LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 4/15 ts. 13-19
  • Batla Kagiso ya Boammaaruri O bo O e Latelele!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batla Kagiso ya Boammaaruri O bo O e Latelele!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba ka Nna le Kagiso
  • Ba ba Latelelang Kagiso
  • Phetogo e Kgolo Thata
  • Puso ya Kgosana ya Kagiso
  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Kagiso ya Bomodimo mo go Bao ba Rutwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Kafa o ka Itemogelang Kagiso ya Bomodimo Ka Botlalo ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 4/15 ts. 13-19

Batla Kagiso ya Boammaaruri O bo O e Latelele!

“Yo o ka ratang botshelo a ba a bona malatsi a a molemo, . . . a a hularele se se bosula a ba a dire se se molemo; a a senke kagiso mme a e latelele.”—1 PETERE 3:10, 11.

1. Ke mafoko afe a ga Isaia a a itsegeng thata a tota a tla atlegang ka tsela e e rileng?

“DI TLAA thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” (Isaia 2:4) Le mororo temana eno e e itsegeng thata e beilwe gaufi le dintlokgolo tsa lefatshe tsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa New York City, eleruri re ka se bolele gore lekgotla leo la lefatshe le ile la diragatsa mafoko ano. Le fa go ntse jalo, e re ka lekwalo leo e le karolo ya lefoko la ga Jehofa Modimo le le boammaaruri, mafoko ao a tla diragadiwa ka katlego.—Isaia 55:10, 11.

2. Isaia 2:2, 3 e bolela gore ke eng se se tshwanetseng sa “dira[ga]la mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele”?

2 Tota mafoko a a fitlhelwang mo go Isaia 2:4 ke karolo nngwe ya boporofeti jo bo molemolemo, boporofeti jo bo malebana le kagiso ya boammaaruri—mme bo a diragadiwa mo motlheng wa rona. Boporofeti jono bo bolela jaana pele bo bolela ka ditebelelo tse di itumedisang tsa go sa nne le dintwa le dibetsa tsa ntwa: “Go tlaa dira[ga]la mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele go re thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, e tlaa golediwa godimo ga makhujana, mme merafe yotlhe e tlaa fologela kwa go yone. Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe:’ Gonne mo Sione go tlaa tswa molao, le lefoko la ga Jehofa le tlaa tswa Jerusalema.”—Isaia 2:2, 3.

Batho ba ka Nna le Kagiso

3. Motho yo o neng a rata ntwa o ka fetoga jang gore e nne yo o kagiso?

3 Ela tlhoko gore pele batho ba ka nna le kagiso, ba tshwanetse go rutwa ka ditsela tsa ga Jehofa. Go bontsha kutlo mo thutong ya ga Jehofa go ka fetola tsela e motho a akanyang le go dira dilo ka yone, e le gore motho yo o neng a rata ntwa o fetoga yo o kagiso. Motho o fetoga ka tsela efe? Baroma 12:2 e bolela jaana: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ke go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” Re fetola megopolo ya rona, kana re e tlhotlheletsa go dira se se farologaneng ka go e tlatsa ka melaometheo le dikaelo tse di tswang mo Lefokong la Modimo. Go ithuta Baebele ka metlha go re thusa gore re bone se thato ya ga Jehofa e leng sone ka rona, ka jalo re ka bona ka phepafalo tsela e re tshwanetseng go tsamaya ka yone.—Pesalema 119:105.

4. Motho o apara botho jo bosha jo bo nang le kagiso jang?

4 Boammaaruri jwa Baebele ga bo fetole fela tsela e re akanyang ka yone mme gape bo fetola le ditiro le botho jwa rona. Bo re thusa go dira se moaposetoloi Paulo a neng a se rotloetsa jaana: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro le jo bo senngwang go ya ka dikeletso tsa jone tse di tsietsang; mme . . . lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona, le gore . . . lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa tlhōlwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego jo bo nitameng.” (Baefeso 4:22-24) Maatla a a tlhotlheletsang mogopolo a mo teng ga motho. A a fetoga mme a a nonofa ka go bo re rata Jehofa le melao ya gagwe thata, mme a bo a re dira batho ba ba godileng mo semoyeng le ba ba ratang kagiso.

5. “Taolo e ntšha” e Jesu a neng a e neela barutwa ba gagwe e oketsa jang kagiso e ba neng ba na le yone?

5 Botlhokwa jwa go fetoga jaana bo bonwa mo taelong e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe ka nako ya gagwe ya bofelo a na le bone: “Ke lo naya taolo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.” (Johane 13:34, 35) Lorato lono lo lo tshwanang le lwa ga Keresete, le le seng pelotshetlha le kopanya barutwa mmogo gore ba nne seoposengwe. (Bakolosa 3:14) Ke fela batho ba ba batlang go amogela le go tshela ka “taolo e ntšha” ba ba tla itumelelang kagiso e Modimo a e solofetsang. A go na le batho ba ba dirang seno gompieno?

6. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba na le kagiso, go farologana le batho ba lefatshe?

6 Basupi ba ga Jehofa ba leka go bontsha bakaulengwe ba bone ba lefatshe lotlhe lorato. Le mororo ba tswa mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe, ga ba tsene mo dintweng tsa lefatshe, go sa kgathalesege gore ba gateletswe thata ke bopolotiki le bodumedi. Jaaka batho ba ba seoposengwe, ba rutwa ke Jehofa, mme ba itumelela kagiso. (Isaia 54:13) Ba nna ba itlhaotse mo dikgotlhannyeng tsa bopolotiki, mme ga ba nne le seabe mo dintweng. Ba bangwe ba pele ba neng ba le thubakanyo, ba tlogetse mokgwa oo wa go tshela. E setse e le Bakeresete ba ba ratang kagiso, ba ba etsang sekao sa ga Keresete Jesu. Mme ba latela kgakololo eno ya ga Petere ka pelo yotlhe: “Yo o ka ratang botshelo a ba a bona malatsi a a molemo, a a thibele loleme lwa gagwe mo go se se bosula le dipounama tsa gagwe mo go bueng tsietso, mme a a hularele se se bosula a ba a dire se se molemo; a a senke kagiso mme a e latelele.”—1 Petere 3:10, 11; Baefeso 4:3.

Ba ba Latelelang Kagiso

7, 8. Naya dikai tsa batho ba ba neng ba tlogela ntwa mme ba simolola go batla kagiso ya boammaaruri. (Anela ka ba bangwe ba o ka tswang o ba itse.)

7 Ka sekai, go na le Rami Oved, yo pele e neng e le lepodise le le neng le le mo setlhopheng se se kgatlhanong le borukutlhi. O ne a katiseditswe go bolaya baba ba gagwe. O ne a dumela thata mo go rateng bosetšhaba jwa Iseraele go fitlha ka letsatsi le a neng a lemoga gore borabi ba ne ba sa batle a nyala mosadi yo o neng a mo rata ka gonne mosadi yoo e ne e le Mo-Asia, Moditšhaba. O ne a simolola go batla boammaaruri mo Baebeleng. Morago ga moo o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. Fa a ithuta Baebele le Basupi o ne a bona sentle gore a ka se nne motho yo o ratang bosetšhaba ka tsela e e feteletseng. Lorato lwa Bokeresete lo ne lo raya go tlogela ntwa le dibetsa tsa ntwa le go ithuta go rata batho ba lotso longwe le longwe. A bo a ne a gakgametse jang ne fa a ne a amogela lekwalo le le bontshang bopelonomi le na le mafoko ano a a simololang ka gore, “Mokaulengwe wa me Rami”! Ke eng se se neng se sa tlwaelesega ka seo? Mokwadi wa lone e ne e le Mosupi wa Mo-Palestine. Rami o bolela jaana: “E ne e kete ke a lora, e re ka Ba-Palestine e ne e ne le baba ba me, mme jaanong mongwe wa bone o mpitsa ‘Mokaulengwe wa me.’” Rami le mosadi wa gagwe jaanong ba latelela kagiso ya boammaaruri mo tseleng ya Modimo.

8 Sekai se sengwe ke sa ga Georg Reuter, yo e neng e le mongwe wa masole a Jeremane a a neng a tlhasela Russia ka Ntwa ya Lefatshe II. Go ise go ye kae o ne a swabisiwa ke leano le legolo la ga Hitler la boferefere la go batla go busa lefatshe. Fa a boa kwa ntweng eo, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a kwala jaana: “Kgabagare, ke ne ke setse ke simolola go tlhaloganya dilo sentle. Ke ne ka lemoga gore re ka se bone Modimo molato ka tshololo e kanakana ya madi . . . Ke ne ka ithuta gore e ne e le boikaelelo jwa gagwe go tlhoma paradaise mo lefatsheng lotlhe e batho ba ba kutlo ba tla nnang le masego a a tla nnelang ruri. . . . Hitler o ne a ikgantsha ka se a neng a re ke ‘Puso ya Dingwaga Tse di Sekete’ mme o ne a busa [dingwaga] di le 12 fela—le gone ka matswela a a tshosang tota! Ke Keresete e seng Hitler . . . yo o ka kgonang go tlhoma puso ya dingwaga tse di sekete mo lefatsheng e bile ke ene yo o tla dirang jalo.” E setse e le dingwaga tse 50 jaanong, Georg a ntse a direla e le morongwa wa kagiso ya boammaaruri mo bodireding jwa nako e e tletseng.

9. Se se neng sa diragalela Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane ya Bonasi se supa jang gore ba pelokgale mme gape ba na le kagiso?

9 Bothokgami le boitlhaodi jwa Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane ka nako ya puso ya Bonasi e sa ntse e le bosupi jo bo bontshang gore ba ne ba rata Modimo le go rata kagiso, tota le e leng gone jaanong, mo e ka nnang dingwaga tse di fetang 50 morago ga moo. Bukana e e gatisitsweng ke United States Holocaust Memorial Museum kwa Washington, D.C., e bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa ka tsela e e setlhogo mo pusong ya Bonasi. . . . Bopelokgale jo bontsi jwa bone bo neng bo bo bontsha fa ba gana [go itatola bodumedi jwa bone], le fa ba ne ba tlhokofadiwa, ba tshwarwa makgwakgwa mo dikampeng tsa pogisetso, mme ka dinako tse dingwe ba bolawa, go ne ga ba dira gore ba tlotliwe ke batho ba bantsi ba ba neng ba tshela ka nako eo.” Morago ga moo e oketsa jaana: “Fa Basupi ba ga Jehofa ba sena go fiwa kgololesego gone mo dikampeng ba ne ba tswelela pele le tiro ya bone, ba ikopanya le bafalodi, mme ba ba sokolola.”

Phetogo e Kgolo Thata

10. (a) Go tshwanetse ga nna le phetogo efe e kgolo e le gore kagiso ya boammaaruri e nne teng? (b) Seno se bontshitswe jang mo bukeng ya ga Daniele?

10 A seno se raya gore Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore ba ka tlisa kagiso mo lefatsheng lotlhe ka go sokolola batho ba bantsi gore ba dumele gore Bakeresete ba tshwanetse go nna baitlhaodi? Nnyaa! Ka gonne gore go nne le kagiso mo lefatsheng, go tlhokega phetogo e kgolo thata. Ke efe eo? Puso ya batho e e kgaoganyang batho, e e gatelelang le e e setlhogo e tshwanetse ya tswa gore go buse Bogosi jwa Modimo, jo Jesu a neng a bo ruta barutwa ba gagwe gore ba bo rapelele. (Mathaio 6:9, 10) Mme seo se tla diragala jang? Fa moporofeti Daniele a ne a le mo torong e e neng e tlhotlheleditswe ke Modimo, o ne a ithuta gore mo metlheng ya bofelo, Bogosi jwa Modimo, fela jaaka tshilo e kgolo e e ‘neng ya kabolwa e seng ka diatla,’ bo tla thubaganya setshwantsho se segolo se se emelang dipuso tsa batho tsa bopolotiki mo lefatsheng. Morago ga moo o ne a bolela jaana: “E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, mme le mmuso wa [j]one ga o ketla o tlogelelwa tšhaba e sele, mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:31-44.

11. Jehofa o tla dirisa eng gore a dire phetogo e e tlhokegang ya kagiso?

11 Ke ka ntlha yang fa phetogo eno e kgolo ya lefatshe e ka diragala? Ka gonne Jehofa o solofeditse gore o tla tlosa batho botlhe ba ba kgotlelang le go senya lefatshe. (Tshenolo 11:18) Phetogo eno e tla diragala mo ntweng ya ga Jehofa ya tshiamo kgatlhanong le Satane le lefatshe la gagwe le le boikepo. Re bala jaana mo go Tshenolo 16:14, 16: “Tota e bile, ke dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng [e leng, dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng tse di leswe] ke madimona mme di dira ditshupo, mme di tswela kwa dikgosing [babusi ba bopolotiki] tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni, go ya go di phuthela kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe. Mme tsa di phuthela mmogo kwa lefelong le le bidiwang ka Sehebera Hara-Magedona.”

12. Haramagedona e tla bo e ntse jang?

12 Haramagedona e tla bo e ntse jang? E ka se nne go senyega ga lefatshe ka nuklea kana ka masetlapelo a a bakiwang ke batho. Nnyaa, eno ke ntwa ya Modimo ya go fedisa dintwa tsotlhe tsa batho le go nyeletsa batho botlhe ba ba rotloetsang dintwa tse di ntseng jalo. Ke ntwa ya Modimo e e tlisetsang batho ba ba ratang kagiso, kagiso ya boammaaruri. Ee, Haramagedona e a tla fela jaaka a ikaeletse. Ga e ne e diega. Moporofeti wa gagwe Habakuke o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.” (Habakuke 2:3) Ka ntlha ya tsela e re ikutlwang ka yone, go ka lebega e kete go a diega, mme Jehofa o boloka thulaganyo ya gagwe ya dinako. Haramagedona e tla itaya ka nako e Jehofa a sa leng a e tlhomile.

13. Ke eng se Modimo a tla se dirang ka modiramolato wa mmatota e bong Satane Diabolo?

13 Tiragalo eno ya makgaolakgang e tla dira gore go nne le kagiso ya boammaaruri! Mme gore kagiso ya boammaaruri e tlhomiwe ka tlhomamo, go tshwanetswe ga dirwa sengwe—go tlosiwe motho yo o bakang dikgaogano, letlhoo le kgotlhang. Mme seo ke sone se Baebele e porofetileng gore se tla diragala morago ga moo—go tsenngwa ga Satane mo moleteng, e leng motlhotlheletsi wa ntwa e bile e le rramaaka. Moaposetoloi Johane o ne a bona tiragalo eno mo ponatshegelong ya boporofeti, jaaka go kwadilwe mo go Tshenolo 20:1-3: “Ka bona moengele a fologa kwa legodimong a tshotse selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo mo seatleng sa gagwe. Mme a tshwara kgogela, noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane, a ba a mmofa dingwaga di le sekete. Mme a mo piriganyetsa mo moleteng o o se nang bolekanngo a ba a o tswala a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a timetsa merafe go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla.”

14. Kgato ya ga Jehofa e e fenyang kgatlhanong le Satane e ka tlhalosiwa jang?

14 Seno ga se toro fela; ke tsholofetso ya Modimo—mme Baebele e bolela jaana: ‘Ga go kgonege gore Modimo o ake.’ (Bahebera 6:18) Ke gone ka moo Jehofa a neng a ka bolela jaana ka moporofeti wa gagwe Jeremia: “‘Ke . . . Jehofa yo ke dirang bopelonomi jwa lorato, le [tshiamiso, NW], le tshiamo, mo lefatsheng; gonne ke natefelwa ke dilo tseo,’ go bua Jehofa.” (Jeremia 9:24) Jehofa o dira dilo ka tshiamiso le ka tshiamo, mme o itumelela kagiso e a tla e tlisang mo lefatsheng.

Puso ya Kgosana ya Kagiso

15, 16. (a) Ke mang yo o tlhophilweng ke Jehofa gore a buse e le Kgosi? (b) Puso eo e tlhalositswe jang, mme ke bomang ba ba tla kopanelang mo go yone?

15 E le go tlhomamisa gore kagiso ya boammaaruri e tlele batho botlhe ba ba tshelang ka fa tlase ga thulaganyo ya Bogosi jwa gagwe, Jehofa o ile a neela Kgosana ya mmatota ya Kagiso bogosi, e bong Jesu Keresete, jaaka go ne ga bolelelwa pele mo go Isaia 9:6, 7: “Ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa: ‘Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.’ Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo . . . Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tlaa dirafatsa selo se.” Mopesalema le ene o ne a kwala jaana ka tsela ya boporofeti ka puso ya kagiso ya ga Mesia: “Mo metlheng ya gagwe basiami ba tlaa thama; go tlaa nna letlotlo la kagiso, go tle go tsamaye kgwedi e tlhokafalele ruri.”—Pesalema 72:7.

16 Mo godimo ga moo, bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba 144 000, ba tla bo ba busa le ene kwa magodimong. Bano ke baruaboswa mmogo le Keresete ba Paulo a neng a kwala jaana ka bone: “Fa e le ka Modimo o o nayang kagiso, one o tla tapeta Satane kafa tlase ga dinao tsa lona mo bogautshwaneng. E kete bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena wa rona Jesu bo ka nna le lona.” (Baroma 16:20) Ee, ba tla kopanela le Keresete kwa magodimong fa a tla bo a fenya motlhotlheletsi wa ntwa e bong Satane Diabolo!

17. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le kagiso ya boammaaruri?

17 Ka jalo jaanong potso e nna gore, Ke eng se o tshwanetseng go se dira gore o nne le kagiso ya boammaaruri? Kagiso ya boammaaruri e ka nna teng fela ka tsela ya Modimo, mme gore o nne le yone o tshwanetse go tsaya dikgato tse di siameng. O tshwanetse go amogela Kgosana ya Kagiso mme o ye kwa go ene. Seno se raya gore o tshwanetse go amogela Keresete jaaka Mogolodi le Morekolodi wa batho ba ba nang le boleo. Jesu o ne a bua mafoko ano a a itsegeng thata: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) A o iketleeditse go dumela mo go Keresete Jesu e le Moemedi wa Modimo wa go tlisa kagiso ya boammaaruri le poloko? Ga go na leina lepe le lengwe kafa tlase ga legodimo le le ka tlisang kagiso la ba la e tlhomamisa. (Bafilipi 2:8-11) Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu ke Motlhophiwa wa Modimo. Ke morongwa yo mogolo thata wa kagiso go gaisa botlhe ba ba kileng ba tsamaya mo lefatsheng. A o tla reetsa Jesu o bo o latela sekao sa gagwe?

18. Ke eng se re tshwanetseng go se dira go dumalana le mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Johane 17:3?

18 Jesu o ne a bolela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Jaanong ke nako ya go anya kitso e e tlhomameng ka go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi. Dipokano tseno tse di rutang di tla go tlhotlheletsa gore o abele ba bangwe kitso ya gago le tsholofelo ya gago. Le wena o ka nna morongwa wa kagiso ya Modimo. O ka itumelela kagiso gone jaanong ka go ikanya Jehofa Modimo, jaaka go boletswe mo go Isaia 26:3, go ya ka New International Version: “O tla mo nnisa mo kagisong e e itekanetseng yo mogopolo wa gagwe o tlhomameng, ka gonne o ikantse wena.” O tshwanetse go ikanya mang? “Ikanyeng mo go Jehofa ka bosakhutleng; gonne mo go MORENA JEHOFA go na le lefika la bosaengkae.”—Isaia 26:4.

19, 20. Batho ba gompieno ba batlang kagiso le go e latelela ba emetswe ke eng?

19 Tsaya kgato gone jaanong gore o bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo le le nang le kagiso. Mo go Tshenolo 21:3, 4, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Bona! Tente ya Modimo e mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba one. Mme Modimo ka boone o tla nna le bone. Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” A ga se yone isagwe e e nang le kagiso e o e eletsang?

20 Ka jalo he gakologelwa se Modimo a se solofeditseng. “Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso. Lepa moitekanedi, o lebe mothokgami; gonne bokhutlo jwa motho yoo ke kagiso.” (Pesalema 37:11, 37) Fa motlha o o itumedisang o tla, e kete re ka bolela jaana re leboga, “Kgabagare kagiso ya boammaaruri e ne ya tla! Re leboga Jehofa Modimo, motswedi wa kagiso ya boammaaruri!”

A o Ka Tlhalosa?

◻ Motho o ka thusiwa ke eng gore a dire diphetogo mo mogopolong le mo go se a se dirang?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba bontshitse jang gore ba rata kagiso ya boammaaruri, motho ka bongwe le fa ba le setlhopha?

◻ Ke eng se Jehofa a tla se dirang ka batho botlhe ba ba rotloetsang letlhoo le ntwa?

◻ Ke eng se puso ya Kgosana ya Kagiso e tla se direlang batho?

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Mafoko a ga Isaia a a diragadiwa, e seng ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, mme ka batho ba ba amoge-lang thuto ya ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Banna bano ba babedi ba ne ba dira diphetogo gore ba latelele kagiso

Rami Oved

Georg Reuter

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Kagiso ya boammaaruri e tla nna teng kafa tlase ga puso ya Kgosana ya Kagiso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela