LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/1 ts. 12-17
  • Etsa Jehofa—Dira Dilo ka Tshiamiso le ka Tshiamo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Etsa Jehofa—Dira Dilo ka Tshiamiso le ka Tshiamo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna Tshiamiso Mme a le Kutlwelobotlhoko
  • Kgato e e Siameng ya go Boloka Batho
  • Batla Tshiamiso, Latela Tshiamo
  • ‘Dikgosana Tse di Laolang ka Tshiamiso’
  • Boloka Tshiamiso Mme o Dire Tshiamo
  • Jehofa—Motswedi wa Tshiamiso ya Boammaaruri le Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jehofa—Morati wa Tshiamo le Tshiamiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “O Dire Tshiamiso” fa o Tsamaya le Modimo
    Atamalana le Jehofa
  • “Sengwe le Sengwe Se a Se Dirang se Siame”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/1 ts. 12-17

Etsa Jehofa—Dira Dilo ka Tshiamiso le ka Tshiamo

“Ke nna Jehofa, Yo ke dirang bopelonomi jo bo lorato, tshiamiso le tshiamo mo lefatsheng; gonne ke natefelelwa ke dilo tseno.”—JEREMIA 9:24, NW.

1. Jehofa o re neetse tebelelo efe e e itumedisang?

JEHOFA o ne a solofetsa gore go tla tla letsatsi le ka lone mongwe le mongwe a tla bong a mo itse. O ne a bolela jaana ka moporofeti wa gagwe e bong Isaia: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) A bo e le tebelelo e e itumedisang jang ne!

2. Go itse Jehofa go akaretsa eng? Ka ntlha yang?

2 Gone mme, go raya eng go itse Jehofa? Jehofa o ne a senolela Jeremia, gore ke eng se se botlhokwa thata: “Go ntlhaloganya le go nkitse gore ke nna Jehofa Yo ke dirang bopelonomi jo bo lorato, tshiamiso le tshiamo mo lefatsheng; gonne ke natefelelwa ke dilo tseno.” (Jeremia 9:24, NW) Ka jalo, go itse Jehofa go akaretsa go itse tsela e a diragatsang tshiamiso le tshiamo ka yone. Fa rona re supa dinonofo tseo, o tla nna le natefelo mo go rona. Re ka dira seo jang? Mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, Jehofa o bolokile pego ya kafa a neng a dirisana le batho ba ba sa itekanelang ka teng go ralala dingwaga. Ka go e ithuta, re ka kgona go itse tshiamiso le tshiamo ya ga Jehofa mme ka gone re mo etse.—Baroma 15:4.

Go Nna Tshiamiso Mme a le Kutlwelobotlhoko

3, 4. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a na le tshwanelo ya go senya Sodoma le Gomora?

3 Katlholo ya Modimo mo go Sodoma le Gomora ke sekai se se tshwanelang se se supang dikarolo tse di farologaneng tsa tshiamiso ya ga Jehofa. Jehofa ga a ka a ntsha kotlhao e e tshwanelang fela mme gape o ne a boloka ba ba tshwanetsweng ke poloko. A tota go senngwa ga metse eo go ne go tshwanela? Go bonala fa Aberahame yo o neng a sa itse go le go kalo ka bogolo jwa boikepo jwa Sodoma, a ne a sa akanye jalo pele. Jehofa o ne a tlhomamisetsa Aberahame gore fa go ne go na le batho ba le lesome fela ba ba siameng, o ne a tla boloka motse oo. Ka mo go phepafetseng, tshiamiso ya ga Jehofa ga e dire dilo ka mafega kana e tlhaela bopelotlhomogi.—Genesise 18:20-32.

4 Tlhatlhobo ya baengele ba babedi e ne ya neela bosupi jo bo phepafetseng jwa boitsholo jo bo senyegileng jwa Sodoma. Fa banna ba motse “bannye le bagolo” ba utlwa gore go na le banna ba babedi ba ba tlileng kwa ntlong ya ga Lote, ba ne ba tlhasela ntlo ya gagwe ba batla go ba betelela e le segopa sa basodoma. Boikepo jwa bone bo ne bo feteletse mo boemong jo bo tlhabisang ditlhong! Kwantle ga pelaelo, katlholo ya ga Jehofa mo motseng oo e ne e le e e siameng.—Genesise 19:1-5, 24, 25.

5. Modimo o ne a golola jang Lote le ba lelapa la gagwe kwa Sodoma?

5 Fa moaposetoloi Petere a sena go umaka go senngwa ga Sodoma le Gomora jaaka sekai se se tlhagisang, o ne a kwala jaana: “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.” (2 Petere 2:6-9) Go ne go ka bo go sa dirwa tshiamiso fa Lote yo o siameng le lelapa la gagwe ba ne ba ka bo ba nyeleditswe le batho ba e seng ba bomodimo ba Sodoma. Ka jalo, baengele ba ga Jehofa ba ne ba tlhagisa Lote ka tshenyego e e tlang. Fa Lote a ne a diega, “ka Jehofa a mo utlwela botlhoko” baengele ba ne ba tsaya ene, mosadi wa gagwe le barwadi ba gagwe ka seatla ba ba ntsha mo motseng. (Genesise 19:12-16) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla amega ka tsela e e tshwanang ka ba ba siameng mo tshenyegong e e tlang ya tsamaiso e e boikepo eno.

6. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshwenyega ka mo go sa tlhokegeng ka tshenyego e e tlang ya tsamaiso eno ya dilo?

6 Le fa bofelo jwa tsamaiso eno e tla nna nako ya “go diragatsa tshiamiso,” ga go na lebaka la gore re tshwenyege ka tsela e e sa tlhokegeng. (Luke 21:22) Katlholo e Modimo a tla e diragatsang ka Aramagedona e tla ‘siama gotlhe fela.’ (Pesalema 19:9) Jaaka Aberahame a ile a lemoga, rona batho re ka ikanya ka botlalo tshiamiso ya ga Jehofa e e fetang ya rona kgakala. Aberahame o ne a botsa jaana: “A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a ketla a dira tshiamo?” (Genesise 18:25; bapisa Jobe 34:10.) Kana jaaka Isaia a bolela ka tshwanelo, “ke mang yo o rutang [Jehofa] tsela ya tshiamiso?”—Isaia 40:14, NW.

Kgato e e Siameng ya go Boloka Batho

7. Go na le kamano efe fa gare ga tshiamiso ya Modimo le bopelotlhomogi jwa gagwe?

7 Modimo ga a supe fela tshiamiso ya gagwe ka tsela e a otlhayang ba ba dirang bosula ka yone. Jehofa o itlhalosa e le “Modimo [yo o siameng, NW] le mmoloki.” (Isaia 45:21) Ka mo go bonalang, go na le kamano e kgolo fa gare ga tshiamo ya Modimo kana tshiamiso ya gagwe, le go batla ga gagwe go boloka batho mo ditlamoragong tsa boleo. Fa The International Standard Bible Encyclopedia, Kgatiso ya 1982 e akgela ka temana eno, e bolela gore “tshiamiso ya Modimo e batla go bontsha bopelotlhomogi jwa Gagwe ka tsela e e bonalang le go dira gore a diragatse poloko ya Gagwe.” E seng gore tshiamiso ya Modimo e tshwanetse go lekalekanngwa le bopelotlhomogi mme go na le moo, bopelotlhomogi ke sesupo sa tshiamiso ya Modimo. Go bo Modimo a ile a rulaganya gore go nne le thekololo go boloka batho ke sekao se se tlhomologileng se se bontshang karolo eno ya tshiamiso ya Modimo.

8, 9. (a) Ke eng se se neng se akarediwa mo tlhalosong ya “tiro e le nngwe ya tshiamo”? Ka ntlha yang? (b) Jehofa o kopa eng mo go rona?

8 Tlhwatlhwa ya thekololo ka boyone—botshelo jo bo tlhwatlhwakgolo jwa Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi e bong Jesu Keresete—e ne e le e e kwa godimo thata ka gonne ditekanyetso tsa ga Jehofa di a tshwana gotlhe mme ene ka boene o tshela ka tsone. (Mathaio 20:28) Go ne go latlhilwe botshelo jo bo itekanetseng, jwa ga Adame, ka jalo go ne go tlhokega botshelo jo bo itekanetseng gore ditlogolwana tsa ga Adame di bone botshelo. (Baroma 5:19-21) Moaposetoloi Paulo o tlhalosa bothokgami jwa ga Jesu, mmogo le go duela ga gagwe thekololo a re ke “tiro e le nngwe ya tshiamo.” (Baroma 5:18, mokwalo o o kwa tlase mo go NW) Ke ka ntlha yang go ntse jalo? Ka gonne go ya ka Jehofa, go rekolola batho e ne e le selo se se siameng le se se tshwanelang, tota le fa ene a ne a tshwanelwa ke go duela thata. Bana ba ga Adame ba ne ba ntse jaaka “lotlhaka lo lo phitsegileng,” lo Modimo a neng a sa batle go lo tšhwetla, kana jaaka ‘mogala wa lodi o o ntshang mosi’ o a neng a sa batle go o tima. (Mathaio 12:20) Modimo o ne a tshepa gore go tla nna le banna le basadi ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ba neng ba tla tlhaga mo gare ga ditlogolwana tsa ga Adame.—Bapisa Mathaio 25:34.

9 Re tshwanetse go itshwara jang ka kgato e kgolo eno ya lorato le tshiamiso? Nngwe ya dilo tse Jehofa a re di kopang ke gore “re dire ka tshiamo.” (Mika 6:8) Re ka dira seno jang?

Batla Tshiamiso, Latela Tshiamo

10. (a) Ke tsela efe e nngwe e re ka dirang tshiamiso ka yone? (b) Re ka batla jang tshiamo ya Modimo pele?

10 Sa ntlha, re tshwanetse go dira tumalanong le melao ya Modimo ya boitsholo. E re ka melao ya Modimo e tshwanela e bile e siame, re dira tshiamiso fa re tshela tumalanong le yone. Ke se Jehofa a se lebeletseng mo bathong ba gagwe. Jehofa o ne a bolelela Baiseraele jaana: “Ithuteng go dira sentle; batlang [tshiamiso, NW].” (Isaia 1:17) Jesu o ne a neela bareetsi ba gagwe kgakololo e e tshwanang mo Therong ya mo Thabeng, fa a ne a ba ruta gore ba ‘batle pele bogosi le tshiamo ya Modimo.’ (Mathaio 6:33) Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo go “latelela tshiamo.” (1 Timotheo 6:11) Fa re tshela tumalanong le melao ya Modimo ya boitshwaro mme re apara botho jo bosha, re latelela tshiamiso le tshiamo ya boammaaruri. (Baefeso 4:23, 24) Ka mantswe a mangwe, re batla tshiamiso ka go dira dilo ka tsela ya Modimo.

11. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lwantsha taolo ya boleo mme re ka dira seo jang?

11 Jaaka re itse, ga go motlhofo ka metlha gore batho ba ba sa itekanelang ba dire se se tshwanetseng le se se siameng. (Baroma 7:14-20) Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba Baroma gore ba lwe gore boleo bo se ka jwa ba laola, gore ba tle ba ntshetse Modimo mebele ya bone e le “dibetsa tsa tshiamo,” tse Modimo a ka di dirisang go fitlhelela boikaelelo jwa gagwe. (Baroma 6:12-14) Ka mo go tshwanang, ka go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo ka metlha, re ka kgona go nna le ‘taolo ya mogopolo wa ga Jehofa’ le go ‘sugega mo tshiamong.’—Baefeso 6:4; 2 Timotheo 3:16, 17.

