LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 11/1 ts. 4-7
  • Kutlwano ya Lefatshe—E Tlile go Tla Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kutlwano ya Lefatshe—E Tlile go Tla Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ba Binela Gaufi Thata le Lebitla”
  • Maatla Mangwe a Sele a Gaketse
  • Puso ya Batho
  • Batho ba ba Utlwanang ba Ditšhaba Tsotlhe
  • Re Ka Bona Kae Kutlwano mo Lefatsheng Leno le le Kgaogantsweng ke Ntwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Kafa Re Tla Fiwang Tse Re Di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Lefatshe le Lebile Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A Lefatshe le Tla Nna Seoposengwe?
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 11/1 ts. 4-7

Kutlwano ya Lefatshe—E Tlile go Tla Jang?

FELA jaaka kago e e thubegileng e e sentsweng thata ke banni ba ba neng ba sa e tlhokomele, tsamaiso ya gompieno ya lefatshe e tshwanelwa ke selo se le sengwe fela—go thubiwa le go emisediwa ka e nngwe. Seno ga se kgopolo fela e e ka se kang ya diragala ya batho ba ba bolelelang dilo pele. Go ya ka Baebele, ke yone fela kgopolo e e boammaaruri. Ka ntlha yang?

Metheo ya tsamaiso ya lefatshe ya gompieno ga e a sireletsega. Kago yotlhe e kgautlhantswe ke makeke le go bola. Tlhomeso ya tshipi e a rusa. Mabota a a tshegetsang a a koafala. Borulelo bo a rutlologa. Diphaephe tsa metsi di a dutla. Tsamaiso ya motlakase e senyegile e bile e kotsi. Banni ba yone ba lwa ka metlha le ka bogale ba senya kago yotlhe. Kago yotlhe le tikologo ya yone di jelwe ke seboko e bile di ka bolaya le go gobatsa mo go masisi.

“Ba Binela Gaufi Thata le Lebitla”

Ka ntlha ya dikgotlhang tse di sa feleng tsa bopolotiki, bopelotshetlha, ntwa le letlhoo le le nweleletseng la bomorafe le la setso, “batho botlhe,” jaaka Gwynne Dyer a e baya, “ba binela gaufi thata le lebitla.” Mo lefatsheng lotlhe, ditlhotshwana tse di ititeileng sehuba—ditlhopha tse di tlhotlheletsang batho, balwelakgololesego, digopa tsa dikebekwa, dirukutlhi tsa mafatshe otlhe, le tse dingwe—di latela dithulaganyo tsa tsone tsa bopelotshetlha mme go lebega di kgona go senya kagiso epe e e ka nnang teng mo lefatsheng fa di batla go dira jalo. Fela jaaka banni ba ba senyang, di ka dira gore botshelo bo sulafalele mongwe le mongwe.

Le fa go ntse jalo, go ya ka batlhalosi ba le bantsi, ditlhopha tsa majelathoko kana tsa batho ba ba sa laolesegeng ga se tsone fela tse di kgoreletsang kutlwano ya lefatshe. Sekgoreletsi se segolo thata ke dipuso ka botsone. Dinaga tse di ipusang di fa gare ga “maemo a a tlhakatlhakaneng a boditšhabatšhaba,” go bolela jalo mokwadi mo go tsa ntwa e bong S. B. Payne, Jr. Di leka ka natla go dira dilo tse di ka solegelang fela naga ya tsone molemo, di amegile go le gonnye fela ka tse dingwe kana di sa amege ka tsone gotlhelele. Ka ntlha ya seo, mo hisitoring yotlhe ‘motho o na le thata mo go yo mongwe go ikutlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

Ke boammaaruri gore dipuso dingwe tsa batho di ile tsa atlega ka selekanyo se se rileng malebana le go lwantsha tshiamololo le kgatelelo mo dinageng tsa tsone mme, go ya bokgakaleng jo bo rileng, le mo dinageng tse dingwe tsa boditšhabatšhaba. Di nnile le selekanyo se se rileng sa kutlwano ya boditšhabatšhaba gangwe le gape. Mme tota le fa dinaga tse dingwe di ikopanya gore di nne kgatlhanong le naga e e letshwenyo, gantsi go sala dipelaelo tsa gore di dira jalo gore di solegelwe molemo ka tsela nngwe ka botsone e seng gore di thuse ka tsela e e seng ya bopelotshetlha. Boammaaruri ke gore dipuso tsa batho ga di na tharabololo e e feletseng, e e nnelang ruri ya dikgaogano tsa lefatshe. Gwynne Dyer o tlhalosa jaana: “Kgopolo ya gore dinaga tsotlhe tsa lefatshe di tla nna seoposengwe gore di thibele kana gore di otlhaye naga epe e e letshwenyo ke selo se se molemo go se dira, mme ke naga efe e e ka supang gore e e letshwenyo ke efe, e bile ke efe e e ka duelelang ditshenyegelo tsa madi le tsa matshelo tse di ka tlhokegang gore naga eo e emise go dira jalo?”

Ke boammaaruri gore go ka direga gore naga e tshwenye e nngwe mme bontsi jwa baagi ba yone ba bo ba sa nne kgatlhanong le seo. Gangwe le gape hisitori e bontsha gore ga se fela baagi ba “naga e e letshwenyo” ba ba neng ba tshegetsa baeteledipele ba bone, ba se phoso kana ba le phoso. Tota e bile, bontsi jwa banni ba lefatshe ba ile ba dira fela jalo. Jaaka makasine wa Time o e baya, ba ile ba sala “maaka, loleme lo lo borethe le dipuo tsa lefela,” tsa baeteledipele ba bopolotiki le ba bodumedi morago ba sa lemoge.

Bosetšhaba bo ile jwa tlhotlheletsa maikutlo a batho ba tota ba akanyang sentle le ba ba lorato mme bo dirile gore ba direle banna, basadi le bana ba setšhaba se sele bosetlhogo jo bo maswemaswe. Ka sekai, fa mokwalahisitori e bong J. M. Roberts a ne a bua ka Ntwa ya Lefatshe I o akgela jaana: “Dingwe tsa dilo tse di gakgamatsang tsa 1914 ke gore mo nageng nngwe le nngwe palo e kgolo ya batho, ba ditlhopha tsotlhe, ba ditumelo le ba ditso, go bonala ka tsela e e gakgamatsang ba ile kwa ntweng ka go rata le ka go itumelela seo.” A batho ba ile ba ithuta sengwe fa e sa le ka nako eo? Nnyaa! Sebatana sa “bosetšhaba se se foufetseng,” jaaka mokwadi mongwe wa dikgang e bong Rod Usher a ne a se tlhalosa, se tswelela pele se senya kutlwanonyana epe fela e e leng teng ya lefatshe.

Maatla Mangwe a Sele a Gaketse

Le fa go ntse jalo, go na le selo se segolo se se kgoreletsang kutlwano ya lefatshe. Baebele e senola gore maatla ao a sele a gaketse. A itsiwe e le Satane Diabolo le balatedi ba gagwe, e leng badimona. Baebele e bolela gore Satane ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo [yo] o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumeleng,” e le gore “dikgang tse di molemo tse di galalelang kaga Keresete” di se ka tsa ba kgatlha.—2 Bakorintha 4:4; Tshenolo 12:9.

Gone mme, seno ga se golole batho go ikarabelela mo ditirong tsa bone. Mme se tlhalosa lebaka la go bo dipuso tsa batho di ka se ke tsa tlhoma lefatshe le le utlwanang tota. Fa fela Satane Diabolo a sa ntse a le teng, o tla tlhotlheletsa banna le basadi gore ba dire se Baebele e se bitsang “ditiro tsa nama,” go akaretsa ‘bobaba, kgogakgogano, dingangisano le dikgaogano.’—Bagalatia 5:19-21.

Puso ya Batho

Ka gone tharabololo ke eng? Dingwaga di ka nna makgolo a supa a a fetileng, mmoki mongwe yo o tumileng thata e bile e le mofilosofi wa kwa Italy e bong Dante o ne a ntsha karabo. O ne a bolela gore ke puso ya lefatshe fela e e ka tlisang kagiso le kutlwano ya batho. Batho ba le bantsi ba tsaya tsholofelo ya mofuta ope ya puso ya lefatshe e le selo se se ka se kgonegeng, e se sengwe se motho a ka se tshepang tota. Mokwadi Payne yo o umakilweng fa godimo o konela jaana: “Puso ya lefatshe e ka se kgonege mo seemong seno sa hisitori.” Ka ntlha yang? Ka gonne puso epe ya lefatshe e e tla atlegang e tshwanetse go tlhomamisa dilo di le pedi tse tota di lebegang motho a ka se di kgone gotlhelele, e leng gore “puso ya lefatshe e fedise ntwa le gore puso ya lefatshe e se gatelele lefatshe.”

Ga go na pelaelo gore ga go na puso ya motho e e ka dirang seno. Le fa go ntse jalo, Bogosi jwa Modimo jo bo mo diatleng tsa ga Jesu Keresete bo ka fedisa ntwa e bile bo tla dira jalo. (Pesalema 46:9, 10; Mathaio 6:10) Eleruri, bo tla senya bontwadumela botlhe. Moporofeti Daniele o bontsha gore kwa bokhutlong jwa nako e e tlhomilweng ke Modimo gore a fedise puso ya motho mo lefatsheng, puso ya batho e tla itshupa e le e e “kgaoganeng” jaaka “tshipi e tlhakanye le letsopa le le loraga.” (Daniele 2:41-43) Seno se tla felela ka go kgaogana ga bopolotiki le ka ntwa e e sa feleng. Le fa go ntse jalo, Daniele o bolela gore Bogosi jwa Modimo “bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao [a bosetšhaba le a a kgaoganeng] otlhe,” kana dipuso, bo di emisetsa ka Bogosi jo bo sa leng bo emetswe jo bo mo diatleng tsa ga Jesu Keresete.—Daniele 2:44.

Go tla bo go se mosola go direla batho tikologo e e siameng fa e le gore lefatshe le tla tswelela pele le nniwa ke batho ba ba bolalome ba ba tswelelang pele ba tshedisa ba bangwe bokete. Le fa go ntse jalo, “badirabosula ba tlaa kgaolwa.” (Pesalema 37:1, 2, 9, 38; Diane 2:22) Ka gone, Keresete o tla tlosa botlhe ba ba ganang melao ya Modimo ka boomo kana ba ba tshegetsang baeteledipele ba lefatshe ba ba senyang. O tla senya botlhe ba ba senyang polanete eno. Modimo o solofetsa “go senyaka ba ba senyakang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.

Ono o ka se nne mofuta wa puso ya lefatshe o o gatelelang. Jesu Keresete o tla dira jalo “ka ntlha ya boammaaruri, le bopelonomi, le tshiamo” fa a kgaoganya batho ba ba molemo mo go ba ba bosula. (Pesalema 45:3, 4; Mathaio 25:31-33) Le gone e ka se nne e e sa siamang le e e senyang, e e dirisang maatla ka tsela e e sa tshwanelang. Nnyaa! Ga go a nna jaaka e kete kago nngwe ya bogologolo e ntle e tlile go senngwa ke mmaakanyi yo o pelotshetlha. Go tla bo go ntse jaaka e kete ke go senngwa ga kago e e thubegileng gore go nne le tikologo e e itumedisang, e ntle.

Mme go tweng ka maatla a sele a a dirileng gore go nne le kgaogano eno mo nakong e e fetileng? A a tla bo a gololesegile go tsena mo tsamaisong eno e ntšha e le gore baagi ba yone ba tle ba simolole go senya dilo gape, ba lwa le bannikabone le go tshedisa ba bangwe bokete? Tota nnyaa. Go tlosa gono le go baakanya ke ga bofelo e bile go tla bo go feletse. “Patikego ga e ketla e tsoga lwa bobedi.”—Nahume 1:9.

Baebele e tshwantsha tshenyego ya bofelo ya ga Satane le go tshubiwa ga matlakala. E bolela gore “Diabolo yo o neng a ba timetsa [baagi ba lefatshe] a piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo le sebabole.” (Tshenolo 20:10) A bo e le setshwantsho se se maatla jang ne! Akanya fela tshenyego e sa tshwantshiwe le go tshubiwanyana fela ga selekanyo se sennye mme e tshwantshiwa le bodiba jo bogolo jwa molelo, o o fisang le go tlosa sengwe le sengwe se se leng teng se se bosula le se se leswafetseng. Ga go na ope, motho kana ledimona, yo o tla letlelelwang go tswelela pele a dira dilo tse di tla tsenyang thulaganyo ya lobopo lotlhe mo kotsing, tse di tlolang melao ya Modimo ya se se molemo le se se bosula, kana yo o tla utlwisang batho ba bangwe botlhoko. Botlhe ba ba senyang kutlwano ba tla bo ba nyeletse!—Pesalema 21:9-11; Sefania 1:18; 3:8.

Batho ba ba Utlwanang ba Ditšhaba Tsotlhe

Batho ba ba tla falolang fa go phepafadiwa thata ba tla bopa “boidiidi jo bogolo . . . bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme.” (Tshenolo 7:9) Go farologana ka setšhaba le morafe go ka se ba kgaoganye. Ba tla bo ba ithutile go tshela mmogo ka kutlwano. (Isaia 2:2-4) Se se molemo thata ke gore bano ba tla kopana le banni ba polanete eno ba nako e e fetileng ba ba tla busediwang mo go jone gore ba nne mo lefatsheng le le phepafaditsweng ka mpho e e molemolemo ya tsogo ya baswi.—Johane 5:28, 29.

A o ka rata go tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo? Ke fela ba ba dirang dilo tse Modimo a di batlang ba ba tla tshelang mo go lone, mme dilo tse a di batlang di kwadilwe ka phepafalo mo Baebeleng. (Johane 17:3; Ditiro 2:38-42) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta se Modimo a se batlang e le gore le wena o solofele go itumelela botshelo ka bosakhutleng mo lefatsheng le le utlwanang tota.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Puso e e mo diatleng tsa ga Jesu Keresete e tla tlhomamisa gore lefatshe e nna le le utlwanang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela