A o Tshwanetse wa Tokafatsa Tsela e o Lebang Dilo ka Yone?
THOROMO ya lefatshe e e senyang e ne ya itaya Kobe City e e kwa bophirima jwa Japane, mme baithaopi ba ba nang le moya wa go intsha setlhabelo ba ne ba itlhaganelela go thusa baagi ba ba tlhasetsweng. Le fa go ntse jalo, setlhopha sa dingaka tsa baeti se ne sa fitlhela gore mongwe kwa Lephateng la Tsa Boitekanelo la motse o ne a ganne kopo ya bone ya gore ba fiwe didirisiwa tsa kalafi. Modiredimogolo yoo, yo gape e neng e le mokaedi wa kokelo e kgolo ya mmasepala, o ne a batla gore batho ba ba gobetseng ba ye kwa dikokelong tsa Kobe go na le gore dingaka di ba tlhabe ka ditlhare tse di turang le ka diedi tse di turang tse di tsenngwang mo ditshikeng kwa mafelong a namolo. Kgabagare, dingaka di ne tsa fiwa dilo tse ba di kopileng, mme go nna tlhogoethata le go tlhoka kutlwelobotlhoko ga modiredimogolo yoo ga kwa tshimologong go ne ga dira gore a tshwaiwe diphoso ke batho ba le bantsi.
Gongwe o kile wa amiwa ke botlhogoethata jo bo ntseng jalo jwa mongwe yo o nang le taolo. Mme e bile wena o ka tswa o kile wa itshwara jalo. A o tla solegelwa molemo ke go tokafatsa tsela e o lebang dilo ka yone?
Tlhaloganya Mabaka Otlhe
Go tlwaelegile gore batho ba lebe dilo fela ka tsela e le nngwe, mme seo se dira gore ba se ka ba lemoga le go tlhaloganya dilo ka botlalo. Gantsi seno se bakiwa ke dilo tse di jaaka thutego, maitemogelo a botshelo le tsela e motho a godileng ka yone. Go ka dirwa ditshwetso tse di siameng fa motho a leka go tlhaloganya mabaka otlhe. Ka sekai, fa o ne o kgabaganya makopanelo a ditsela a a nang le dikoloi tse dintsi mme a se na diroboto, a go ne go tla bo go le botlhale go feta o tlhamaletse fela? Le e seng! Ka mo go tshwanang, go tokafatsa tsela e o akanyang ka yone gore o bone mabaka otlhe go ka go thusa thata gore o dire ditshwetso le go tsaya dikgato tse di siameng. Mme e bile go ka boloka botshelo.
Gongwe rotlhe re ka tokafatsa mo kgannyeng eno. Ka jalo, ipotse, ‘Ditsela dingwe tse nka solegelwang molemo mo go tsone fa nka tokafatsa tsela e ke akanyang ka yone ke dife?’
Tsela e o Lebang ba Bangwe ka Yone
Ke eng se o se bonang fa o leba batho ba bangwe? A o na le mokgwa wa go leba se ba se buang kana ba se dirang ka tsela ya gore go tshwanetse ga bo go siame kana ga bo go le phoso, e kete ga go na sepe se sengwe se se ka diragalang? A selo se mongwe a se buang e tshwanetse ya bo e le gore o a go akgola kana o a go kgala? A motho o siame gotlhelele kana o phoso gotlhelele? Go nna le pono e e ntseng jalo go tshwana le motho yo o tsayang ditshwantsho yo o itlhokomolosang mebala e mentsi e mentle ka nako ya letlhabula, e kete o bona mmala o montsho le o mosweu fela. Kana a o rata go tlhoma mogopolo thata mo dilong tse di sa siamang tsa botho jwa motho yo mongwe, fela jaaka motsamai yo o ka itshulafaletsang loeto lwa gagwe ka go itlhokomolosa dilo tse dintsi tse dintle tse a di bonang a bo a tlhoma mogopolo mo matlakalanyaneng a a tlogetsweng fela ke moeng mongwe yo o sa akanyetseng batho ba bangwe?—Bapisa Moreri 7:16.
Re ka ithuta mo gontsi ka go akanya ka tsela e Jehofa a lebang diphoso tsa batho ka yone. Le fa a itse gore batho ba na le makoa le ditlhaelo tse dintsi, o tlhopha gore a se ka a akanya thata ka tsone. Mopesalema yo o neng a na le kanaanelo o ne a bolela jaana: “Fa o ka bo o ne wa lotolotsa maikepo, go ka bo go ema mang, Morena?” (Pesalema 130:3) Jehofa o ikemiseditse go lebala gotlhelele diphoso tsa baleofi ba ba ikwatlhayang, ee, ka bopelonomi a di phimola, gore di se ka tsa nna selabe mo kamanong ya rona le ene. (Pesalema 51:1; 103:12) Jehofa o ne a ka bua ka Kgosi Dafide, yo ka nako nngwe a ileng a dira boleo jo bo masisi le Bathesheba, a re ke monna yo o neng a “ntshala morago ka pelo yotlhe ya gagwe, go dira sone fela se se siameng mo matlhong a me.” (1 Dikgosi 14:8) Ke eng fa Modimo a ne a ka bolela jaana ka Dafide? Ka gonne o ne a akanya thata ka dinonofo tse dintle tsa ga Dafide yo o neng a ikwatlhaya. O ne a akanya ka dilo tsotlhe tse di tshwanetseng mme a tlhopha go tswelela a bontsha motlhanka wa gagwe kutlwelobotlhoko.
Keresete Jesu o ne a supa boikutlo jono jwa go nna le pono e e lekalekaneng ka diphoso tsa ba bangwe ka tsela e e feletseng. (Johane 5:19) Fa a ne a lebana le ditlhaelo tsa baaposetoloi ba gagwe, Jesu o ne a le kutlwelobotlhoko e bile a tlhaloganya. Malebana le go sa itekanelang ga batho, o ne a lemoga gore le fa ‘moya o fisega, nama yone e bokoa.’ (Mathaio 26:41) A ntse a gopotse seno, Jesu o ne a kgona go dirisana le makoa le diphoso tsa barutwa ba gagwe ka tsela ya bopelotelele le ka tsela e e supang gore o a tlhaloganya. O ne a sa tlhome mogopolo mo ditlhaelong tsa bone, go na le moo, o ne a leba thata dinonofo tsa bone tse di molemo.
Nako nngwe fa a sena go kgalemela baaposetoloi ka go bo ba ne ba ganetsana ka gore ke mang yo o bonalang a le mogolo mo go bone, Jesu o ne a oketsa jaana: “Lefa go ntse jalo, ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi, gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo bogosing jwa me, lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” (Luke 22:24-30) Ee, le fa baaposetoloi ba ne ba na le ditlhaelo tse dintsi, Jesu o ne a gakologelwa go ikanyega ga bone le lorato lo ba mo ratang ka lone. (Diane 17:17) Jesu o ne a tshepa se ba neng ba kgona go se dira le se ba neng tla se dira, ka jalo o ne a dira kgolagano ya Bogosi le bone. Ee, ‘Jesu o ne a rata barutwa ba gagwe go ya bokhutlong.’—Johane 13:1.
Ka jalo, fa mekgwanyana ya botho kana diphoso tsa motho yo mongwe di go seleka, nna jaaka Jehofa le Jesu. Tokafatsa tsela e o akanyang ka yone mme o leke go akanyetsa mabaka otlhe. Ka go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng, o tla fitlhela go le motlhofo go rata le go anaanela bakaulengwe ba gago.
Ka go Aba Dithoto
Tshiamelo ya go aba ke sengwe sa dilo tse di itumedisang tse Bakeresete ba di filweng. Mme a re tshwanetse go lekanyetsa go aba ga rona mo selong se le sengwe fela, ka sekai, ka go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo? (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Kana a o ka kgona go tokafatsa tsela e o akanyang ka yone ka go akaretsa dilo tsa nama tse batho ba bangwe ba di tlhokang le go itekanela ga bone? Gone ke boammaaruri, Bakeresete botlhe ba lemoga gore go aba ka tsela ya semoya go botlhokwa go feta dilo tsotlhe. (Johane 6:26, 27; Ditiro 1:8) Le fa go ntse jalo, fela jaaka go aba ka tsela ya semoya go le botlhokwa, go aba dithoto le gone ga go a tshwanela go itlhokomolosiwa.—Jakobe 2:15, 16.
Fa re ntse re akanya ka dilo tse bakaulengwe ba rona ba semoya ba di tlhokang thata mo phuthegong ya rona le mo lefatsheng lotlhe, re ka kgona go bona sentle gore re ka dira eng go ba thusa. Fa batho ba ba kgonang go thusa ba abela ba bangwe ka bopelotshweu, go nna le go lekalekanya dilo. Ka tsela eno, bakaulengwe ba rona botlhe ba tlhokomelwa ka dilo tse ba di tlhokang. Mogolwane mongwe wa Mokeresete o ne a tlhalosa jaana: “Fa go na le tlhokego mo karolong nngwe ya lefatshe, bakaulengwe mo karolong e nngwe ya lefatshe ba tla ba thusa. Fa ba sa kgone go ba thusa, bakaulengwe go sele ba tla dira jalo. Ka jalo bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe ba tlhokomelwa ka dilo tse ba di tlhokang. Bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe bo itumedisa tota.”—2 Bakorintha 8:13-15; 1 Petere 2:17.
Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a eletsa thata go ya kwa go nngwe ya dikopano tsa ditšhabatšhaba tse di neng di tshwaretswe kwa Yuropa Botlhaba o ne a sa kgone go ya. Le fa go ntse jalo, o ne a utlwa gore bakaulengwe koo ba tlhoka Dibaebele thata, ka gone a dira moneelo wa Dibaebele tseo ka mongwe yo o neng a ya kopanong. Ka jalo, o ne a bona boitumelo jwa go aba, jwa go abela bakaulengwe ba gagwe kwa nageng e sele.—Ditiro 20:35.
Gongwe ka go tokafatsa tsela e o akanyang ka yone o ka kgona go thusa ka tsela e kgolwane mo tirong e e ntseng e oketsega ya go ithuta Baebele ya lefatshe lotlhe, gore wena ka bowena o itumele mmogo le batho ba bangwe.—Duteronome 15:7; Diane 11:24; Bafilipi 4:14-19.
Fa o Neela Kgakololo
Fa re kopiwa gore re gakolole kana re kgalemele mongwe, go akanyetsa le go akanya ka tsela e e lekalekaneng go tla re thusa gore bakaulengwe ba rona ba semoya ba re tlotle e bile go tla re thusa gore re ba thuse ka tsela e e tla ba solegelang molemo. Go motlhofo go tlhoma mogopolo fela mo mabakeng a sekae mme o bo o itlhaganelela go dira tshwetso e e dirwang go sa akanyediwe matlhakore otlhe. Se se ka dira gore go akanngwe gore re batho ba ba sa akanyeng sentle, kana le e leng gore re batho ba ba sa tokafatseng tsela e ba akanyang ka yone, jaaka baeteledipele ba motlha wa ga Jesu, ba ba neng ba rata go imetsa batho ka melawana ya bone e mentsintsi. (Mathaio 23:2-4) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re ka tila go feteletsa dilo mme re neela kgakololo e e siameng e e theilweng mo melaometheong ya Dikwalo, re supa tsela ya ga Jehofa ya go akanya e e siameng le e e tekatekano e bile e le ya kutlwelobotlhoko, go tla nna motlhofo thata gore batho ba bangwe ba amogele le go dirisa dikakantsho tsa rona.
Dingwaga dingwe tse di fetileng, bakaulengwe bangwe ba basha go tswa mo diphuthegong tse di farologaneng ba ne ba kopana mmogo go tshameka metshameko. Ka maswabi, go ne ga nna le moya wa go gaisana mo gare ga bone, o o neng wa dira gore ba buisane ka mafoko a a bogale. Bagolwane ba koo ba ne ba rarabolola bothata jono jang? E re ka ba ne ba itse gore basha ba tlhoka go itapolosa, ga ba a ka ba akantsha gore ba tlogele gotlhelele. (Baefeso 5:17; 1 Timotheo 4:8) Go na le moo, ba ne ba ba naya ditlhagiso tse di nonofileng mme e le tse di utlwalang malebana le gore moya wa go gaisana o ka felela ka eng. Mme gape ba ne ba ba neela dikakantsho tse di mosola, tse di jaaka gore go nne le batho ba bagolonyana le ba ba ikanyegang mo gare ga bone. Basha bano ba ne ba lemoga kafa kgakololo eno e leng botlhale ka gone e bile e le tekatekano mme ba arabela sentle. Mo godimo ga moo, ba ne ba tlotla le go rata bagolwane bao thata.
Leka go Tokafatsa
Le fa o ka tswa o tlhaola batho o sa ikaelela kana o sa itemoge, o sa ntse o tla tlhoka go dira maiteko a magolo go tokafatsa tsela e o akanyang ka yone. Fa o ntse o ithuta Lefoko la Modimo, tlhatlhanya ka lone gore o tle o tlhaloganye le go lemoga tsela e Jehofa a akanyang ka yone. (Pesalema 139:17) Leka go tlhaloganya mabaka a mafoko a a buiwang mo Baebeleng le melaometheo ya yone, mme o leke go sekaseka dilo jaaka Jehofa. Se se tla bo se dumalana le thapelo eno ya ga Dafide: “Ntshupetsa metlhala ya gago Jehofa; o nthute ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boammaaruring jwa gago o bo o nthute.”—Pesalema 25:4, 5.
Fa o ntse o leka go tokafatsa tsela e o lebang dilo ka yone, o tla segofala. Lesego lengwe la go tokafatsa tsela e o lebang dilo ka yone ke gore o tla itsiwe ka gore o motho yo o tekatekano le yo o tlhaloganyang. O tla kgona go tsiboga ka tsela e e lekalekaneng le ka tsela e e supang gore o a tlhaloganya fa o thusa mo maemong a a farologaneng. Mme seno se tla dira gore go nne le kutlwano e e itumedisang ya bokaulengwe jwa Bokeresete.
[Ditshwantsho mo go tsebe 12]
Go aba ka bopelotshweu go thusa ba bangwe, go ipedisa moabi e bile go itumedisa Rraarona wa selegodimo