LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 4/15 ts. 8-13
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Palelwa ga Maiteko a Batho
  • Go Bona Se se Ka Tswang se Baka Seno
  • Tsela e e Isang Kwa Kagisong
  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Kagiso ya Bomodimo mo go Bao ba Rutwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kafa o ka Itemogelang Kagiso ya Bomodimo Ka Botlalo ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 4/15 ts. 8-13

Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?

“[Jehofa] o khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.”—PESALEMA 46:9.

1. Ke tsholofetso efe e e molemolemo ya kagiso e re e fitlhelang mo boporofeting jwa ga Isaia?

“TIRO ya tshiamo e tlaa nna kagiso; le se se tlaa tswang mo tshiamong e tlaa nna lodule le boikanyo ka bosakhutleng. Batho ba me ba tlaa nna mo boagong jwa thagamo, le mo dikagong tse di tlhomameng, le mo mafelong a tapologo le a lodule.” (Isaia 32:17, 18) A bo e le tsholofetso e ntle jang ne! Ke tsholofetso ya kagiso ya boammaaruri e e tla tlisiwang ke Modimo.

2, 3. Tlhalosa kagiso ya boammaaruri.

2 Le fa go ntse jalo, kagiso ya boammaaruri ke eng? A ke fela fa ntwa e seyo? Kana ke fela nako e mo go yone ditšhaba di ipaakanyetsang ntwa e e latelang? A kagiso ya boammaaruri ke toro fela? Tseo ke dipotso tse di tlhokang dikarabo tse re ka di ikanyang. Sa ntlha, kagiso ya boammaaruri ga se toro fela. Kagiso e e solofeditsweng ke Modimo e gaisa sengwe le sengwe se lefatshe leno le ka solofetsang go se dira. (Isaia 64:4) Ga se kagiso e e nnang dingwaga di le mmalwanyana fela kana masome a sekae fela a dingwaga. E nnela ruri ka bosakhutleng! E bile ga se kagiso e e bonwang ke ba le mmalwa fela—e akaretsa legodimo le lefatshe, baengele le batho. E anamela kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe, ditso, dipuo le batho ba mebala yotlhe. E ka se thibelwe ke melelwane, dithibelo, kana go sa atlege ga batho.—Pesalema 72:7, 8; Isaia 48:18.

3 Kagiso ya boammaaruri e raya go nna le kagiso letsatsi le letsatsi. Go raya go tsoga mo mosong mongwe le mongwe o sa akanye ka ntwa, o sa tshwenyege ka isagwe ya gago, ka isagwe ya bana ba gago, tota le ka isagwe ya ditlogolwana tsa gago. Go raya go ritibala maikutlo ka tsela e e feletseng. (Bakolosa 3:15) Go raya go sa tlhole go na le bokebekwa, go sa tlhole go na le thubakanyo, go sa tlhole go na le malapa a a kgaoganeng, go sa tlhole go na le batho ba ba se nang magae, go sa tlhole go na le batho ba ba bolawang ke tlala kana serame, e bile go sa tlhole go na le batho ba ba mo tlalelong le ba ba kgobegileng marapo. Tota se se botoka le go feta, kagiso ya Modimo e raya go nna le lefatshe le le se nang bolwetse, kutlobotlhoko, bohutsana, kana loso. (Tshenolo 21:4) A bo e le tsholofelo e e molemolemo jang ne ya go itumelela kagiso ya boammaaruri ka bosakhutleng! A ono ga se mofuta wa kagiso le boitumelo tse rotlhe re di eletsang? A ga se mofuta ono wa kagiso o re tshwanetseng go o rapelela le go o berekela?

Go Palelwa ga Maiteko a Batho

4. Ke maiteko afe a ditšhaba di neng tsa a dira gore go nne le kagiso, mme ga felela ka eng?

4 Ka makgolokgolo a dingwaga, batho le ditšhaba ba ne ba ntse ba bua ka kagiso, ba ganetsana ka kagiso, ba saena ditumalano tsa kagiso tse dintsintsi. Go ile ga felela ka eng? Mo dingwageng tse 80 tse di fetileng, mo e batlang e nna ka dinako tsotlhe, go ntse go na le setšhaba sengwe kana setlhopha se se mo ntweng. Go phepafetse gore kagiso ga e ise e nne teng mo bathong. Ka jalo potso ke gore, Ke ka ntlha yang fa maiteko otlhe a motho a go dira kagiso mo ditšhabeng tsotlhe a ne a se ka a atlega, mme ke ka ntlha yang fa motho a sa kgone go tlisa kagiso ya boammaaruri e e tla nnelang ruri?

5. Ke ka ntlha yang fa maiteko a batho a go dira kagiso a sa atlege nako le nako?

5 Karabo e e tlhamaletseng ke gore batho ga ba ye kwa motsweding o o siameng gore ba bone kagiso ya boammaaruri. E re ka batho ba tlhotlhelediwa ke Satane Diabolo, ba ile ba tlhoma makgotla a a sa atlegeng ka ntlha ya makoa le mekgwa ya bone e e leswe—bopelotshetlha le boikgodiso jwa bone, go eletsa ga bone go busa le go tuma. Ba ile ba tsena dikolo tsa thuto e e kwa godimo le mekgatlho e e thusang batho ka madi mo isagweng le mekgatlho e e thusang batho go rarabolola mathata a bone, e e ileng ya baka ditsela tse dingwe tsa go tlisa kgatelelo le tshenyo. Batho ba ile ba isiwa kwa motsweding ofe? Ba ile ba leba kae?

6, 7. (a) Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ile la itirela leina lefe? (b) Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le itiretse leina lefe?

6 Bogologolo ka 1919 ditšhaba di ne tsa ikanya lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba gore le dire kagiso e e tla nnelang ruri. Tsholofelo eo e ne ya senyega fa Mussolini a ne a tlhasela Ethiopia ka 1935 le ntwa ya selegae kwa Spain e e neng ya simolola ka 1936. Lekgotla leno la Kgolagano le ne la phutlhama fa go ne go runya Ntwa ya Lefatshe II ka 1939. Seo se neng se bidiwa kagiso ga se a ka sa tshwarelela le fa e le dingwaga di le 20.

7 Go tweng ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng? A le ile la lere tsholofelo ya mmatota ya kagiso e e tla nnelang ruri mo lefatsheng lotlhe? Nnyaa. Go lolwe dintwa tse di fetang 150 ga ba ga nna le makgotla a a lwantshang ka dibetsa fa e sale le tlhomiwa ka 1945! Ga go gakgamatse go bo Gwynne Dyer, moithuti wa ntwa le tshimologo ya yone wa kwa Canada a tlhalosa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng a re ke “lekgotla la batho ba ba utswang diphologolo le go di bolaya ba jaanong ba fetogileng batlhokomedi ba tsone, e seng setlhopha sa baitshepi,” le go nna “mokgatlho fela o o se nang maatla, o batho ba one ba nnelang go bua fela mme ba sa dire sepe.”—Bapisa Jeremia 6:14; 8:15.

8. Ditšhaba di ntse di dira eng go sa kgathalesege dipuisano tsa tsone tsa kagiso? (Isaia 59:8)

8 Go sa kgathalesege gore ditšhaba di bua ka kagiso, di tswelela pele di tlhama le go dira dibetsa. Dinaga tse di emang nokeng dipuisano tsa kagiso gantsi ke tsone tse di di gogang kwa pele ka go dira dibetsa. Merokotso e e kwa godimo ya kgwebo mo dinageng tseno e dira gore go nne le dibetsa tse di oketsegileng tse di bolayang setlhogo, go akaretsa le dibetsa tse di epelwang mo mmung tse di setlhogo tse ngwaga le ngwaga di bolayang kana di gobatsang bagolo le bana ba ka nna 26 000. Bopelotshetlha le ditiro tse di seng kafa molaong ke tsone tse di tlhotlheletsang seno sotlhe. Go amogela dipipamolomo le go fokotsa ditlhwatlhwa tsa dibetsa ke selo se ditšhaba tsotlhe di se dirang fa di rekisa dibetsa. Babopolotiki bangwe ba ikhumisa ka tsela eno.

9, 10. Ke eng se bomankge ba lefatshe ba neng ba se lemoga malebana le dintwa le maiteko a batho?

9 Ka December 1995, mankge wa fisiki wa kwa Poland e bile e le mogapi wa Sekgele sa Nobel sa Kagiso e bong Joseph Rotblat, o ne a ikuela mo ditšhabeng gore di tlogele go gaisana ka dibetsa. O ne a bolela jaana: “Tsela fela ya go thibela [kgaisano e ntšha ya dibetsa] ke go fedisa ntwa gotlhelele.” A o akanya gore seno se ka kgonega? Go tloga ka 1928 go ya pele, ditšhaba di le 62 di ne tsa dira tumalano ya Kellogg-Briand Pact, e e neng e nyatsa go dirisiwa ga ntwa e le tsela ya go rarabolola dikgotlhang. Ntwa ya Lefatshe II e ne ya bontsha ka phepafalo gore tumalano eo e ne e se na mosola gotlhelele.

10 Kwantle ga pelaelo, ntwa e ntse e le sekgoreletsi se segolo mo hisitoring ya batho. Jaaka Gwynne Dyer a ne a kwala, “ntwa ke selo se se dirwang thata mo mokgweng wa batho wa go tshela, e bile e sale e ntse e le teng go tswa kwa tshimologong ya motho.” Ee, mo e ka nnang lefelo lengwe le lengwe le puso di na le bagaka ba masole ba ba sisimogwang, di na le masole a a dirisiwang ka dinako tsotlhe, di na le dintwa tse di tumileng tse di di loleng, di na le dithuto tsa sesole tse di boitshepo e bile di na le mabolokelo a dibetsa. Le fa go ntse jalo, lekgolo la rona la dingwaga le ile la amiwa ke ntwa go feta lepe fela, e e senyang tota e bile e bolaile batho ba le bantsi.

11. Ke lebaka lefe la konokono le baeteledipele ba lefatshe ba ntseng ba le tlhokomologa fa ba batla kagiso?

11 Go phepafetse gore baeteledipele ba lefatshe ba tlhokomologile botlhale jono jo bo botlhokwa jwa Jeremia 10:23: “Jehofa, ke a itse fa tsela ya motho e se mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” Fa Modimo a tlhokomologiwa, go ka se nne le kagiso ya boammaaruri. A mme seno sotlhe se raya gore ntwa e ka se thibelwe mo setšhabeng se se tlhabologang? A go raya gore kagiso—kagiso ya boammaaruri—ke toro fela?

Go Bona Se se Ka Tswang se Baka Seno

12, 13. (a) Ke eng se Baebele e se senolang malebana le selo sa konokono se se sa bonaleng se se bakang ntwa? (b) Satane o dirile jang gore batho ba tlhokomologe tharabololo ya mmatota ya mathata a lefatshe leno?

12 Go araba dipotso tseo, re tshwanetse go tlhaloganya dilo tse di bakang ntwa. Baebele e bolela ka phepafalo gore moengele wa motsuolodi e bong Satane ke “mmolayabatho” wa ntlha e bile e le “ramaaka” le gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (Johane 8:44; 1 Johane 5:19) Ke eng se a se dirileng go diragatsa maano a gagwe? Re bala jaana mo go 2 Bakorintha 4:3, 4: “Fa, jaanong, dikgang tse di molemo tse re di bolelang totatota di siregile, di siregile mo go ba ba nyelelang, mo go ba modimo wa tsamaiso eno ya dilo o foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumeleng, gore go bonesa ga dikgang tse di molemo tse di galalelang kaga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, go se ka ga ba phatsimela.” Satane o dira sotlhe se a ka se kgonang go dira gore batho ba se ka ba tsaya gore Bogosi jwa Modimo ke jone jo bo ka rarabololang mathata a lefatshe. O foufatsa batho le go ba faposa ka dikgang tsa loago tse di kgaoganyang, tsa bopolotiki le tsa bodumedi, e le gore di lebege di le botlhokwa thata go gaisa puso ya Modimo. Go oketsega ga go rata bosetšhaba mo lefatsheng lotlhe bosheng jaana ke sekai sa seno.

13 Satane Diabolo o rotloetsa go rata bosetšhaba le bomorafe, go dumela gore setšhaba sengwe, lotso, kana morafe o kwa godimo ga tse dingwe. Letlhoo le le nweleletseng le le neng le ntse le fitlhegile ka makgolokgolo a dingwaga le a tsosolosiwa gore le tlhotlheletse dintwa le dikgotlhang tse di oketsegileng. Federico Mayor, motsamaisimogolo wa lekgotla la UNESCO, o ne a tlhagisa batho ka mokgwa ono jaana: “Tota le koo go itshokelana go neng go tlwaelegile gone, jaanong se se bonalang thata ke go boifa batho ba dinaga di sele, mme dikakgelo tse di nang le tlhaolele e e feteletseng kana bomorafe tse go neng go lebega e le dilo tsa bogologolo, di setse di buiwa thata jaanong.” Seno se ile sa bakwa ke eng? Dipolao tsa kgailo tse di tsitsibanyang mmele kwa nageng e pele e neng e le Yugoslavia le dipolaano tsa bomorafe kwa Rwanda ke ditiragalo tse pedi tse di neng tsa anama mo dikganyeng tsa lefatshe.

14. Tshenolo 6:4 e tlhalosa ntwa jang le phelelo ya yone mo motlheng wa rona?

14 Baebele e ne ya bolelela pele gore mo nakong ya bokhutlo jwa tsamaiso eno, pitse e khunou, e e emelang ntwa, e ne e tla patakela mo lefatsheng lotlhe. Re bala jaana mo go Tshenolo 6:4: “E nngwe ya tla, pitse e e khunou; mme yo o ntseng mo go yone o ne a newa go tlosa kagiso mo lefatsheng e le gore ba bolaane setlhogo; mme a newa tšhaka e kgolo.” Fa e sale ka 1914 re setse re bone mopalami wa pitse eno wa tshwantshetso a “tlosa kagiso,” mme ditšhaba di sa ntse di tsweletse pele di lwa le go tlhaselana.

15, 16. (a) Ke eng se bodumedi bo ntseng bo se dira mo dintweng le mo dipolaanong? (b) Jehofa o leba dilo tse ditumelo di di dirileng jang?

15 Se se sa tshwanelang go tlodisiwa matlho ke se bodumedi bo se dirang mo dintweng le mo dipolaanong tseno. Hisitori ya batho e e tletseng ka tshololo ya madi e bakilwe thata ke tlhotlheletso e e sa siamang ya bodumedi jwa maaka. Moithutabomodimo wa Mokatoliki e bong Hans Küng o ne a kwala jaana: “Ga go belaetse gore ka tsela e e sa siamang le e e senyang [ditumelo] di sa ntse di na le seabe se segolo. Eleruri di ikarabela mo dikgogakgoganong tse dikgolo, mo dintweng tsa tshololo ya madi, le mo ‘dintweng tsa bodumedi;’ . . . mme seno se ne se le jalo ka dintwa tse pedi tsa lefatshe.”

16 Jehofa Modimo o leba jang se bodumedi jwa maaka bo neng jwa se dira mo dipolaanong le mo dintweng? Mafoko a Modimo a pegang bodumedi jwa maaka molato ka one a kwadilwe mo go Tshenolo 18:5, e bolela jaana: “Maleo a gagwe a koame go fitlha fela kwa legodimong, mme Modimo o gakologetswe ditiro tsa gagwe tsa tshiamololo.” Go bo bodumedi jwa maaka bo golagane le babusi ba bopolotiki ba lefatshe go dirile gore bo nne le molato o mogolo wa madi, mokoa o mogolo wa maleo a a neng a dirwa, mo Modimo a ka se kang a go tlhokomologa fela. O tla tloga a nyeletsa gotlhelele sekgoreletsi seno fa a ntse a tsweletse le go tlisa kagiso ya boammaaruri.—Tshenolo 18:21.

Tsela e e Isang Kwa Kagisong

17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa e se go ijesa dijo tsa ditoro fela go dumela gore go ka kgonega go nna le kagiso e e tla nnelang ruri? (b) Ke eng se Jehofa a setseng a se dirile go tlhomamisa gore kagiso ya boammaaruri e tla nna teng?

17 Fa e le gore batho ba ka se kgone go tlisa kagiso ya boammaaruri le e e tla nnelang ruri ka dikemedi tse di tshwanang le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, kagiso ya boammaaruri e tla tswa motsweding ofe, mme jang? A ke go ijesa dijo tsa ditoro fela go dumela gore go ka kgonega go nna le kagiso e e tla nnelang ruri? E seng fa re ya kwa motsweding o o siameng wa kagiso. Mme one ke mang? Pesalema 46:9 e araba ka go re bolelela gore Jehofa “o khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe; o roba bora, o putlaganya lerumo ka bogare; o fisa dikara tsa tlhabano mo molelong.” Mme Jehofa o setse a simolotse thulaganyo ya go khutlisa dintwa le go tlhoma kagiso ya boammaaruri. Jang? Ka go tlhoma Keresete Jesu mo setulong sa Bogosi jwa gagwe jo bo mo tshwanetseng ka 1914 le go rotloetsa letsholo le legolo thata le le rutang ka kagiso mo hisitoring ya batho. Mafoko a boporofeti a ga Isaia 54:13 a re tlhomamisetsa jaana: “Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa; kagiso ya bana ba gago e tlaa nna kgolo.”

18 Boporofeti jono bo bontsha molaomotheo wa selo se se bakang, le matswela—ke gore, matswela mangwe le mangwe a na le se se a bakileng. Mo kgannyeng eno, thuto ya ga Jehofa—e leng selo se se bakang—e fetola batho ba ba ratang ntwa gore e nne batho ba ba ratang kagiso, ba ba leng mo kagisong le Modimo. Matswela ke go fetoga ga pelo mo go dirang gore batho ba rate kagiso. Thuto eno e e fetolang dipelo tsa batho le megopolo gone jaanong e setse e anamela mo lefatsheng lotlhe fa dimilione tsa batho di latela sekao sa “Kgosana ya Kagiso,” Jesu Keresete.—Isaia 9:6.

19. Ke eng se Jesu a neng a se ruta ka kagiso ya boammaaruri?

19 Mme ke eng se Jesu a neng a se ruta malebana le kagiso ya boammaaruri? O ne a se ka a bua fela ka kagiso ya ditšhaba mme le ka kagiso ya batho ba ba tsalanang le ka kagiso e e ka fa teng ka ntlha ya segakolodi se se siameng. Mo go Johane 14:27, re bala mafoko a ga Jesu a a neng a a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Ke lo tlogelela kagiso, ke lo naya kagiso ya me. Ga ke e lo neye ka tsela e lefatshe le e nayang ka yone. Lo se ka lwa letla dipelo tsa lona go tshwenyega lefa e le go di letla go boboana ka ntlha ya poifo.” Kagiso ya ga Jesu e ne e farologane jang le ya lefatshe?

20. Jesu o tla dirisa eng go tlisa kagiso ya boammaaruri?

20 Sa ntlha, kagiso ya ga Jesu e ne e amana thata le molaetsa wa gagwe wa Bogosi. O ne a itse gore puso ya legodimo e e tshiamo, e e nang le Jesu le babusimmogo le ene ba ba 144 000, e tla khutlisa ntwa le ba ba e tlhotlheletsang. (Tshenolo 14:1, 3) O ne a itse gore e tla tlisa maemo a paradaise a a nang le kagiso a a neng a a solofetsa modirabosula yo o neng a swa fa thoko ga gagwe. Jesu o ne a se ka a mo solofetsa go nna mo Bogosing jwa legodimo, mme o ne a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaeseng.”—Luke 23:43.

21, 22. (a) Ke tsholofelo efe e e nonotshang ka tsela e e molemolemo e kagiso ya boammaaruri e tla e tlisang? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se dira e le gore re bone masego ao?

21 Gape Jesu o ne a itse gore Bogosi jwa gagwe bo ne bo tla gomotsa batho botlhe ba ba hutsafetseng ba ba dumelang mo go ene. Kagiso ya gagwe e akaretsa tsholofelo e e nonotshang e e molemolemo ya tsogo ya baswi. Gakologelwa mafoko a gagwe a a kgothatsang a a fitlhelwang mo go Johane 5:28, 29: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe mme ba tswe, ba ba ileng ba dira dilo tse di molemo ba ya tsogong ya botshelo, ba ba ileng ba dira dilo tse di bifelesegang e le tlwaelo ba ya tsogong ya katlholo.”

22 A o lebile pele go nna teng mo nakong eo? A o swetswe ke baratiwa ba gago? A o eletsa go ba bona gape? Ka gone amogela kagiso e Jesu a e go solofetsang. Nna le tumelo e e tshwanang le ya ga Maratha, kgaitsadie Lasaro, yo o neng a raya Jesu a re: “Ke itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” Mme ela tlhoko tsela e e kgatlhang e Jesu a neng a araba Maratha ka yone: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela; mme mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope. A o dumela seno?”—Johane 11:24-26.

23. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore re nne le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo fa re batla go nna le kagiso ya boammaaruri?

23 Le wena o ka dumela tsholofetso eo le gore e go solegele molemo. Jang? Ka go nna le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo. Ela tlhoko tsela e moaposetoloi Paulo a neng a gatelela botlhokwa jwa go nna le kitso e e tlhomameng ka yone: “Rona . . . [ga re a kgaotsa] go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe ka kitso e e leng yone ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya, e le gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore lo mo itumedise ka botlalo jaaka lo tswelela lo ntsha maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo e bile lo oketsega mo kitsong e e leng yone kaga Modimo.” (Bakolosa 1:9, 10) Kitso eno e e tlhomameng e tla go tlhatswa pelo gore Jehofa Modimo ke ene motswedi wa kagiso ya boammaaruri. Gape e tla go bolelela se o tshwanetseng go se dira gone jaanong e le gore o bue jaaka mopesalema fa a re: “Ke tlaa rapama ke ba ke robala mo kagisong; gonne Jehofa ke wena wesi yo o nkagisang mo polokegong.”—Pesalema 4:8.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Ke ka ntlha yang fa maiteko a batho a go dira kagiso a sa atlege nako le nako?

◻ Ke eng se tota se bakang ntwa?

◻ Ke ka ntlha yang fa kagiso e e tla nnelang ruri e se go ijesa dijo tsa ditoro fela?

◻ Motswedi wa kagiso ya boammaaruri ke ofe?

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Kagiso ya boammaaruri ga se toro fela. Ke tsholofetso ya Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Fa e sale ka 1914 mopalami wa tshwantshetso wa pitse e khunou o ile a tlosa kagiso mo lefatsheng

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

A bodumedi le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng di ka tlisa kagiso?

[Motswedi wa Setshwantsho]

UN photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela