LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 11/1 ts. 8-13
  • A Tiro ya Gago e Tla Emelana le Molelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tiro ya Gago e Tla Emelana le Molelo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thaya Motheo o o Siameng
  • Go Aga ka Dilo Tse di Tshwanetseng
  • A Tiro ya Gago e Tla Emelana le Molelo?
  • Ke Boikarabelo Jwa ga Mang?
  • Go Aga Ka Dilo Tse Di Sa Sheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Go Aga Botho Jwa Bokeresete mo Baneng ba Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Thusa Batho go Atamelana le Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Fa O Ruta, Fitlhelela Pelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 11/1 ts. 8-13

A Tiro ya Gago e Tla Emelana le Molelo?

“A mongwe le mongwe a nne a tlhokometse kafa a agelang mo [motheong] ka gone.”—1 BAKORINTHA 3:10.

1. Bakeresete ba ba ikanyegang ba na le tsholofelo efe ka batho ba e ka nnang barutwa?

BANYALANI bangwe ba Bakeresete ba tlhomile lesea la bone le le sa tswang go tsholwa matlho. Mmoledi mongwe wa Bogosi o bona kgatlhego le tlhoafalo mo sefatlhegong sa moithuti wa Baebele. Mogolwane wa Mokeresete yo o rutang go tswa mo seraleng o bona motho mongwe yo o sa tswang go kgatlhega mo gare ga bareetsi a leba dikwalo ka tlhoafalo mo Baebeleng ya gagwe. Dipelo tsa batlhanka bano ba ba ikanyegang ba ga Jehofa di tletse ka tsholofelo. Ba ipotsa gore, ‘A motho yono o tla rata Jehofa le go mo direla—a nna a ikanyega?’ Gone ke boammaaruri gore seo ga se itlele fela. Go tlhokega matsapa.

2. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba Bahebera jang ka botlhokwa jwa tiro ya go ruta, mme seno se ka re tlhotlheletsa go itshekatsheka jang?

2 Moaposetoloi Paulo yo ka boene e neng e le morutisi yo o setswerere, o ne a gatelela botlhokwa jwa tiro ya go rera le ya go dira barutwa fa a ne a kwala jaana: “Lo tshwanetse lo ka bo lo le ba ba rutang ka ntlha ya nako.” (Bahebera 5:12) Bakeresete ba a neng a bua le bone ba ne ba sa gatela pele thata fa go akanngwa ka nako e ba neng ba setse ba le badumedi ka yone. E ne e se fela gore ga ba ise ba kgone go ruta batho ba bangwe, mme gape ba ne ba sa ntse ba tlhoka go gakololwa dilo tsa motheo tsa boammaaruri. Gompieno, rotlhe re tlhoka gore gangwe le gape re sekaseke bokgoni jwa rona jwa go ruta mme re bone gore re ka bo tokafatsa jang. Seno se ama matshelo a batho. Re ka dira eng?

3. (a) Moaposetoloi Paulo o tshwantsha tiro ya go dira morutwa wa Mokeresete le eng? (b) Jaaka baagi ba Bakeresete, ke tshiamelo efe e kgolo e re nang le yone?

3 Mo setshwantshong se sengwe, Paulo o tshwantsha go dira barutwa le tiro ya go aga kago. O simolola ka go bolela jaana: “Re badirimmogo le Modimo. Lona lo tshimo ya Modimo e e lengwang, kago ya Modimo.” (1 Bakorintha 3:9) Ka jalo re na le seabe mo tirong ya go aga e e akaretsang batho; re thusa go ba aga gore e nne barutwa ba ga Keresete. Re dira jalo re le badirimmogo le Ene yo o “agileng dilo tsotlhe.” (Bahebera 3:4) A bo e le tshiamelo jang ne! A re bone gore kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ga Paulo e a neng a e neela Bakorintha e ka re thusa jang go nna ditswerere thata mo tirong ya rona. Re tla tlhoma mogopolo segolobogolo mo ‘botswerereng jwa rona jwa go ruta.’—2 Timotheo 4:2.

Go Thaya Motheo o o Siameng

4. (a) Paulo o ne a na le seabe sefe mo tirong ya go aga ya Bokeresete? (b) Ke eng fa go ka twe Jesu le bareetsi ba gagwe ba ne ba itse botlhokwa jwa go nna le metheo e e siameng?

4 Gore kago e tlhomame le go nonofa, e tshwanetse go nna le motheo o o siameng. Ka jalo, Paulo o ne a kwala jaana: “Go ya ka bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo jo ke neng ka bo newa, ke le mokaedi yo o botlhale wa ditiro ke ne ka thaya motheo.” (1 Bakorintha 3:10) Fa Jesu Keresete a ne a dirisa setshwantsho se se tshwanang o ne a bua ka ntlo e e neng ya falola sefefo ka gonne moagi wa yone o ne a tlhophile motheo o o tiileng. (Luke 6:47-49) Jesu o ne a itse kafa motheo o leng botlhokwa ka teng. O ne a le teng fa Jehofa a thaya lefatshe.a (Diane 8:29-31) Bareetsi ba ga Jesu le bone ba ne ba tlhaloganya kafa metheo e e siameng e leng botlhokwa ka teng. E ne e le matlo a a thailweng sentle fela a a neng a ka kgona go emelana le merwalela le dithoromo tsa lefatshe tse di neng di tlhola di nna teng kwa Palesetina. Le fa go ntse jalo, motheo o Paulo a neng a akantse ka one e ne e le eng?

5. Ke mang yo e leng motheo wa phuthego ya Bokeresete mme seno se ne sa bolelelwa pele jang?

5 Paulo o ne a kwala jaana: “Ga go motho ope yo o ka thayang motheo o sele fa e se o o theilweng, o e leng Jesu Keresete.” (1 Bakorintha 3:11) E ne e se la ntlha Jesu a tshwantshiwa le motheo. Tota e bile Isaia 28:16 e ne ya bolelela pele jaana: “Morena Modimo o [bua] jaana, a re: ‘Bonang, ke thaya motheo mo Sione ka lentswe, ke lentswe le le lekilweng, ke lentswe la kgokgotsho le le tlhokegang, le le motheo o o tlhomameng.’” Jehofa o ile a rulaganya bogologolo gore Morwawe e nne motheo wa phuthego ya Bokeresete.—Pesalema 118:22; Baefeso 2:19-22; 1 Petere 2:4-6.

6. Paulo o ne a thaya jang motheo o o siameng mo Bakereseteng ba Korintha?

6 Motheo wa Mokeresete mongwe le mongwe ke eng? Jaaka Paulo a ile a bolela, Mokeresete wa boammaaruri ga a na motheo ope fa e se o o theilweng mo Lefokong la Modimo—Jesu Keresete. Ga go pelaelo gore Paulo o ile a thaya motheo o o ntseng jalo. Kwa Korintha, kwa botlhajana bo neng bo tseelwa kwa godimo thata gone, ga a ka a leka go kgatlha batho ka botlhale jwa selefatshe. Go na le moo, Paulo o ne a rera “Keresete yo o bapotsweng,” e leng selo se baditšhaba ba neng ba se tsaya e le “boeleele” fela. (1 Bakorintha 1:23) Paulo o ne a ruta gore Jesu ke ene motho wa konokono mo maikaelelong a ga Jehofa.—2 Bakorintha 1:20; Bakolosa 2:2, 3.

7. Re ka ithuta eng mo ntlheng ya go bo Paulo a ipitsa “mokaedi yo o botlhale wa ditiro”?

7 Paulo o ne a bolela gore o ne a ruta thuto e e ntseng jalo e le “mokaedi yo o botlhale wa ditiro.” Go bua jalo e ne e se go nna boikgogomoso. E ne e le fela go bontsha go itumelela neo e e molemo e Jehofa o mo fileng yone—ya go rulaganya tiro kana go e kaela. (1 Bakorintha 12:28) Ke boammaaruri gore, rona gompieno ga re na dineo tsa go dira dikgakgamatso tse Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba di neilwe. Mme re ka tswa re sa akanye gore re barutisi ba ba nang le dineo. Mme gone, re na le tsone. Akanya: Jehofa o re naya moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa. (Bapisa Luke 12:11, 12.) Mme re rata Jehofa e bile re na le kitso ka dithuto tsa motheo tsa Lefoko la gagwe. Eleruri tseno ke dineo tse di molemo tse re ka di dirisang go ruta batho ba bangwe. A re ititeyeng sehuba gore re tla di dirisa go thaya motheo o o siameng.

8. Re dira jang gore Keresete e nne motheo wa batho ba e tla nnang barutwa?

8 Fa re thaya motheo ka Keresete, ga re mo tlhalose e le leseanyana le le se nang thuso le le mo sejelong, e bile ga re mo tlhalose a lekana le Jehofa mo Tharonngweng. Nnyaa, megopolo e e ntseng jalo e e seng ya Dikwalo ke motheo wa Bakeresete ba e seng bone. Go na le moo, re ruta gore e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela, gore o ile a re ntshetsa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng, le gore gompieno ke Kgosi e e tlhomilweng ya ga Jehofa e e busang kwa legodimong. (Baroma 5:8; Tshenolo 11:15) Mme gape re leka go rotloetsa baithuti ba rona gore ba tsamaye mo dikgatong tsa ga Jesu le go etsa dinonofo tsa gagwe. (1 Petere 2:21) Re batla gore ba tlhotlhelediwe thata ke tlhoafalo ya ga Jesu ka bodiredi, tsela e a neng a utlwela batho ba ba humanegileng le ba ba gateletsweng botlhoko ka yone, kafa a neng a tlhomogela pelo baleofi ba ba ngomotsweng pelo ke melato ya bone ka teng le bopelokgale jwa gagwe jo bo sa reketleng fa a lebane le diteko. Eleruri, Jesu ke motheo o o tlhomologileng. Mme go latela eng morago ga foo?

Go Aga ka Dilo Tse di Tshwanetseng

9. Le mororo Paulo e ne e le mothei yo mogolo wa motheo, o ne a amegile ka eng malebana le ba ba neng ba amogela boammaaruri jwa se a neng a se ruta?

9 Paulo o ne a kwala jaana: “Jaanong fa mongwe a agela mo motheong gouta, selefera, maje a a botlhokwatlhokwa, dilwana tsa logong, bojang, serite, tiro ya mongwe le mongwe e tla bonatshega, gonne letsatsi le tla e bonatsa, ka gonne e tla senolwa ka molelo; mme molelo ka boone o tla bontsha tiro ya mongwe le mongwe ka go e leka gore ke ya mofuta ofe.” (1 Bakorintha 3:12, 13) Paulo o ne a kaya eng? Akanya ka se a neng a bua ka sone. Tiro ya ga Paulo thatathata e ne e le go thaya motheo. Mo maetong a gagwe a borongwa o ne a tsamaya motse le motse, a rerela batho ba le bantsi ba ba iseng ba ko ba utlwe ka Keresete. (Baroma 15:20) Fa batho ba nna ba amogela boammaaruri jo a neng a bo ruta, go ne ga tlhomiwa diphuthego. Paulo o ne a amega thata ka batho bano ba ba ikanyegang. (2 Bakorintha 11:28, 29) Le fa go ntse jalo, tiro ya gagwe e ne e mo tlhoka gore a fetele go sele. Ka jalo, fa a sena go nna dikgwedi di le 18 a thaya motheo kwa Korintha, o ne a tsamaya go ya go rera kwa metseng e mengwe. Le fa go ntse jalo, o ne a sa ntse a kgatlhegela go itse gore ba bangwe ba sala ba tswelela jang ka tiro e a e dirileng koo.—Ditiro 18:8-11; 1 Bakorintha 3:6.

10, 11. (a) Paulo o ne a bapisa jang dilo tsa go aga tse di farologaneng? (b) Ke mefuta efe ya dikago tsa mmatota tse di ka tswang di ne di le gone kwa Korintha wa bogologolo? (c) Ke dikago tsa mofuta ofe tse di ka kgonang go emelana le molelo, mme seno se ruta Bakeresete ba ba dirang barutwa eng?

10 Go bonala fa bangwe ba ba neng ba sala ba aga mo motheong o Paulo a neng a o theile kwa Korintha ba ne ba sa dire tiro e e siameng. Go senola bothata, Paulo o ne a bapisa mefuta e mebedi ya dilo tsa go aga: mo letlhakoreng le lengwe e le gauta, selefera, le maje a a tlhwatlhwakgolo; mo go le lengwe e le dilwana tsa logong, bojang le dirite. Kago e ka agiwa ka dilo tse dintle tse di thata tse di kgonang go emelana le molelo; kana e ka nna ya agiwa ka lepotlapotla go dirisiwa dilo tse di senyegang tsa nakwana le tse di shang. Ga go pelaelo gore motse o mogolo o o jaaka Korintha o ne o na le dikago tse dintsi tsa mefuta eno ka bobedi. Go ne go na le ditempele tse dintle tse di agilweng ka maje a magolo a a tlhwatlhwakgolo, gongwe bontlhanngwe jwa tsone di kgabisitswe ka gauta le selefera.b Gongwe dikago tseo tse di thata di ne di eme di tlhomologile mo megwafatsheng e e neng e bapile le tsone le mekgotshwana le megope ya borekisetso e e dirilweng ka ditlhomeso tsa logong lo lo sa rethefadiwang mme e ruletswe ka dirite.

11 Go tla diragala eng ka dikago tseno ka nako ya molelo? Karabo e ne e le mo pepeneneng mo motlheng wa ga Paulo fela jaaka go ntse le mo motlheng wa rona. Tota e bile, motse wa Korintha o no o kile wa fenngwa wa ba wa fisiwa ke Mojenerale wa Moroma e bong Mummius morago kwa ka 146 B.C.E. Ga go pelaelo gore dikago tse dintsi tsa logong, bojang, kana dirite di ile tsa senngwa gotlhelele. Go tweng ka dikago tse di nonofileng tsa maje, tse di kgabisitsweng ka selefera le gauta? Kwantle ga pelaelo tsone di ile tsa falola. Baithuti ba ga Paulo ba kwa Korintha ba ka tswa ba ne ba aga ba feta dikago tseo letsatsi le letsatsi—dikago tse di thata tse di ileng tsa falola tshenyo e e neng e sa bolo go ripitla dikago tse di sa nonofang tse di neng di bapile le tsone. Ka jalo he, a bo Paulo a ile a phepafatsa ntlha ya gagwe sentle jang ne! Fa re ruta, re tshwanetse go itsaya re le baagi. Re batla go aga ka dilo tse di molemo thata, tse di nonofileng go di feta tsotlhe. Ka tsela eo tiro ya rona e ka kgona go nnela ruri. Dilo tseo tsa go aga tse di nonofileng ke eng, mme ke eng fa go le botlhokwa go di dirisa?

A Tiro ya Gago e Tla Emelana le Molelo?

12. Ke jang bangwe ba Bakeresete ba Korintha ba ileng ba se ka ba dira tiro ya go aga ka kelotlhoko?

12 Ga go pelaelo gore Paulo o ne a ikutlwa gore Bakeresete bangwe kwa Korintha ba ne ba sa age sentle. Mathata e ne e le eng? Jaaka ditemana tse di dikologileng kgang eno di bontsha, phuthego e ne e tletse ka dikgaogano, go tseela batho bangwe kwa godimo le mororo seno se ne se ka nna sa senya kutlwano ya phuthego. Bangwe ba ne ba re, “[Nna] ke wa ga Paulo,” fa ba bangwe bone ba ne ba gatelela gore, “Nna ke wa ga Apolose.” Go bonala fa bangwe ba ne ba tseela botlhale jwa bone kwa godimo thata. Ga go gakgamatse go bo go ile ga felela ka gore go nne le moya wa go akanya ka tsela ya senama, go se gole mo semoyeng le “lefufa le dikgogakgogano” tse dintsi. (1 Bakorintha 1:12; 3:1-4, 18) Ga go pelaelo gore maikutlo ano a ne a bonala mo go se se neng se rutwa mo phuthegong le mo bodireding. Matswela e ne ya nna gore ba se ka ba dira tiro ya bone ya go dira barutwa ka kelotlhoko, go tshwana fela le kago e e dirwang ka dilo tse di bokoa. E ne e se kitla e falola “molelo.” Paulo o ne a bua ka molelo ofe?

13. Molelo mo setshwantshong sa ga Paulo o emela eng, mme ke eng se Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go se itse?

13 Go na le molelo o rotlhe re lebanang le one mo botshelong—go lekwa ga tumelo ya rona. (Johane 15:20; Jakobe 1:2, 3) Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba tshwanetse go itse, fela jaaka le rona re tshwanetse go itse, gore mongwe le mongwe yo re mo rutang boammaaruri o tla lekwa. Fa re sa rute sentle, go ka nna ga nna le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko. Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Fa tiro ya mongwe e a e agetseng mo go one e sala, o tla amogela maduo; fa tiro ya mongwe e jewa ka molelo, o tla latlhegelwa, mme ene ka boene o tla bolokwa; lefa go ntse jalo, fa go ka nna jalo, e tla nna jaaka e kete ka molelo.”c—1 Bakorintha 3:14, 15.

14. (a) Bakeresete ba ba dirang barutwa ba ka “latlhegelwa” jang, mme ba ka bolokiwa jang e kete ka molelo? (b) Re ka fokotsa jang kotsi ya go latlhegelwa?

14 A bo e le mafoko a a nametsang pelo jang ne! Go ka nna botlhoko thata go dira ka natla go thusa motho go nna morutwa mme kwa morago o bo o mmona a ineela mo thaelong kana a ineela ka ntlha ya pogiso mme kgabagare a bo a tlogela tsela ya boammaaruri. Paulo o dumela seo fa a re, re a latlhegelwa mo dikgannyeng tse di ntseng jalo. Tiragalo eo e ka nna ya bo e le botlhoko thata jaana mo e leng gore poloko ya rona e tlhalosiwa e le “e kete ka molelo”—jaaka monna yo o latlhegelwang ke sengwe le sengwe mo molelong mme ene ka boene a falola ka tshoba la mogodu. Rona re ka fokotsa jang kotsi ya go latlhegelwa? Ka go aga ka dilo tse di sa sheng! Fa re ruta baithuti ba rona ka tsela ya gore re fitlhelele dipelo tsa bone, re ba tlhotlheletsa go nna le dinonofo tse di botlhokwa tsa Bokeresete tse di jaaka botlhale, temogo, go boifa Jehofa le tumelo ya mmatota, ka go dira jalo re aga ka dilo tse di nnelang ruri, dilo tse di sa sheng. (Pesalema 19:9, 10; Diane 3:13-15; 1 Petere 1:6, 7) Batho ba ba nnang le dinonofo tseno ba tla tswelela ba dira go rata ga Modimo; ba na le tsholofelo e e tlhomameng ya go tshelela ruri. (1 Johane 2:17) Le fa go ntse jalo, re ka dirisa setshwantsho sa ga Paulo jang ka tsela e e molemo? Sekaseka dikai dingwe.

15. Re ka tlhomamisa ka ditsela dife gore re tila go se nne kelotlhoko fa re dira tiro ya go aga baithuti ba rona ba Baebele?

15 Fa re ruta baithuti ba Baebele, le ka motlha ga re a tshwanela go tlotlomatsa batho re sa tlotlomatse Jehofa Modimo. Mokgele wa rona ke go ba ruta gore ba se ka ba tsaya gore botlhale bo tswa mo go rona. Re batla gore ba ikanye Jehofa, Lefoko la gagwe, le phuthego ya gagwe go ba kaela. Ka go dira jalo, ga re ba bolelele se rona re se akanyang fa re araba dipotso tsa bone. Go na le moo, re ba ruta go bona dikarabo ka go dirisa Baebele le dikgatiso tse “motlhanka yo o botlhale le yo o bonokopela” a re di nayang. (Mathaio 24:45-47) Ka ntlha ya mabaka a a tshwanang, re batla go nna kelotlhoko gore re se ka ra dira gore batho ba re ithutang Baebele le bone e nne batho ba rona fela. Go na le gore re tenege fa batho ba bangwe ba kgatlhegela batho ba re ithutang le bone, re tshwanetse go ba kgothaletsa gore ba ‘pitlologe’ mo loratong lwa bone ka go leka go itse le go anaanela batho ba le bantsi ka mo ba ka kgonang ka teng mo phuthegong.—2 Bakorintha 6:12, 13.

16. Bagolwane ba ka aga jang ka dilo tse di sa sheng?

16 Bagolwane ba Bakeresete le bone ba na le seabe se segolo mo go ageng barutwa. Fa ba ruta fa pele ga phuthego, ba leka go aga ka dilo tse di sa sheng. Bokgoni jwa bone jwa go ruta, maitemogelo a bone le botho jwa bone bo ka nna jwa farologana thata, mme le fa go ntse jalo, ga ba dirise go farologana gono ga bone go ikgapela balatedi. (Bapisa Ditiro 20:29, 30.) Ga re itse sentle gore ke eng fa bangwe kwa Korintha ba ne ba re “[Nna] ke wa ga Paulo” kana “Nna ke wa ga Apolose.” Mme re ka tlhomamisega gore ga go ope wa bagolwane bano ba ba ikanyegang yo o ileng a rotloetsa mogopolo o ntseng jalo o o bakang dikgaogano. Paulo o ne a sa forwe ke dipuo tse di ntseng jalo; o ne a di kgala a menne phatla. (1 Bakorintha 3:5-7) Le gompieno, bagolwane ga ba lebale gore ke badisa ba “letsomane la Modimo.” (1 Petere 5:2) Ga se letsomane la motho ope. Ka jalo bagolwane ba thibela mokgwa ope fela wa gore go nne le motho mongwe yo o renang mo godimo ga letsomane kana setlhopha sa bagolwane. Fa fela bagolwane ba tlhotlhelediwa ke keletso ya boikokobetso ya go batla go direla phuthego, go ama dipelo tsa dinku le go di thusa go direla Jehofa ka moya otlhe, ba tla bo ba aga ka dilo tse di emelanang le molelo.

17. Batsadi ba Bakeresete ba leka jang go aga ka dilo tse di sa sheng?

17 Batsadi ba Bakeresete le bone ba amegile thata ka kgang eno. A bo ba eletsa thata jang ne go bona bana ba bone ba tshelela ruri! Ke ka lebaka leo ba dirang ka natla jaana go “tsenya” (NW) melaometheo ya Lefoko la Modimo mo dipelong tsa bana ba bone. (Duteronome 6:6, 7) Ba batla gore bana ba bone ba itse gore boammaaruri ga se fela melao e e tlhomilweng kana mabaka a a boelediwang, mme ke tsela ya botshelo e e nang le bokao, e e duelang le e e itumedisang. (1 Timotheo 1:11) Gore batsadi ba ba lorato ba age bana ba bone go nna barutwa ba ba ikanyegang ba ga Keresete, ba leka go dirisa dilo tse di sa sheng mo molelong. Ba dira le bana ba bone ka bopelotelele, ba ba thusa go tlogela dinonofo tse Jehofa a di ilang le go tlhagolela tse a di ratang.—Bagalatia 5:22, 23.

Ke Boikarabelo Jwa ga Mang?

18. Fa morutwa a gana thuto e e itekanetseng, ke eng fa go sa reye gore tota ke molato wa batho ba ba neng ba leka go mo ruta le go mo thapisa?

18 Motlotlo ono o tsosa potso e e botlhokwa. Fa motho mongwe yo re lekang go mo thusa a fapoga mo boammaaruring, a go raya gore re ile ra palelwa go nna barutisi ba ba molemo—gore re ka tswa re ile ra aga ka dilo tse di bokoa? Go ka nna ga bo go sa nna jalo. Mafoko a ga Paulo a re gakolola gore ke boikarabelo jo bogolo go nna le seabe mo tirong ya go aga barutwa. Re batla go dira gotlhe mo re ka go kgonang go aga sentle. Mme Lefoko la Modimo ga le re boikarabelo jotlhe bo wela mo magetleng a rona le gore re ikutlwe re le molato thata fa batho ba re batlang go ba thusa ba fapoga mo boammaaruring. Go na le dilo tse dingwe tse di akarediwang kwantle ga seabe sa rona sa go nna baagi. Ka sekai, ela tlhoko se Paulo a se bolelang le e leng ka morutisi yo o sa dirang sentle mo tirong eno ya go aga: “O tla latlhegelwa, mme ene ka boene o tla bolokwa.” (1 Bakorintha 3:15) Fa e le gore motho yono kgabagare o tla bolokwa—le mororo botho jwa Bokeresete jo a neng a leka go bo aga mo moithuting wa gagwe bo tshwantshiwa le go “jewa ka molelo” mo tekong ya molelo—re ka swetsa ka goreng? Ga go pelaelo gore, Jehofa o tsaya moithuti e le ene yo o rwalang boikarabelo jo bogolo jwa ditshwetso tse a itiretseng tsone malebana le gore a o tla latela tsela e e siameng kana nnyaa.

19. Ke eng se re tla se sekasekang mo setlhogong se se latelang?

19 Go botlhokwa thata gore mongwe le mongwe a rwale boikarabelo jwa gagwe. Go ama mongwe le mongwe wa rona. Totatota, Baebele e ruta eng ka kgang eno? Setlhogo sa rona se se latelang se tla sekaseka seno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Fa go twe ‘motheo wa lefatshe’ go ka nna ga bo go tewa maatla a tlholego a a tshwereng lefatshe le dinaledi tsotlhe tsa legodimo di le mo maemong a tsone. Mo godimo ga moo, lefatshe le bopilwe ka tsela ya gore le ka motlha le ka se ka la “tshikinngwa,” kana la senngwa.—Pesalema 104:5.

b “Maje a a botlhokwatlhokwa” a Paulo a neng a bua ka one a ka tswa a ne a sa kaye mabenyane a a jaaka diteemane le dirubi. E ka tswa e ne e le maje a a tlhwatlhwakgolo a go agiwang ka one a a jaaka mmabole, alebasetara, kana keranaete.

c Paulo o ne a sa belaele gore moagi o tla bolokiwa go na le moo o ne a belaela “tiro” ya gagwe. The New English Bible e ranola temana eno jaana: “Fa kago ya motho e ka ema, o tla duelwa; fa e sha, o tla tshwanela gore a itshokele ditshenyegelo; mme le fa go ntse jalo o tla falola ka botshelo jwa gagwe, jaaka motho a ka falola mo molelong.”

O ne O ka Araba Jang?

◻ “Motheo” wa Mokeresete wa boammaaruri ke eng, mme o theiwa jang?

◻ Ke eng se re ka se ithutang ka mefuta e e farologaneng ya dilo tsa go aga?

◻ “Molelo” o emela eng, mme o ka dira jang gore batho ba bangwe ba “latlhegelwe”?

◻ Batho ba ba rutang Baebele, bagolwane le batsadi ba ka aga jang ka dilo tse di sa sheng?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Mo metseng e mentsi ya bogologolo, go ne go na le dikago tse di sa sheng tse di agilweng ka maje di bapile le dikago tse di bokoa thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela