Bongangatlelatumelo—Ke Eng?
BONGANGATLELATUMELO bo ne jwa simologa kae? Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bofelo la dingwaga, baithutabomodimo ba ba fetofetogang ba ne ba fetola ditumelo tsa bone gore di akaretse botshwayadiphoso jwa maemo a a kwa godimo jwa Baebele le dikgopolo tsa saense, tse di jaaka thutotlhagelelo. Ka ntlha ya seo, batho ba ne ba se ka ba ikanya Baebele go le kalo kalo. Baeteledipele ba ba tlwaelegileng ba bodumedi kwa United States ba ne ba tsaya kgato ka go tlhoma se se bidiwang metheo ya tumelo.a Kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, ba ne ba gatisa puisano ya metheo eno e le mo metseletseleng ya dibolumo tse di nang le setlhogo se se reng The Fundamentals: A Testimony to the Truth. Lereo le le reng “bongangatlelatumelo” le tswa mo setlhogong seno.
Mo sephatlong sa ntlha sa lekgolo la bo20 la dingwaga, go ne go buiwa thata ka bongangatlelatumelo. Ka sekai, ka 1925, bangangatlelatumelo ba bodumedi ba ne ba isa morutabana yo o neng a bidiwa John Scopes wa Tennessee, U.S.A., kwa kgotlatshekelong ka se kwa morago se neng sa itsiwe e le tsheko ya ga Scopes. O ne a dirile molato ofe? O ne a ruta ka thutotlhagelelo, mme seo se ne se le kgatlhanong le molao wa naga. Mo metlheng eo, batho ba bangwe ba ne ba dumela gore bongangatlelatumelo bo tla tsaya nako e khutshwane fela. Ka 1926, makasine wa Porotesetanta wa Christian Century o ne wa bolela gore bo ne bo le “maaka e bile e se selo sa tlholego” mme “ka kakaretso bo se na dinonofo tsa go atlega ka tsela e e molemo kana go nna nako e telele.” A bo tshekatsheko eo e ne e le phoso jang ne!
Fa e sale ka 1970, ka metlha go ntse go buiwa ka bongangatlelatumelo. Porofesa Miroslav Volf, wa Fuller Theological Seminary, kwa California, U.S.A., o bolela jaana: “Bongangatlelatumelo ga bo a tsaya nako e telele fela, mme gape bo aname.” Gompieno, lefoko le le reng “bongangatlelatumelo” ga le dirisiwe fela mo mekgatlhong ya Porotesetanta mme gape le mo mekgatlhong ya ditumelo tse dingwe, jaaka Bokatoliki, Boiselamo, Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta le Bohindu.
Bo Tsosolositswe Gape mo Metlheng ya Rona
Ke ka ntlha yang fa bongangatlelatumelo bo anama jaana? Batho ba ba bo ithutang, mo letlhakoreng le lengwe, ba bo amanya le go sa tlhomama ga boitsholo le ga bodumedi mo go leng teng mo metlheng ya rona. Bogologolo bontsi jwa batho bo ne bo tshela mo boemong jo bo tlhomameng jwa boitsholo jo bo neng bo theilwe mo ditumelong tsa setso. Gone jaanong ditumelo tse di ntseng jalo di a gwetlhiwa le go ganwa. Batlhalefi ba le bantsi ba tlhomamisa gore ga go na Modimo le gore motho o nosi mo lobopong leno le le se nang botsalano. Baitsesaense ba le bantsi ba ruta gore batho ba nnile gone ka tsela ya go itlhagela fela, e seng ka go bopiwa ke Mmopi yo o lorato. Go na le kgopolo e e sa laolesegeng. Lefatshe le tlhasetswe ke go tlhoka mekgwa e mentle ya boitsholo mo bathong ba maemo otlhe.—2 Timotheo 3:4, 5, 13.
Bangangatlelatumelo ba eletsa ditumelo tsa bogologolo, mme ba bangwe ba gagamalela go dira gore batho le merafe ya bone ba boele gape kwa ba akanyang gore ke metheo ya boitsholo e e siameng le ya dithuto. Ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go pateletsa ba bangwe gore ba tshele go dumalana le molao wa boitsholo o o “tshwanetseng” le go ya ka thulaganyo ya ditumelo. Mongangatlelatumelo o tlhatswegile pelo tota gore o dira dilo sentle fa ba bangwe bone ba le phoso. Porofesa James Barr, mo bukeng ya gagwe ya Fundamentalism, o bolela gore bongangatlelatumelo “gantsi go tsewa e le lereo le le sa kayeng botsalano le le bontshang lonyatso, le le akantshang go sa amogele megopolo e mengwe, go nna tlhogoethata, go thibela kitso gore e se ka ya anama le go nna tlhaolele.”
E re ka go se na ope yo o ratang go twe ga a amogele megopolo e mengwe, o tlhogoethata, kana o rata tlhaolele, ga se botlhe ba ba dumelang gore mongangatlelatumelo ke mang le gore ga se mang. Lefa go ntse jalo, go na le dikarolo dingwe tse di tlhaolang bongangatlelatumelo jwa bodumedi.
Go Tlhaola Mongangatlelatumelo
Bongangatlelatumelo jwa bodumedi gantsi ke go leka go boloka se go dumelwang gore dingwao tsa kwa tshimologong kana ditumelo tsa bodumedi tsa setso le go ganetsa se se tlhaloganngwang e le moya wa lefatshe leno. Seo ga se reye gore bangangatlelatumelo ba ganetsa sengwe le sengwe sa segompieno. Ba bangwe ba dirisa tsela ya puisano ya segompieno ka katlego tota gore ba tsweledise kgopolo ya bone. Mme ba lwa kgatlhanong le go sokololela batho mo dilong tsa lefatshe.b
Bangangatlelatumelo bangwe ga ba iketleetsa fela go ipolokela dithuto dingwe tsa setso kana tsela ya go tshela mme gape le go di tsenya mo go ba bangwe, go fetola dithulaganyo tsa batho gore di dumalane le ditumelo tsa bangangatlelatumelo. Ka gone, mongangatlelatumelo wa Mokatoliki a ka se gane go senngwa ga mpa fela. A ka nna a gatelela batlhomamelao ba naga ya gagwe gore ba tsenye melao e e thibelang go senya mpa. Lokwalodikgang lwa La Repubblica kwa Poland lo bolela gore, e le gore go nne le molao o o thibelang go senya mpa, Kereke ya Katoliki e ne ya kgaratlhela “‘ntwa’ e e neng ya anamisa maatla otlhe a yone le tlhotlheletso.” Ka go dira jalo, baeteledipele ba kereke ba ne ba dira fela jaaka bangangatlelatumelo. Mokgatlho wa Christian Coalition wa Porotesetanta kwa United States o lwa “dintwa” tse di tshwanang.
Thatathata bangangatlelatumelo ba tlhaolwa ka go kgomarela thata ditumelo tsa bone tsa bodumedi. Ka gone, mongangatlelatumelo wa Moporotesetanta o tla nna mmueledi yo o tlhatswegileng pelo wa thanolo ya Baebele e go dumelwang sengwe mo go yone jaaka se ntse, gongwe go akaretsa le tumelo ya gore lefatshe le bopilwe mo malatsing a le marataro a mmatota. Mongangatlelatumelo wa Mokatoliki o dumela gore mopapa ga a phoso.
Go a utlwala go bo lereo la “bongangatlelatumelo” le dira gore motho a akanye ka go tseega maikutlo mo go sa tlhokegeng le lebaka la go bo ba e seng bangangatlelatumelo ba tshwenyega fa ba bona bongangatlelatumelo bo anama jaana. Jaaka batho ka bongwe, re ka nna ra se ka ra dumalana le bangangatlelatumelo mme re bo re tshosiwa ke maretshwa a bone a bopolotiki mme ka dinako tse dingwe le ditiro tsa bone tse di setlhogo. Eleruri, bangangatlelatumelo ba bodumedi bo le bongwe fela ba ka tshosiwa ke ditiro tsa bangangatlelatumelo ba bodumedi jo bongwe! Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba akanyang sentle ba tshwenngwa ke dilo tse di dirang gore bongangatlelatumelo bo aname—go repa ga boitsholo mo go ntseng go oketsega, go fela ga tumelo le go gana dilo tsa semoya mo setšhabeng sa segompieno.
A bongangatlelatumelo ke jone fela jo bo ka baakanyang mekgwa eno? Fa go se jalo, ke eng se sengwe se se ka thusang?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Se go tweng ke Dintlha di le Tlhano tsa Bongangatlelatumelo, tse di tlhalositsweng ka 1895, e ne e le “(1) tlhotlheletso e e feletseng le phoso ya Lokwalo; (2) go nna modimo ga ga Jesu Keresete; (3) go tsalwa ga ga Keresete ke lekgarebane; (4) tetlanyo e e fetotsweng ya ga Keresete mo sefapaanong; (5) go tsosiwa ga mmele le go tla ga bobedi ga ga Keresete mo lefatsheng ka namana e bile a le mo nameng.”—Studi di teologia (Dipatlisiso Tsa Thutabomodimo).
b “Go sokololela batho mo dilong tsa lefatshe” go raya go gatelela dilo tsa lefatshe mo bathong, tse di ganetsanang le tsa semoya kana tse di boitshepo. Dilo tsa lefatshe ga di amane le bodumedi kana ditumelo tsa bodumedi.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Ka 1926 makasine wa Porotesetanta o ne wa tlhalosa bongangatlelatumelo e le “maaka e bile e se selo sa tlholego” mme “ka kakaretso bo se na dinonofo tsa go atlega ka tsela e e molemo kana go nna nako e telele”