LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/1 ts. 30-31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshegetsa Kutlwano ya Bokeresete mo Dikamanong tsa Kgwebo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Kgwebo ya Gago e Tla go Tlhoka Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Baruke—Mokwaledi yo o Ikanyegang wa ga Jeremia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Nnang lo Thantse ka Botlalo mo Ditlhaloganyong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/1 ts. 30-31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

E re ka Basupi ba ga Jehofa ba leka go ikanyega e bile ba tshepana, ke ka ntlha yang fa ba bona go le botlhokwa gore ba kwale kgolagano ya bone fa ba nna le ditirisano tsa kgwebo?

Go dira jalo ga bone go dumalana le Dikwalo, go mosola e bile go supa lorato. Jang jalo? A re sekasekeng dintlha tseo tsa dikgolagano tsa kgwebo.

Baebele e na le pego e e kwadilweng ya ditirisano tsa Modimo le batho ba kgolagano ya gagwe e bong Baiseraele. E akaretsa ditirisano tsa kgwebo gareng ga baobamedi ba boammaaruri. Genesise kgaolo 23 e na le pego e nngwe e re ka e sekasekang. Fa mosadi wa gagwe yo a mo ratang Sara a swa, Aberahame o ne a batla lefelo la go mo fitlha. O ne a simolola go dira kgwebo le Bakanana ba ba neng ba nna gaufi le Heberone. Ditemana 7-9 di bontsha gore o ne a bolela ka tsela e e utlwalang sentle gore o tla duelela karolwana ya setsha se a neng a se batla ka botlalo. Temana ya 10 e bontsha gore o ne a bua mo pele ga batho ba bangwe gore o batla go duelela setsha seno, a utlwiwa ke ba bangwe fa kgorong ya motse. Temana ya 13 e bontsha gore mong wa setsha o ne a bolela gore o tla se fa Aberahame kwa ntle ga tuelo, mme o ne a bolela gore o tla tsaya setsha seno fela fa a se reka. Mme ditemana 17, 18, le 20 di tlhalosa gore go ne ga diragala fela jalo, ga tlhomamisiwa “fa pele ga bana ba ga Hethe, fa pele ga botlhe ba ba tsenang ka kgoro ya motse wa gagwe.”

Le fa go ntse jalo, a go ne go tla dirwa ka tsela e e farologaneng fa e le gore batho ba ba dirisanang jalo ka tsa kgwebo ke baobamedi ba boammaaruri ka bobedi? Kgaolo 32 ya ga Jeremia e re naya karabo. Go tloga mo temaneng ya 6 go ya pele, re bona gore Jeremia o ne a tshwanetse go reka setsha mo go ntsalae. Temana ya 9 e bontsha gore ba ne ba dumalana ka madi a a tshwanetseng. Jaanong bala ditemana 10-12: “[Nna Jeremia] ka kwala dikwalo tsa tlhomamiso, ka kana longwe, mme ka bitsa basupi, ka mo lekanyetsa madi ka selekanyo sa pego. Jalo ka tsaya dikwalo tsa theko, lone lo lo kannweng, ka fa molaong le ka fa temalong, le lone lo lo sa kanwang. Lokwalo lwa theko ka lo neela Baruke morwa Neria, morwa Maseia, mo ponong ya ga Hanamele morwa malome, le mo ponong ya basupi ba ba ikwadileng mo lokwalong lwa theko, fa pele ga Bajuta botlhe ba ba dutseng mo lwapeng lwa balebedi.”

Ee, le fa gone Jeremia a ne a dirisana le moobamedikaene, yo e bile e neng e le wa losika, o ne a latela dithulaganyo dingwe tse di tlhokegang tsa ka fa molaong. Go ne ga dirwa dipego tse pedi tse di kwadilweng—e nngwe e nna e sa kanwa gore go lebiwe mo go yone ka bonako, ya bobedi e le e e kannweng gore e nne ya bosupi fa go ka belaelwa gore e e sa kanwang ga e boammaaruri. Tseno tsotlhe di ne di dirwa “fa pele ga bone” jaaka temana ya 13 e bolela. Ka jalo, e ne e le kgwebo ya ka fa molaong e e dirwang phatlalatsa, e go nang le basupi mo go yone. Go phepafatse he gore, ke go ya ka thulaganyo ya Dikwalo gore baobamedi ba boammaaruri ba dire dilo ka tsela e e ntseng jalo e e nang le bosupi jo bo kwadilweng.

E bile ke tsela e e mosola. Re itse gore mafoko a a reng “mme ba dirafalelwe botlhe ke motlha le bowelo,” a boammaaruri go le kae. (Moreri 9:11) Seo se akaretsa le Bakeresete ba ba ineetseng le ba ba ikanyegang. Jakobe 4:13, 14 e tlhalosa seno jaana: “Heelang tlheng, lona ba lo reng: ‘Gompieno kgotsa ka moso re tla tsaya loeto re ya motseng ono mme re tla nna ngwaga gone, mme re tla tshwarega mo kgwebong re bo re dira dipoelo,’ mme lo sa itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso.” Ka ntlha ya seo, re ka nna ra simolola tiro nngwe, e e jaaka go reka sengwe, re dira tiro kana tirelo nngwe e e dumalanweng, kana go direla motho yo mongwe sengwe. Mme le fa go ntse jalo, ka moso—kana kgwedi e e tlang kana ngwaga o o tlang—go tla direga eng? Go tweng fa rona kana motho yo mongwe yo re leng mo kgwebong le ene a ka tlhagelwa ke kotsi? Seo se ka bonala se ka dira gore tumalano e se ka ya diragadiwa. Go tweng fa e le gore ga re kgone go dira tiro kana tirelo eo, kana gongwe ene a sa kgone go duela madi kana a sa kgone go dira karolo ya gagwe e go dumalanweng ka yone? Fa go se na tumalano e e kwadilweng, go ka tlhaga mathata a magolo, a a neng a ka rarabololwa kana a ka tilwa fa go ne go na le tumalano e e kwadilweng.

Go feta moo, ga re a tshwanela go lebala gore lebaka lone fela la go bo dilo tse dintsi di sa tlhomama mo botshelong le ka nna la raya gore motho mongwe o sele o tla tshwanela gore a tsweledise pele kana a baakanye dilo tse di amanang le kgwebo ya rona (kana ya motho yo mongwe yoo). Jakobe o ne a oketsa jaana mo go temana 14: “Gonne lo mouwane o o bonalang ka lobakanyana mme go tswa foo o bo o nyelela.” Tota ruri, re ka nna ra swa fela go sa lebelelwa. Fa go na le tumalano e e kwadilweng, kana kgolagano, mo mabakeng a a tshwanelang go ka thusa batho ba bangwe gore ba tswelele pele ka kgwebo fa go ka diragala sengwe se se sa lebelelwang mo go mongwe wa lona.

Ka jalo, seno se re isa kwa ntlheng ya boraro—fa go na le ditumalano tse di kwadilweng go supa lorato. Gone tota, fa mongwe wa lona a tlhokafala kana a nna le kotsi nngwe e e mo golafatsang, go ne go tla bo go supa lorato fa Mokeresete a ne a ka ntsha pego e e kwadilweng e e bolelang maikarabelo a gagwe kana dilo tse go neng go lebeletswe gore a di duele. Mme go na le gore go nne e kete ga re tshepe mokaulengwe yo re dirang kgwebo le ene, go supa lorato fa re dira tumalano e e kwadilweng e e tlhalosang sentle le ka tsela e e tlhamaletseng gore o tshwanetse go dira eng kana o tshwanetse go amogela eng. Go tsaya kgato eno e e ntseng jalo e e supang lorato go ka fokotsa mabaka ape a a dirang gore motho a utlwe botlhoko kana a kgopisege fa mongwe wa batho ba ba amegang ba ba sa itekanelang a ka lebala dintlha dingwe kana maikarabelo mangwe. Mme ke mang wa rona ba re sa itekanelang, yo o sa lebaleng kana yo go se keng go direge gore a se ka a tlhaloganya dilo dingwe kana maikaelelo mangwe sentle?—Mathaio 16:5.

Go na le ditsela tse dingwe tseo ka tsone go dira ditumalano tsa kgwebo tse di kwadilweng go supang gore re rata mokaulengwe wa rona, lelapa la rona, le phuthego ka kakaretso. Mme go tshwanetse ga phepafala gore kwantle fela ga go supa lorato, dipego tse di ntseng jalo tse di kwadilweng tse di nang le ditlhaloso tse di lekaneng di mosola e bile di ka fa Dikwalong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela