Phediso ya Ntwa Yotlhe—A E Ka Fitlhelelwa?
“HARA-MAGEDONA”—leina leno le le mo Bibeleng le kaya eng? Sengwe le sengwe se nale khabara e e tlhalosang, go tla nna le tlhomagano ya ditlhogo tse di rutang tseo di supiwang mo ditokololong di le nne tsa Tora ya Tebelo ya January le February 1985. Go solofelwa gore dipuisano tseno tsa Dikwalo di tla go gomotsa ka kitso ya gore HARA-MAGEDONA tota tota ke eng.
“TLAÑ, lo bōnè ditihō tsa ga Yehofa, eboñ dichwahaco tse o di dihileñ mo lehatshiñ. O khutlisa ditlhabanō le kafa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.”—Pesalema 46:8, 9.
Mafoko a a fa godimo a mopesalema yo o tlhotlheleditsweng a dumalana le keletso ya pelo ya batho go ralala dipaka tse. Tota, ke mang yo o iseng a ke a eletse letsatsi leo ka lone ntwa e tla bong e sa tlhole e le gone? Lefa go ntse jalo, fela jaaka re batla go go bona ka matlho a mahibidu, bokhutlo jwa ntwa bo paletse maiteko otlhe a batho. Ga se fela gore ntwa e santse e ntse e na le rona mme e ile ya nna le tshenyo e kgolo le go nna bolau thata mo eleng gore e le lwantlha mo ditiragalong tsa motho go tswelela ga ditlhabololo, le eleng botshelo ka bojone, go ile ga bopelwa.
Ka ntlha ya tebelelo ya kotsi e e maswe e e kwetogang kwa pele, ga gona seo re ka se dirang fa e se go botsa: Ke ka baka lang fa maiteko a batho a go thibela ntwa a ile a palelwa mo go tlhabisang ditlhong go le kana? A ntwa eleruri e ka se tilwe? Eleruri, gone tota la re dintwa di lwelwang?
Lebaka La Go Bo Maiteko a Batho a Palelwa
“Fa o nna mo lefelong leo go se nang mapodisi mme mongwe le mongwe a na le ditlhobolo mme o tshelela mo poifong ya ka metlha ya go ka tlhaselwa, he go ile go hulanwa fela thata,” go kwadile jalo radikgang le raditiragalo wa bosole Gwynne Dyer. “Oo ke one mofuta wa lefelo leo dinaga tsotlhe tsa lefatshe di tshelang go one,” o ne a tswelela. “Ga go na mapodisi a merafe-rafe, ka jalo naga nngwe le nngwe e nna e itlhomeletse le go ipaakanyetsa thubakanyo; mme mofuta wa thubakanyo oo dinaga di tsenelelang go one o na le leina le le kgethegileng. Re o bitsa ntwa.”
Lemororo seo e le tlhaloso eo go bonalang e tlhofofaditswe, e supela go mabaka a le mmalwa a motheo ao a dirang ntwa. Go tshwanetse ga bo go na le dilo tseo di tsalang ntwa gammogo le tshekamelo ya go dira jalo. Gammogo le tseno, re elatlhoko gape tlhaelo ya molao le tolamo mo “lefelong,” mo ntlheng eno e le lefatshe.
Bora-ditiragalo ba ba tumileng Will le Ariel Durant ba ne ba supela go mabaka ano a motheo a a tshwanang fa ba ne ba kwala mo bukeng ya bone ya The Lessons of History: “Mo tlhaelong ya ga jaanong ya molao wa merafe-rafe le boikutlo tšhaba nngwe e tshwanetse ya ipaakanyetsa paka nngwe le nngwe ya go iphemela; mme fa e le gore dikgatlhego tsa yone tsa botlhokwa dia kopanyelediwa e tshwanetse ya letlelelwa go dirisa dilo dipe tseo e di akanyetsang di siametse phalolo ya yone. Melao e e Lesome e tshwanetse ya didimala fa boipoloko bo le mo kotsing.”
Ka ntlha ya gone moo, katlego kgotsa palelo ya boiteko bope jwa go fedisa ntwa bo tla ikaega segolo-bogolo ka fa go dirisanwang le mabaka—a motheo ka gone. A leano lepe fela la batho, go sa kgathalesege gore le ka tswa le na le boikutlo jo bo bobebe go le kana-kang, le ile la atlega mo go direng seno? A re tlhatlhobeng mabaka.
Tlhaelo ya Tolamo ya Merafe-rafe
Go ile ga dirwa maiteko a mantsi mo nakong e e fetileng go bopa lekgotla la lefatshe le le rileng ka nonofo ya go disa merafe le go boloka molao le tolamo tsa merafe-rafe. Ka sekai, Kgolagano ya Merafe e ne ya bopiwa kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I go tlhomamisa gore lefatshe le ne le se ketla le thabuediwa mo ntweng gape. Ebile tota le ne la nna dinnoolwane fela kwa go tlhagogeng ga Ntwa ya Lefatshe II. Go tswa foo, ka 1945, lekgotla la Merafe e e Kopaneng le ne la tlhaga, le galalediwa le go tsatsankiwa ke baruti ba La-Bodumedi jaaka tsholofelo ya kagiso ya setho. Rekoto ya lone e ile ya nna eng? Gape-gape ditiragalo di neela karabo. “Batho ba ba fetang dimilione tse nne ba tseneletse mo dintweng tse di farologaneng tse 42 jaanong, borukhutlhi le ditsogologo tsa dinaga tseo. . . . Magareng ga batho bale milione a le mongwe le dimilione tse tlhano ba ile ba bolawa mo ditshukatshukanong tseno,” go boletse jalo The New York Times ka 1984. Ke batho ba le kae fela gompieno ba ba dumelang gore UN e na le nonofo ya go thibela dintwa le dithulano mo go tlhagogeng. Go nna gone ga yone ga go thuse ka sepe go ritibatsa poifo ya ntwa ya lefatshe ya boraro, kgotsa masetlapelo a nuklea.
Popo le Tshukatshukano e e Golang
Lebaka le lengwe la gore makgotla a a jaaka UN ga a na nonofo mo go thibeleng ntwa ke gore merafe go dikologa lefatshe e nwetse ka mabetwa-e-pelo mo bolaoding le ditshwanelong tsa bosetšhaba. Ga ba kgathale mo go kalo ka ga boikarabelo jwa merafe-rafe kgotsa melao ya boitsholo. Go fitlhelela maitlhomo a bone, merafe mengwe e ikutlwa e siametswe mo go diriseng dilo dipe fela tseo ba di tsayang di tshwanela—dikgatlampolo, dipolao, dithopo, dithuntsho, jalo le jalo—gantsi ebile go bolawa batho fela. Le eleng barena ba bagolo ba lefatshe gantsi ba gogagogana go feta selekanyo fela ka ntlha ya boipabalelo le dikgatlhego tsa bosetšhaba Merafe e tla itshokelana ka lobaka lo lo kae mo boitshwarong jo bo ntseng jalo jo bo senang tlhaloganyo le jwa tlhoko-tsebe? Ke di-Falkland, Afghanistan, Grenada, sefofane sa 007 sa Korea di le kae, jalo le jalo tseo lefatshe le ka di falolang kwantle ga thulano e kgolo? Ga go bokete go bona kafa bosetšhaba le ipuso di ileng tsa nna dikgoreletsi tse dikgolo mo go fediseng ntwa.
Ba Tlhomeletswe ebile Ba Ipaakantse
Go setse go itsiwe fela thata ga jaanong gore mabolokelo a ditlhabano a barena ba lefatshe a kgobeletswe ka dibolao tse di lekanetseng tsa nuklea go senya botshelo jotlhe jwa setho mo lefatsheng makgetlo a mantsintsi. Mme gotweng ka merafe e mengwe? Go ya ka pego ya goromente wa U.S., merafe e e tlhabologang go dikologa lefatshe, lefa gone e gateletswe fela thata ke tsa itsholelo, e ile ya senya dibilione tse di fetang R230 mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng mo go boneng difofane tse di tlhabolotsweng fela thata, dimisaele, le dikoloi tsa ntwa tse di ka bonwang. Matswela? “Go fitlhile mo ntlheng e e leng gore bareki ba bantsi ba na le mathata a go boloka dilwana tsotlhe tsa bone tsa tshipi tse dintšha.” Jaaka go tle go buiwe, merafe eno ka boammaaruri e itlhomeletse ka botlalo. Lebaka la go bo ba na le dibetsa tseo gotweng ke tsa conventional (tse di seng bogale thata) fela le ba dira gore ba iketleeletse tota ebile ba ipaakanyetse go di dirisa.
Lebaka Lepe la Tsholofelo?
Go palelwa gangwe le gape ga maiteko a batho a go fedisa ntwa go otlelela fela boammaaruri jwa Bibela jwa gore “ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Lefa gone batho ba ka tswa ba batla go bona ntwa yotlhe e khutlisitswe, bone ka bobone ga ba itse gore ba ka go fitlhelela jang. Go tweng he, kaga tsholofetso ya gore ‘dintwa di tla khutlisiwa le eleng kwa bokhutlong jwa lefatshe’i? A e neetswe fela ka ntlha ya go tsosa tebelelo kgotsa go re sotla? Eseng jalo ruri. Ereka jaana Jehofa a re tlhomamisetsa mabapi le lefoko lepe kgotsa tsholofetso epe e e tswang molomong wa gagwe ka go re: “Ga le ketla le boèla hèla mo go nna.” (Isaia 55:11) Tsholofetso eno he, e tla itemogelwa jang? Go na le motheo ofe o o utlwalang ka rona go dumela gore Modimo o tla atlega koo motho a ileng a palelwa gone gangwe le gape?