LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 6/15 ts. 8-9
  • Go Rata ba ba “Amanang le Rona mo Tumelong”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rata ba ba “Amanang le Rona mo Tumelong”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 6/15 ts. 8-9

Go Rata ba ba “Amanang le Rona mo Tumelong”

BAKERESETE ba boammaaruri ba na le sebofo se se tshwanang le sa lelapa mo gare ga bone. Ee, fa e sa le ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., ba ntse ba bitsana “mokaulengwe” le ‘kgaitsadi.’ (Mareko 3:31-35; Filemone 1, 2) Ano ga se mafoko fela; a tlhalosa kafa baobamedi ba Modimo ba ikutlwang ka teng ka mongwe go yo mongwe. (Bapisa 1 Johane 4:7, 8.) Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.”—Johane 13:35.

Lorato lo lo ntseng jalo lo ne lwa bonala ka July 1997 fa go sena go nna le komelelo ka nako e telele mme morago ga moo go bo go tla dipula tsa merwalela kwa Chile. Go sa lebelelwa, go ne ga nna le batho ba le bantsi ba ba tlhokang dijo, diaparo le dilo tse dingwe. Ka nako ya kotsi ya masetlapelo, Basupi ba ga Jehofa ba leka go latela kgakololo e Paulo a ileng a e neela Balagatia: “Ruri he, fa fela re santse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.”—Bagalatia 6:10.

Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira dithulaganyo ka bonako go tsibogela seo. Dijo, diaparo le dilo tse di tshwanang le tseo di ne tsa phuthiwa, tsa rulaganngwa, tsa pakiwa tsa ba tsa romelwa kwa lefelong la kotsi ya masetlapelo. Bana ba bile ba romela ditshamekisi! Kgaitsadi mongwe o ne a gakgametse go bona Holo ya Bogosi e tletse ka dilwana tsa namolo. O bolela jaana: “Ke ne ka ema ke sa itse gore ke dire eng, ke sa itse gore a ke ke tshege kana ke lele. E ne e le tsone dilo tse re neng re di tlhoka.”

Morago ga foo, go sa lebelelwa, thoromo ya lefatshe e ne ya itaya karolo nngwe ya lone lefelo le le neng le tlhasetswe ke morwalela. Matlo a le mantsi a ne a senyega. Gore go tle go thusiwe ka dilo tsotlhe tse di tlhokegang, go ne ga tlhomiwa dikomiti tse di oketsegileng tsa namolo. Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo, tse gantsi di tlhokomelang tiro ya go aga mafelo a go kopanela a Basupi ba ga Jehofa, di ne tsa thusa tsa ba tsa tshegetsa tiro. Matswela e nnile eng? Batho ba ba neng ba latlhegetswe ke matlo a bone ba ne ba fiwa matlo a mantle—a a rulagantsweng le go agiwa ke bakaulengwe. Le fa matlo ano a ne a se maphatsiphatsi, a ne a farologane thata le a a adimiwang ke ba namolo ya lefatshe ao a neng a se na boalo fa fatshe e bile a se na difensetere le gone a sa pentiwa.

Bakaulengwe bangwe ba ne ba tsaya maeto a matelele go ya go thusa. Modulasetilo wa Komiti nngwe ya Kago ya Kgaolo o ne a tsaya loeto lo loleele thata lwa malatsi a mabedi a a latelanang—le mororo a ne a tsamaya ka setilo sa maotwana. Mokaulengwe mongwe yo o foufetseng o ne a bereka ka natla, a isa dipilara kwa mmetling wa dikgong yo o neng a di sega ka selekanyo se se batlegang. Mokaulengwe mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng o ne a phutha dipilara tseo a bo a di isa kwa di tlhokegang teng.

Batho ba bantsi ba ba neng ba lebeletse ba ne ba kgatlhiwa ke tsela e bakaulengwe ba neng ba thusa ka yone. Mo toropong nngwe koloi ya mapodise e ne e emisitswe gaufi le ntlo ya kgaitsadi e e neng e baakanngwa. Mapodise a ne a batla go bona le go itse gore go diragalang. Mongwe wa bone o ne a botsa mokaulengwe mongwe jaana: “Batho ba ba berekang fano ba go bonalang ba itumetse thata jaana ke bomang, mme ba tlile go duelwa bokae?” Mokaulengwe o ne a tlhalosa gore botlhe ke baithaopi. Mongwe wa mapodise o ne a tlhalosa gore ene o ne a ntsha sa bosome kgwedi le kgwedi kwa kerekeng ya gagwe, mme moruti wa gagwe o ne a ise a ko a mo etele fa e sa le go nna le thoromo ya lefatshe! Ka letsatsi le le latelang kgaitsadi yoo o ne a founelwa ke modiredimogolo wa mapodise. Le ene o ne a ile a lebelela babereki bano. O ne a bolela gore o ne a kgatlhilwe thata ke tlhoafalo ya babereki mo e leng gore o batlile a ya go thusa!

Eleruri, thuso ya namolo ya kwa Chile e ne e le selo se se itumedisang mo baithaoping mme e nnile bosupi jo bontle mo bathong ba ba neng ba lebile.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela