LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/1 ts. 7-12
  • Jehofa—Motswedi wa Tshiamiso ya Boammaaruri le Tshiamo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa—Motswedi wa Tshiamiso ya Boammaaruri le Tshiamo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshiamiso ya ga Jehofa e a Itumedisa
  • Go Phepafatsa Gore Tshiamiso ke Eng
  • Tshiamiso ya Modimo fa e Bapisiwa le Tshiamiso e e Sokamisitsweng
  • Tshiamo ke ya Mongwe le Mongwe
  • Etsa Jehofa—Dira Dilo ka Tshiamiso le ka Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jehofa—Morati wa Tshiamo le Tshiamiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Sengwe le Sengwe Se a Se Dirang se Siame”
    Atamalana le Jehofa
  • Jesu o “Diragatsa Tshiamiso mo Lefatsheng”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/1 ts. 7-12

Jehofa—Motswedi wa Tshiamiso ya Boammaaruri le Tshiamo

“Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikanngo, o o se nang tshiamololo.”—DUTERONOME 32:4.

1. Ke ka ntlha yang fa ka tlholego fela re tlhoka tshiamiso?

FELA jaaka mongwe le mongwe ka tlholego a tlhoka go ratiwa, gape rotlhe re eletsa go tshwarwa ka tshiamiso. Jaaka radipolotiki mongwe wa Moamerika e bong Thomas Jefferson a ne a kwala, “[tshiamiso] ke selo se se mo go rona ka tlholego e bile re tshotswe re se rata, . . . ke karolo ya go bopiwa ga rona fela jaaka go utlwa ka go ama, go bona le go utlwa ka ditsebe e le karolo ya go bopiwa ga rona.” Seno ga se gakgamatse, ka gonne Jehofa o re bopile mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:26) Eleruri, o re file dinonofo tse di supang botho jwa gagwe ka namana, tseo nngwe ya tsone e leng tshiamiso. Ke ka lebaka leo ka tlholego fela re tlhokang tshiamiso e bile re eletsang go tshela mo lefatsheng le le nang le tshiamiso le tshiamo ya boammaaruri.

2. Tshiamiso e botlhokwa go le kana kang mo go Jehofa, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhaloganya se tshiamiso ya Modimo e se kayang?

2 Baebele e re tlhomamisetsa jaana malebana le Jehofa: “Ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso.” (Duteronome 32:4) Mme mo lefatsheng le le tletseng tshiamololo, ga go motlhofo go tlhaloganya se tshiamiso ya Modimo e se kayang. Le fa go ntse jalo, ka se se kwadilweng mo Lefokong la Modimo, re lemoga gore Modimo o diragatsa jang tshiamiso mme go ka dira gore re anaanele ditsela tsa Modimo tse dintle le go feta. (Baroma 11:33) Go botlhokwa go tlhaloganya tshiamiso ka tsela ya Baebele ka gonne tsela e re tlhaloganyang tshiamiso ka yone e ka nna ya tlhotlhelediwa ke se batho ba se akanyang. Go ya ka batho, tshiamiso e ka nna ya tsewa e le fela go diragatsa molao ka tolamo. Kana jaaka motlhalefi Francis Bacon a ile a kwala, “tshiamiso ke go naya motho sengwe le sengwe se se mo tshwanelang.” Le fa go ntse jalo, tshiamiso ya ga Jehofa e akaretsa go le gontsi thata.

Tshiamiso ya ga Jehofa e a Itumedisa

3. Ke eng se re ka se ithutang fa re tlhatlhoba mafoko a puo ya ntlhantlha a a dirisitsweng mo Baebeleng a a ranotsweng ka gore tshiamiso le tshiamo?

3 Re ka tlhaloganya bogolo jwa tshiamiso ya Modimo botoka fa re sekaseka kafa mafoko a puo ya ntlhantlha a dirisiwang ka teng mo Baebeleng.a Ka mo go kgatlhisang, mo Dikwalong ga go na pharologano e kalokalo fa gare ga tshiamiso le tshiamo. Tota e bile, ka dinako tse dingwe mafoko a Sehebera a dirisiwa ka tsela e e tshwanang, jaaka re ka bona mo go Amose 5:24, koo Jehofa a rotloetsang batho ba gagwe jaana: “A [tshiamiso, NW] e phothosele jaaka metsi, le tshiamo jaaka noka e kgolo.” Mo godimo ga moo, ka makgetlho a le mantsinyana mafoko “tshiamiso le tshiamo” a tlhaga mmogo go gatelela ntlha eno.—Pesalema 33:5; Isaia 33:5; Jeremia 33:15, NW; Esekiele 18:21, NW; 45:9, NW.

4. Go kaya eng go dira tshiamiso, mme tekanyetso ya konokono ya tshiamiso ke eng?

4 Mafoko ano a Sehebera le Segerika a na le kgopolo efe? Go diragatsa tshiamiso ka tsela ya Dikwalo go raya go dira se se siameng le se se tshwanetseng. E re ka Jehofa e le ene a tlhomang melao le melaometheo ya boitsholo, kana gore se se siameng le se se tshwanetseng ke sefe, tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone ke tsela e e leng yone tota ya tshiamiso. Theological Wordbook of the Old Testament e tlhalosa gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le tshiamo (tseʹdheq) “le raya ditekanyetso tse di amogelwang tsa boitsholo mme gone mo [Tesetamenteng e Kgologolo] ditekanyetso tseo ke tsa tlholego le thato ya Modimo.” Ka jalo, tsela e Modimo a diragatsang melaometheo ya gagwe ka yone, mme segolobogolo tsela e a dirisanang le batho ba ba sa itekanelang ka yone, e supa se tota tshiamiso le tshiamo ya boammaaruri e leng sone.

5. Ke dinonofo dife tse di amanang thata le tshiamiso ya Modimo?

5 Dikwalo di supa sentle gore tshiamiso ya Modimo e a itumedisa go na le gore e nne e e setlhogo le e e sa fetogeng. Dafide o ne a opela jaana: “Jehofa o rata [tshiamiso, NW]; ga a latlhe baitshepi ba gagwe.” (Pesalema 37:28) Tshiamiso ya Modimo e dira gore a ikanyege le go nna kutlwelobotlhoko mo batlhankeng ba gagwe. Tshiamiso ya Modimo e amega ka dilo tse re di tlhokang mme e akanyetsa go sa itekanelang ga rona. (Pesalema 103:14) Seo ga se reye gore Modimo o itlhokomolosa boikepo, ka gonne go dira jalo e tla bo e le go tlhotlheletsa tshiamololo. (1 Samuele 3:12, 13; Moreri 8:11) Jehofa o ne a tlhalosetsa Moshe gore Ene o “bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri.” Le fa Modimo a rata go itshwarela diphoso le boleo, ga a kitla a tlogela go otlhaya ba ba tshwanetsweng ke kotlhao.—Ekesodo 34:6, 7.

6. Jehofa o dirisana jang le bana ba gagwe ba lefatshe?

6 Fa re akanya ka tsela e Jehofa a diragatsang tshiamiso ka yone, ga re a tshwanela go akanya ka ene e le moatlhodi yo o peloethata, yo o ipatlelang fela go atlhola badiraphoso. Go farologana le seo, re tshwanetse go akanya ka ene e le rre yo o lorato mme a nitame, yo ka metlha a dirisanang le bana ba gagwe ka tsela e e molemolemo. “Jehofa, o rraetsho,” go ne ga bolela jalo moporofeti Isaia. (Isaia 64:8) Jaaka Rre yo o sa tlhaoleng e bile a siame, Jehofa o lekalekanya go tlhomama ka ntlha ya se se siameng le kutlwelobotlhoko e e lorato mo baneng ba gagwe ba ba mo lefatsheng, ba ba tlhokang thuso kana boitshwarelo ka ntlha ya maemo a a bokete kana ka ntlha ya bokoa jwa nama.—Pesalema 103:6, 10, 13.

Go Phepafatsa Gore Tshiamiso ke Eng

7. (a) Re ithuta eng ka tshiamiso ya Modimo mo boporofeting jwa ga Isaia? (b) Jesu o ne a na le seabe sefe mo go ruteng ditšhaba ka tshiamiso?

7 Tsela e tshiamiso ya ga Jehofa e leng ya kutlwelobotlhoko ka yone e ne ya supiwa ka go tla ga ga Mesia. Jesu o ne a ruta ka tshiamiso ya Modimo mme o ne a tshela tumalanong le yone, jaaka moporofeti Isaia a ile a bolelelapele. Ka mo go phepafetseng, tshiamiso ya Modimo e akaretsa go tshwara batho ba ba gateletsweng ka lorato. Ka tsela eo, ga ba gobatswe thata mo e leng gore ba ka se tlhole ba siama. Jesu, “motlhanka” wa ga Jehofa o ne a tla mo lefatsheng go tla go “phepafaletsa merafe” karolo eno ya tshiamiso ya Modimo. O ne a dira jalo, segolobogolo ka go tlhoma sekao ka boene go bontsha gore tshiamiso ya Modimo e raya eng. Jaaka “letlhogele la tshiamo” la ga Kgosi Dafide, Jesu o ne a eletsa thata go ‘senka tshiamiso, a le bofefo go dira tshiamo.’—Isaia 16:5; 42:1-4; Mathaio 12:18-21; Jeremia 33:14, 15.

8. Ke ka ntlha yang fa tshiamiso le tshiamo ya boammaaruri di ne di sa bonale mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

8 Go bontsha sentle tsela e tshiamiso ya ga Jehofa e dirang ka yone ka tsela eno go ne go tlhokega segolobogolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Bagolwane ba Bajuda le baeteledipele ba badumedi—bakwadi, Bafarasai le ba bangwe—ba ne ba bolela le go supa kgopolo e e sokameng ya tshiamiso le tshiamo. Ka ntlha ya seo, batho ba ba tlwaelegileng, ba ba neng ba go fitlhela go le thata go tshela ka ditekanyetso tse bakwadi le Bafarasai ba di tlhomileng, ba ka tswa ba ne ba akanya gore motho a ka se ka le ka motlha a fitlhelela tshiamo ya Modimo. (Mathaio 23:4; Luke 11:46) Jesu o ne a bontsha gore ga go a nna jalo. O ne a tlhopha barutwa ba gagwe mo bathong ba ba tlwaelegileng bano mme a ba ruta ka ditekanyetso tsa Modimo tsa tshiamo.—Mathaio 9:36; 11:28-30.

9, 10. (a) Bakwadi le Bafarasai ba ne ba batla go supa jang tshiamo ya bone? (b) Ke ka ntlha yang e bile ke jang Jesu a ileng a supa gore ditiro tsa bakwadi le Bafarasai di ne di se na mosola?

9 Kafa letlhakoreng le lengwe, Bafarasai ba ne ba batla ditshono tse ba neng ba ka supa “tshiamo” ya bone ka tsone ka go rapela kana ka go ntsha meneelo ba bonwa ke batho. (Mathaio 6:1-6) Ba bile ba leka go supa tshiamo ya bone ka go latela melao le ditaolo tse dintsintsi—tse bontsi jwa tsone di tlhomilweng ke bone ka bobone. Maiteko a a ntseng jalo a ne a dira gore ba “tlhokomolog[e] tshiamiso le lorato lwa Modimo.” (Luke 11:42) Kafa ntle, ba ka tswa ba ne ba bonala ba siame, mme mo teng ba ne ba ‘tletse bosenangmolao,’ kana tshiamololo. (Mathaio 23:28) Fa re tlhamalala fela, tota ba ne ba sa itse sepe ka tshiamo ya Modimo.

10 Ka ntlha ya seo, Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Fa tshiamo ya lona e sa tote go feta ya bakwadi le Bafarasai, ga lo kitla lo tsena ka gope mo bogosing jwa magodimo.” (Mathaio 5:20) Pharologano e kgolo fa gare ga tshiamiso ya Modimo e Jesu a neng a e supa le go ipona tshiamo ga bakwadi le Bafarasai ba gagametse, e ne e le yone e e neng e dira gore go bo go ne go tlhola go nna le dikgogakgogano fa gare ga bone.

Tshiamiso ya Modimo fa e Bapisiwa le Tshiamiso e e Sokamisitsweng

11. (a) Ke ka ntlha yang fa Bafarasai ba ne ba botsa Jesu kaga go fodisa ka Sabata? (b) Karabo ya ga Jesu e ne e supa eng?

11 Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu kwa Galalea ka dikgakologo tsa ngwaga wa 31 C.E., o ne a bona monna yo o nang le seatla se se omeletseng mo sinagogeng. E re ka e ne e le ka Sabata, Bafarasai ba ne ba botsa Jesu jaana: “A go kafa molaong go alafa ka sabata?” Go na le gore ba amege tota ka go boga ga monna yono, ba ne ba eletsa go bona lebaka la go latofatsa Jesu, jaaka potso ya bone e ne e supa. Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a hutsafala go bo ba na le dipelo tse di thata jaana! O ne a araba Bafarasai ka go ba botsa potso e e tshwanang: “A go kafa molaong go dira tiro e e molemo . . . ka sabata?” Fa ba didimala, Jesu o ne a araba potso ya gagwe ka boene ka go ba botsa gore a ba ne ba se kitla ba thusa nku e e wetseng mo kgatamping ka Sabata.b “Abo motho a le botlhokwa jang go feta nku!” Jesu o ne a tlhalosa ka tsela e e utlwalang e ba sa kgoneng go e ganetsa. A konela ka gore “jalo go kafa molaong [kana, go siame] go dira selo se se molemomogolo ka sabata.” Tshiamiso ya Modimo ga e a tshwanela go kgorelediwa ke dingwao tsa batho. Fa Jesu a sena go phepafatsa ntlha eo, o ne a tswelela a fodisa seatla sa monna yoo.—Mathaio 12:9-13; Mareko 3:1-5.

12, 13. (a) Go farologana le bakwadi le Bafarasai, Jesu o ne a supa jang gore o kgatlhegela go thusa baleofi? (b) Pharologano ke eng fa gare ga tshiamiso ya Modimo le go ipona tshiamo?

12 Fa Bafarasai ba ne ba sa amege jaana ka ba ba golafetseng, ba ne ba sa amege gotlhelele ka ba ba humanegileng mo semoyeng. Tsela e e sokameng e ba neng ba leba tshiamo ka yone e ne ya dira gore ba itlhokomolose le go ila bakgethesi le baleofi. (Johane 7:49) Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ba ntseng jalo ba ne ba utlwa thuto ya ga Jesu, kwantle ga pelaelo ba ne ba lemoga gore o batla go ba thusa go na le go ba atlhola. (Mathaio 21:31; Luke 15:1) Le fa go ntse jalo, Bafarasai ba ne ba nyenyefatsa maiteko a ga Jesu a go fodisa ba ba lwalang mo semoyeng. “Monna yono o amogela baleofi e bile o ja le bone,” ba ne ba ngongorega jalo ka tsela ya go kgala. (Luke 15:2) Fa Jesu a arabela tatofatso ya bone, o ne a dirisa gape setshwantsho sa bodisa. Fela jaaka modisa a itumela fa a bona nku e e neng e latlhegile, baengele ba legodimo le bone ba a itumela fa moleofi a sokologa. (Luke 15:3-7) Jesu ka boene o ne a itumela fa a ne a kgona go thusa Sakaio gore a ikwatlhaye mo tseleng e a neng a le mo go yone pele ya boleo. O ne a bolela jaana: “Morwa motho o tletse go senka a ba a boloka se se neng se latlhegile.”—Luke 19:8-10.

13 Dikganetsano tseno di supa sentle gore go na le pharologano magareng ga tshiamiso ya Modimo, e e batlang go fodisa le go boloka, le go ipona tshiamo, go go tlotlomatsang batho ba le mmalwa le go kgala ba bantsi. Meetlo e e sa reng sepe le dingwao tse di tlhomilweng ke batho di ile tsa dira gore bakwadi le Bafarasai ba nne boikgogomoso le go ipona ba siame, mme Jesu o ne a bontsha sentle gore ba ne ba “itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyego.” (Mathaio 23:23) E kete re ka etsa Jesu ka go dira tshiamiso ya boammaaruri mo go sengwe le sengwe se re se dirang mme gape re tlhokomele lemena la go ipona re siame.

14. Nngwe ya dikgakgamatso tsa ga Jesu e supa jang gore tshiamiso ya Modimo e akanyetsa maemo a motho?

14 Le fa Jesu a ne a itlhokomolosa melao e Bafarasai ba e itlhometseng, o ne a boloka Molao wa ga Moshe. (Mathaio 5:17, 18) Ka go dira jalo, o ne a sa letle go gagamalela go boloka Molao o o siameng go sire melaometheo ya one. Fa mosadi mongwe yo o neng a na le kelelo ya madi ka dingwaga di le 12 a ne a ama diaparo tsa gagwe mme a fodisiwa, Jesu o ne a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsena mo tseleng ka kagiso.” (Luke 8:43-48) Mafoko a ga Jesu a kutlwelobotlhoko a ne a tlhomamisa gore tshiamiso ya Modimo e ne e akanyetsa maemo a gagwe. Le mororo go ya ka molao a ne a itshekologile mme ka ntlha ya moo o ne a tlodile Molao wa ga Moshe ka go nna fa gare ga boidiidi, o ne a tlhoka go duelwa ka ntlha ya tumelo ya gagwe.—Lefitiko 15:25-27; bapisa Baroma 9:30-33.

Tshiamo ke ya Mongwe le Mongwe

15, 16. (a) Setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamaria yo o molemo se re ruta eng ka tshiamiso? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go “nna tshiamo ya mo go feteletseng”?

15 Mo godimo ga gore Jesu a gatelele tsela e tshiamiso ya Modimo e leng kutlwelobotlhoko ka yone, gape o ne a ruta barutwa ba gagwe gore e tshwanetse go akaretsa batho botlhe. E ne e le go rata ga ga Jehofa gore a ‘ntshetse merafe tshiamiso.’ (Isaia 42:1) Ke sone se Jesu a neng a bua ka sone mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe tse di itsegeng thata, sa Mosamaria yo o molemo. Setshwantsho seno e ne e le karabo ya potso e monna mongwe yo o itseng Molao a neng a e botsa a batla go “itshupa e le yo o siameng.” “Ke mang tota yo o leng moagelani wa me?” a botsa jalo, kwantle ga pelaelo a batla go lekanyetsa boikarabelo jwa gagwe jwa go nna moagelani mo bathong ba Bajuda fela. Mosamaria wa setshwantsho sa ga Jesu o ne a supa tshiamo ya bomodimo, ka gonne o ne a iketleeditse go dirisa nako ya gagwe le madi a gagwe go thusa motho wa tšhaba e sele. Jesu o ne a konela setshwantsho sa gagwe ka go gakolola motho yo a neng a mmotsa potso jaana: “Le wena o dire fela jalo.” (Luke 10:25-37) Fa le rona re direla batho botlhe molemo go sa kgathalesege gore ke ba morafe kana lotso lofe, re tla bo re etsa tshiamiso ya Modimo.—Ditiro 10:34, 35.

16 Kafa letlhakoreng le lengwe, sekao sa bakwadi le Bafarasai se re gakolola gore fa re dira tshiamiso ya Modimo, ga re a tshwanela go “nna tshiamo ya mo go feteletseng.” (Moreri 7:16) Fa re batla go kgatlha ba bangwe ka go ipontsha re le tshiamo kana fa re tsaya melao e e tlhomilweng ke batho e le botlhokwa ka tsela e e feteletseng, seno ga se kitla se dira gore Modimo a re amogele.—Mathaio 6:1.

17. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana gore re bontshe tshiamiso ya bomodimo?

17 Lebaka le lengwe la go bo Jesu a ne a tlhalosetsa ditšhaba kafa tshiamiso ya Modimo e ntseng ka teng e ne e le gore barutwa ba gagwe botlhe ba tle ba ithute go bontsha nonofo eno. Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa jaana? Dikwalo di re kgothaletsa gore re ‘nne baetsi ba Modimo,’ mme ditsela tsa Modimo tsotlhe di tshiamiso. (Baefeso 5:1) Ka mo go tshwanang, Mika 6:8, (NW) e tlhalosa gore nngwe ya dilo tse Jehofa a batlang gore re di dire ke gore re “dire tshiamiso” fa re ntse re tsamaya le Modimo wa rona. Mo godimo ga moo, Sefania 2:2, 3 e re gakolola gore fa re batla go fitlhwa ka letsatsi la bogale jwa ga Jehofa, re tshwanetse go ‘batla tshiamo’ pele ga letsatsi leo le fitlha.

18. Ke dipotso dife tse di tla arabiwang mo setlhogong se se latelang?

18 Ka jalo malatsi ano a bofelo a mathata ke “nako e e amogelesegang” ya go dira tshiamiso. (2 Bakorintha 6:2) Re ka tlhomamisega gore fa jaaka Jobe, re “apara tshiamo” le go dira ‘tshiamiso kobo ya rona,’ Jehofa o tla re segofatsa. (Jobe 29:14) Go dumela mo tshiamisong ya ga Jehofa go tla re thusa jang go lebelela isagwe ka tshepo? Mo godimo ga moo, fa re ntse re letile “lefatshe le lesha” la tshiamo, tshiamiso ya bomodimo e re sireletsa jang mo semoyeng? (2 Petere 3:13) Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo Dikwalong Tsa Sehebera, go dirisiwa mafoko a mararo a konokono. Lengwe la one (mish·patʹ) gantsi le ranolwa e le “tshiamiso.” A mangwe a mabedi (tseʹdheq le lefoko le le tshwanang le lone tsedha·qahʹ) mo makgetlhong a mantsi a ranolwa e le “tshiamo.” Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “tshiamo” (di·kai·o·syʹne) le tlhalosiwa e le “nonofo ya go siama kana go nna le tolamo.”

b Jesu o ne a tlhophile sekai sa gagwe sentle ka gonne molao o o sa kwalwang wa Bajuda o ne o ba letla ka mo go kgethegileng go thusa phologolo e e mo mathateng ka Sabata. Mo makgetlhong a mangwe a le mmalwa, go ne go na le dikganetsano ka yone kgang eno, e leng gore a go kafa molaong go fodisa ka Sabata.—Luke 13:10-17; 14:1-6; Johane 9:13-16.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Tshiamiso ya Modimo e kaya eng?

◻ Jesu o ne a ruta ditšhaba tshiamiso jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa tshiamo ya Bafarasai e ne e sokamisitswe?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira tshiamiso?

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Jesu o ne a phepafatsa bogolo jwa tshiamiso ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela