pesalemeng eno? (b) Mopesalema e ne e le seithuti sa eng, mme seno se supelwa jang?
6 Mo kgaolwaneng eo ya ntlha e e simololang ya ditselana tse 8 tsa Sehebera re elatlhoko mafoko a konokono ebong molao, ditshupo, dikaelo, ditao, ditaolo, le dikatlholo. Mo ditemaneng tsotlhe tsa Sehebera tse 176 mopesalema o gatelela mafoko ao. Ka sekai, o dirisa lefoko “molao” ga makgetlo a le 25, “dichupō” ga makgetlo a le 22, “dikaèlō” ga makgetlo a le 21 “ditaō” ga makgetlo a le 21, “ditaolō” ga makgetlo a le 20, “dikatlholō” ga makgetlo a le 21, ka lefoko leo le tsamaelanang le one ebong “taolō” le dirisiwa gabedi fela mo pesalemeng. Go sa kgathalesege gobo mopesalema a ile a dirisa mafoko ano gangwe le gape a o a ka utlwalang ekete ke a semolao, ga go na bosupi jwa go kaya gore o ne a le agente e e rutegileng kana ra-melao kana le eleng moatlhodi. E ne e le seithuti se segolo sa Lefoko le le kwadilweng la ga Jehofa, lebaka leo le supelwang ke go bo a ile a dirisa tlhaloso e e reng “lehoko ya gago” ga makgetlo a le 15. Fa a ne a le kgosi ya morafe wa lseraele o ne a le kafa tlase ga taolo ya bomodimo ya gore a ikwalele sekaelo sa gagwe ka sebele sa Molao wa kgolagano ya ga Jehofa le lseraele gore a o ithute le go o dirisa. (Duteronome 17:14-18) Mopesalema gaa ka a fitlhela go ithuta “lehoko” leno la ga Jehofa thata ka dintlha tseno mo mogopolong le lapisa pelo, le kgathatsa. O ne a tlhologelelwa seo se neng se ka mo thusa go boloka molao. (Pesalema 119:40, 131, 174) A re tshwana le ene?
7. (a) Ke jang go itse le go tsamaya mo molaong wa Modimo go re solegelang molemo? (b) “Torah” e lebisa go eng, mme Bakeresete ba iphitlhela ba le tlaseng ga thulaganyo efe?
7 Fa re bapisa melao ya merafe yotlhe le ya morafe o le mongwe mo mafatsheng ao a leng tlaseng ga taolo e e sa bonaleng ya “rra aōna maaka,” Satane Diabolo, le molao wa ga Jehofa, re kopanela le mopesalema mo go reng: “Molaō oa gago ke boamarure. Wèna, u gauhi, Yehofa; me ditaolō cotlhe tsa gago di boamarure.” (Yohane 8:44; Pesalema 119:142, 151) Jalo, ka go “sepela mo molaoñ oa ga Yehofa,” rona, jaaka mopesalema, re tla sirelediwa mo go tsamayeng mo tseleng e e phoso ya,lefatshe, re ikutlwisa botlhoko, mo mmeleng le mo semoyeng. Seno se re thusa gore re itumele (Pesalema 119:1) Se re thusa gore re nne le tshegofatso ya bomodimo le kamogelo. Seno se ama dipelo tsa rona, fela jaaka Pesalema 119:97, 126, 127 di supa. Mopesalema o ne a le kafa tlase ga kgolagano ya molao wa ga Moshe eo e neng e tshotse “Torah,” setlhopha sa melao ya bomodimo eo e neng e akareletsa makgolo a le mantsi a melawana e e tlhomologileng Basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa gompieno ba kafa tlase ga Kgolagano e Ntšha (eo Jesu Keresete e leng Motsereganyi) jaaka ekete “molaō” o ne o kwadilwe, “mo peduñ tsa bōnè.” (Yeremia 31:31-34) Ka go ithuta Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, ba tlwaelana le “molaō” wa Kgolagano e Ntšha le ditaolo tsa yone.
8. (a) A lefatshe leno le le boganana le na le tebelelo e e phatsimang? (b) Mopesalema o ne a tlhalosa jang kamego ya gagwe e e hutsahatsang ka go palelwa ga Bajuda go boloka molao wa Modimo? (c) Boperofeti jwa ga Jesu mabapi le Jerusalema yo o sa ikanyegeng bo ne jwa diragadiwa jang, mme seno se bolelela-pele eng ka La-Bodumedi?
8 Nako e e tshwanetseng e ntse e atamela gore Monei-molao yo o tshwanetseng, ebong Jehofa, a tseye kgato kgatlhanong le lefatshe la boganana. Tebelelo e e hutsafatsang e kwa pele. Mo motlheng wa gagwe mopesalema jaaka morati wa molao wa Modimo o ne a lelela seemo seo. (Pesalema 119:136) Malatsi a se makae pele ga a swa loso lwa boswela-tumelo lo lo setlhogo, Jesu Keresete o ne a lelela motse wa Jerusalema wa go sala mokgwa morago le gone o roba molao. (Luke 19:41) Dingwaga tse di masome a mararo le bosupa morago ga fa Bajuda ba sena go itshupa tota tota fa e le barobi ba molao ka go bolaya Mesia yo o senang molato, ebong Jesu Keresete, ka go bolawa ke baditšhaba, Jehofa o ne a tsaya kgato. (Pesalema 119:126) Dilo tse di hutsahatsang tseo di neng tsa bonelwa-pele ke Jesu Keresete di ne tsa tlela motse oo ka 70 C.E. Gompieno seo se neng sa tshwantshediwa ke Jerusalema yoo le batho ba Bajuda bao a neng a ba busa se kopanyelediwa mo selekanyong se segolo fela thata. La-Bodumedi, setshwani sa gagwe sa motlha wa segompieno se se robang molao, o mogolo fela thata go feta Jerusalema wa bogologolo le morafe wa Iseraele. Ka tsela e e leng ya gagwe Jehofa o tla dira gore dipelo tsa ditlhopha tsa sepolotiki tsa lefatshe leno di tsogologe kgatlhanong le bodumedi jotlhe jo bo rulagantsweng jwa lefatshe, go akareletsa le La-Bodumedi, Bogosi jwa ga Keresete jwa maaka.—Tshenolō, kgaolo 17.
9. (a) Bapisa tsela ya La-Bodumedi ya tshololo ya madi le boikutlo le boitshwaro jwa Basupi ba ga Jehofa. (b) Tsela ya rona e utlwana le sekao sefe? (c) Keresete o gana La-Bodumedi ka mabaka afe gompieno?
9 A dintwa tse pedi tsa lefatshe ga di a ka tsa tlhagoga mo go La-Bodumedi, baruti ba lone ba ema nokeng dithulano tseo tsa tshololo ya madi? Ka phapaano e e tshwaegang le barobi ba ba ntseng jalo ba molao wa Kgolagano e Ntšha ya Modimo, eo e laolang gore go nne le lorato lwa bokaulengwe, mopesalema o ne a bua jaana jaaka sekao mo Basuping ba ga Jehofa ba gompieno: “Ke ila maaka, a mphedisa pelo hèla; mme molaō oa gago, kea o rata.” (Pesalema 119:163) O ne a eletsa gore a nne wa pelo-yotlhe mo go bolokeng molao wa gagwe. O tlhalosa go sa rate ga gagwe boikutlo jwa go nna maitlhomo mabedi, jwa go nna mololo, ka go re: “Ke ila ba ba maitlhomō mabedi, me molaō oa gago ōna, kea o rata.” (Pesalema 119:113) Seno ke kafa Jesu Keresete a ikutlwang ka gone tebang le La-Bodumedi gompieno, ka jaana a tshwana fela le phuthego ya mo Laodikea wa bogologolo. O ka bua jaana ka tshwanelo ka La-Bodumedi: “Ereka u le motlha hèla, u se molelō, u bile u se tsididi, ke tla gu tlhatsa, mo ganoñ ya me.” (Tshenolō 3:16) Re ka se ka ra bo re rata lefatshe le le boganana, le le senang lorato mme ra bo re ntse re rata Keresete. Ga go na go ka nna fa gare. Lorato lo lo bothitho lo tshwanetse lwa tlhotlheletsa kutlo mo Modimong. Jehofa o ne a ka se ke a tlhotlheletse motlhanka yo o peloyotlhe wa Gagwe go bua sepe se se ka gaisiwang ke seno: “Ke tla iyesa monate mo ditaoloñ tsa gago, tse ke di ratileñ.”—Pesalema 119:47.
10. (a) Ke eng seo re tshwanetseng go se rata, fela jaaka mopesalema? (b) Pitlagano ya mopesalema e ne e rulaganyeditswe go dira eng, mme ke tsela efe eo a neng a e tshegetsa, e na le matswela afe mo go rona?
10 Go rata ga rona molao wa ga Jehofa go gogela kwa polokong. Mopesalema o ne a dumalana le seno fa a ne a re: “Ha molaō oa gago o ka bo o se ka oa nna boitumèlō yoa me, nkabo ke nyeletse mo pitlaganoñ ea me.” (Pesalema 119:92) Pitlagano ya gagwe e ne e se bolwetse bongwe jo bo ka bakang loso. O ne a pitlagantswe ke bao ba neng ba le mafega (tebang le Modimo), ba mo ila le go mmogisa. A le tlaseng ga kgatelelo o ka bo a ile a ineela mo maitlhomong a Baiseraele ba ba ntseng jalo mme a thulana le thato ya Modimo fa a ne a ile a seka a rata molao wa Modimo mo go kalo. Abo mopesalema a le sekao se sentle jang mo go rona gompieno bao re leng tlaseng ga kgatelelo ya lefatshe leo boganana bo ntsifetseng go ya bokgakaleng jwa gore lorato lwa bontsi jwa setho lo bo lo tsidifetse mo bofelong jono jwa tsamaiso ya dilo!—Mathaio 24:3, 12.
11. Poloka ya rona e tlhaga go eng, mme jalo re leba jang ditoga-maano tsa batho?
11 Ke fela ka go boloka molao wa Modimo re nang le motheo wa go lebelela gore re ka bolokiwa ka bosakhutleng. Re tlhologeletswe poloko mo tsamaisong e ntšha ya Modimo ya magodimo a masha le lefatshe le lesha. Kwa bofelong jwa Pesalema 119, temana 174 e re tlhalosetsa jaana, e re: “Ke tlhologelecwe poloka ea gago, Yehofa: le molaō oa gago ke o o nyesañ monate.” Ka gone, re ganana le maano ao a itiretsweng ke batho le dithulaganyo tsa go boloka lefatshe leno le le boganana le je le senang lorato.
Go Boloka Molao Tlaseng ga Pogiso
12. (a) Pogiso ya “mosadi” le losika lwa gagwe e tlhotlhelediwa le go diragadiwa ke mang, mme kantlha yang? (b) Pogiso e ile ya kgalemelwa jang?
12 Pogiso ka selekanyo sa lefatshe lotlhe mo Basuping ba ga Jehofa e ne ya bolelelwa-pele mo metlheng eno ya bofelo ya tsamaiso eno e kgologolo ya dilo e e swang tlaseng ga taolo e e gagametseng ya kgogela ya tshwantshetso, Satane Diabolo. Tshenolō 12:17 e supa seo a itebagantseng naso, ka go re: “Kgōgèla ea nna bogale le mosadi [phuthego ya ga Jehofa ya seka-mosadi], ea heta e ea go tlhasèla ba ba setseñ ba losika loa gagwè, [kwantle ga Bogosi jo bo sa tswang go tsalwa], ba ba nntseñ ba bolokile ditaolō tsa Modimo, ba dumetse chupō ea ga Yesu.” Pogiso segolo e tswa mo go bao ba ileng ba kgaogana le seo Modimo a se laotseng mo metlheng eno ya bofelo ya tsamaiso e e bonalang ya dilo ya kgogela mo lefatsheng Ka molaetsa wa Bogosi o o bolelwang lefatshe ka bophara ke Basupi ba ga Jehofa, Jehofa o ile a kgalemela bano ba ba hutsitsweng, fela jaaka Pesalema 119:21 e re: “U kgalemetse bapelompe, ba ba hutsegileñ, ba ba timèlwañ ke ditaolō tsa gago.” Go fapaane thata le ba ba ikanyegang bao babogisi bao ba ba mafega ba ba kgobang le go ba sotla, fela jaaka go ne go ntse ka mopesalema: “Ba ba pelompe ba nñoñotse segolo thata: leha go nntse yalo ga kea ñosèla mo molaoñ oa gago.”—Pesalema 119:51.
13. (a) Go sa kgathalesege maano a a boikepo a babogisi, ke phelelo efe eo go boloka molao wa bomodimo go gogelang go yone? (b) Seno se ile sa bontshiwa jang mo metlheng ya segompieno?
13 Ka go bona gore Basupi ba ga Jehofa ba tsamaya tumalanong le molao wa ga Jehofa mo nakong eno, babogisi ba ba mafega ba leka go diga Basupi bano ba ba bolokang molao, fela jaaka go ne ga tshwantshediwa ka mopesalema, yo o neng a re: “Ba ba pelompe ba nkepetse mamèna, eboñ bōnè ba ba sa nnañ kaha molaoñ oa gago.” (Pesalema 119:85) Go tlhabisa baloga-maano bano ba ba mafega ditlhong ga go reye fela go senola ditsela tsa bone tse di timetsang, mme segolo-bogolo go galaletsa Jehofa jaaka Modimo wa boammaaruri Jalo kwantle ga go nna peloetlhoi mopesalema o ne a ka bua jaana ka thapelo: “A ba ba pelompe ba tlhaywè ke ditlhoñ, gonne ba ntigile ka mo go sa siamañ: me nna, ke tla tlhatlhanya dikaèlō tsa gago.” (Pesalema 119:78) Jehofa o tlhomamisa gore le e leng yone pogiso e lere molemo le gore babogisi ba seka ba bona sepe ka boherehere. O arabela thapelo ya Pesalema 119:122: “U nnè moemedi oa molemō boemoñ yoa motlhanka oa gago: a ba ba bopelompe ba se mpatike.” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshosediwa ka loso lwa kganyaolo mo pusong ya babusaesi Benito Mussolini le Adolph Hitler, mme ka go sa lebale molao le ditaolo tsa Modimo wa bone ba ne ba ema ba nitame mme ba le bantsi ba falola. Mo mafokong a Pesalema 119:60, 61 bafalodi ba ka re: “Ka itlhaganèla, ka se ka ka nyahala go tlhōkōmèla ditaolō tsa gago. Megala ea baikepi e ntharile: me ga kea lebala molaō oa gago.” Modimo Mothatayotlhe o kgona go kgaola kana go phutlaganya megala ya kganelo eo e bofeletsweng Basupi ba gagwe ke baba ba bone mme ka gone a golole batlhanka ba gagwe mo nakong e e leng ya gagwe go dira tiro eo a ba tshwaetseng go e dira mo bokhutlong jono jwa tsamaiso ya dilo.
14. (a) Ka go tshwana fela le kgang ya mopesalema, ke eng seo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba se itemogela, mme phelelo e ile ya nna eng ka maiteko a baba ba bone? (b) Ke bafe ba ba kgonang go ipelela dipogo tsa bone, mme ka ntlha yang?
14 Go ya ka mafoko a gagwe go Pesalema 119:84, 86, 161 mopesalema o ne a tsena mo pogisong e ntsi le e leng mo go ba gagabo. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa moteng le ka kwantle ga mafatshe a La-Bodumedi ao ba thibetsweng mo go one gone jaanong. Lefa go ntse jalo, mmaba o ile a tlholega mo boikaelelong jwa pogiso ya gagwe e e makgapha le e e sa tshwanelang! Go jesa mmaba kgakge, Basupi bao ba ‘sepelang mo molaong wa ga Jehofa’ le go ‘boloka ditshupo tsa gagwe’ ba tlhotlhelediwa go ipelela go bogela Jehofa Modimo le Keresete wa gagwe. Ba gakololwa seo Jesu Keresete a ileng a se bolela mo tlhatlhamanong ya boitumelo: “Lo segō, lona bahumanegi gonne bogosi yoa Modimo ke yoa lona. Lo itumèlè mo motlheñ ouō, lo bo lo ipelè; gonne, bōnañ, tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ ; gonne borrabō ba dihetse baperofeti yalo [go akareletsa le mopesalema].” (Pesalama 119:1, 2; Luke 6:20, 22, 23) Ka go tlhakanela mo boitumelong jwa ga Jehofa, Basupi ba gagwe ba ba bogisiwang ba tswelela go “godisa molaō, le go o diha gore o nnè tlotlègo.”—Isaia 42:21.
(Dikarolo dingwe tsa Pesalema 119 di tla sekasekiwa mo tokololong e e latelang ya setlhogo se se reng “Dikaelo le Ditshupo tsa Modimo wa Tsamaiso e Ntšha.”)
Melemo ya Pesalema 119
◻ Pesalema 119 e rulagantswe jang, mme ka ntlha yang?
◻ Ke mafoko afe a a kgethegileng ao Mopesalema a ileng aa dirisa gangwe le gape?
◻ Re tshwanetse ra ikutlwa jang ka ga molao wa Modimo, phapaanong le La-Bodumedi?
◻ Ke eng seo re tshwanetseng go se rata, go sa kgathalesege pogiso ya Bakeresete?
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Mopesalema o ne a anaaela ka tlhoafalo gore go itse le go dirisa lefoke la modimo go ka lere boitumelo
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ema ba nitame ba bo ba falola pogiso ya Nazi. Ba ne ba ka bua jaana ka boitumelo: “Ga kea lebala molaō oa gago”