Nnang lo Direle Poloko ya Lona!
“Baratwa, . . . nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.”—BAFILIPI 2:12.
1, 2. Ke dikakanyo dife tse di tumileng tse di dirang gore batho ba le bantsi ba akanye gore ba ka se ka ba kgona go laola kafa matshelo a bone a tla nnang ka teng?
“A O TSETSWE o ntse jalo?” Bosheng jaana potso eo e ne ya kwalwa ka ditlhaka tse dikgolo mo tsebeng e e kafa ntle ya makasine o o tumileng. Kafa tlase ga setlhogo se segolo seo go ne ga tlhaga mafoko ano: “Botho, boikutlo tota le ditlhopho tse o di dirang mo botshelong. Dipatlisiso tse disha di bontsha gore bontsi jwa dilo tseno di mo dijining tsa gago.” Dipolelo tse di ntseng jalo di ka dira gore batho bangwe ba akanye gore ba ka se kgone go laola tsela e ba tshelang ka yone.
2 Ba bangwe ba boifa gore tsela e e maswe e batsadi ba bone ba ba godisitseng ka yone kana tsela e e bokoa e barutabana ba bone ba ba rutileng ka yone e tla dira gore ba nne le botshelo jo bo sa itumediseng. Ba ka nna ba akanya gore ba laoletswe go boeletsa diphoso tsa batsadi ba bone, go latela maikutlo a bone a a maswe thata, go se ikanyege mo go Jehofa—ka mafoko a mangwe, go dira ditshwetso tse di sa siamang. A ke se Baebele e se rutang? Kwantle ga pelaelo, go na le batho bangwe ba bodumedi ba ba gatelelang gore Baebele e ruta sengwe se se tshwanang le seno, thuto ya taolelogale. Go ya ka thuto eno, Modimo ga a bolo go go laolela sengwe le sengwe se se tla go diragalelang mo botshelong.
3. Baebele e na le molaetsa ofe o o kgothatsang malebana le bokgoni jo re nang le jone jwa go rwala maikarabelo a isagwe ya rona?
3 Megopolo eno e e farologaneng, yotlhe e na le molaetsa o le mongwe o o tshwanang: Ga go na se o ka se dirang, o ka se ka wa kgona go laola tsela e botshelo jwa gago bo tla nnang ka yone. Molaetsa oo o kgoba marapo tota, a ga go jalo, mme go kgobega marapo go gakatsa bothata. Diane 24:10 e bolela jaana: “Fa o [kgobega marapo, NW] mo motlheng wa pitlagano, nonofo ya gago e a be e le potlana.” Le fa go ntse jalo, re kgothadiwa ke go itse gore, go ya ka Baebele, re ka ‘direla poloko ya rona.’ (Bafilipi 2:12) Re ka nonotsha jang tumelo ya rona mo thutong eno e e molemo ya Dikwalo?
Tiro ya go “Aga” E re E Dirang mo go Rona ka Namana
4. Le mororo 1 Bakorintha 3:10-15 e bua ka go aga ka dilo tse di sa sheng, ke eng se seno se sa se kayeng?
4 Akanya ka setshwantsho sa ga moaposetoloi Paulo se se mo go 1 Bakorintha 3:10-15. Moo o bua ka tiro ya go aga ya Mokeresete, mme thuto ya setshwantsho sa gagwe e ka dirisiwa mo bodireding jwa mo teng le jwa kwa ntle. A o raya gore tshwetso e kgabagare morutwa a e tsayang ya go direla Jehofa le go tswelela a ikanyega e ikaegile gotlhelele ka ba ba mo rutileng le go mo thapisa? Nnyaa. Paulo o ne a gatelela botlhokwa jwa gore motho yo o rutang a dire gotlhe mo a ka go kgonang mo tirong eo ya go aga. Mme jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, o ne a sa bolele gore moithuti kana morutwa a ka se ka a itlhophela mo kgannyeng eno. Ke boammaaruri gore setshwantsho sa ga Paulo se remeletse thata mo tirong e re e dirang mo go ba bangwe, e seng go ikaga rona ka namana. Go ntse jalo ka gonne Paulo o tlhalosa gore kago e e sa agiwang sentle e a senngwa fa moagi ene a falola. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe Baebele e dirisa sone sekapuo seno go tlhalosa tiro e re e dirang mo go rona ka namana.
5. Ke Dikwalo dife tse di bontshang gore Bakeresete ba tshwanetse go “ikaga” bone ka bobone?
5 Ka sekai, akanya ka Jude 20, 21: “Lona baratwa, ka go ikaga mo tumelong ya lona e e boitshepotshepo, le go rapela ka moya o o boitshepo, ipolokeng mo loratong lwa Modimo.” Jude fano o dirisa lone lefoko la Segerika la “go aga” le Paulo a le dirisitseng mo go 1 Bakorintha kgaolo 3, mme go bonala fa ene a bontsha gore re ikage mo motheong wa tumelo ya rona. Fa Luke a kwala ka setshwantsho sa ga Jesu sa monna yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng, o dirisa lone lefoko la Segerika la “motheo” le Paulo a le dirisang mo setshwantshong sa gagwe sa tiro ya Mokeresete ya go aga. (Luke 6:48, 49) Mo godimo ga moo, Paulo o dirisa sekapuo sa go tlhomiwa mo “motheong” fa a kgothatsa Bakeresetekaene gore ba gatele pele mo semoyeng. Ee, Lefoko la Modimo le ruta gore re dira tiro ya go “aga” mo go rona ka namana.—Baefeso 3:15-19; Bakolosa 1:23; 2:7.
6. (a) Tshwantsha kafa morutwa mongwe le mongwe wa Mokeresete a nnang teng ka ntlha ya tiro ya go aga e e kopanetsweng. (b) Morutwa mongwe le mongwe o na le boikarabelo bofe?
6 A go aga Mokeresete ke tiro ya motho a le mongwe? A re re o batla go aga ntlo. O ya kwa motlhaming wa dipolane gore a go direle dipolane. Le fa o ikaeletse go dira bontsi jwa tiro ka bowena, o hira moagi gore a go thuse le go go naya dikgakololo malebana le ditsela tse di botoka tsa go aga. Fa a ka thaya motheo o o nonofileng, a go thusa go tlhaloganya dipolane, a go akantsha gore o reke dilo tsa go aga tse di molemo, le e leng go go ruta dilo di le dintsi ka tiro ya go aga, kwantle ga pelaelo o tla dumela gore o dirile tiro e e molemo. Mme go tweng fa o ne o ka itlhokomolosa kgakololo ya gagwe, o reka dilo tsa go aga tse di tlhwatlhwatlase kana tse di bokoa le e leng go tlhokomologa dipolane tsa motlhami wa dipolane? Tota o ka se ka wa bona moagi kana motlhami wa dipolane molato fa ntlo eo e ka wa! Ka mo go tshwanang, morutwa mongwe le mongwe wa Mokeresete o nna teng ka ntlha ya tiro ya go aga e e kopanetsweng. Jehofa ke motlhami wa dipolane yo mogolo. O tshegetsa Mokeresete yo o ikanyegang, yo jaaka mongwe wa “badirimmogo le Modimo” a rutang le go aga moithuti. (1 Bakorintha 3:9) Mme moithuti le ene o na le seabe. Kgabagare ke ene a tla rwalang boikarabelo jwa tsela ya gagwe ya botshelo. (Baroma 14:12) Fa a batla go nna le dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete, o tshwanetse go dira ka natla gore a nne le tsone, a di age mo go ene.—2 Petere 1:5-8.
7. Bakeresete bangwe ba lebana le dikgwetlho dife, mme ke eng se se ka ba gomotsang?
7 A mme seno se kaya gore dijini, mo re nnang teng, le dinonofo tsa batho ba ba re rutileng ga di kaye sepe? Le e seng. Lefoko la Modimo le tsaya dilo tseno tsotlhe di le botlhokwa e bile di na le tlhotlheletso. Bontsi jwa mekgwa e e bosula le e e sa siamang re tsetswe re na le yone mme go ka nna boima go e lwantsha. (Pesalema 51:5; Baroma 5:12; 7:21-23) Thapiso ya batsadi le legae le bana ba golelang mo go lone di ka ba ama thata—ka tsela e e molemo kana e e bosula. (Diane 22:6; Bakolosa 3:21) Jesu o ne a kgala baeteledipele ba bodumedi jwa Sejuda ka ntlha ya tsela e dithuto tsa bone di neng di ama batho ba bangwe ka yone. (Mathaio 23:13, 15) Gompieno, dilo tse di ntseng jalo di a re ama rotlhe. Ka sekai, bangwe ba batho ba Modimo ba lebana le dikgwetlho ka ntlha ya tsela e e boima e ba godileng ka yone. Batho bano ba tlhoka bopelonomi jwa rona le kutlwelobotlhoko ya rona. Mme ba ka gomodiwa ke molaetsa wa Baebele wa gore ga ba a atlholelwa go boeletsa diphoso tsa batsadi ba bone kana go nna batho ba ba sa ikanyegeng. Ela tlhoko kafa dikgosi dingwe tsa Juda di ileng tsa supa ntlha eno ka gone.
Dikgosi Tsa Juda—Di Ile Tsa Itlhophela
8. Rraagwe Jothame e ne e le sekao se se maswe jang mo go ene, le fa go ntse jalo o ne a dira tlhopho efe?
8 Usia o ne a nna kgosi ya Juda a sa ntse a le mmotlana thata a le dingwaga di le 16 mme a busa dingwaga di le 52. Bontsi jwa nako eno o ne a e fetsa “a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Amasia rraagwe o ne a di dirile.” (2 Dikgosi 15:3) Jehofa o ne a mo segofatsa ka go dira gore a fenye thata mo dintweng. Mme ka maswabi, katlego eno e ne ya dira gore Usia a nne mabela. O ne a ikgogomosa mme a tsuologela Jehofa ka go isa maswalo mo aletareng ya tempele, a dira tiro e e leng ya baperesiti fela. Usia o ne a kgalemelwa mme a galefa. Morago ga foo, o ne a nyenyefadiwa—a itewa ka lepero mme a patelesega go tshela botshelo jwa gagwe jotlhe a itlhaotse mo bathong. (2 Ditirafalo 26:16-23) Morwawe e bong Jothame o ne a tsibogela jang dilo tseno tsotlhe? Go ne go ka nna motlhofo gore lekawana leno le tlhotlhelediwe ke rraagwe e bile o ne a ka nna a gana kotlhao ya ga Jehofa. Batho ka kakaretso ba ne ba ka nna ba nna le tlhotlheletso e e sa siamang mo go ene ka gonne ba ile ba tswelela ka go dira ditiro tse di sa siamang tsa bodumedi. (2 Dikgosi 15:4) Mme Jothame o ne a itirela tlhopho ya gagwe ka namana. “A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.”—2 Ditirafalo 27:2.
9. Dingwe tsa dilo tse di molemo tse di neng di ka tlhotlheletsa Ahase ke dife, mme botshelo jwa gagwe bo ne jwa felela jang?
9 Jothame o ne a busa ka dingwaga di le 16, a nna a ikanyega mo go Jehofa ka dinako tsotlhe. Ka jalo, morwawe e bong Ahase, o ne a na le sekao se sentle sa rre yo o ikanyegang. Mme Ahase o ne a na le dilo tse dingwe tse di neng di ka mo tlhotlheletsa ka tsela e e molemo. O ne a le lesego go ka tshela mo nakong e baporofeti ba ba ikanyegang e bong Isaia, Hosea le Mika ba neng ba porofeta ka tlhagafalo mo lefatsheng ka yone. Le fa go ntse jalo, o ne a dira tlhopho e e maswe. “Ga a ka a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa jaaka Dafite rraagwe.” O ne a dira ditshwantsho tsa ga Baale mme a di obamela a ba a fisa bangwe ba barwa ba gagwe go nna ditlhabelo tsa molelo tsa medimo ya boheitane. Le fa gone a ne a na le tlhotlheletso e e molemo go di gaisa tsotlhe, o ne a palelwa gotlhelele ke go nna kgosi le motlhanka yo o molemo wa ga Jehofa.—2 Ditirafalo 28:1-4.
10. Ahase e ne e le rre yo o ntseng jang, mme gone morwawe e bong Hesekia o ne a dira tlhopho e e ntseng jang?
10 Fa re leba dilo go ya ka kobamelo e e itshekileng, go thata go ka akanya ka rre yo o bosula go gaisa Ahase. Le fa go ntse jalo, morwawe Hesekia ga a ka a tlhopha tsela eo ya gagwe! Go ka nna ga direga gore barwa ba bannye ba Ahase a neng a ba bolaya go nna ditlhabelo tsa ga Baale e ne e le bomorwarraagwe Hesekia ka namana. A tsela e e bosula e Hesekia a godileng ka yone e ne ya dira gore a se ka a ikanyega mo go Jehofa? Nnyaa, Hesekia o ne a nna mongwe wa dikgosi di sekae tse di molemo tsa Juda—monna yo o ikanyegang, yo o botlhale le yo o ratiwang. “Jehofa o ne a nna nae.” (2 Dikgosi 18:3-7) Tota e bile, go na le lebaka la go dumela gore fa Hesekia a sa ntse a le kgosana, o ne a nna mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Pesalema ya bo119. Fa e le gore go ntse jalo, ga go thata go bona lebaka la go bo a ile a kwala mafoko ano: “Ke nyera mowa ka go imelesega.” (Pesalema 119:28) Le fa Hesekia a ne a na le mathata a a mo imetsang, o ne a dira gore Lefoko la ga Jehofa le mo kaele mo botshelong. Pesalema 119:105 e bolela jaana: “Lefoko la gago ke lobone lwa dinao tsa me, le lesedi la tsela ya me.” Ee, Hesekia o ne a itirela tlhopho ya gagwe ka namana—tlhopho e e siameng.
11. (a) Manase o ne a tsuologela Jehofa jang ka tsela e e feteletseng le mororo rraagwe a ile a nna tlhotlheletso e e molemo? (b) Manase o ne a dira tlhopho efe kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe, mme ke eng se re ka se ithutang mo go seno?
11 Le fa go ntse jalo, go farologana le boemo joo, go tloga mo kgosing e e molemo thata ya Juda go ne ga tlhaga kgosi e e bosula go di feta tsotlhe. Morwawe Hesekia e bong Manase o ne a rotloetsa kobamelo ya medimo ya disetwa, tirisabadimo le thubakanyo e e feteletseng. Pego e bolela gore “Jehofa a bua le Manase le batho ba gagwe,” go bonala a ne a dira jalo ka baporofeti. (2 Ditirafalo 33:10) Go ya ka ditiragalo tsa Bajuda, Manase o ne a arabela ka go dira gore Isaia a fatoganngwe ka sage. (Bapisa Bahebera 11:37.) Le fa e ka tswa e le gore seo se boammaaruri kana nnyaa, Manase o ne a gana go reetsa ditlhagiso tsa Modimo. Tota e bile, o ne a dira gore bangwe ba barwa ba gagwe ba fisiwe ba ntse ba tshela go nna ditlhabelo, fela jaaka rraagwemogolo ebong Ahase a ne a dira. Le fa go ntse jalo, moragonyana mo botshelong, fa monna yono yo o bosula a ne a lebane le diteko tse di botlhoko, o ne a ikwatlhaya mme a fetola ditsela tsa gagwe. (2 Ditirafalo 33:1-6, 11-20) Sekai sa gagwe se re ruta gore ga go reye gore motho yo o dirileng tlhopho e e sa siamang a ka se ka a itharabologelwa. A ka fetoga.
12. Amone le morwawe e bong Josia ba ne ba tlhopha ditsela dife tse di sa tshwaneng malebana le go direla Jehofa?
12 Morwa Manase e bong Amone a ka bo a ile a ithuta go le gontsi mo boikwatlhaong jwa ga rraagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a dira tlhopho e e sa siamang. Tota ebile, Amone o ne a “tswelela a tlola bogolo” go fitlha kgabagare a bolawa. Morwawe e bong Josia o ne a farologana le ene ka tsela e e itumedisang. Go bonala fa Josia a ile a tlhopha go ithuta mo go se se diragaletseng rraagwemogolo. O ne a simolola go busa a le mmotlana a na le dingwaga di le robedi fela. Fa a ne a le dingwaga di le 16 fela, o ne a simolola go batla Jehofa mme morago ga foo a itshupa e le kgosi e e tlhomang sekao le e e ikanyegang. (2 Ditirafalo 33:20–34:5) O ne a dira tlhopho—tlhopho e e siameng.
13. (a) Re ithutile eng mo dikgosing tsa Juda tse re di sekasekileng? (b) Thapiso ya batsadi e botlhokwa go le kana kang?
13 Tshekatshekonyana eno ya dikgosi tse supa tsa Juda e re ruta thuto e e nonofileng. Mo makgetlong mangwe, dikgosi tse di bosula thata di ile tsa nna le barwa ba ba molemo mme kafa letlhakoreng le lengwe, dikgosi tse di molemo di nnile le barwa ba ba bosula thata. (Bapisa Moreri 2:18-21.) Seno ga se nyenyefatse botlhokwa jwa thapiso ya batsadi. Batsadi ba ba thapisang bana ba bone go ya ka tsela ya ga Jehofa ruri ba naya bana ba bone tshono e e molemo go di gaisa tsotlhe ya gore ba nne batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. (Duteronome 6:6, 7) Le fa go ntse jalo, bana bangwe ba tlhopha go latela tsela e e sa siamang le mororo batsadi ba bone ba ba ikanyegang ba ile ba dira maiteko a a molemo. Bana ba bangwe bone, le fa ba nnile le tlhotlheletso e e bosula thata ya batsadi, ba tlhopha go rata Jehofa le go mo direla. Ka ntlha ya masego a gagwe botshelo jwa bone bo a atlega. A ka dinako tse dingwe o a tle o ipotse gore go tla nna jang mo kgannyeng ya gago? Fa go le jalo, akanya ka dingwe tsa ditsela tse Jehofa a go tlhomamisetsang ka tsone gore o ka kgona go dira tlhopho e e siameng!
Jehofa O a Go Ikanya!
14. Re itse jang gore Jehofa o tlhaloganya ditlhaelo tsa rona?
14 Jehofa o bona sengwe le sengwe. Diane 15:3 e bolela jaana: “Matlho a ga Jehofa a mo mafelong otlhe, a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.” Kgosi Dafide o ne a bolela jaana ka Jehofa: “Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me, tse di neng di ntse di bopiwa ka letsatsi le letsatsi, le mororo go ise go nne epe ya tsone.” (Pesalema 139:16) Ka jalo Jehofa o itse mekgwa e e sa siamang e o lwantshanang le yone—e ka tswa e le gore o e gotsitse kana o nnile le yone ka ntlha ya ditlhotlheletso tse dingwe tse o neng o ka se ka wa di laola. O tlhaloganya sentle gore dilo tseno di ile tsa go ama jang. O tlhaloganya ditlhaelo tsa gago botoka go na le kafa wena ka bowena o di tlhaloganyang ka teng. O kutlwelobotlhoko. Le ka motlha ga a ke a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona.—Pesalema 103:13, 14.
15. (a) Sengwe sa dilo tse di gomotsang batho ba ba ileng ba utlwisiwa botlhoko ka boomo ke ba bangwe ke sefe? (b) Jehofa o tlotla mongwe le mongwe wa rona ka go re naya boikarabelo bofe?
15 Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa ga a re tseye re le batho fela ba ba ka se kang ba itirela sepe. Fa e le gore re ile ra diragalelwa ke sengwe se se bosula mo nakong e e fetileng, re ka nna ra gomodiwa ke go bo Jehofa a re tlhomamisetsa gore o ila boitshwaro jotlhe jo bo utlwisang botlhoko. (Pesalema 11:5; Baroma 12:19) Mme gone, a o tla re tlogela fela fa ka boomo re fapoga mme re tlhopha tsela e e sa siamang? Nnyaa. Lefoko la gagwe la re: “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5) Jehofa o tlotla mongwe le mongwe wa dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale ka go mo naya boikarabelo jwa go dira se se siameng le go mo direla. Go ntse fela jaaka Moshe a ile a raya setšhaba sa Iseraele a re: “Ke lo biletsa legodimo le lefatshe gompieno go supa ka ga lona, fa ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele, wena le losika lwa gago.” (Duteronome 30:19) Jehofa o tshepa gore le rona re ka dira tlhopho e e siameng. Re itse seo jang?
16. Re ka atlega jang go ‘direla poloka ya rona’?
16 Ela tlhoko se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala: “Ka gone, baratwa, . . . nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma; gonne Modimo ke one o o dirang mo teng ga lona, ka ntlha ya natefelelo ya one e e molemo, e le gore lo rate lo bo lo dire.” (Bafilipi 2:12, 13) Lefoko la Segerika sa ntlhantlha le le ranotsweng fano e le ‘direlang’ le kaya go wetsa sengwe. Ka jalo ga go ope wa rona yo o laoletsweng go palelwa kana go tlogela. Jehofa Modimo o tshwanetse a bo a tshepa gore re tla kgona go fetsa tiro e a re e neileng—tiro e e tla dirang gore re bolokwe—fa go ne go se jalo o ka bo a sa tlhotlheletsa polelo e e ntseng jalo go kwalwa. Mme re tla atlega jang? Ga se ka maatla a rona. Fa re ne re ka bo re nonofile ka borona, go ka bo go sa tlhokege go ‘boifa le go roroma.’ Go na le moo, Jehofa o ‘dira mo teng ga rona,’ moya wa gagwe o o boitshepo o dira mo megopolong le mo dipelong tsa rona, o re thusa go ‘rata le go dira.’ Ka thuso eo e e lorato, a go na le lebaka la gore re se ka ra dira tlhopho e e siameng mo botshelong le go e kgomarela? Nnyaa!—Luke 11:13.
17. Re ka dira diphetogo dife, mme Jehofa o re thusa jang go dira jalo?
17 Re tla nna le dikgoreletsi tse re tshwanetseng go di fenya—gongwe e le mekgwa e e bosula e re nnileng le yone botshelo jotlhe jwa rona le dilo tse di sa siamang tse di ka senyang megopolo ya rona. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya moya wa ga Jehofa, re ka di fenya! Jaaka Paulo a ile a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha, Lefoko la Modimo le nonofile go ka pitikolola le e leng “dilo tse di epetsweng kwa teng thata.” (2 Bakorintha 10:4) Tota e bile, Jehofa a ka re thusa go dira diphetogo tse dikgolo. Lefoko la gagwe le re kgothaletsa gore re “latlhe botho jwa bogologolo” mme re “apare botho jo bosha jo bo neng jwa tlholwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi jo bo nitameng.” (Baefeso 4:22-24) A tota moya wa ga Jehofa o ka re thusa go dira diphetogo tse di ntseng jalo? Ee! Moya wa Modimo o dira gore re nne le maungo—dinonofo tse di botlhokwa tse rotlhe re batlang go di tlhagolela. Ya ntlha mo go tsone ke lorato.—Bagalatia 5:22, 23.
18. Motho mongwe le mongwe yo o akanyang sentle a ka kgona go dira tlhopho efe, mme seno se tshwanetse go re thusa go ititaya sehuba go dira eng?
18 Seo ke boammaaruri jo bogolo jo bo nametsang pelo. Jehofa Modimo o na le lorato lo lo sa lekanyediwang, mme rona re bopilwe mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:26; 1 Johane 4:8) Ka jalo re ka tlhopha go rata Jehofa. Mme lorato loo—e seng botshelo jwa rona jwa nako e e fetileng, e seng diphoso tse re iphitlhetseng re na natso, e seng go rata go dira dilo tse di sa siamang go re go gotsitseng—ke lone senotlolo sa isagwe ya rona. Adame le Efa ba ne ba tlhoka go rata Jehofa Modimo gore ba tle ba nne ba ikanyega mo tshimong ya Edena. Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka lorato lo lo ntseng jalo go falola Aramagedona le go falola teko ya bofelo ya bokhutlo jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. (Tshenolo 7:14; 20:5, 7-10) Mongwe le mongwe wa rona a ka tlhagolela lorato lo lo ntseng jalo, le fa maemo a rona a ka tswa a ntse jang. (Mathaio 22:37; 1 Bakorintha 13:13) A re ititeyeng sehuba go rata Jehofa le go aga lorato loo ka bosaengkae.
O Akanya Jang?
◻ Ke dikgopolo dife tse di tumileng tse di sa dumalaneng le thuto e e molemo ya Baebele e e malebana le boikarabelo jo mongwe le mongwe a nang najo?
◻ Ke tiro efe ya go aga e Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go e dira mo go ene ka namana?
◻ Dikai tsa dikgosi tsa Juda di supa jang gore mongwe le mongwe o itirela tlhopho ya gagwe?
◻ Jehofa o re tlhomamisetsa jang gore re ka kgona go tlhopha ditsela tse di siameng mo botshelong le mororo re ka tswa re dikologilwe ke tlhotlheletso e e sa siamang?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
A isagwe ya gago e laolwa ke dijini?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Le mororo rraagwe Kgosi Josia e ne e le sekao se se maswe, ene o ne a tlhopha go direla Modimo