Go Tshegetsa Kutlwano ya Bokeresete mo Dikamanong tsa Kgwebo
“Bōnañ, go molemō yañ, go monate yañ, ha bana ba monna ba aga mmōgō ka pelo ñwe hèla [ka kutlwano, NW]”!—PESALEMA 133:1.
1. Ke ka ntlha yang fa kutlwano ya Bokeresete e eletsega thata jaana?
TOTA ruri ke ‘selo se se molemo le se se monate fa bakaulengwe ba Bakeresete ba nna mmogo ka kutlwano,’ segolo bogolo gompieno fa go na le tlhoka-kutlwano e ntsi thata mo lefatsheng. Koo kutlwano ya mmatota e leng kgolo gone, e nna selo se sentle, mme go bo go felela ka sebofo se se nonofileng sa lorato lwa bokaulengwe mo bathong, mme jalo ba ipelela go nna mmogo. Mo letlhakoreng je lengwe, tlhoka-kutlwano, e maswe mme ebile e felela ka gore batho ba ngalelane, ba tlhoane, ba bo ba ilane.
2. Go leba melao-metheo ya Bibela ka tsela e e tshwanang go tshwanetse go oketsa jang kutlwano ya rona ya bokaulengwe le e leng mo dikgannyeng tsa kgwebo?
2 Fa Bakeresete ba tshwarega mo ditirisanyong tsa kgwebo le batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa, pono ya bone botlhe ya melao-metheo ya Bibela e tshwanetse ya oketsa lorato lwa bone lwa bokaulengwe. Molebedi mongwe mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa o ne a tlhalosa ka tsela eno: “Jaaka lefatshe le ntse le tswelela ka go tlhōka boikanngo, ke selo se se lapolosang go dirisanya mmogo le Bakeresete ba ba molemo. Ga go tlhokafale gore re bo re ntse ‘re itisitse’ nako le nako. Balekane ba kgwebo ba ba phepa, ba ba ikanyegang ba ntse ba nyelela mo tsamaisong eno. A bo go itumedisa jang ne go bereka le batho ba ba ikanyegang ba ba sa gogeng kana ba ba sa bueng dipuo tsa matlhapa, batho ba ba nang le boikgapo, ba boitlhomo jo bogolo jwa bone eseng bogagapa jwa dilo tse di bonalang!”
3. (a) Dingwe tsa dikamano tsa kgwebo tseo di kopanyeletsang badumedi mmogo ke dife? (b) Ke melao-metheo efe e e tshwanetseng go kaela ditirisanyo tsa kgwebo?
3 Ke dingwe tsa dikamano dife tsa kgwebo tseo di ka kopanyeletsang badumedi-mmogo? Dingwe ke tseo mo go tsone Bakeresete ba le babedi kana go feta ba dirang phetso ya gore ba tsenelele kgwebo e e pataganetsweng. E nngwe ke fa yo mongwe e le mohiri mme yo mongwe e le mohiriwa. Mme ebile go na le boemo jo bongwe joo Mokeresete a ka rekisetsang modumedi-ka-ene selwana sengwe kana go mmerekela. Mo ditirisanyong tse di ntseng jalo tsa kgwebo, melao-metheo ya boikanyegi le bothokgami tseo di kwadilweng mo Lefokong je le tlhotlheleditsweng la ga Jehofa di tshwanetse go laola ditiro tsa bone. Ka tsela eno kutlwano ya bokaulengwe le boipelo jwa go bereka mmogo di a oketsega.—1 Bakorintha 10:31.
4. Ke kotsi efe e e ka tlhagelang Bakeresete ba ba mo kgwebong?
4 Lefa go ntse jalo, go na le kotsi ya gore bangwe ba ka nna ba palelwa ke go tshegetsa pono e e kwa godimo ya Bokeresete. Ba ka nna ba simolola go akanyetsa dikgatlhego tsa bone fela thata. (Bafilipi 2:4) Madi a ka nna a nna selo se segolo go feta kutlwano ya Bokeresete. Mme bogagapa mo kgwebong bo ka senya dikamano tsa bokaulengwe le kamano ya motho le Jehofa. Ga re batle gore seo se ka diragala!—Yohane 13:34, 35; Bahebera 13:5; 1 Timotheo 3:2, 3; 1 Yohane 3:16; 4:20, 21.
Botlhokwa jwa Tumalano e e Kafa Mokgweng
5. Boitemogelo jwa ga Aberahame fa a ne a reka lefatshe bo bontsha jang molemo wa tumalano e e kafa mokgweng?
5 Gore go seka ga nna tlhoka-kutlwano mo ditirisanyong tsa kgwebo, akanyetsa tsela eo Aberahame a neng a reka sebata sa lefatshe ka yone. O ne a “lekanyetsa Eferone selefera se o se badileñ mo kutloñ ea bana ba ga Hethe, dishekela di le makgolo manè tsa selefera, e le madi a a nañ a tle a dumalanwe ke barekisi. Yalo sebata sa naga ea ga Eferone se se mo Makapela, . . . tsa tlhōmamisediwa Aberahame go nna boshwa ha pele ga bana ba ga Hethe, ha pele ga botlhe ba ba tsènañ ka kgōrō ea motse oa gagwè.” Seno e ne e se tumalano fela e e mo sephiring. E ne e le tumalano e e kafa mokgweng, e e neng ya tlhomamisiwa fa pele ga basupi. Go ne go se na tlhoka-kutlwisisano epe ya gore ke eng se se rekilweng le gore tlhwatlhwa ya sone tota-tota ke bokae.—Genesise 23:2-4, 14-18.
6. Bakeresete ba ka rulaganyetsa jang kafa mokgweng ditirisanyo tsa kgwebo tse di botlhokwa?
6 Ka tsela e e tshwanang, go molemo gore Bakeresete ba kwale dipapadisanyo tsa bone kafa mokgweng. Fa papadisanyo e kopanyeletsa selo se se rekisiwang, matlhakore oo-mabedi a ka kwala se se rekisiwang, tlhwatlhwa ya sone, gore se tla duelwa jang, le gore tuelo e tla ntshiwa leng le jang, le ditshetla tse dingwe tse di dumalanweng. Fa e le gore yo mongwe o tshwanetse go direlwa sengwe, matlhakore oo-mabedi a ka kwala tiro e e tshwanetseng go dirwa, gore e tla digelwa leng, tlhwatlhwa ya yone, le mabaka a mangwe. Setlankana seno se tshwanetse go kwalwa letsatsi le go saenwa, mme matlhakore oo-mabedi a tshwanetse go nna le sekaelo. Tumalano e ea ntseng jalo e e kwadilweng e tlhokafala segolo-bogolo mo dikgwebong tse di pataganetsweng. E thusa gore maphata oo-mabedi a utlwisisane sentlè-ntle mo ditirisanong tsa one le go ba thusa gore ba tshele go ya kafa kgakololong ya ga Jesu: “Ha e le E, e nnè E; ha e le Nya e nnè Nya,” (Mathaio 5:37) Mo dikgannyeng tse di raraanyeng go feta, go ka nna botlhale go senka thuso ya ba ba tlhalefetseng go rulaganya tumalano e e kwalwang.
7. (a) Ke eng gape se se tshwanetseng go akanyediwa mabapi le ditumalano tse di kwadilweng? (b) Bakeresete ba tshwanetse go tsamaisa dikgang tsa kgwebo ka moya ofe?
7 Mo go rulaganyetseng ditumalano tse di kwadilweng, matlhakore oo-mabedi a tshwanetse go sa akanyetse fela maitlhomo mme gape le diphelelo tse di ka nnang gone, jaaka gore thulaganyo e ka emisiwa jang fa seno se tlhokafala jalo. (Diane 21:5) Ditiro tsotlhe tsa kgwebo di na le go ka tlhagelwa ke kotsi, mme ga go na setlankana sepe se se ka akareletsang boemo bongwe le bongwe jo bo ka tsogang. Fa maemo a fetoga, tumalano e ka nna ya baakanngwa kana ya kwalwa sesha. Morago go ka nna ga bo ga lemosega go motho mongwe gore o ile a tsenelela kgwebo ka tsela e e seng botlhale mme he a tshwanelwa ke go intsha mo go yone ka boikanyego. Lefa go ntse jalo, seno ga se a tshwanela go dirwa fela jaaka leano la go iphalotsa mo molatong o o tsetsweng ke bofafalele kana ke botlhaswa. Go tshwanetswe ga buisanngwa ka kgang eo go bona gore a tumalano e ka fedisiwa le gore ke dituelo dife tsa madi, fa go na le dingwe, tse di tshwanetseng go ntshiwa. Lefa go le jalo, motho tota yo o nang le segakolodi se se siameng o tla dira gotlhe mo a ka go kgonang go diragatsa ditlamego tsotlhe tse di mmofang, le e leng fa a tshwanetse go fetola mokgwa wa gagwe wa botshelo ka lobakanyana. (2 Bathesalonia 3:12) Fa Mokeresete a batla go sepela jaaka yo o senang molato le go dira tshiamo, o tla leka go diragatsa dilo tse di mo tlamang kafa ditumalanong lemororo seo se ka nna sa seka sa mo tswela molemo thata, mme o tla dira seno gore a amogelwe ke Jehofa. ‘O ikutlwisitse botlhoko ka go ikana ga gagwe, mme ga a fetoge.’ (Pesalema 15:1-4) Mo ditirong tseo tsotlhe, batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse gore ‘gotlhe mo ba go dirang, ba go dire ka lorato.’—1 Bakorintha 16:14.
8. Ke ka ntlha yang fa go le molemo go seka-seka mabaka pele ga motho a ka tsenelela mo kamanong nngwe ya kgwebo?
8 Jalo he, pele ga motho a ka tsenelela kamano epe ya kgwebo, go ka nna molemo go akanyetsa mabaka. (Luke 14:28-30) Ba bangwe ba ka nna ba itatlhela mo papading ya kgwebo ba na le tsholofelo ya go atlega go tswa foo ba bo ba kgotswa ke dirai tsa yone tse di iphitlhileng. Ka sekai, bangwe ba ile ba ikutlwa ka gore dipoelo tse di amogelwang ke bahiri ba bone le bone ba ne ba ka di bona fa ba ne ba tseneletse mo kgwebong e e tshwanang le ya gagwe. Mme ba ile ba palelwa ke go lemoga gore go tsamaisa kgwebo ga go motlhofo mo lefatsheng leno la semphete-ke-go-fete. Mo ngwageng mongwe le mongwe dikete-kete tsa dikgwebo dia wa mo lefatsheng lotlhe. Ka gone, morago ga ba sena go swabisiwa thata ke maiteko a kgwebo, Bakeresete ba le bantsi ba ile ba wela dibete fa ba sena go nna bathapiwa fela ba ba amogelang madi a tuelo.
Go Tlotla Dikamano tsa Kgwebo
9. Dingwe tsa ditsela tse Bakeresete ba ka bontshanyang tlotlo ka tsone kwa tirong ke dife?
9 “Mo tlotloñ, a moñwe a beè eo moñwe kwa pele,” go bolela jalo Baroma 12:10. Bahiriwa ba Bakeresete ba ba dirang seno ba ka seke ba leke go sola-molemo lebaka la go bo ba hirilwe ke Mosupi-ka-bone, ba nna le boikutlo jwa selefatshe jwa gore e re ka jaana mohiri a ka kgona go dira jalo, o tshwanetse a itshokela ditlhaelo tsa bahiriwa ba gagwe. Go na le moo, ba tla tlotla mohiri wa bone ka boikutlo jwa bone le ka go bereka ka tlhoafalo. (1 Timotheo 6:2) Mme gape, bahiri ba Bakeresete ba tla a tlotla Basupi-ka-bone ba e leng bahiriwa ba bone ka tsela eo ba buang le go dirisanya le bone ka yone. Mohiri le ka motlha a seka a gopola gore o kwa godimo ga modumedi ka ene yo o mmerekelang mme o tshwanetse go gakologelwa gore boo-babedi ke batlhanka ba ga Jehofa, ba lekalekana fela mo ponong ya Gagwe. (Baefesia 6:9) Mme gape, bahiri le bahiriwa boo-babedi ba tshwanetse go gakologelwa kgakololo ya ga Bagalatia 6:10 ka metlha yotlhe: “A re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.”
10. Boikokobetso bo thusa jang mo go bontshanyeng tlotlo?
10 Ga go boima go bontsha tlotlo fa boikokobetso bo le bogolo. Ka sekai, mogolwane mo phuthegong ya Bakeresete ga a ne a ketefalelwa ke go ineela gore a laolwe ke Mokeresete ka ene mo kgwebong yo a senang ditshiamelo tse di tshwanang mo phuthegong. Gape, mohiri yo o boikokobetso ga a ne a ketefalelwa ke go ineela mo mohiriweng wa gagwe, yo e leng mogolwane, mo ditirong tsa phuthego. Boikokobetso le jone bo tla dira gore bone boo-babedi ba seka ba bonana diphoso go feta selekanyo kana go lebelela boitekanelo mo go yo mongwe, ereka jaana “botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.”—Baroma 3:23; 12:3.
11. Bakeresete ba ka bontsha mogopolo o o lekalekanyeng jang mo dikgannyeng tsa kgwebo?
11 Bibela gape e laela jaana: “A boiphapaanyō yoa lona bo itsiwè mo bathuñ botlhe.” (Bafilipi 4:5) Go tla bo go sa utlwale gore Mokeresete a lebelele gore a tshwarwe ka tsela e e kgethegileng kana a ñwe tiro e e kwa godimo kana gore ka metlha yotlhe a bone dilwana ka tlhwatlhwa e e kwa tlase fela ka go bo a dirisanya le modumedi ka ene. Mme ebile, Mokeresete, o ka se tseye e le tshwanelo ya gagwe, gore a lebelele gore o tla fiwa malatsi a go sa bereke kana ditshiamelo tse dingwe, jaaka gore o ka dirisa metšhine kana dipalamo, fela ka go bo mohiri wa gagwe e le modumedi ka ene. O ka nna ka tsela e e kgethegileng, a fiwa tiro e e kwa godimo, a fokolediwa ditlhwatlhwa, kana a fiwa malatsi a go sa bereke, mme dilo tseo ga di a tshwanelwa go batliwa ka kgang. Go lebelela dilo ka tsela e e sa utlwaleng go ka dira gore Bakeresete ba tlhoane, mme seo se senya kamano ya bone.—Diane 18:19.
12. Malebana le go supa ka Bogosi, ke boitiso bofe jo bo tshwanetseng jwa dirwa kwa lefelong la tiro?
12 Lemororo Bakeresete ba batla go itsise ba ba iseng ba dumele mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, fa ba le kwa tirong ba tshwanetse go tlhokomela gore go neela bosupi moo ka Bogosi go dirwe ka dinako tse di tshwanetseng (Moreri 3:1, 7) Fa go dirwa ka nako ya tiro, seo se tshwanetse sa bo se dumeletswe ke mohiri. Kwa ntle ga moo mohiri o ka nna a ganana le gone, mme seno se ka lere kgobo mo go Jehofa le mo bathong ba Gagwe. (1 Timotheo 6:1) Go na le dinako tse dingwe, jaaka ka nako ya dijo tsa motshegare kana ka maitapoloso mo nakong ya tiro, fa bosupi jo bo ntseng jalo bo ka neelwang gone. Mme gape, koo go nang le Basupi ba le mmalwa mo tirong, ga ba tshwanela gb tlotla ka dikgang tsa bolegodimo fa e le nako ya gore ba bereke.
Go Disa maitlhomo a Kgwebo
13. Paulo le ba a neng a etetse mo go bone mo Korintha ba ne ba leba jang tiro ya bone ya boitshediso?
13 Fa a ntse a le kwa Korintha, moaposetoloi Paulo o ne a tsenelela kgwebo le Bakeresete ba a neng a ba etetse, ebong Akwila le Peresila. (Ditihō 18:1-3) Ba ne ba bereka gore ba itshedise, mme seo se ne se tla morago ga boitlhomo jo bogolo jwa bone—go tsweledisa kobamelo ya ga Jehofa. Tota ruri ba ne ba ka se bonwe molato wa go tsaya “poihōmodimo e le mokgwa oa papadi [ya dilo tse di bonalang].” (1 Timotheo 6:5) Ka boraro jwa bone ba ne ba tlhogonolofadiwa thata ke Jehofa mme ba buiwa molemo thata mo Bibeleng.—Baroma 16:3-5.
14. (a) Ke ka ntlha yang fa go le molemo go tlhatlhoba boitlhomo jwa gago pele ga o ka tsenelela mo kgwebong? (b) Basupi ba le bararo ba ne ba rarabolola jang Bothata jwa bone?
14 Ka go tlhatlhoba maitlhomo ka kelotlhoko pele ga a ka tsenelela kgwebo, Mokeresete o ka tila mathata a le mantsi. Ka motlhala, Mokeresete mongwe o ka batla go nna le nako e e oketsegileng go tsweledisa dikgatlhego tsa Bogosi pele, fa yo o pataganetseng kgwebo le ene a ka batla go tokafatsa botshelo jwa gagwe. Yo mongwe o ka eletsa go tlhabolola kgwebo ka morokotso o ba o bonang, mme yo mongwe a iketleeleditse go ka duela makgetho a a boima gore a seka a oketsa kgwebo ka morokotso gore a tle a tile go sa tshwarege thata-thata. Mo nageng e nngwe, Basupi ba ga Jehofa ba le bararo ba ba neng ba na le kamano ya bolosika ba ne ba pataganela kgwebo. Mme morago ga nako dipono tsa bone di ne tsa farologana malebana le selekanyo se mongwe le mongwe wa bone a neng a batla go ka kopanyelediwa mo kgwebong. Tharabololo ya bone e ne ya nna gore ba dire phetso ya gore ba farologanye dikgwebo tsa bone mme ba kgaogane bareki. Ka tsela eno ba ne ba sireletsa kamano ya bone ya semoya gammogo le ya lelapa. Ba ne ba ile ba reetsa kgakololo ya Bibela ya go “[latela] dilō tse di dihanañ le kagishō, le dilō tse re ka agèlèlanañ ka cōna.”—Baroma 14:19.
15. Ke ka ntlha yang fa segolo-bogolo re tshwanetse go tlhokomela maitlhomo a rona mabapi le madi?
15 Motho o tshwanetse go itisa thata-thata malebana le boitlhomo jwa gagwe ka ga madi. “Monna eo o boikañō,” Bibela e a re tlhomamisetsa, “o tla na le letlōtlō ya matshegō: me eo o potlakèlañ go huma ga a ketla a tlhōka go bediwa.” (Diane 28:20) Ka go ‘potlakela go huma,’ Mokeresete o ka budulalela sengwe se se tlhokegang go feta—bokaulengwe jwa gagwe jwa Bokeresete. Seno se ka tsala tlhokakutlwano mo phuthegong, ka go bo ba bangwe ba ka ganana le go eteletsa ga gagwe madi kwa pele ga dikgatlhego tsa Bogosi. Jalo he Bibela e tlhagisa jaana: “Ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ. Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.
16. Dikgang tsotlhe tsa kgwebo di tshwanetse go tsamaisiwa jang?
16 Tsela e nngwe eo “go rata madi” go ka timetsang Mokeresete ka yone ke ka go mo raela gore a dirise ditlwaelo tsa kgwebo tseo di seng kafa tshwanelong kana e le tsa go sa ikanyegeng tota tota. Fa Bakeresete ba bangwe ba dirisana le motho yo o ntseng jalo, tlhoka-kutlwano e ka nna gone. Mme ebile ditlwaelo tse di ntseng jalo di ka senya kamano ya motho le Jehofa. Gore dikamano tsa kgwebo di tsamaye ka thelelo, go tlhokafala thata go lemoga gore go tsietsa mo kgwebong ke “makgapha mo go Yehofa.” (Diane 11:1; 20:23) Go na le moo, Bakeresete ba tshwanetse go ka kgona go bua fela jaaka moaposetoloi Paulo a buile: “Rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe.”—Bahebera 13:18.
Go Rarabolola Mathata a Kgwebo
17. Mathata a mabotlana a kgwebo a ka rarabololwa jang?
17 Mo dikamanong di le dintsi tsa kgwebo tsa bakaulengwe, mathata a ka tsoga. Mangwe a mathata a mabotlana a ka rarabololwa fela ka go dirisa molao-motheo o o mo go 1 Petere 4:8, e e reng: “Bogolo go dilō cotlhe, a go ratana ga lona go tukè; gonne loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.” Fa e le gore mathata a ka se rarabololwe ka tsela eo, ga a tshwanelwa go lesiwa a tutela le go befa. Seno se ka felela ka gore go se nne kutlwano mme go nne tlhoano. Gantsi tharabololo e nna gone fa go buisanngwa ka bopelonomi, le ka tlhamalalo pele ga seemo se ka befa. Lefoko la Modimo le re gakolola gore re fedise dikgotlhang ka bofefo.—Mathaio 5:23-25; Baefesia 4:26, 27.
18. Ke eng se Mokeresete a ka se dirang fa a dumela gore o foseditswe ka tsela e e masisi mo kgwebong ke Mokeresete yo mongwe?
18 Lefa go ntse jalo, fa Mokeresete a dumela gore o ile a fosediwa thata ke modumedi ka ene mo kgwebong, dikgato tse di thadisitsweng go Mathaio 18:15-17 di tshwanetse go latelwa ka kelotlhoko. Kgato ya ntlha kana ya bobedi di tshwanetse go rarabolola kgang. Fa di sa dire jalo, kgato ya boraro e tla nna ya gore bagolwane ba ba tlhophilweng ba seka-seke kgang eo. Fa seno se ka diragala, bagolwane ba tla leka thata go kganela bakaulengwe ba ba kopanyelediwang gore ba seka ba isana dikgotleng. Fa modumedi a ka isa yo mongwe kwa kgotleng, seo se tla raya gore, fela jaaka Paulo a boletse, ‘ke molato fela mo go lona.’ O ne a oketsa ka gore: “Ga lo ichokeleleñ tshiamololō bogolo? ga lo iteseleletseñ go patikwa bogolo?” (1 Bakorintha 6:1-8) Go botoka gore motho a latlhegelwe ke madi go na le go lere kgobo mo leineng la ga Jehofa gammogo le mo phuthegong mme a senya kutlwano ya rona ka go isa modumedi kwa kgotla-tshekelong. Legale, lemororo go sena kgato epe ya kgotla-tshekelo e e ka tsewang, go ka nna ga tlhokafala gore phuthego e tseye kgato nngwe fa e le gore go na le boikanyologi bongwe jo bo kopanyelediwang.
19. Ke dikai dife tse di molemolemo tse di mo Bibeleng tse bagolwane ba ka di supang fa baa fa kgakololo ka mathata a kgwebo?
19 Fa bagolwane ba gakolola ba ba nang le mathata mo kgwebong, ba ka supa sekao sa ga Aberahame kafa a ileng a seka a nna pelotshetlha ka gone fa kamano ya gagwe le Lote e ne e le mo kotsing. Aberahame, lemororo a ne a le mogolwane, ka bopelonomi o ne a dira gore Lote e nne ene a ikgethelang lefatshe pele go na le gore a tlhagise kotsi ya gore dikamano tsa bone di senyege. (Genesise 13:5-11) Bagolwane gape ba ka supa sekao se se molemo sa ga Sakaio. O ne a ikemiseditse go fa bahumanegi bontlhanngwe jwa dithoto tsa gagwe me bontlhanngwe a bo busetse batho ba a neng a ba tsieditse ka tsela ya boferefere ga makgetlho a le mane.—Luke 19:1-10; bona gape 1 Bakorintha 10:24.
20, 21. Ke eng se se tshwanetseng go gakologelwa thata-thata malebana le ditiro tsa boitshediso?
20 A bo go le molemo jang ne fa Bakeresete ka tsela e e atlegileng ba ka rarabolola mathata a kgwebo ka gore ba latelele kgakololo ya Bibela ka kelotlhoko! Ka tsela eno ba tla nna ba ntse ba le kutlwanong le eleng fa boitlhomo jwa kgwebo bo ka palelwa. Seo se tla lere boitumelo fa megopolo ya rona e ka nna e akantse ka metlha yotlhe gore, mo Bakereseteng, ditiro tsa boitshediso di tla morago ga dikgatlhego tsa Bogosi le kutlwano ya bakaulengwe. Mme ebile go molemo fa ditiro tsa kgwebo di ka rulaganngwa e le gore di fe dilo tse di botlhokwa tse di amanang le ditiro tsa Bogosi nako e e oketsegileng.—Mathaio 6:33; bapisa Bafilipi 1:9, 10.
21 Ka gone, se se leng botlhokwa-tlhokwa mo matshelong a rona ke kamano ya rona le Jehofa le bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete. (Mathaio 22:36-39) Ga re batle gore le ka motlha seno se sulafadiwe ke ditlhotlheletso tsa selefatshe kana ke dikgang tsa kgwebo, ka ruri ga go na sepe se se ka bapisiwang le kamano ya rona le Jehofa kana se se ka tshwantshiwang le bontle jwa kutlwano ya bakaulengwe ba rona!
Dipotso tsa Poeletso
◻ Go utlwa Lefoko la Modimo go tokafatsa jang dikamano tsa kgwebo?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ka nna molemo go kwala ditirisanyo tse di botlhokwa tsa papadi kafa mokgweng?
◻ Bakeresete ba ka bontshana tlotlo jang kwa tirong?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhatlhoba maitlhomo a rona mo kgwebong?
◻ Ke boikutlo bofe jo bo tshwanetseng go bontshiwa mo go rarabololeng mathata a kgwebo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Aberahame o ne a tiisetsa gore o rekile lefatshe ka tumalano e e kafa mokgweng le Eferone
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Paulo, Akwila, le Peresila ba ne ba tsaya tiro ya boitshediso e se e e botlhokwa-tlhokwa