Mmopi a ka Dira Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao
“A tsotlhe di bake leina la ga Jehofa; gonne o ne a laola, mme tsa tlholega.”—PESALEMA 148:5.
1, 2. (a) Ke potso efe e re tshwanetseng go e sekaseka? (b) Potso ya ga Isaia e amana jang le popo?
“AGA o ise o itse?” Potso eo e ka utlwala e le potso fela e e batlang gore batho ka bontsi ba tsiboge ka gore, ‘Ke itse eng?’ Mme gone, ke potso e e masisi. Mme re ka kgona go itse karabo ya yone sentle fa re ka itse gore go tlile jang gore e bodiwe—mo kgaolong ya bo40 ya buka ya Baebele ya Isaia. Potso eno e kwadilwe ke Mohebera wa bogologolo e bong Isaia, ka jalo ke ya bogologolo tota. Le fa go ntse jalo, le gompieno e sa ntse e bodiwa, e amana le lebaka la konokono la go bo o tshela.
2 E re ka potso eno e e mo go Isaia 40:28 e le botlhokwa thata, e re tlhoka gore re e ele tlhoko thata: “A ga o ise o itse? A ga o ise o utlwe? Modimo o o sa khutleng, Jehofa Motlhodi wa dikhutlo tsa lefatshe [ke Modimo ka bosakhutleng, NW].” Ka jalo ‘go itse’ goo go malebana le Mmopi wa lefatshe, mme ditemana tse di dikologileng eno di supa gore ga go buiwe fela ka lefatshe. Mo ditemaneng tse pedi tse di tlang pele ga eo Isaia o ile a bua ka dinaledi: “Kalelang matlho a lona godimo, lo bone yo o tlhodileng dilo tse, yo o bolotsang lesomosomo la tsone ka palo . . . Ke ka bogolo jwa nonofo ya gagwe, le ka go bo a nonofile mo thateng, fa go se sepe se se tlhokafalang.”
3. Tota le fa o itse go le gontsi ka Mmopi, ke eng fa o tshwanetse go batla go mo itse go feta foo?
3 Ee, potso e e reng “A ga o ise o itse?” tota e malebana le Mmopi wa lobopo lwa rona. Wena o ka tswa o tlhatswegile pelo gore Jehofa Modimo ke “Motlhodi wa dikhutlo tsa lefatshe.” Gape o ka tswa o itse go le gontsi ka botho jwa gagwe le ditsela tsa gagwe. Mme go tweng fa go ka direga gore o kopane le monna kana mosadi yo o sa dumeleng gore go na le Mmopi e bile a sa itse gotlhelele gore o ntse jang? Ga o a tshwanela go gakgamala fa o rakana le motho yo o ntseng jalo ka gonne go na le dimilionemilione tsa batho ba ba sa itseng Mmopi kana go dumela mo go ene.—Pesalema 14:1; 53:1.
4. (a) Ke eng fa go tshwanela gore re bue ka Mmopi mo nakong eno? (b) Ke dipotso dife tse saense e sa kgoneng go di araba?
4 Dikolo di nna di tlhagisa babelaedi ba bantsi ba ba dumelang gore saense ke yone e e nang le (kana e tla ribololang) dikarabo tsa dipotso tse di malebana le kafa lobopo le botshelo di nnileng gone ka teng. Bakwadi ba The Origin of Life (setlhogo sa teng sa Sefora sa re: Aux Origines de la Vie), e bong Hagene le Lenay ba ile ba re: “Mo tshimologong ya lekgolo leno la bomasomeamabedinngwe la dingwaga go sa ntse go ganetsanwa ka kgang e e malebana le kafa lobopo lo simologileng ka teng. Bothata jono jo go leng thata go bo rarabolola, bo batla gore go dirwe dipatlisiso mo dikarolong tsotlhe, go tloga ka lefaufau le le boitshegang go fitlha ka sere se sennyennye.” Le fa go ntse jalo, kgaolo ya yone ya bofelo e leng, “Go sa Ntse go Sala Potso,” e dumela jaana: “Re tlhatlhobile dikarabo dingwe tsa saense go araba potso e e reng, Botshelo bo nnile gone jang mo lefatsheng? Mme gone, ke eng fa botshelo bo ile jwa nna gone? A go na le lebaka la go bo botshelo bo le gone? Saense ga e kgone go araba dipotso tseno. Se e se dirang fela ke go batlisisa gore dilo di nnile gone ‘jang.’ ‘Jang’ le ‘ka ntlha yang’ ke dipotso tse pedi tse di sa tshwaneng. . . . Malebana le potso ya ‘ka ntlha yang,’ filosofi, bodumedi—totatota—le mongwe le mongwe wa rona, o tshwanetse go bona karabo.”
Go Bona Dikarabo le Bokao
5. Ke batho bafe ba segolobogolo ba ka solegelwang molemo ke go ithuta go le gontsi ka Mmopi?
5 Ee, re batla go itse gore ke eng fa botshelo bo le gone—segolobogolo gore ke eng fa re le mono. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go kgatlhegela batho ba ba iseng ba dumele gore go na le Mmopi ba ruri ba sa itseng go le kalo ka ditsela tsa gagwe. Kana akanya ka batho ba ba godileng ba sa itse Modimo go ya ka tsela e Baebele e mo tlhalosang ka yone. Dimilione di le diketekete tsa bone di goletse kwa dinageng tsa Botlhaba kana mo mafelong a mangwe a bontsi jwa batho ba one ba sa tseyeng gore Modimo ke motho wa mmatota, yo o nang le botho jo bo molemo. Mo go bone, lefoko “modimo” le dira gore ba akanye ka maatla mangwe a a sa tlhaloganyesegeng sentle kana selo se se sa tsheleng. ‘Ga ba ise ba itse Mmopi’ kana ditsela tsa gagwe. Fa bone kana dimilionemilione tse dingwe tsa batho ba ba nang le dikgopolo tse di ntseng jalo ba ne ba ka tlhatswega pelo gore go na le Mmopi, a bo ba ne ba ka bona melemo e megolo jang ne, go akaretsa le tsholofelo ya dilo tse di tla nnelang ruri! Ba ne ba ka nna le sengwe se se sa bonweng motlhofo—bokao jwa mmatota le lebaka la mmatota la go bo re tshela le go nna batho ba ba ritibetseng maikutlo.
6. Botshelo jwa batho ba le bantsi bo tshwana jang le se se diragaletseng Paul Gauguin le sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe tse a di takileng?
6 Go tshwantsha: Ka 1891, motaki wa Mofora e bong Paul Gauguin o ile a ya go senka botshelo jo bo itumedisang kwa French Polynesia, e e neng e tsewa e le paradaise. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke fa botshelo jwa gagwe jwa pele jwa go ijesa menate bo dira gore ene le batho ba bangwe ba tsenwe ke bolwetse. Ka nako ya fa a ne a ikutlwa a le gaufi le go swa, o ne a taka setshwantsho se segolo se ka sone go bonalang a ne a ‘tlhalosa fa botshelo e le masaitseweng a magolo.’ A o itse gore Gauguin o ile a taya setshwantsho seo sa gagwe leina lefe? O ne a re ke, “Re Tswa Kae? Re Eng? Re ya Kae?” O ka tswa o kile wa utlwa batho ba bangwe ba botsa dipotso tse di ntseng jalo. Batho ba le bantsi ba a di botsa. Mme fa ba sa bone dikarabo tse di kgotsofatsang—ba sa itse lebaka la go bo re tshela—ba ka ya go senka dikarabo kae? Ba ka nna ba akanya gore botshelo jwa bone ga bo farologane go le kalo le jwa diphologolo.—2 Petere 2:12.a
7, 8. Ke eng fa dipatlisiso tsa saense di sa lekana ka botsone?
7 Ka gone, o ka tlhaloganya gore ke eng fa motho yo o jaaka porofesa Freeman Dyson a ne a ka kwala a re: “Ke tla bo ke se phoso go botsa dipotso tse Jobe a ileng a di botsa. Ke eng fa re sotlega? Ke eng fa lefatshe le gobelela jaana? Ke eng fa re utlwa botlhoko e bile re welwa ke masetlapelo?” (Jobe 3:20, 21; 10:2, 18; 21:7) Jaaka go setse go boletswe, batho ba le bantsi ba ikanya go bona dikarabo mo saenseng go na le go ikanya Modimo. Baithutatshelo, baithuti ba ditshedi tsa lewatle le ba bangwe ba oketsa kitso e batho ba nang le yone ka lefatshe le dilo tse di tshelang mo go lone. Kafa letlhakoreng le lengwe, baithutadinaledi le baithutafisikisi ba ithuta dilo tse dintsi ka thulaganyo ya masedi a tlholego, dinaledi le e leng ka masagaripa a a kgakalakgakala a dinaledi. (Bapisa Genesise 11:6.) Dintlha tseo di ka re dira gore re tseye ditshwetso dife tse di utlwalang?
8 Borasaense bangwe ba bua ka “mogopolo” kana “mokwalo” wa Modimo o o bonalang mo lobopong. Mme gone, a seo e ka tswa e le go fosa kgang ya konokono? Makasine wa Science o ne wa bolela jaana: “Fa badiradipatlisiso ba re thutalobopo e senola ‘mogopolo’ kana ‘mokwalo’ wa Modimo, ba a bo ba abela Modimo se tota e ka tswang e le bonnye fela jwa dilo tsa lobopo—dipopego tsa lone fela.” Tota e bile, Steven Weinberg yo e leng moitsefisikisi yo o kileng a abelwa sekgele sa Nobel, o ne a kwala jaana: “Fa re nnela go tlhaloganya dilo tse dintsi ka lobopo, go bonala le lone lo nna le dilo tse dintsintsi tse di se nang bokao.”
9. Ke bosupi bofe jo bo ka thusang rona le batho ba bangwe go ithuta ka Mmopi?
9 Le fa go ntse jalo, o ka tswa o le mongwe wa batho ba le dimilione ba ba ileng ba ithuta ka kgang eno ka tsela e e masisi e bile ba tlhaloganya gore bokao jwa mmatota jwa botshelo bo amana le go itse Mmopi. Gakologelwa se moaposetoloi Paulo a ileng a se kwala: “Batho ba ka se ka ba re ga ba itse sepe ka Modimo. Go tloga fela kwa tshimologong ya lefatshe batho ba ne ba ka kgona go lemoga kafa Modimo a leng ka teng ka dilo tse A di dirileng. Seno se supa maatla a Gagwe a a nnetseng ruri. Se bontsha gore Ke Modimo.” (Baroma 1:20, Holy Bible, New Life Version) Ee, go na le dilo tse di ka ga lefatshe le ka ga rona tse di thusang batho go dumela mo Mmoping le go mo itse. Akanya ka di le tharo tsa dilo tseno: lobopo lo lo re dikologileng, tsela e botshelo bo simologileng ka yone le kgono ya rona ya go akanya.
Mabaka a go Dumela
10. Ke eng fa re tshwanetse go akanya ka “tshimologo”? (Genesise 1:1; Pesalema 111:10)
10 Lobopo lwa rona lo nnile gone jang? O ka tswa o utlwile go tswa mo dipegong tsa dithelesekoupo tsa lefaufau le ditshekatsheko tsa loapi gore bontsi jwa borasaense ba lemogile gore go na le nako e lobopo lwa rona lo kileng lwa bo lo seyo ka yone. Go na le nako e lo simolotseng go nna gone ka yone mme lo ntse lo a oketsega. Seno se bolelang? Reetsa mafoko ano a ga Sir Bernard Lovell yo e leng moithutadinaledi: “Fa e le gore nako nngwe Lobopo e kile ya bo e le selonyana se sennyennye le se se ka se kang sa lekanngwa, re tshwanetse go ipotsa gore ke eng se se neng se le gone pele ga lone . . . Re tshwanelwa ke go lebana le kgang ya Tshimologo ya lone.”
11. (a) Lobopo lo logolo go le kana kang? (b) Go lomagana ga lobopo ka manontlhotlho go supa eng?
11 Tsela e lobopo lo leng ka yone, go akaretsa le lefatshe la rona, e supa go lomagana ka tsela e e manontlhotlho. Ka sekai, dilo tse pedi tse di gakgamatsang ka letsatsi la rona le dinaledi tse dingwe ke manontlhotlho a tsone le go tlhomama ga tsone ga lobaka lo loleele. Bosheng jaana go fopholediwa gore palo ya masagaripa a a leng mo lobopong lo re lo bonang e ka tloga go dimilione di le dikete tse 50 (50 000 000 000) go ya go dimilione di le dikete tse 125. Mme losagaripa lwa rona lwa Molalatladi lo na le dinaledi di le dimilione di le diketekete mo go lone. Jaanong a ko o akanye: Re a itse gore enjene ya koloi e tlhoka gore go nne le selekanyo se se lekaneng sentle sa motswako wa peterolo le moya. Fa o na le koloi, o ka hira makheneke yo o katisitsweng sentle gore a baakanye enjene ya yone gore koloi ya gago e tsamaye sentle e se ka ya tla e kgwetlha. Fa enjene e e sa reng sepe e tlhoka manontlhotlho a a kalo, ka sekai, go tweng ka letsatsi la rona le le “tukang” sentle? Ga go pelaelo gore maatla a konokono a le a dirisang a tswakantswe sentle ka tekano gore dilo di kgone go tshela mo lefatsheng. A seo se itiragaletse fela? Jobe wa bogologolo o ile a bodiwa jaana: “A ke wena yo o tlhomileng melao e e laolang magodimo kana go tlhoma melao ya tlholego mo lefatsheng?” (Jobe 38:33, The New English Bible) Ga go motho ope yo o dirileng jalo. Mme he manontlhotlho ao a tswa kae?—Pesalema 19:1.
12. Ke eng fa go utlwala gore re akanye gore go tshwanetse ga bo go na le Botlhale jo bogolo jo bo dirileng popo?
12 A e ka tswa e le gore a tswa mo selong sengwe kana mo go Mongwe yo o ka se bonweng ka matlho? Akanya ka potso eno go ya kafa saense ya segompieno e bonang dilo ka teng. Bontsi jwa baithutadinaledi jaanong ba a dumela gore go na le dilo tse di nang le maatla a magolo mo loaping—di-black hole. Di-black hole tseno ga di bonwe ka matlho, le fa go ntse jalo, baitse ga ba na pelaelo gore di teng. Baebele le yone e bolela gore go na le ditshedi dingwe tse di maatla tse di tshelang golo gongwe tse di ka se bonweng ka matlho—ditshedi tsa semoya. Fa e le gore go na le ditshedi tse di ntseng jalo tse di maatla tse di sa bonaleng, a ga go utlwale go dumela gore manontlhotlho a re a bonang mo lobopong lotlhe a nnile gone ka ntlha ya mongwe yo o maatla yo o Botlhale?—Nehemia 9:6.
13, 14. (a) Tota saense e lemogile eng ka tshimologo ya botshelo? (b) Go nna gone ga botshelo mo lefatsheng go bontsha eng?
13 Bosupi jwa bobedi jo bo ka thusang batho go lemoga gore go na le Mmopi bo amana le tsela e botshelo bo simologileng ka yone. Fa e sa le go tloga ka nako ya diteko tse di dirilweng ke Louis Pasteur, go ile ga dumelwa gore botshelo ga bo itlhagele fela mo go se nang sepe teng, bo runya fela ka bojone go tswa mo dilong tse di sa tsheleng. Mme he botshelo bo nnile gone jang mo lefatsheng? Ka bo1950, borasaense ba ile ba leka go ntsha bosupi jwa gore botshelo bo ka tswa bo nnile gone mo lefatsheng ka bonya ka bonya go tswa mo lewatleng la bogologolo ka nako ya fa atemosefere ya bogologolo e ne e nna e itewa ke legadima. Le fa go ntse jalo, bosupi jwa bosheng bo bontsha fa go tlhaga ga botshelo ka tsela eo go ka se ka ga bo go le boammaaruri ka gonne ga go ise go ko go nne le atemosefere ya go nna jalo. Ka ntlha ya seno, borasaense bangwe ba senka tlhaloso e e seng diphosophoso jaaka eno. Mme gone, a le bone ba ka tswa ba fosa kgang?
14 Morago ga gore rasaense wa Boritane e bong Sir Fred Hoyle a fetse masome a dingwaga a ithuta ka lobopo le ditshedi tse di mo go lone, o ile a re: “Go na le go dumela kgopolo e e kabakanngwang ya gore botshelo bo ka tswa bo nnile gone ka go itlhagela fela go tswa mo dilong tsa tlholego, go bonala go le botoka go dumela gore bo nnile gone ka ntlha ya go dirwa ke mongwe yo o botlhale.” Ee, fa re nna re ithuta dilo di le dintsi tse di gakgamatsang ka botshelo, re simolola go lemoga fa go le boammaaruri gore bo nnile gone ka ntlha ya Mongwe yo o botlhale.—Jobe 33:4; Pesalema 8:3, 4; 36:9; Ditiro 17:28.
15. Ke eng fa go ka twe o tlhomologile?
15 Ka jalo, ntlha ya ntlha e amana le lobopo, ya bobedi yone le tsela e botshelo bo nnileng gone ka yone mo lefatsheng. Ela tlhoko ya boraro—tsela e re tlhomologileng ka yone. Batho botlhe ba tlhomologile ka ditsela tse dintsi, ka jalo go ntse jalo le ka wena. Jang? Gongwe o setse o kile wa utlwa go twe boboko bo tshwantshanngwa le khomputara e e maatla a magolo. Mme gone, dithibololo tsa bosheng jaana di bontsha gore go bo tshwantsha jalo ga go boammaaruri. Rasaense mongwe wa kwa Massachusetts Institute of Technology o ile a re: “Dikhomputara tsa segompieno ga di ka ke tsa atamela bokgoni jwa motho wa dingwaga tse 4 jwa go bona, go bua, go tsamaya, kana go ikakanyetsa. . . . Go ile ga fopholediwa gore tota le bokgoni jwa khomputara e e maatla go di gaisa tsotlhe jwa go dirisa tshedimosetso bo ka lekana fela le jwa boboko jwa kgopa—e leng jo bonnye thata fa bo bapisiwa le jwa khomputara e e maatla thata e e mo teng ga logata [la gago].”
16. Kgono ya gago ya go bua puo e e rileng e bontsha eng?
16 Puo ke nngwe ya dikgono tse o nang le tsone ka ntlha ya boboko jwa gago. Batho bangwe ba kgona go bua dipuo tse pedi, tse tharo kana go feta, le fa go ntse jalo, kgono e o nang le yone ya go bua le fa e le nngwe fela e a gakgamatsa. (Isaia 36:11; Ditiro 21:37-40) Boporofesa ba babedi e bong R. S. le D. H. Fouts ba ile ba botsa jaana: “A ke batho fela . . . ba ba kgonang go buisana ka puo? . . . Diphologolo tsotlhe tse dikgolo di kgona go buisana ka . . . go itshikinya mmele, menko, go bitsana, go lela le ka go opela, tota le e leng go binabina ga dinotshe. Le fa go le jalo, go bonala motho e le ene fela a nang le thulaganyo e e tlhamaletseng ya go lomaganya mafoko. E bile go bonala sentle gore diphologolo ga di kgone go taka ditshwantsho tse di tshwantshetsang sengwe. Bogolo se di kgonang go se dira fela ke go kgwarinyakgwarinya fa fatshe.” Ee, batho ke bone fela ba ba kgonang go dirisa boboko jwa bone go bua puo nngwe le go taka ditshwantsho tse di nang le bokao.—Bapisa Isaia 8:1; 30:8; Luke 1:3.
17. Ke pharologano efe e kgolo e e leng gone magareng ga fa phologolo e itibile mo seiponeng le fa motho a dira jalo?
17 Mo godimo ga moo, o a ikitse; o a itemoga. (Diane 14:10) A o kile wa leba nonyane, ntša kana katse e itibile mo seiponeng e bo e se kobonya, e korotla kgotsa e se tlhasela? E ithaya e re e bona phologolo e nngwe, ga e itemoge. Go farologana le yone, fa o itibile mo seiponeng, o a itse gore ke wena. (Jakobe 1:23, 24) O ka nna wa bo o leba tebego ya gago kana o leba gore o tla bo o ntse jang dingwaga di sekae tse di tlang. Diphologolo ga di dire jalo. Ee, boboko jwa gago bo a go tlhomolola. Re tshwanetse go tlotlomatsa mang ka seno? Go tlile jang gore boboko jwa gago bo nne gone fa e le gore ga bo a dirwa ke Modimo?
18. Ke bokgoni bofe jwa go akanya jo o nang najo jo bo dirang gore o farologane le diphologolo?
18 Boboko jwa gago gape bo go thusa go itumelela tiro ya botaki le mmino le go go thusa go itse se e leng boitsholo jo bo siameng. (Ekesodo 15:20; Baatlhodi 11:34; 1 Dikgosi 6:1, 29-35; Mathaio 11:16, 17) Ke eng fa go dirilwe gore e nne wena yo o nnang jalo e seng diphologolo? Di dirisa boboko jwa tsone segolobogolo go itlamela ka dilo tsa gone jaanong fela—go senka dijo, go senka molekane, kana go dira sentlhaga. Ke batho fela ba ba kgonang go akanyetsa dilo tsa nako e e tlang. Bangwe e bile ba akanyetsa dilo tse di jaaka gore ditiro tsa bone di tla ama jang tikologo kana bana ba bone mo isagweng. Ka ntlha yang? Moreri 3:11 e bua jaana ka batho: “[Mmopi] o tlhomile go akanya ka ga bosakhutleng mo pelong tsa bone.” Ee, bokgoni jo o nang le jone jwa go akanya ka se bosakhutleng bo se bolelang kana le e leng go akanya ka go nna le botshelo jo bosakhutleng bo kgethegile.
Mma Mmopi a Oketse Bokao
19. Ke ditsela dife tse tharo tsa go tlhalosa tse o ka di dirisang go thusa batho ba bangwe go akanya ka Mmopi?
19 Re setse re tlotlile ka dilo tse tharo fela: manontlhotlho a a bonwang mo lobopong lotlhe, tsela e botshelo bo nnileng gone ka yone mo lefatsheng, le tsela e e ka se kang ya ganediwa e boboko jwa motho bo gakgamatsang ka yone ka dikgono tsa jone tse di farologaneng. Dintlha tseno tse tharo di re lebisa kae? O ka dirisa mabaka a a latelang go thusa batho ba bangwe gore ba dumele. O ka simolola ka go botsa jaana: A go na le nako e lobopo lo ileng lwa simologa ka yone? Bontsi bo tla dumalana le seo. Go tswa foo botsa jaana: A go na le sengwe se se ileng sa dira gore lo simolole go nna teng jalo kana a go ile ga itiragalela fela? Bontsi jwa batho bo dumela gore lobopo lo simolotse go nna teng ka go dirwa. Seno se lebisa kwa potsong ya bofelo: A lo dirilwe jalo ke sengwe se se nnetseng ruri kana Mongwe yo o nnetseng ruri? Ka mabaka ano a a tlhalositsweng sentle le ka tsela e e utlwalang, ba le bantsi ba ka konela ka gore: Go tshwanetse ga bo go na le Mmopi! Fa go le jalo, a seo ga se supe gore go ka tswa go na le lebaka la go bo botshelo bo le gone?
20, 21. Ke eng fa go itse Mmopi go le botlhokwa thata mo go re thuseng go itse bokao jwa botshelo?
20 Dilo tsotlhe tse re nang le tsone, go akaretsa le kgono ya go itse se e leng boitsholo jo bo siameng le boitsholo jo bo siameng ka bojone, di tshwanetse go amanngwa le Mmopi. Dr. Rollo May o kile a kwala jaana: “Tsela e le nosi fela e e lekaneng ya boemo jwa boitsholo ke e e ikaegileng ka bokao jwa konokono jwa botshelo.” E ka bonwa kae? O ne a tswelela pele jaana: “Bokao joo jwa konokono bo fitlhelwa mo Modimong. Melaometheo ya Modimo ke yone motheo o o kaelang botshelo go tloga fela kwa tshimologong ya popo go ya kwa bokhutlong.”
21 Ka gone, re kgona go tlhaloganya sentle gore ke eng fa mopesalema a ne a bontsha boikokobetso le botlhale fa a ne a lopa Mmopi jaana: “Ntshupetsa metlhala ya gago Jehofa; o nthute ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boammaaruring jwa gago o bo o nthute; gonne ke wena Modimo wa poloko ya me.” (Pesalema 25:4, 5) Ga go pelaelo gore e ne ya re fa mopesalema a ntse a tlhaloganya Mmopi botoka, botshelo jwa gagwe jwa nna le bokao, maikaelelo le kaelo. Go ka nna jalo le ka mongwe le mongwe wa rona.—Ekesodo 33:13.
22. Go itse ditsela tsa Mmopi go akaretsa eng?
22 Go itse “ditsela” tsa Mmopi go akaretsa go itse sentle kafa a leng ka teng, re itse botho jwa gagwe le ditsela tsa gagwe. Mme gone, re ka itse Mmopi sentle jang e re ka a sa bonale e bile a na le maatla a a boitshegang? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka kgang eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa Dr. Viktor E. Frankl a dira tshwetso a dirisa dilo tse di diragetseng kwa dikampeng tsa Bonasi o ile a lemoga seno: “Go batla go itse bokao jwa botshelo ke selo sa konokono se se tlhotlheletsang motho thata mo botshelong, mme ga se ‘maikutlo fela a tlholego a e seng a sepe a a mo tlhotlheletsang’” jaaka go ntse mo diphologolong. O ile a oketsa ka gore, masome a dingwaga morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Fora e “ne ya bontsha fa 89% ya batho ba ba ileng ba botsolodiwa, ba ile ba dumela gore motho o tlhoka ‘sengwe’ se a ka se tshelelang.”
O ka Araba jang?
◻ Ke eng fa re sa tshwanela go senka tshedimosetso fela mo saenseng malebana le lobopo?
◻ O ka lemotsha batho eng fa o leka go dira gore ba akanye ka Mmopi?
◻ Ke eng fa go itse Mmopi e le selo se se ka re thusang go itse bokao jo bo kgotsofatsang ka botshelo?
[Kerafa/Setshwantsho mo go tsebe 18]
(For fully formatted text, see publication)
O Swetsa ka Goreng?
Lobopo Lwa Rona
↓ ↓
Ga Lo Na Lo Na Le
Tshimologo Tshimologo
↓ ↓
Ga Lo a Dirwa Lo Ne Lwa Dirwa
↓ ↓
Ke SENGWE se se Ke MONGWE yo o
Nnetseng Ruri Nnetseng Ruri
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Bogolo le manontlhotlho a lobopo di dirile gore batho ba le bantsi ba akanye ka Mmopi
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pages 15 and 18: Jeff Hester (Arizona State University) and NASA