LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 3/1 ts. 6-7
  • Tsela e e Botoka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela e e Botoka
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe le le Nang le Mekgwa e Mentle
  • Bongangatlelatumelo—Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Puso e e Tla Rotloetsang Mekgwa ya Bomodimo
    Tsogang!—2003
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Basupi ba ga Jehofa Ba Dumela Eng?
    Basupi ba ga Jehofa Ba Dumela Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 3/1 ts. 6-7

Tsela e e Botoka

BASUPI BA GA JEHOFA ba tshwenngwa ke go senyega ga dilo tsa semoya mo lefatsheng le boitsholo jo bo sa siamang le go sa tlhomama ga bodumedi tse di anameng mo setšhabeng. Ka go bo ba le jalo, ka dinako tse dingwe ba bidiwa bangangatlelatumelo. A mme ke bone? Nnyaa. Lefa gone ba na le ditumelo tsa bodumedi tse di nonofileng, ga se bangangatlelatumelo ka tsela e lereo leo le setseng le dirisiwa ka yone. Ga ba pateletse baeteledipele ba bopolotiki gore ba tsweledise kgopolo nngwe e e rileng, e bile ga ba dirise ditshupetso le bothubaki mo bathong ba ba sa dumalaneng le bone. Ba bone tsela e e botoka. Ba etsa Moeteledipele wa bone, Jesu Keresete.

Basupi ba ga Jehofa ba tlhatswegile pelo gore go na le boammaaruri jwa bodumedi, jo bo fitlhelwang mo Baebeleng. (Johane 8:32; 17:17) Mme Baebele e ruta Bakeresete gore ba nne pelonomi, ba nne molemo, boingotlo le botlhale—e le dinonofo tse di sa tlhokeng gore motho a tseege maikutlo. (Bagalatia 5:22, 23; Bafilipi 4:5) Mo bukeng ya Baebele ya Jakobe, Bakeresete ba kgothalediwa go nna le “botlhale jo bo tswang kwa godimo,” jo bo tlhalosiwang gore bo “simologa bo le boitsheko, foo bo nne kagiso, bo bonolo, bo rapelesege ka bofefo, bo tletse boutlwelobotlhoko le maungo a a molemo.” Jakobe o ne a oketsa jaana: “Loungo lwa tshiamo lo jalwa mo kagisong, lo jalelwa ba ba ratang kagiso.”—Jakobe 3:17, 18.

Basupi ba ga Jehofa ba gakologelwa gore Jesu o ne a amegile thata ka boammaaruri. O ne a bolelela Ponto Pilato jaana: “Ke tsaletswe gone moo, mme ke tletse gone moo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) Le mororo e ne e le mmueledi yo o pelokgale wa boammaaruri, o ne a sa batle go pateletsa ba bangwe ditumelo tsa gagwe. Go na le moo, o ne a ama megopolo le dipelo tsa bone. O ne a itse gore Rraagwe wa legodimo, Modimo yo “o molemo le thokgamo,” o tla bona gore o tla nyeletsa maaka le tshiamololo jang mo lefatsheng le gone leng. (Pesalema 25:8) Ka gone, o ne a sa batle go gatelela ba ba neng ba sa dumalane le ene. Se se farologaneng le seo, e ne e le baeteledipele ba ba gagamaletseng bodumedi ba mo motlheng wa gagwe ba ba neng ba leka go gatelela Jesu.—Johane 19:5, 6.

Basupi ba ga Jehofa ba na le ditumelo tse di nonofileng malebana le dithuto tsa bodumedi, e bile ba bontsha mekgwa e mentle mo kgannyeng ya boitsholo. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, ba tlhatswegile pelo gore go na le “Morena a le mongwe fela, tumelo e le nngwe fela, kolobetso e le nngwe fela.” (Baefeso 4:5) Gape ba itse mafoko ano a ga Jesu: “Kgoro e pitlaganye, tsela le yone e e isang botshelong e tshesane, mme ba ba e bonang ga ba bantsi.” (Mathaio 7:13, 14) Lefa go ntse jalo, ga ba leke go pateletsa ba bangwe gore ba latele ditumelo tsa bone. Go na le moo, ba etsa Paulo mme ba “rapela” botlhe ba ba eletsang gore ba “letlane le Modimo.” (2 Bakorinthe 5:20) Eno ke tsela e e botoka. Ke tsela ya Modimo.

Bongangatlelatumelo, jaaka lefoko leno le dirisiwa gompieno, le farologane. Bangangatlelatumelo ba dirisa maretshwa a le mantsi—go akaretsa le bothubaki—gore ba pateletse setšhaba melao ya bone. Ka go dira jalo, ba dirisiwa thata mo thulaganyong ya bopolotiki. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ga ba a tshwanela go nna “ba lefatshe.” (Johane 15:19; 17:16; Jakobe 4:4) Go dumalana le mafoko ao, Basupi ba ga Jehofa ba boloka thata boitlhaodi jwa bone mo dintweng tsa bopolotiki. Mme, fela jaaka lokwalodikgang lwa Fuoripagina lwa kwa Italy lo bolela, “ga ba pateletse motho ope sepe; mongwe le mongwe o gololesegile go amogela kana go gana se ba se bolelang.” Go felele ka eng? Molaetsa wa Baebele wa kagiso wa Basupi o kgatlhegelwa ke batho ba mefuta yotlhe, tota le ba e kileng ya bo e le bangangatlelatumelo.—Isaia 2:2, 3.

Lefatshe le le Nang le Mekgwa e Mentle

Basupi ba lemoga gore batho ba ka se rarabolole mathata a a amang bangangatlelatumelo. O ka se pateletse motho gore a dumele mo Modimong kana a amogele ditumelo tsa gago ka namana. Ka go akanya gore selo se se ntseng jalo se ka kgonega, go ne ga lere bosetlhogo jo bogolo mo hisitoring, jaaka Batlhabanelatumelo, Dikgotlatshekelo Tse di Kgatlhanong le Boikeodi tsa metlha ya bogare le “go sokololwa” ga Maindia a Amerika. Lefa go ntse jalo, fa o ikanya Modimo, o tla rata go tlogela tsotlhe mo diatleng tsa gagwe.

Baebele e bolelela gore Modimo o lekanyeditse nako ya go dumelela batho go tlola melao ya gagwe mme ka jalo ba dira gore go nne le pogo le kutlobotlhoko. Nako eo e setse e ya bokhutlong. Jesu o setse a busa e le Kgosi mo Bogosing jwa Modimo jwa legodimo, mme go ise go ye kae Bogosi joo bo tla tsaya kgato gore bo tlose dipuso tsa batho bo bo bo busa batho ka malatsi otlhe. (Mathaio 24:3-14; Tshenolo 11:15, 18) Go tla felela ka gore lefatshe lotlhe le nne paradaise e go tla bong go na le kagiso le tshiamo e kgolo gone. Ka nako eo go tla bo go tlhomamisega gore Modimo wa boammaaruri o tshwanetse go obamelwa jang. “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Mekgwa e mentle e e ntseng jalo e e tla nnelang ruri e e jaaka boutlwelobotlhoko, boammaaruri, tshiamiso le molemo e tla nna gone gore batho botlhe ba ba kutlo ba solegelwe molemo.

Mopesalema o ne a bolela jaana ka tsela ya go boka, fa a ne a lebeletse pele kwa motlheng oo: “Boutlwelobotlhoko bo kopanye le boammaaruri; tshiamo e atlanye le kagiso. Boammaaruri bo tswetswena mo lefatsheng; tshiamo le yone e okame e le kwa legodimong. Ee, Jehofa o tlaa aba se se molemo; le lefatshe la rona le tlaa ntsha totafalo ya lone. Tshiamo e tlaa mo etelela pele; mme e tlaa direla dikgato tsa gagwe tsela ya go tsamaya mo go yone.”—Pesalema 85:10-13.

Lefa gone re ka se ka ra fetola lefatshe, rona motho ka bongwe re ka tlhagolela mekgwa e mentle tota le gompieno. Ka gone, re ka leka go nna mofuta wa batho o Modimo o tla o batlang jaaka baobamedi ba gagwe ba mo lefatsheng leo le lesha. Morago ga moo re tla nna fa gare ga bapelonomi ba mopesalema a neng a bua ka bone jaana: “Bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) Modimo o tshegetsa le go segofatsa batho ba ba dirang thato ya gagwe, mme o ba solofetsa dilo tse di molemolemo mo isagweng ya bone. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.”—1 Johane 2:17.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa ba laletsa botlhe gore ba tlwaelane le mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]

Lamp on pages 3, 4, 5, and 6: Printer’s Ornaments/by Carol Belanger Grafton/Dover Publications, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela