Pego ya Baboledi ba Bogosi
“A Lesedi la Lona le Phatsime fa Pele ga Batho”
MO Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ne a raya barutwa ba gagwe jaana: “Ke lona lesedi la lefatshe.” O ne a tswelela pele a ba rotloetsa jaana: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.”—Mathaio 5:14-16.
Kwa Italy ditiro tse di molemo tsa Basupi ba ga Jehofa di ntse di lemosega. Ka sekai, boitshwaro jwa bone jo bo molemo fa ba le kwa dikopanong tse dikgolo tsa ngwaga le ngwaga bo baka Modimo, jaaka dipego tse di latelang di tlhomamisa seno:
▪ Ka dingwaga di le dintsi mosadi mongwe kwa Terni, kwa Italy, o ne a thusa morwadie go tsamaisa kgwebo ya khefi e e neng e le gaufi le setadiamo se se mo motseng oo. O anela jaana: “Ke ne ka lemoga pharologanyo e kgolo fa gare ga batho ba ba neng ba tla metshamekong ya kgwele ya maoto le ba ba neng ba tlile dikopanong tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa koo. Basupi ba ne ba apara sentle thata, mme ba ne ba ikanyega e bile ba tlotlega. Gantsi ke ne ke tle ke ipotse gore go tla jang gore batho ba ditso tse di farologaneng ba kgone go utlwana jaana.
“Ka letsatsi lengwe Mosupi mongwe o ne a nkemisa mo mmileng mme a mpotsa gore a ke itse leina la Modimo. Ke ne ke sa le itse, mme e re ka ke ne ke itse gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba siameng, ke ne ka dumela gore a nketele. Ke ne ke na le dipotso malebana le boemo jwa baswi, tse a neng a di araba ka Baebele. Ke ne ka amogela thuto ya Baebele ke sa okaoke, mme dibeke di le pedi morago ga moo ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong.
“Kwa tshimologong morwadiake o ne a le kgatlhanong le seo, mme tsela e ke neng ke itshwere ka yone le e ke neng ke ititeile sehuba ka yone e ne ya fetola boikutlo jwa gagwe. Ke simolotse go ithuta Baebele dikgwedi di le robonngwe tse di fetileng. Gompieno morwadiake le monna wa gagwe ba bolelela Basupi ba ba rekang mo khefing ya bone ka tsela e ba anaanelang ka yone. Nna ke ne ka kolobediwa kwa kopanong nngwe e kgolo mo setadiamong seno.”
▪ Morago ga kopano e e neng e tshwaretswe kwa Roseto degli Abruzzi, molaodi mongwe wa lefelo la go kampa o ne a bolela jaana: “Ke lemogile gore Basupi ba ga Jehofa ba ikanyega thata mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. Mo bekeng e e fetileng, ke ne ke na le ba le 40 ba bone kwa lefelong la me la go kampa, mme ga ba a ka ba baka mathata ape. Se se farologaneng le seo, ke bone fela ba ba tlang kwa go wena go go bolela gore ba na le motho yo mongwe yo ba tla nnang le ene mo kharabeneng kana mo tenteng ya bone. Kafa ke bonang ka teng, ke bone fela batho ba o ka dirisanang le bone sentle.”
▪ Morago ga kopano eo, molaodi wa hotele nngwe o ne a bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa botlhe ba na le kagiso. Ga ba tsose modumo, e bile ba robala ka nako. Tota ba pelonomi, ba a ikanyega e bile ba itshwere sentle. Go ne go tla nna molemo fa mongwe le mongwe a ne a ka tshwana le bone. Batho ba bangwe ba utswa sengwe le sengwe—dilo tse di tsenyang dithunya, diterei tsa disekerete, tota le pampiri e e dirisiwang kwa ntlwaneng le sukiri! Le ka motlha lona ga le a ka lwa dira jalo. Fa bana ba lona ba ya go tsaya di-ice cream mo setsidifatsing maitseboa, ga ke itshwenye ke re ke ya go tlhola se ba se tsereng. Ba bala madi a ba a nkolotang mme ba bo ba tla ka bonako go tla go duela. Ke ba ikanya thata. A bo go tla nna molemo jang ne fa ba bangwe le bone ba ne ba ntse jalo! Ke eletsa e kete baeng ba me botlhe e ne e ka nna Basupi ba ga Jehofa.”
Basupi ba ga Jehofa ba itsege thata kwa Italy, fela jaaka mo dikarolong tse dingwe tse dintsi tsa lefatshe. Ba ‘tshela ka mokgwa o montle mo go Baditšhaba’ mme ka gone ba baka Modimo wa boammaaruri, yo ba ipitsang ka leina la gagwe.—1 Petere 2:12.