LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 11/1 ts. 4-7
  • Tsela ya go Rarabolola Mathata ka Kagiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela ya go Rarabolola Mathata ka Kagiso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlogela go Nna Dikgoka
  • Go Lebana le Tshekamelo ya go Dirisa Dikgoka
  • A go A Kgonega?
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
  • Dipaka tsa Rona tse di Tlhokofatsang—Ke ka Ntlhayang fa Di le Thubakanyo Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Tirisodikgoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Gatela Pele Semoyeng ka go Latela Sekao sa ga Paulo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 11/1 ts. 4-7

Tsela ya go Rarabolola Mathata ka Kagiso

TIRISODIKGOKA ga e bolo go nna gone mo bathong. Baebele e umaka tirisodikgoka go tloga bogologolo mo motlheng wa ga Kaine, mogoloe Abele, yo gape e neng e le morwa yo mogolo wa banyalani ba ntlha ba batho. Kaine o ne a “nna bogale thata” fa Modimo a sa amogele setlhabelo sa gagwe mme a amogela sa ga Abele. O ne a lebana jang le seemo seo? “Kaine a kgomogela Abele monnawe, a mmolaya.” Morago ga foo, o ne a nna le mathata a magolo le Modimo. (Genesise 4:5, 8-12) Tirisodikgoka ga ya ka ya rarabolola bothata jwa ga Kaine jwa go se nne le boemo jo bo siameng fa pele ga Mmopi wa gagwe.

Re ka tila jang tsela ya ga Kaine ya go batla go rarabolola mathata ka dikgoka?

Go Tlogela go Nna Dikgoka

Akanya ka monna yo o neng a itumelela go leba Setefane, moswelatumelo wa ntlha wa Mokeresete, a bolawa. (Ditiro 7:58; 8:1) Monna yono e bong Saulo wa Tareso, o ne a sa dumalane le dilo tse Setefane a neng a di dumela mme o ne a ema nokeng go bolawa setlhogo ga ga Setefane a tsaya gore ke tsela e e siameng ya go kgaotsa ditiro tsa gagwe. Ke boammaaruri gore, Saulo a ka tswa a ne a se dikgoka ka dinako tsotlhe mo botshelong jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a dumalana le gore go dirisiwe dikgoka go rarabolola mathata. Morago ga loso lwa ga Setefane, Saulo o ne a “simolola go tshwara phuthego [ya Bokeresete] makgwakgwa. A tlhasela matlo ka go latelana mme, a gogagogela banna le basadi kwa ntle, a ba ise kgolegelong.”—Ditiro 8:3.

Go ya ka mokanoki wa Baebele e bong Albert Barnes, lefoko la Segerika le le ranotsweng fano e le “go tshwara makgwakgwa” le tshwantshetsa tsela e dibatana, tse di jaaka ditau le diphiri di gagolakang ka yone. Barnes o tlhalosa gore, “Saulo o ne a tlhasela kereke fela jaaka sebatana—lefoko le le nonofileng le le tshwantshetsang tlhagafalo le kgalefo tse a neng a e bogisa ka tsone.” Fa Saulo a ne a ya kwa Damaseko go ya go tsoma balatedi ba bangwe ba ga Keresete, o ne a “santse a hema matshosetsi le polao ya ka boomo kgatlhanong le barutwa ba Morena [Keresete].” Fa a le mo tseleng, Jesu yo o tsositsweng o ne a bua le ene, mme seno se ne sa felela ka gore Saulo a fetogele mo Bokereseteng.—Ditiro 9:1-19.

Fa Saulo a sena go fetoga jalo, tsela e a neng a dirisana le batho ba bangwe ka yone e ne ya fetoga. Tiragalo e e neng ya direga dingwaga di le 16 morago ga foo e supa phetogo eno. Batho bangwe ba ne ba tla mo phuthegong ya gaabo ya Antioka mme ba kgothaletsa Bakeresete ba teng gore ba boloke Molao wa ga Moshe. Go ne ga tsoga “tlhokakutlwano e kgolo.” Saulo yo ka nako eo a neng a itsege e le Paulo, o ne a tsaya kgato ka kganetsano eno. Go bonala go ile ga tsoga kgang e e matlhomahibidu. Mme Paulo ga a ka a dirisa dikgoka. Go na le moo, o ne a dumalana le tshwetso ya phuthego ya gore kgang e isiwe kwa baaposetoloing le bagolwane ba phuthego ya Jerusalema.—Ditiro 15:1, 2.

Le kwa Jerusalema go ne ga tsoga “kganetsano e kgolo” mo pokanong ya bagolwane. Paulo o ne a letela gore ‘letshutitshuti lotlhe le didimale’ mme ya nna gone a begang ditiro tse dikgolo tse moya wa Modimo o neng wa di dira mo badumeding ba ba sa rupang. Morago ga gore baaposetoloi le bagolwane ba Jerusalema ba sekaseke kgang go ya ka Dikwalo, go ne ga tliwa “mo tumalanong ka bongwefela jwa pelo” gore go se ka ga imediwa badumedi ba ba sa rupang go sa tlhokege, go na le moo ba gakololwe go “ikeha mo dilong tse di isediwang medingwana ditlhabelo le mo mading le mo dilong tse di kgamilweng le mo kgokafalong.” (Ditiro 15:3-29) Ruri Paulo o ne a fetogile. O ne a ithuta go rarabolola dikganetsano kwantle ga go dirisa dikgoka.

Go Lebana le Tshekamelo ya go Dirisa Dikgoka

Moragonyana Paulo o ile a gakolola jaana: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go tlhabana, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, a tshwanelega go ruta, a ipoloka a ithibile mo bosuleng, a laya ka bori ba ba sa sekamelang mo go direng molemo.” (2 Timotheo 2:24, 25) Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo, mogolwane yo mmotlana, gore a lebane le maemo a a gwetlhang ka go ritibala maikutlo. Paulo o ne a sa feteletse dilo. O ne a itse gore le e leng mo Bakereseteng, maikutlo a ka nna a ya magoletsa. (Ditiro 15:37-41) Ke ka lebaka le le utlwalang go bo a ile a gakolola jaana: “Shakgalang, mme lefa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo santse lo rumolesegile.” (Baefeso 4:26) Go laola maikutlo a gago gore o se ka wa galefa ka tsela e e sa laolesegeng ke tsela e e molemo ya go lepalepana le maemo a a ntseng jalo. Mme gone, o ka kgona seo jang?

Gompieno ga go motlhofo go laola kgalefo. Dr. Deborah Prothrow-Stith, yo e leng mothusi wa mogokgomogolo wa Harvard School of Public Health, a re: “Batho ba rata go nna manganga. Tota e bile, gantsi dinonofo tsa go kgona go tshedisana sentle le batho ba bangwe—go rerisana sentle, go ineela, go akanyetsa, go itshwarela—di tsewa e le tsa batho ba ba bokoa.” Le fa go ntse jalo, dinonofo tse di ntseng jalo ke tsa batho ba ba nonofileng, e bile di re thusa go laola tshekamelo ya go dirisa dikgoka e e ka tsogang mo teng ga rona.

Fa Paulo a sena go nna Mokeresete, o ne a ithuta tsela e e botoka ya go rarabolola go sa utlwaneng le ba bangwe ka megopolo. E ne e thailwe mo dithutong tsa Baebele. E re ka Paulo e ne e le serutegi sa ngwao ya Sejuda, o ne a tlwaelane le Dikwalo Tsa Sehebera. O tshwanetse a bo a ne a itse dikwalo tse di jaaka: “O se ka wa rata wa bo o ka nna jaaka motho wa sesenyi, o bo o se ka wa itshenkela ditsela dipe tsa gagwe.” “Yo o bonya go galefa o gaisa yo o thata, le yo o laolang mowa wa gagwe o gaisa yo o gapang motse.” “Motho yo mowa wa gagwe o se nang bothibo, o tshwana le motse o o thubegileng, mme o se na lorako.” (Diane 3:31; 16:32; 25:28) Le fa go ntse jalo, pele ga Paulo a fetoga, kitso eo e ne ya se ka ya mo thibela gore a se ka a tlhasela Bakeresete ka dikgoka. (Bagalatia 1:13, 14) Mme ke eng se se thusitseng Paulo gore a rarabolole dikganetsano tse dikgolo ka tsela ya Bokeresete ka go akantshana le batho le go ba kgona ka mabaka go na le go dirisa dikgoka?

Paulo o ne a re naya lesedinyana ka go bua jaana: “Nnang baetsi ba me, le eleng jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 11:1) O ne a anaanela thata se Jesu Keresete a mo diretseng sone. (1 Timotheo 1:13, 14) Keresete e ne ya nna sekao se a neng a se etsa. O ne a itse kafa Jesu a ileng a boga ka teng mo boemong jwa batho ba ba boleo. (Bahebera 2:18; 5:8-10) Paulo o ne a ka tlhomamisa gore Jesu o ne a diragatsa boporofeti jono jwa ga Isaia jo bo malebana le Mesia: “O ne a pitlagane thata, e bile a itetla gore a bogisiwe; lefa go ntse jalo o ne a sa bule molomo. O ne a tlisiwa fela jaaka nku e isiwa tlhabong; le jaaka nku e namagadi e e semumu fa pele ga babeodi ba yone, le ene o ne a sa bule molomo.” (Isaia 53:7) Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “E rile [Jesu] a gobololwa, a se ka a simolola go gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a simolola go tshosetsa, mme o ne a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.”—1 Petere 2:23, 24.

Tsela e Paulo a neng a anaanela kafa Jesu Keresete a neng a lebana le maemo a a masisi ka teng e ne ya mo tlhotlheletsa gore a fetoge. O ne a ka kgothatsa badumedikaene jaana: “Tswelelang lo iphapaanyelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa ope a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo.” (Bakolosa 3:13) Ga go a lekana go dumela fela gore tirisodikgoka ga e thuse. Go anaanela se Jehofa le Jesu Keresete ba re diretseng sone go re thusa go nna le nonofo ya go fenya ditshekamelo tsa go dirisa dikgoka.

A go A Kgonega?

Monna mongwe wa kwa Japane o ne a tlhoka nonofo e e ntseng jalo. Rraagwe yo e neng e le lesole le le bogale thata o ne a tlhorontsha lelapa la gaabo ka go nna dikgoka. E re ka monna yono le ene a ne a tshwarwa makgwakgwa e bile a tlhola a bona mmaagwe a bogisiwa ka tsela e e tshwanang, o ne a rata dikgoka le ene. O ne a aga a tsamaya a tshotse ditšhaka tse pedi tse di fetafetanang ka boleele tse a neng a tle a di dirise fa a lebane le mathata e bile a di dirisa go tshosa batho ka tsone.

Fa mosadi wa gagwe a ne a simolola go ithuta Baebele, o ne a tle a nne gone mo thutong mme a sa e tseele tlhogong. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa a bala bukana ya setlhogo se se reng Mahoko a a Molemō a Bogosi,a o ne a fetoga. Ka ntlha yang? O tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke bala tshedimosetso ya ditlhogwana tse di reng, ‘Keresete Jesu’ le ‘Thèkololo,’ ke ne ka swaba. Le mororo ke ne ke tshela ka tsela e e sa siamang, ke ne ke rata go nna molemo mo bathong ba ke neng ke utlwana le bone. Ke ne ke rata go itumedisa ditsala tsa me fa fela go ne go se kitla go nkgoreletsa. Ebu, Morwa wa Modimo, Jesu, o ne a iketleeletsa go ntshetsa batho botshelo jwa gagwe, go akaretsa le ba ba tshwanang le nna. Ke ne ka gamarega, jaaka e kete ke iteilwe ka hamore.”

O ile a tlogela go tsalana le ditsala tsa gagwe tsa pele mme a ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa. Sekolo seno se thusa batho ba ba ikwadisitseng mo go sone go nna le botswerere jwa go ruta batho ba bangwe Baebele. Sekolo seno se ne sa thusa monna yono thata. O gakologelwa jaana: “Fa ke sa ntse ke le mmotlana ke ne ke tle ke tshosetse batho le go dirisa dikgoka ka gonne ke ne ke sa kgone go itlhalosa maikutlo sentle. Fa ke ntse ke ithuta go itlhalosa maikutlo sentle, ke ne ka simolola go itse go dirisa mabaka fa ke bua le batho ba bangwe go na le go dirisa dikgoka.”

A le ene jaaka Paulo, o ile a etsa tsela ya ga Keresete ya go tshela? Tumelo ya gagwe e ile ya lekwa ka nako ya fa motho yo e kileng ya bo e le tsala ya gagwe yo a neng a dirile tumalano ya bokaulengwe le ene a ne a leka go mo kganela go nna Mokeresete. “Tsala” eno ya gagwe e ne ya mo itaya ya ba ya tlhapatsa Modimo wa gagwe, Jehofa. Monna yono yo pele e neng e le ntwadumela o ne a kgona go itshwara mme a mo kopa maitshwarelo go bo a sa kgone go tshegetsa tumalano ya bone. “Mokaulengwe” yono wa gagwe o ne a kgaogana le ene, a swabile.

Ka ntlha ya go fenya mokgwa wa gagwe wa go rata dikgoka, monna yono yo pele a neng a le bogale thata, jaanong o itiretse bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba semoya ba ba utlwanang thata le ene ka go bo ba rata Modimo le baagelani. (Bakolosa 3:14) Tota e bile, gone jaanong ke molebedi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa morago ga go fetsa dingwaga di le 20 e le Mokeresete yo o ineetseng. A bo a itumelela jang ne go supa go tswa mo Baebeleng gore batho ba ba bogale jwa sekadibatana ba ka ithuta go rarabolola go sa utlwaneng le ba bangwe kwantle ga go dirisa dikgoka jaaka ene! E bile, a bo a na le tshiamelo e kgolo jang ne go kgona go lemotsha ba bangwe gore mafoko ano a boporofeti a tlile go diragala: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle”!—Isaia 11:9.

Fela jaaka moaposetoloi Paulo le monna yono yo pele a neng a rata dikgoka, le wena o ka ithuta go fenya maemo a a gwetlhang le go rarabolola mathata ka kagiso. Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona ba tla itumelela go go thusa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Paulo o ne a sa feteletse dilo. O ne a itse gore le e leng mo Bakereseteng, maikutlo a ka nna a ya magoletsa

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go anaanela dilo tse Modimo a re diretseng tsone go dira gore re tshedisane ka kagiso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela