Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya Kwa Connecticut e Buelela Ditshwanelo Tsa Molwetse
Ka April 16, 1996, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Connecticut, U.S.A., e ne ya buelela tshwanelo ya Basupi ba ga Jehofa ya go gana ditshelo tsa madi. Tshwetso eno e ne ya fetola katlholo ya kgotlatshekelo e e neng e seka kgetsi eo pelenyana.
Ka August 1994, Nelly Vega, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a simolola go dutla madi thata fa a sena go tshola ngwana wa gagwe wa ntlha. Maiteko otlhe a go emisa go dutla madi thata a ne a itshupa a se na matswela. Fa boemo jwa ga Mrs. Vega bo ne bo nnela maswe kwa pele, bookelo bo ne jwa batla tumelelo ya kgotlatshekelo e e laelang gore a tshelwe madi. Mrs. Vega o ne a setse a saenne lokwalo lwa kalafi lo lo laelang gore a se tshelwe madi kana dilo tse di dirilweng ka madi fa a sa ntse a le mo bookelong, ka go dira jalo o ne a golola bookelo gore bo se ka jwa ikarabela ka gope mo ditlamoragong tse di ka nnang teng ka tshwetso ya gagwe. Le fa go ntse jalo, bookelo bo ne jwa bolela gore go mo pateletsa go tshelwa madi e tla bo e le go bontsha gore bo kgatlhegela ngwana yo o sa tswang go tsholwa, yo bookelo bo neng bo bolela gore o tlhoka mmaagwe. Kgotlatshekelo e e neng e seka kgetsi eo le yone e ne e amegile ka gore, kwantle ga go bo Mrs. Vega a ne a latlhegetswe ke madi, e ne e le mosadi yo mmotlana, yo o itekanetseng. Ka gone, go sa kgathalesege go gana ga monna wa ga Mrs. Vega mmogo le mmueledi wa gagwe, kgotlatshekelo e ne ya ntsha taelo eo mme a tshelwa madi.
Fa nako e ntse e ya, kgetsi eno e ne ya isiwa kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya kwa Connecticut. Kwa go yone, go ne ga dumalanwa ka bongwefela jwa pelo gore kgato e e tserweng ke bookelo e tlotse ditshwanelo tsa ga Mrs. Vega. Katlholo e ne e bontsha jaana: “Go reediwa ga kgang eo fa pele ga kgotlatshekelo e e neng e seka kgetsi eo go dirilwe fa gare ga mpa ya bosigo, ka fa tlase ga maemo tota a tshoganetso a a neng a sa siamela mongwe le mongwe wa bone gore a kgone go tlhalosa mabaka a bone ka botlalo.”
Katlholo eno ya Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya kwa Connecticut e botlhokwa le mo bathong ba e seng Basupi ba ga Jehofa. Donald T. Ridley e bong mmueledi wa ga Mrs. Vega, o bolela jaana: “E botlhokwa mo balwetseng botlhe ba ba ka se kang ba dumalana le ditshwetso tsa dingaka tsa bone. Katlholo eno e tla thibela maokelo go gataka mekgwa e mentle ya balwetse, e ka tswa e le ya bodumedi kana e e seng ya bodumedi.”