LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 3/1 ts. 9-14
  • A o Ipaakanyeditse Letsatsi la ga Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ipaakanyeditse Letsatsi la ga Jehofa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba ne Ba Lebeletse Dilo Tse Dikgolo
  • Letsatsi la ga Jehofa le go Nna Gone ga ga Jesu
  • Ba ne Ba Ipaakantse
  • “Nnang lo Disitse”
  • Ditiro Tse di Boitshepo di Botlhokwa
  • A O Atlhola Lefatshe ka Tumelo ya Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tumelo ya ga Noa e Atlhola Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Lebaka La go Bo Modimo A ne A Amogela Noa—Lebaka La go Bo Seo se Tshwanetse go re Ama
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 3/1 ts. 9-14

A o Ipaakanyeditse Letsatsi la ga Jehofa?

“Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi, le gaufi le akofa thata.”—SEFANIA 1:14.

1. Dikwalo di tlhalosa jang letsatsi la ga Jehofa?

“MOTLHA o mogolo le o o boitshegang” wa ga Jehofa o tla tloga o wela tsamaiso e e bosula eno ya dilo. Dikwalo di tlhalosa letsatsi la ga Jehofa e le la ntwa, lefifi, tšhakgalo, go ngomoga pelo, tlalelo, poifo le tshwafalo. Lefa go ntse jalo, go tla bo go na le bafalodi, ka gonne “le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la ga Jehofa o tlaa gololwa.” (Joele 2:30-32; Amose 5:18-20) Ee, ka nako eo Modimo o tla fedisa baba ba gagwe mme a bo a boloka batho ba gagwe.

2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya letsatsi la ga Jehofa le potlakile?

2 Baporofeti ba Modimo ba ile ba supa gore letsatsi la ga Jehofa le potlakile. Ka sekai, Sefania o ne a kwala jaana: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi, le gaufi le akofa thata.” (Sefania 1:14) Boemo bo potlakile le go feta gompieno ka gonne Moatlhodi yo Mogolo wa Modimo, e bong Kgosi Jesu Keresete, o tla tloga a ‘gatlha tšhaka ya gagwe kafa nokeng ya gagwe mme a bo a pagama ka ntlha ya boammaaruri, bopelonomi, le tshiamo.’ (Pesalema 45:3, 4) A o ipaakanyeditse letsatsi leo?

Ba ne Ba Lebeletse Dilo Tse Dikgolo

3. Bakeresete bangwe ba kwa Thesalonika ba ne ba lebeletse eng, mme ba ne ba le phoso ka mabaka afe a mabedi?

3 Ba le bantsi ba ile ba lebelela dilo tse di ileng tsa se ka tsa diragadiwa malebana le letsatsi la ga Jehofa. Bakeresete bangwe ba bogologolo kwa Thesalonika ba ne ba re, ‘Letsatsi la ga Jehofa le setse le le fa!’ (2 Bathesalonika 2:2) Mme go na le mabaka a mabedi a konokono a go bo le ne le se gaufi. Fa moaposetoloi Paulo a tlhalosa lengwe la one o ne a bolela jaana: “E tle e re ba ntse ba re: ‘Kagiso le thagamo,’ foo tshenyego ya tshoganetso e ba wele.” (1 Bathesalonika 5:1-6) Mo ‘motlheng ono wa bokhutlo,’ rona ka borona re lebeletse pele go bona go diragadiwa ga mafoko ao. (Daniele 12:4) Go na le bosupi jo bongwe gape jo Bathesalonika ba neng ba se na najo jwa gore letsatsi le legolo la ga Jehofa le ne le gorogile, ka gonne Paulo o ne a ba bolelela jaana: “Ga go ketla go dirafala, fa tenego e sa tle pele.” (2 Bathesalonika 2:3) Fa Paulo a ne a kwala mafoko ao (mo e ka nnang ka 51 C.E.), “tenego” go tswa mo Bokereseteng jwa boammaaruri e ne e ise e simolole sentle. Gompieno, re e bona e le teng ka botlalo mo go Labokeresete. Le mororo ba ne ba na le ditebelelo tse di neng di tla se ka tsa diragadiwa, batlodiwa ba ba ikanyegang ba kwa Thesalonika, ba ba neng ba tswelela pele ba direla Modimo ka boikanyegi go fitlha kwa losong, kgabagare ba ne ba amogela tuelo ya bone ya selegodimo. (Tshenolo 2:10) Le rona re tla duelwa fa re nna re ikanyega fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa.

4. (a) Letsatsi la ga Jehofa le amanngwa le eng mo go 2 Bathesalonika 2:1, 2? (b) Batho ba ba bidiwang Borara ba Kereke ba ne ba na le megopolo efe malebana le go boa ga ga Keresete le dikgang tse di amanang le gone?

4 Baebele e amanya “letsatsi le legolo la ga Jehofa” le “go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete.” (2 Bathesalonika 2:1, 2, NW) Batho ba ba bidiwang Borara ba Kereke ba ne ba na le megopolo e e farologaneng ka go boa ga ga Keresete, ka go nna gone ga gagwe, le ka Puso ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete. (Tshenolo 20:4) Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., Papias wa kwa Hierapolise o ne a nna le ditebelelo tse di gakgamatsang ka se se tla diragalang mo lefatsheng ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Justin Martyr o ne a bua ka go nna gone ga ga Jesu kgapetsakgapetsa mme a lebeletse gore Jerusalema yo o tsosolositsweng e tla nna lefelo le Bogosi jwa Gagwe bo tla nnang gone. Irenæus wa kwa Lyons o ne a ruta gore fa Mmusomogolo wa kwa Roma o sena go fedisiwa, Jesu o ne a tla bonala ka sebele, a bo a bofa Satane mme a bo a busa mo go Jerusalema wa selefatshe.

5. Bakanoki bangwe ba ne ba reng malebana le “Go Goroga ga Bobedi” ga ga Keresete le Puso ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete?

5 Mokwalahisitori e bong Philip Schaff o ne a tlhalosa gore “selo se se kgatlhang thata” mo nakong ya pele ga Council of Nicaea ka 325 C.E. e ne e le “tumelo ya go busa ga ga Keresete ka tsela e e bonalang a le mo kgalalelong mo lefatsheng a na le baitshepi ba ba tsositsweng ka dingwaga di le sekete, pele ga batho botlhe ba bangwe ba tsosiwa le go atlholwa.” A Dictionary of the Bible, e e kwadilweng ke James Hastings, e bolela jaana: “Tertullian, Irenæus le Hippolytus ba santse ba lebeletse pele go bona Go Goroga [ga ga Jesu Keresete]; mme go ya ka Borara ba Alexandria re bona go na le kgopolo e nngwe. . . . Go ya ka tlhaloso ya ga Augustine ya Dingwaga Tse di Sekete ka nako ya ntwa ya Kereke go Goroga ga Bobedi go busediwa kwa morago thata.”

Letsatsi la ga Jehofa le go Nna Gone ga ga Jesu

6. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go swetsa gore letsatsi la ga Jehofa le kgakala?

6 Dikakanyo tse di sa siamang di ile tsa kgoba batho marapo, mme a re se akanyeng gore letsatsi la ga Jehofa le kgakala. Go nna gone ga ga Jesu go go sa bonaleng, go Dikwalo di go amanang le lone, go setse go simologile. Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa gantsi di ile tsa neela bosupi jwa Dikwalo jwa gore go nna gone ga ga Keresete go simologile ka ngwaga wa 1914.a Ka jalo, he, Jesu o ne a reng malebana le go nna gone ga gagwe?

7. (a) Dikarolo dingwe tsa sesupo sa go nna gone ga ga Jesu le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo ke dife? (b) Re ka bolokiwa jang?

7 Go nna gone ga ga Jesu e ne ya nna kgang e go neng go tlotliwa ka yone pelenyana fela ga loso lwa gagwe. Fa baaposetoloi ba gagwe e bong Petere, Jakobe, Johane le Anterea ba sena go mo utlwa a bolelela pele kaga go senngwa ga tempele ya Jerusalema, ba ne ba mmotsa jaana: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Mathaio 24:1-3, NW; Mareko 13:3, 4) Fa a araba, Jesu o ne a bolelela pele ka dintwa, ditlala, dithoromo tsa lefatshe, le dikarolo tse dingwe tsa “sesupo” sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. O ile a bolela jaana gape: “Yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tla bolokwa.” (Mathaio 24:13, NW) Re tla bolokwa fa re ka itshoka ka boikanyegi go fitlha kwa bofelong jwa botshelo jwa rona jwa gone jaanong kana go fitlha kwa bofelong jwa tsamaiso e e boikepo eno.

8. Pele ga bokhutlo jwa tsamaiso ya Sejuta, go ne go tshwanetse ga dirwa eng pele, mme ke eng se se dirwang malebana le seo gompieno?

8 Pele ga bokhutlo, go tla diragadiwa karolo e e botlhokwa thata ya go nna gone ga ga Jesu. O ne a bolela jaana malebana le yone: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.” (Mathaio 24:14, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Pele ga Baroma ba senya Jerusalema le pele ga tsamaiso ya dilo ya Sejuta e fela ka 70 C.E., Paulo o ne a ka re mafoko a a molemo a ‘reretswe lobopo lotlhe tlase ga legodimo.’ (Bakolosa 1:23) Lefa go ntse jalo, gompieno Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro e kgolo thata ya go rera “mo lefatsheng lotlhe.” Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, Modimo o ne a bula tsela ya gore go neelwe bosupi jo bogolo kwa Yuropa Botlhaba. Ka magatisetso le dikago tse dingwe mo lefatsheng lotlhe, phuthego ya ga Jehofa e kgona go lepalepana le tiro e e ntseng e oketsega, tota le mo “dikarolo tsa naga tse di sa amiwang.” (Baroma 15:22, 23, NW) A pelo ya gago e go tlhotlheletsa gore o dire gotlhe mo o ka go kgonang go neela bosupi pele ga bokhutlo bo tla? Fa go ntse jalo, Modimo a ka go nonotsha gore o nne le seabe se se nang le matswela mo tirong e e santseng e le kwa pele.—Bafilipi 4:13; 2 Timotheo 4:17.

9. Jesu o ne a tlhalosa eng jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 24:36?

9 Tiro e e boleletsweng pele ya go rera ka Bogosi le dikarolo tse dingwe tsa sesupo sa go nna gone ga ga Jesu di a diragadiwa gone jaanong. Ka jalo, bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e e boikepo bo gaufi. Ke boammaaruri gore Jesu o ne a bolela jaana: “Ka letsatsi leo le nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba legodimo, le fa e le morwa, fa e se Rara a le esi fela.” (Mathaio 24:4-14, 36) Mme boporofeti jwa ga Jesu bo ka re thusa gore re ipaakanyetse “letsatsi leo, le nako eo.”

Ba ne Ba Ipaakantse

10. Re itse jang gore go a kgonega go nna re tsogile mo semoyeng?

10 Gore re falole letsatsi le legolo la ga Jehofa, re tshwanetse go nna re tsogile mo semoyeng mme re eme re nitame mo kobamelong ya boammaaruri. (1 Bakorinthe 16:13) Re a itse gore go ka kgonega go itshoka ka tsela e e ntseng jalo, ka gonne lelapa lengwe le le boifang Modimo le ile la dira jalo mme la falola Morwalela o o ileng wa fedisa batho ba ba boikepo ka 2370 B.C.E. Fa Jesu a ne a bapisa motlha oo le go nna gone ga gagwe, o ne a re: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo. Gonne fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa o tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o ba o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.”—Mathaio 24:37-39, NW.

11. Noa o ne a latela tsela efe lefa gone go ne go tletse thubakanyo mo motlheng wa gagwe?

11 Fela jaaka rona, Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tshela mo lefatsheng le le tletseng thubakanyo. “Bomorwa Modimo” ba baengele ba ba seng kutlo ba ne ba iphetotse mebele mme ba itseela basadi bao ka bone ba neng ba nna le bana ba ba sa rategeng ba Banefilimo—diganka tse kwantle ga pelaelo di neng di dira gore go tlale thubakanyo le go feta. (Genesise 6:1, 2, 4; 1 Petere 3:19, 20) Lefa go ntse jalo, “Noa a sepela le Modimo” ka tumelo. A “itekanetse mo ditshikeng tsa gagwe”—losika lo lo kgopo la motlha wa gagwe. (Genesise 6:9-11) Fa re ikaega ka Modimo ka thapelo, re ka kgona go dira se se tshwanang mo lefatsheng le le tletseng thubakanyo le le boikepo leno fa re ntse re letile letsatsi la ga Jehofa.

12. (a) Kwantle ga go aga araka, ke tiro efe e Noa a neng a e dira? (b) Batho ba ne ba itshwara jang fa Noa a ne a rera, mme matswela e ne ya nna eng mo go bone?

12 Noa o itsege thata e le moagi wa araka e e neng ya boloka matshelo ka nako ya Morwalela. Gape e ne e le “moreri wa tshiamo,” mme batho ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe ba ne ba “se ka ba tsaya tsia” molaetsa wa gagwe o o tswang kwa Modimong. Ba ne ba ja le go nwa, ba nyala, ba nna le malapa, ba tswelela pele ka ditiro tse di tlwaelegileng tsa botshelo go fitlha Morwalela o ba gogola botlhe. (2 Petere 2:5; Genesise 6:14) Ba ne ba sa batle go utlwa sepe ka puo le boitsholo jo bo siameng, fela jaaka kokomana ya segompieno e gana go utlwa se Basupi ba ga Jehofa ba se bolelang kaga “boikotlhao mo Modimong,” tumelo mo go Keresete, tshiamo le “katlholo e e tla tlang.” (Ditiro 20:20, 21; 24:24, 25, NW) Ga go na pego epe e e supang gore go ne go na le batho ba ba kae mo lefatsheng fa Noa a ne a bolela ka molaetsa wa Modimo. Mme go na le selo se le sengwe se se tlhomameng, baagi ba lefatshe ba ne ba fokotsega thata ka 2370 B.C.E.! Morwalela o ne wa fedisa batho ba ba boikepo, wa tlogela fela ba ba neng ba ipaakanyeditse kgato e Modimong a neng a e tsaya—Noa le ba bangwe ba le supa ba lelapa la gagwe.—Genesise 7:19-23; 2 Petere 3:5, 6.

13. Ke mafoko afe a katlholo a Noa a neng a a ikanya ka botlalo, mme o ne a dira jang tumalanong le seno?

13 Modimo ga a ka a naya Noa tlhagiso dingwaga tse dintsi pele ga moo malebana le letsatsi le le tlhomameng le ura e Morwalela o tla nnang ka yone. Lefa go ntse jalo, fa Noa a ne a le dingwaga di le 480, Jehofa o ne a mo laela jaana: “Mowa wa me ga o ketla o nna o ganela le motho ka bosenabokhutlo, ka go bo le ene e bile ke nama. Le fa go ntse jalo malatsi a gagwe a tlaa nna dinyaga di le 120.” (Genesise 6:3) Noa o ne a ikanya mafoko ano a katlholo a Modimo ka botlalo. Fa a sena go nna dingwaga di le 500, o ne “a tshola Sheme, le Hame le Jafethe,” mme tlwaelo ya motlha oo e supa gore go ne ga feta dingwaga di le 50 go ya go di le 60 pele ga barwa ba gagwe ba nyala. Fa Noa a ne a bolelelwa gore a age araka ya go falolela Morwalela ka yone, go bonala fa barwa bao le basadi ba bone ba ne ba mo thusa mo maitekong ao. Go bonala fa go agiwa ga araka go ne go tsamaisana le tiro ya ga Noa ya go nna “moreri wa tshiamo,” e dira gore a tshwarege ka dingwaga tse 40 go ya go tse 50 tsa bofelo pele ga Morwalela. (Genesise 5:32; 6:13-22) Mo dingwageng tseo tsotlhe, ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba tsamaya mo tumelong. A le rona re supe tumelo fa re ntse re rera mafoko a a molemo le fa re ntse re letile letsatsi la ga Jehofa.—Bahebere 11:7.

14. Jehofa o ne a bolelela Noa eng kgabagare, mme ka ntlha yang?

14 Fa araka e setse e atamela go wediwa, Noa a ka tswa a ne a akanya gore Morwalela o gaufi, le mororo a ne a sa itse tota gore o tla nna leng. Jehofa kgabagare o ne a mmolelela jaana: “E tlaa re malatsi a supa a sena go feta, ke tlaa nesa pula mo lefatsheng ka malatsi a le 40 le masigo a le 40.” (Genesise 7:4) Seo se ne sa naya Noa le ba lelapa la gagwe nako e e lekaneng fela ya gore ba tsenye mefuta yotlhe ya diphologolo mo arakeng le gore bone ka bobone ba tsene pele ga Morwalela o simolola. Rona ga re tlhoke go itse letsatsi le ura ya fa tsamaiso eno e simololwa go senngwa; ga re a fiwa tiro ya go falotsa diphologolo, mme batho ba ba tla falolang ba setse ba tsena mo arakeng ya tshwantshetso, e leng paradaise ya semoya ya batho ba Modimo.

“Nnang lo Disitse”

15. (a) O ka tlhalosa jang mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:40-44 ka mafoko a gago? (b) Go bo re sa itse nako e e tlhomameng e Jesu a tla tlang go diragatsa pusolosetso ya Modimo go re ama jang?

15 Jesu o ne a tlhalosa jaana malebana le go nna gone ga gagwe: “Foo banna ba le babedi ba tlaa bo ba le [bereka] mo nageng; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe; basadi ba le babedi ba tlaa bo ba sila [mabele go nna boupe]; mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe a tlogelwe. Ke gone disang, gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona o tlaa tlang ka lone. Mme mo lo a go itse gore fa mong wa ntlo a ka bo a itsile nako ya bosigo e legodu le tlaa tlang ka yone, o ka bo a disitse, mme o ka bo a se ka a leseletsa ntlo ya gagwe ya phunngwa. Ke gone, le lona nnang fela lo iketleeditse, gonne Morwa Motho o tlaa tla ka nako e lo sa mo solofeleng ka yone.” (Mathaio 24:40-44; Luke 17:34, 35) Go bo re sa itse nako e e tlhomameng e Jesu a tla tlang go diragatsa pusolosetso ya Modimo go dira gore re nne re le tlhaga e bile go re naya tshono ya letsatsi lengwe le lengwe gore re itshupe gore re direla Jehofa re se na maikaelelo ape a bopelotshetlha.

16. Go tla diragalang ka batho ba ba ‘tlogetsweng’ le ba ba tla ‘tsewang’?

16 Batho ba ba ‘tlogetsweng’ gore ba senngwe le ba ba boikepo ba tla akaretsa ba ba kileng ba bo ba rutilwe mme ba komediwa ke tsela ya botshelo ya bopelotshetlha. E kete re ka nna gareng ga ba ba ‘tla tsewang’ ba ba ineetseng ka botlalo mo go Jehofa e bile ba mo leboga tota ka ntlha ya dilo tsa semoya tse a re di nayang ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) A re direleng Modimo go fitlha kwa bofelong ka “lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng, le segakolodi se se molemo, le tumelo e e se nang boitimokanyo.”—1 Timotheo 1:5.

Ditiro Tse di Boitshepo di Botlhokwa

17. (a) Ke eng se se neng sa bolelelwa pele mo go 2 Petere 3:10? (b) Ke dilo le ditiro dife tse re kgothadiwang go di dira mo go 2 Petere 3:11?

17 Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Letsatsi la Morena le tlaa tla jaaka legodu; mme mo go lone magodimo a tlaa nyerega ka mogote o o tukang, le lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tlaa lailwa ke molelo.” (2 Petere 3:10) Magodimo a tshwantshetso le lefatshe di ka se ka tsa falola mogote wa bogale jwa Modimo. Ka jalo Petere o oketsa jaana: “Mme e re ka jaana dilo tse tsotlhe di nnetse go nyerega, ana lona lo tshwanetse lwa bo lo le batho ba ba ntseng jang, mo go tsheleng gotlhe ka boitshepo le ka poifo Modimo!” (2 Petere 3:11) Dingwe tsa dilo le ditiro tseno ke go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, go direla ba bangwe molemo, le go nna le seabe se se bonalang mo tirong ya go rera mafoko a a molemo.—Mathaio 24:14; Bahebere 10:24, 25; 13:16.

18. Fa re simolola go rata lefatshe, re tshwanetse go dira eng?

18 ‘Go tshela gotlhe ka boitshepo le ka poifo Modimo’ go tlhoka gore re ‘ikilele gore re se mathwe gope ke lefatshe.’ (Jakobe 1:27) Mme go tweng fa e le gore re simolola go rata lefatshe? Gongwe re gogelwa gore re nne mo boemong jo bo kotsi fa pele ga Modimo ka go batla boitlosobodutu jo bo seng phepa kana ka go reetsa mmino le dipina tse di tlhotlheletsang moya o o maswe wa lefatshe leno. (2 Bakorinthe 6:14-18) Fa e le gore go ntse jalo, a re kopeng thuso ya Modimo ka thapelo gore re se ka ra feta le lefatshe leno mme re nne batho ba ba tla amogelwang ke Morwa motho. (Luke 21:34-36; 1 Johane 2:15-17) Fa re ineetse mo Modimong, tota re tla batla go dira gotlhe mo re ka go kgonang go aga le go boloka kamano e e lorato le ene mme ka go dira jalo re bo re ipaakanyeditse letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa.

19. Ke ka ntlha yang fa boidiidi jwa baboledi ba Bogosi ba ka lebelela go falola bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo?

19 Noa yo o neng a boifa Modimo le ba lelapa la gagwe ba ne ba falola Morwalela o o ileng wa fedisa lefatshe la bogologolo. Batho ba ba siameng ba ne ba falola bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya Sejuta ka 70 C.E. Ka sekai, moaposetoloi Johane o ne a santse a direla Modimo ka tlhagafalo mo e ka nnang ka 96-98 C.E., fa a ne a kwala buka ya Tshenolo, pego ya gagwe ya Efangele, le makwalo a mararo a a tlhotlheleditsweng. Mo go ba le diketekete ba ba neng ba amogela tumelo ya boammaaruri ka Pentekosete ya 33 C.E., gongwe ba le bantsi ba bone ba ne ba falola bokhutlo jwa tsamaiso ya Sejuta. (Ditiro 1:15; 2:41, 47; 4:4) Gompieno boidiidi jwa baboledi ba Bogosi ba ka solofela go falola bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo.

20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna ‘bareri ba tshiamo’ ba ba tlhagafetseng?

20 E re ka re lebeletse go falolela mo lefatsheng le lesha, a re nneng ‘bareri ba tshiamo’ ba ba tlhagafetseng. A bo e le tshiamelo jang ne go direla Modimo mo metlheng eno ya bofelo! Mme a bo go itumedisa jang ne go kaela batho mo “arakeng” ya motlha wa segompieno e leng paradaise ya semoya e batho ba Modimo ba leng mo go yone! E kete dimilione tsa batho tse di leng mo go yone gone jaanong di ka nna di ikanyega, di tsogile mo semoyeng, mme di ipaakanyeditse letsatsi le legolo la ga Jehofa. Mme ke eng se se tla re thusang go nna re tsogile?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona dikgaolo 10 le 11 tsa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Bangwe ba ne ba lebelela eng malebana le letsatsi la ga Jehofa le go nna gone ga ga Keresete?

◻ Ke ka ntlha yang fa re ka re Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba ipaakanyeditse Morwalela?

◻ Go tla diragalang ka bao ba “nnang ba disitse” le ba ba sa direng jalo?

◻ Ke ka ntlha yang fa ditiro tse di boitshepo di le botlhokwa, segolobogolo jaaka fa re ntse re atamela letsatsi le legolo la ga Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela