LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/1 ts. 30
  • Dibuka, Dibuka, Dibuka!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dibuka, Dibuka, Dibuka!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/1 ts. 30

Dibuka, Dibuka, Dibuka!

Kgosi Solomone yo o botlhale wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Ga go na bokhutlo jwa go dira dikwalo di le dintsi.” (Moreri 12:12) Ka 1995 palogare ya buka e ka nna nngwe fela e ne ya gatisediwa batho bangwe le bangwe ba le 580 kwa Boritane, seno se dira gore naga eo e nne yone e e di fetang tsotlhe mo lefatsheng ka go gatisa dibuka tse disha. China, e leng naga e e nang le palo e ntsi thata ya batho go feta tse dingwe, e ne ya nna ya bobedi ka dikgatiso di le 92 972 fa e bapisiwa le Boritane e e nang le dikgatiso di le 95 015. Jeremane e ne ya latela (ka ditlhogo di le 67-206), mme go tswa foo ga latela United States (ka di le 49 276), morago ga yone e ne e le Fora (ka di le 41 234). “Lebaka la go bo Boritane e di feta tsotlhe mo lefatsheng ke ka ntlha ya puo ya Seesemane,” go bolela jalo lokwalodikgang lwa The Daily Telegraph lwa Lontone.

Dipego di bontsha gore go rekisiwa ga dibuka go ne go ntse go wetse kwa tlase ka dingwaga di le mmalwa, mme jaanong ke diperesente di le 80 fela tsa batho ba ba godileng kwa Boritane tse di rekang buka e le nngwe kana go feta ka ngwaga. A mme batho ba bala dibuka tsotlhe tse ba di rekang?

Buka e le nngwe e e tswelelang pele e anamisiwa thata e bile e balwa thata ke Baebele, e gone jaanong e leng teng ka dikarolwana kana e feletse ka dipuo tse di fetang 2120. Fa o se na khopi ya gago jaanong, ikgolaganye le ofisi ya Mokgatlho wa Watch Tower e e gaufi le wena gore o nne le khopi ya gago. Fa o na le Baebele, e tseye mme o tlhatlhobe ditshupiso tsa Dikwalo tse di leng mo ditlhogong tsa makasine ono. Fa o dira jalo o tla nna le kitso ya Baebele e e nayang botshelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela