Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa
Go Bonela Isake Mosadi
MONNA mongwe yo o godileng o ne a dutse gaufi le sediba a lapile. Ene le balebeledi ba gagwe le dikamele tsa bone tse di lesome ba ne ba tsamaile go tloga fela kwa Beeresheba go ya kwa bokone jwa Mesopotamia—sekgala se se fetang dikilometara di le 800.a Ka jaanong ba ne ba fitlhile kwa ba yang, motsamai yo o lapileng yono o ne a ikhutsa go akanya ka tiro ya gagwe e e bokete. Monna yono e ne e le mang, mme ke ka ntlha yang fa a ne a tshwanetse go tsaya loeto lono lo lo lapisang?
Monna yono e ne e le motlhanka wa ga Aberehame, “mogolwane wa ntlo ya gagwe.” (Genesise 24:2) Lefa mono a sa umakiwa ka leina, e ka tswa e ne e le Eliesere yo ka nako nngwe Aberahame a neng a mo kaya e le ‘yo o tsaletsweng mo ntlong ya gagwe’ yo o neng a bua ka ene e le yo o tlileng go nna ‘moja boswa jwa gagwe.’ (Genesise 15:2, 3) Gone mme, ke ka nako ya fa Aberahame le Sara ba ne ba sena bana. Jaanong morwa wa bone Isake, o ne a na le dingwaga di le 40, mme lefa Eliesere a ne a sa tlhole e le moja boswa jwa ga Aberahame, o ne a santse a le motlhanka wa gagwe. Ka jalo, o ne a dumela fa Aberahame a mo kopa go mo direla tiro eno. E ne e le efe?
Tiro e e Gwetlhang
Mo motlheng wa ga Aberahame lenyalo le ne le sa ame fela lelapa mme gape le ne le ama le morafe otlhe kana setšhaba sotlhe sa ditlhogo tsa lotso. Ka jalo e ne e le tlwaelo gore batsadi ba tlhophele bana ba bone balekane. Lefa go ntse jalo, fa Aberahame a ne a senkela Isake mosadi, o ne a lebane le tshwetso e e masisi. O ne a ka se nyalane le Bakanana ba mekgwa ya bone e neng e sa siama. (Duteronome 18:9-12) Mme ka gonne e ne e le tlwaelo gore monna a nyale mo morafeng wa gaabo, balosika lwa ga Aberahame ba ne ba nna dikilometara di le makgolokgolo kgakala le bone kwa bokone jwa Mesopotamia. O ne a ka se letle Isake fela a nyala moo gonne Jehofa o ne a solofeditse Aberahame jaana: “Lefatshe le, ke tlaa le naya losika lwa gago,” lefatshe la Kanana. (Genesise 24:7, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka gone, Aberahame o ne a raya Eliesere jaana: “Ya kwa lefatsheng la gaetsho, le kwa go ba e leng ba gaetsho, o ya go tseisa morwaake Isake mosadi gone.”—Genesise 24:4.
Morago ga go wetsa loeto lo loleele, Eliesere o ne a ikhutsa gaufi le sediba fa a ntse a akanya ka tiro eno ya gagwe. O ne a lemoga gore mo nakong e e sa fediseng pelo basadi ba ne ba tla tla go ga metsi a a neng a tla dirisiwa bosigong joo. Ka jalo a lopa Jehofa jaana: “Morweetsana yo ke tlaa mo rayang ke re: ‘Ke a go rapela, a ko o sekege nkgwana ya gago gore ke nwe,’ mme fa a tlaa re: ‘Nwa, le dikamela tsa gago ke tla di nosa,’ ene yoo, e nne ene yo o mo laoletseng motlhanka wa gago Isake; ke tlaa bo ke itse ka mo fa o supeditse mongwake pelonomi.”—Genesise 24:14.
Ya re a sa ntse a rapela, morweetsana wa maratagolejwa yo o bidiwang Rebeka a atamela. Eliesere o ne a re go ene: “Ke a go rapela, a ko o nnose metsinyana mo nkgwaneng ya gago.” Rebeka a dira jalo, mme a re: “Le dikamela tsa gago ke tlaa di gelelela di tsamaye di sweditse go nwa.” Seno e ne e le go intsha setlhabelo tota ka gonne kamele e e nyorilweng e ka nwa dilitara di ka nna 95 tsa metsi mo metsotsong e le lesome fela! E ka ne dikamela tsa ga Eliesere di ne di nyorilwe go le kalo kana nnyaa, Rebeka o tshwanetse a bo a ne a itse gore tiro e a e itlhophetseng go e dira eno ke e e lapisang mo go maswe. Eleruri, “a akofa a tshela a nkgwana mo mokorong, a sianela gape kwa sedibeng go ga, a gelelela dikamela tsotlhe tsa gagwe.”—Genesise 24:15-20.
Ka a ne a setse a bone kaelo ya ga Jehofa, Eliesere a naya Rebeka lenyena la nko la gouta le maseka a le mabedi a gouta tsa tlhwatlhwa e e kana ka R6100 ka madi a gompieno. Fa Rebeka a mmolelela gore ke setlogolwana sa ga Nahore, morwarraagwe Aberehame, Eliesere a rapela Modimo go mo leboga. O ne a re: “Jehofa o nkgogetse mo tseleng e e tlang mo ntlong ya bana ba ga rraagwe mongwake.” (Genesise 24:22-27) Eliesere o ne a leriwa mo lelapeng la gaabo Rebeka. Kgabagare, Rebeka o ne a nna mosadi wa ga Isake, mme o ne a nna le tshono ya go nna mmèmogologolwane wa ga Mesia, Jesu.
Se re Ithutang Sone
Jehofa o ne a segofatsa matsapa a ga Eliesere a go rapela gore a bonele Isake molekane yo o boifang Modimo. Mme fela, gakologelwa gore lenyalo la ga Isake le ne le amana ka tlhamalalo le maikaelelo a Modimo malebana le go tlhagisa losika ka Aberahame. Ka jalo, kgang eno ga ya tshwanela go re dira gore re swetse ka gore mongwe le mongwe yo o rapelang gore a bone molekane o tla mo neelwa ka kgakgamatso fela. Go ntse go le jalo, fa re latela melaometheo ya ga Jehofa, o tla re nonotsha gore re itshokele dikgwetlho dipe fela mo botshelong—jwa lenyalo kana jwa go nna o sa nyala.—1 Bakorinthe 7:8, 9, 28; bapisa Bafilipi 4:11-13.
Eliesere o ne a tshwanela go tsaya matsapa a a tseneletseng gore a dire dilo ka tsela ya ga Jehofa. Le rona ka mo go tshwanang, re ka fitlhela gore go dumalana le melao ya ga Jehofa ga se ka gale go leng motlhofo. Ka sekai, go ka nna bokete go bona tiro e e sa kgoreletseng ditiro tsa bolegodimo, molekane yo o boifang Modimo, ditsala tse di agang le boitlosobodutu jo bo siameng. (Mathaio 6:33; 1 Bakorinthe 7:39; 15:33; Baefeso 4:17-19) Lefa go ntse jalo, Jehofa o tla nonotsha ba ba sa ineeleleng go tlola melaometheo ya Baebele. Baebele e solofetsa jaana: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa re akanya ka lobelo lwa dikamele, go tshwanetse ga bo go ba tsere malatsi a feta 25 go konosetsa loeto lono.