Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Tshela Tumalanong le Ditsela Tsa ga Jehofa ka Boikokobetso
“BATLANG Jehofa, lona bakgobaladi botlhe ba lefatshe.” Taletso eno e e neng ya bolelwa ke moperofeti wa Mohebera e bong Sefania go feta makgolo a le 26 a dingwaga a a fetileng, e santse e neelwa batho lefatshe ka bophara gompieno. (Sefania 2:3) Go raya eng go batla Jehofa? Go dira seno go simolola ka gore o anye kitso ka Modimo o o osi wa boammaaruri le yo o tshelang e bong Jehofa.—Jeremia 10:10; Johane 17:3.
Lefa go ntse jalo, go anya kitso ka bogone ga go dire gore o nne le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo. Gore motho a amogelwe ke Modimo, o tshwanetse gape a dirise kitso eno. Jang? Ka go dira gore mogopolo wa gagwe le boitshwaro jwa gagwe di dumalane le ditekanyetso tsa Modimo ka boikokobetso, jaaka go supilwe ke boitemogelo jo bo latelang jwa kwa Suriname.—Baefeso 4:22-24.
Eddy, morutabana wa dingwaga tsa bo30, o ne a nyoretswe go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tse di jaaka: ‘Bodumedi bo na le seabe sefe mo setšhabeng sa gompieno?’ le gore ‘A Baebele, buka ya bogologolo e dumalana le saense ya gompieno?’ Fa Basupi ba ga Jehofa ba mo etela mme ba araba dipotso tsa gagwe ka Baebele, Eddy o ne a reetsa ka tlhoafalo. O ne a ba a kwala le dintlha gore a ye go tlhatlhoba se Basupi ba mo tlhaloseditseng sone.
Mo nakong e e fetileng Eddy o ne a le mo bodumeding jo bo neng bo ruta gore motho o ne a nna gone fa Modimo o ne o fetola tsela e o dirileng tshwene ka yone. Ka jalo fa Basupi ba mo neela buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? o ne a e amogela kwantle ga tikatiko. Tsela e buka eno e neng e tlhalosa kgang ya Baebele ya popo ka yone e ne ya mo kgatlha tota. Fa a ntse a ithuta Baebele o ne a tlhatswega pelo gore o bone boammaaruri!
Mme jaanong o ne a lebane le teko. Eddy o ne a nna mo ntlong e go neng go tshelwa ka bogodu le go sa ikanyege. Ka jalo o ne a tshwanelwa ke gore a tlhophe: a o tla latela tsela ya botshelo e e bosula ya ditsala tsa gagwe tse a neng a nna le tsone kana a gane mokgwa o o ntseng jalo gore a tshele botshelo jo bo galaletsang Modimo. Ka botlhale Eddy o ne a tlhopha go tshela botshelo jo bo galaletsang Modimo. O ne a tlogela ditsala tsotlhe tse di sa siamang mme a fuduga mo ntlong eo.—1 Bakorintha 15:33, 34.
Morago fela ga gore Eddy a simolole go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi, o ne a gatela pele ka bonako. E bile gape o ne a tokafatsa tsela e a aparang le go ipaakanya ka yone mme a simolola go bua le ditsala tsa gagwe le ba losika ka se a neng a se ithuta. Kwa morago boitumelo jwa gagwe bo ne jwa oketswa ke fa a ne a dumelelwa go nna le seabe mo go rereng “dikgang tse di molemo” phatlalatsa. (Mathaio 24:14; Ditiro 20:20) Letsatsi le a sa bolong go le leta le ne la goroga ka December 1996 fa a ne a supa boineelo jwa gagwe go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing.
Ngwaga le ngwaga, makgolo a le dikete a batho ba ba dipelo di ikanyegang ba arabela taletso ya go “batla Jehofa.” Ka go dira jalo ba iponela ka namana gore Diane 22:4 e ne e bua boammaaruri fa e ne e re: “Tuelo ya boingotlo le go boifa Jehofa ke khumo le letlotlo le botshelo.” Ee, ka go tshela tumalanong le tsela ya ga Jehofa ka boikokobetso, barati ba boammaaruri ba itumelela masego a a ntseng jalo gone jaanong, mme ba lebile pele ka tsholofelo go bona masego a a sa khutleng gone mo lefatsheng.—Pesalema 37:29.
[Dimmapa mo go tsebe 18]
(For fully formatted text, see publication.)
Lewatle la Caribbean
GUYANA
SURINAME
FRENCH GUIANA
BRAZIL
[Motswedi wa Setshwantsho]
Globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.