12. Ke eng se re tshwanetseng go se tila fa re batla go tshwara ba bangwe ka tsela e re batlang gore Jehofa a re tshware ka yone?

12 Sa bobedi, re dira tshiamiso fa re tshwara ba bangwe ka tsela e re batlang gore Jehofa a re tshware ka yone. Go motlhofo go nna le ditekanyetso tse pedi—ya go inolofaletsa dilo mme re gagamatsa dilo mo go ba bangwe. Re itlhaganelela go ntsha seipato sa ditlhaelo tsa rona, le fa go ntse jalo, re itlhaganelela go tshwaya ba bangwe phoso fa ba tlhaela, gongwe e le selo se sennye thata fa se bapisiwa le tsa rona. Jesu o ne a botsa jaana ka tshwanelo: “Ke ka ntlha yang, he, o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme o sa akanyetse tlhomeso e e mo leitlhong la gago?” (Mathaio 7:1-3) Ga re a tshwanela le ka motlha go lebala gore go ne go se kitla go nna le ope wa rona yo o ka bong a eme fa Jehofa a ka bo a sekaseka diphoso tsa rona. (Pesalema 130:3, 4) Fa tshiamiso ya ga Jehofa e mo letla gore a itlhokomolose makoa a bakaulengwe ba rona, rona re bomang gore re ba atlhole ka tsela e e sa tshwanelang?—Baroma 14:4, 10.

13. Ke ka ntlha yang fa motho yo o siameng a ikutlwa a tshwanetse go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi?

13 Sa boraro, re bontsha tshiamiso ya bomodimo fa re nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera. “Ba ba tshwanetsweng ke go direlwa molemo, o se ka wa gana ka one, fa go le mo thateng ya seatla sa gago go o dira,” Jehofa o re gakolola jalo. (Diane 3:27) Go tla bo go sa siama gore re nne ka kitso e e nayang botshelo e Modimo a re e fileng ka bopelotshweu jaana. Ke boammaaruri, batho ba le bantsi ba ka nna ba gana molaetsa wa rona, mme fa fela Modimo a sa ntse a ba bontsha bopelotlhomogi, re tshwanetse gore re iketleeletse go nna re ba naya tshono ya gore “ba fitlhe mo boikotlhaong.” (2 Petere 3:9) Mme jaaka Jesu, re ikutlwa re itumetse fa re kgona go thusa mongwe go sokologela mo tshiamisong le mo tshiamong. (Luke 15:7) Eno ke yone nako e e siameng ya gore re ‘jale peo ya tshiamo.’—Hosea 10:12.

‘Dikgosana Tse di Laolang ka Tshiamiso’

14. Bagolwane ba na le seabe sefe malebana le tshiamiso?

14 Rotlhe re tshwanetse go tsamaya mo tseleng ya tshiamo, mme bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete ba na le boikarabelo jo bo kgethegileng mo kgannyeng eno. Puso ya ga Jesu e le kgosi, ‘e tlhomamisiwa ka tshiamiso le tshiamo.’ Ka tsela eno, ditekanyetso tsa bagolwane ke tshiamiso ya Modimo. (Isaia 9:7) Ba gakologelwa se se tlhalosiwang ka tsela ya boporofeti mo go Isaia 32:1: “Bonang, kgosi e tlaa busa ka tshiamo, le dikgosana di tlaa laola ka [tshiamiso, NW].” Jaaka balebedi ba ba tlhomilweng ka moya, kana jaaka ‘balebalebi ba Modimo,’ bagolwane ba tshwanetse go dira dilo ka tsela ya Modimo.—Tito 1:7.

15, 16. (a) Bagolwane ba etsa jang modisa yo o ikanyegang mo setshwantshong sa ga Jesu? (b) Bagolwane ba ikutlwa jang ka ba ba ileng ba timela ka tsela ya semoya?

15 Jesu o ne a bontsha gore tshiamiso ya ga Jehofa e kutlwelobotlhoko, e pelotlhomogi e bile e a akanyetsa. Mo godimo ga moo, o ne a leka go thusa ba ba neng ba na le mathata, le go “senka a ba a boloka se se neng se latlhegile.” (Luke 19:10) Jaaka modisa wa setshwantsho sa ga Jesu yo o neng a senka a sa lape go fitlha a bona nku e e neng e latlhegile, bagolwane le bone ba batla ba ba ileng ba timela ka tsela ya semoya mme ba leka go ba busetsa mo letsomaneng.—Mathaio 18:12, 13.

16 Go na le gore bagolwane ba kgale ba ba dirileng boleo jo bo masisi, ba batla go ba fodisa le go ba kaela gore ba ikwatlhaye fa go kgonega. Ba itumela fa ba kgona go thusa mongwe yo o neng a timetse. Le fa go ntse jalo, go a ba hutsafatsa fa motho yo o dirileng phoso a palelwa ke go ikwatlhaya. Ka nako eo melao e e siameng ya Modimo e ba tlhoka gore ba kgaole motho yo o sa ikwatlhayeng yoo. Tota le ka nako eo, jaaka rraagwe morwa wa sesenyi, ba solofela gore ka letsatsi lengwe motho yo o leofileng o tla ‘itharabologelwa.’ (Luke 15:17, 18) Ka jalo, bagolwane ke bone ba tsayang kgato pele go etela batho ba ba kgaotsweng go ba gakolola gore ba ka boela jang mo phuthegong ya ga Jehofa.a

17. Bagolwane ba na le mokgele ofe fa ba dirisana le kgetsi ya boleo mme ke nonofo efe e e tla ba thusang gore ba fitlhelele mokgele oo?

17 Bagolwane ke bone segolobogolo ba tlhokang go etsa tshiamiso ya ga Jehofa fa ba dirisana le dikgetsi tsa boleo. Baleofi ‘ba ne ba atamela gaufi’ le Jesu ka gonne ba ne ba ikutlwa gore o tla ba tlhaloganya le go ba thusa. (Luke 15:1; Mathaio 9:12, 13) Gone mme, Jesu o ne a sa mpampetse diphoso. Go ja dijo ka lekgetlho le le lengwe fela le Jesu go ne ga tlhotlheletsa Sakaio, yo o neng a tumile ka go patika, gore a ikwatlhaye le go dira diphetogo ka ntlha ya dilo tsotlhe tse a neng a bogisa ba bangwe ka tsone. (Luke 19:8-10) Bagolwane gompieno ba na le mokgele o o tshwanang mo dikgetsing tsa bone tsa katlholelo—go dira gore modiraphoso a ikwatlhaye. Fa ba atamelesega jaaka Jesu a ne a ntse, badiraphoso ba le bantsi ba tla fitlhela go le motlhofo gore ba batle thuso ya bone.

18. Ke eng se se tla thusang bagolwane gore ba nne jaaka “boipoteletso mo phefong”?

18 Go nna le pelo e e amegang go tla thusa bagolwane go diragatsa tshiamiso ya Modimo, e e seng setlhogo e bile e se e e sa amegeng. Ka mo go kgatlhisang, Esera o ne a baakanya pelo ya gagwe, e seng fela mogopolo wa gagwe, gore a tle a rute Baiseraele tshiamiso. (Esera 7:10) Pelo e e tlhaloganyang e dira gore bagolwane ba kgone go dirisa melaometheo e e tshwanelang ya Dikwalo le go akanyetsa maemo a motho mongwe le mongwe. Fa Jesu a ne a fodisa mosadi yo o neng a na le kelelo ya madi, o ne a bontsha gore tshiamiso ya ga Jehofa e raya go tlhaloganya boikaelelo mmogo le se tota molao o neng o se bolela. (Luke 8:43-48) Bagolwane ba ba diragatsang tshiamiso ka kutlwelobotlhoko ba ka tshwantshiwa le “boipoteletso mo phefong” mo go ba ba ileng ba itewa ke makoa a bone ka bobone kana ke tsamaiso e e boikepo eno e re tshelang mo go yone.—Isaia 32:2.

19. Kgaitsadi mongwe o ne a arabela jang fa go ne go dirisiwa tshiamiso ya Modimo?

19 Kgaitsadi mongwe yo o neng a dirile boleo jo bo masisi o ne a bona tshiamiso ya Modimo e diragala mo go ene. O dumela jaana: “Go bua boammaaruri, ke ne ke tshaba go ya kwa bagolwaneng. Mme ba ne ba ntshwara ka tsela ya go nkutlwela botlhoko le ka seriti. Bagolwane ba ne ba ntse jaaka borre go na le gore e nne baatlhodi ba ba setlhogo. Ba ne ba nthusa go tlhaloganya gore Jehofa o ne a ka se ntatlhe fa nka iketleeletsa go baakanya ditsela tsa me. Ke ne ka iponela ka bonna kafa a otlhayang jaaka Rre yo o lorato ka teng. Ke ne ka kgona go bulela Jehofa pelo ya me, ke tshepa gore o tla utlwa thapelo ya me. Fa ke akanya ka gone, nka bolela ka boammaaruri gore go kopana le bagolwane ka nako eo, dingwaga tse supa tse di fetileng e ne e le tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa. Fa e sa le ka nako eo, kamano ya me le ene e nonofile le go feta.”

Boloka Tshiamiso Mme o Dire Tshiamo

20. Melemo ya go tlhaloganya le go diragatsa tshiamiso le tshiamo ke eng?

20 Ka mo go itumedisang, tshiamiso ya Modimo e kaya se se fetang go naya motho mongwe le mongwe se se mo tshwanelang. Tshiamiso ya ga Jehofa e ile ya mo tlhotlheletsa gore a neye ba ba nang le tumelo botshelo jo bo sa khutleng. (Pesalema 103:10; Baroma 5:15, 18) Modimo o dirisana le rona ka tsela eno ka gonne tshiamiso ya gagwe e akanyetsa maemo a rona, mme e batla go re boloka go na le go re atlhola. Eleruri, go tlhaloganya bogolo jwa tshiamiso ya ga Jehofa go dira gore re atamele gaufi le ene. Mme fa re leka go etsa karolo eno ya botho jwa gagwe, botshelo jwa rona le jwa ba bangwe bo tla segofadiwa thata. Rraarona wa selegodimo o tla bona tsela e re latelang tshiamiso ka yone. Jehofa o re solofetsa jaana: “Bolokang [tshiamiso, NW] lo dire tshiamo; gonne poloka ya me e gaufi le go tla, le tshiamo ya me [e] gaufi le go senolwa. Go sego motho yo o dirang mo.”—Isaia 56:1, 2.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa April 15, 1991, ditsebe 22-3.

A o A Gakologelwa?

◻ Go senngwa ga Sodoma le Gomora go re ruta eng ka tshiamiso ya ga Jehofa?

◻ Ke ka ntlha yang fa thekololo e le sesupo se se tlhomologileng sa tshiamiso le lorato lwa Modimo?

◻ Ke ditsela dife tse tharo tse ka tsone re ka diragatsang tshiamiso?

◻ Bagolwane ba ka etsa tshiamiso ya Modimo ka tsela efe e e kgethegileng?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Ka tiro ya rona ya go rera, re supa tshiamiso ya bomodimo

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Fa bagolwane ba bontsha tshiamiso ya bomodimo, ba ba nang le mathata ba tla fitlhela go le motlhofo thata go batla thuso ya bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela