Kutlwano ya Lefatshe—A e Tla Tsamaya e Nna Teng?
“FA RE ka atlega mo dikokomaneng di sekae tse di latelang malebana le go fetola lefatshe la dinaga tse di ipusang tse re nnang mo go tsone gore di nne ditšhaba tsa lefatshe lotlhe tse di tshedisanang mmogo ka tsela ya mmatota . . . re tla bo re kgonne go fedisa le ntwa e e sa leng e le teng bogologolo ka katlego . . . Le fa go ntse jalo, fa re ka palelwa, gongwe go ka . . . se nne le mokgwa o montle wa go tshela.” Go bolela jalo mokwalahisitori wa masole e bong Gwynne Dyer mo bukeng ya gagwe e e nang le setlhogo se se reng War.
Dyer o bolela gore dibuka tsa hisitori di tletse dipego tsa dinaga le tsa ditlhopha tse dingwe tsa batho tse di nonofileng tse di neng tsa bona fa ntwa e le yone tsela fela ya go rarabolola dikgotlhang tsa tsone. Go sa utlwane ga tsone go ne ga sulafatsa matshelo a batho ba le dimilionemilione. Tlhaloso ya ga Kgosi Solomone ya ka fa seo se neng sa ama batho ba motlha wa gagwe ka teng e sa ntse e dira gompieno. O ne a kwala jaana: “Ka menoga mme ka bona dipatiko tsotlhe tse di dirwang tlase ga letsatsi; mme bonang, dikeledi tsa ba ba patikwang, mme ba bo ba se na mogomotsi; mo ntlheng ya bapatiki ba bone go ne go na le nonofo, mme bone ba bo ba se na mogomotsi.”—Moreri 4:1.
Gompieno, fela jaaka mokwalahisitori yo o umakilweng fa godimo a tlhalosa, mo godimo ga go utlwela botlhoko “dikeledi tsa ba ba patikwang,” go na le lebaka le lengwe la go batla tsela ya go fetola lefatshe la dinaga tse di ipusang gore le nne ditšhaba tsa lefatshe lotlhe tse di tshedisanang mmogo ka tsela ya mmatota: Mokgwa ono wa botshelo o mo kotsing! Dintwa tse di lowang gompieno di batla go senya naga nngwe le nngwe e e lwang mme ga go kitla go sala mofenyi ope.
A go Tloga go Nna le Kutlwano ya Lefatshe?
Ke eng se se lebeletsweng ka kutlwano ya lefatshe? A batho ba ka fenya dilo tse di kgaoganyang tse di dirang gore lefatshe le se ka la falola? Ba bangwe ba akanya jalo. Morulaganyi wa dikgang tsa boiphemelo wa Daily Telegraph ya Boritane e bong John Keegan o kwala jaana: “Go sa kgathalesege tlhakatlhakano e e leng teng le dipelaelo, go bonala motho a ka kgona go lemoga tsela e lefatshe le le se nang ntwa le tlileng go lebega ka yone.”
Ke eng se se mo dirang gore a nne le tsholofelo eno? Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba lebega ba na le tsholofelo go sa kgathalesege hisitori e telele ya batho ba ntse ba lwa le go bo motho a lebega a sa kgone go ipusa ka katlego? (Jeremia 10:23) ‘Batho ba gatetse pele. Hisitori e bontsha mofuta wa kgatelopele e e tswelelang pele,’ ka nako nngwe bangwe ba kile ba bua jalo. Tota le gompieno, batho ba le bantsi ba dumela gore ka tsela nngwe bomolemo jo bo leng mo teng ga motho bo tla fenya bosula. A seo ke tsholofelo e e tla diragalang? Kana a ke go itsietsa fela mo go tla re swabisang le go feta? Mo bukeng ya gagwe ya Shorter History of the World, mokwalahisitori mongwe e bong J. M. Roberts o ne a kwala jaana a bua boammaaruri: “Isagwe ya lefatshe e ka se tlhomamisiwe. Le gone ga go na sepe se se bontshang gore go boga ga batho go tla tloga go fela gone jaanong e bile ga go na motheo wa gore re dumele gore go tla fela.”
A go na le mabaka a mmatota a go dumela gore batho le ditšhaba tota ba tla fenya tsela ya bone ya go sa tshepane le dikgotlhang tse di kgaoganyang batho? Kana a go na le sengwe se se gaisang maiteko a batho se se tlhokegang? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Background globe on the cover: Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.