LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 1/1 ts. 26-29
  • A re Ileng se se Bosula

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A re Ileng se se Bosula
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boloka Phuthego e le Phepa
  • Ditlamorago Tse di sa Kgoneng go Tilwa
  • Fa Mokeresete yo o Ineetseng a Leofa
  • Go Tweng ka Motho yo o Sotlang Bana ka go Tlhakanela Dikobo Nabo?
  • Go Farologanya Bokoa, Boikepo, le Boikwatlhao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Jehofa O Itshwarela ka Botlalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Amogela Kotlhao ya ga Jehofa ka Metlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A o Leofetse Moya o o Boitshepo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 1/1 ts. 26-29

A re Ileng se se Bosula

JEHOFA ke Modimo yo o boitshepo. Mo metlheng ya bogologolo e ne e le “Moitshepi wa Iseraele,” mme ka ntlha ya seo o ne a batla gore Iseraele a nne phepa, a se na selabe. (Pesalema 89:18) O ne a raya batho ba gagwe ba a ba tlhophileng a re: “Lo nneng boitshepo gonne nna ke boitshepo.” (Lefitiko 11:45) Lefa e le mang yo o neng a batla ‘go tlhatlogela mo thabaneng ya ga Jehofa’ o ne a tshwanetse gore e nne “yo o diatla dintle le pelo e e itshekileng.” (Pesalema 24:3, 4) Seo se ne se raya se se fetang fela go tila ditiro tsa boleo. Go ne go kaya “go ila bosula.”—Diane 8:13.

Jehofa ka lorato o ile a tlhoma melao e e itlhalosang sentle gore setšhaba sa Iseraele se tle se kgone go lemoga le go tila go dira bosula. (Baroma 7:7, 12) Melao eno e ne e akaretsa dikaelo tse di gagametseng tse di malebana le boitsholo. Boaka, ditiro tsa bosotoma, go tlhakanela dikobo le wa losika, le go kopana le diphologolo, gotlhe go ne go tsewa e le dilo tse di seng boitshepo tse di leswefatsang mo semoyeng. (Lefitiko 18:23; 20:10-17) Batho ba ba neng ba dira dilo tse di maswe tseno ba ne ba nyelediwa mo setšhabeng sa Iseraele.

Fa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e nna “Iseraele wa Modimo,” le bone ba ne ba tlhomelwa melao e e ntseng jalo. (Bagalatia 6:16) Bakeresete le bone ba ne ba tshwanetse go ‘ila se se bosula.’ (Baroma 12:9) Mafoko ano a ga Jehofa go Iseraele a ne a dira le mo go bone: “Lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo.” (1 Petere 1:15, 16) Ditiro tse di seng boitshepo tse di tshwanang le kgokafalo, boaka, ditiro tsa bosotoma, go kopana le diphologolo le go tlhakanela dikobo le wa losika di ne di sa tshwanela go senya phuthego ya Bokeresete. Ba ba ganang go tlogela go dira dilo tse di ntseng jalo ba ne ba se kitla ba tsena mo Bogosing jwa Modimo. (Baroma 1:26, 27; 2:22; 1 Bakorinthe 6:9, 10; Bahebere 13:4) Mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ yone melao eo e santse e dira mo go ba “dinku di sele.” (2 Timotheo 3:1; Johane 10:16) Ka ntlha ya seo, Bakeresete ba ba tloditsweng le ba dinku di sele ba dira setlhopha sa batho ba ba itshekileng le ba ba phepa, ba ba kgonang go ipitsa ka leina la Modimo wa bone e le Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:10.

Go Boloka Phuthego e le Phepa

Go farologana le seo, lefatshe le mpampetsa mefuta yotlhe ya boitsholo jo bo sa siamang. Le mororo Bakeresete ba boammaaruri ba farologane, ga ba tshwanela go lebala gore ba le bantsi ba ba direlang Jehofa gone jaanong ba kile ba bo ba le kwa lefatsheng. Go na le ba le bantsi ba pele ga ba itse Modimo wa rona yo o boitshepo, ba neng ba sa bone lebaka la go bo ba sa tshwanela go kgotsofatsa dikeletso tsa nama ya bone e e sa itekanelang, ba bidikama mo ‘tlhapelong e e feteletseng.’ (1 Petere 4:4) Fa moaposetoloi Paulo a sena go tlhalosa ditiro tse di maswe tsa batho ba ba bosula ba ditšhaba, o ne a bolela jaana: “Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo.” Lefa go ntse jalo, o ne a tswelela pele a bolela jaana: “Mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.”—1 Bakorinthe 6:11.

A bo e le mafoko a a gomotsang jang ne! Le fa e le eng se motho a kileng a se dira pelenyana mo botshelong jwa gagwe, o a fetoga fa mafoko a a molemo a a galalelang ka ga Keresete a ama pelo ya gagwe. O a dumela mme a bo a ineela mo go Jehofa Modimo. Go tloga ka nako eo, o tshela botshelo jwa boitsholo jo bo phepa, bo bo tlhapisitsweng mo matlhong a Modimo. (Bahebere 9:14) O itshwarelwa boleo jo a bo dirileng mo nakong e e fetileng mme a ka kgona go ‘gagamalela dilo tse di kwa pele.’a—Bafilipi 3:13, 14; Baroma 4:7, 8.

Jehofa o ne a itshwarela Dafite yo o neng a ikwatlhaya ka ntlha ya go bolaya le go dira boaka mme O ne a itshwarela Manase yo o neng a ikwatlhaya ka ntlha ya kobamelo ya medimo ya disetwa ya boitsholo jo bo maswe le go bo a ne a tsholotse madi a le mantsi. (2 Samuele 12:9, 13; 2 Ditirafalo 33:2-6, 10-13) Re ka leboga tota go bo a ikaeletse go re itshwarela le rona fa re ikwatlhaya re bo re mo atamela ka tlhoafalo le ka boikokobetso. Lefa go ntse jalo, le mororo Jehofa a ne a itshwarela Dafite le Manase, banna ba babedi bano—le Iseraele mmogo le bone—ba ne ba tshwanetse ba tshele ka ditlamorago tsa boleo jwa bone. (2 Samuele 12:11, 12; Jeremia 15:3-5) Ka tsela e tshwanang, lefa gone Jehofa a itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang, go ka nna ga bo go na le ditlamorago tsa ditiro tsa bone tse di sa kgoneng go tilwa.

Ditlamorago Tse di sa Kgoneng go Tilwa

Ka sekai, monna yo o tshelang botshelo jwa go itlhapedisa ka boitsholo jo bo sa siamang mme a bo a nna le AIDS a ka nna a amogela boammaaruri mme a bo a fetola botshelo jwa gagwe go fitlha mo e leng gore a bo a ineele le go kolobediwa. Jaanong ke Mokeresete yo o phepa mo semoyeng yo o nang le botsalano le Modimo le tsholofelo e e itumedisang ka isagwe; mme o santse a na le AIDS. Kgabagare a ka nna a swa ka ntlha ya bolwetse joo, e le ditlamorago tse di botlhoko tsa boitshwaro jwa gagwe jwa nako e e fetileng mme e le tse a sa kgoneng go di tila. Mo Bakereseteng ba bangwe ditlamorago tsa boitsholo jo bo maswe thata di ka nna tsa nna tsa ba tshwenya ka ditsela tse dingwe. Ba ka nna ba tshwanela gore ba lwantshane le dikeletso tsa nama ya bone tsa go batla go boela mo mokgweng wa pele wa go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang dingwaga tse dintsi fa ba sena go kolobediwa, gongwe le e leng nako yotlhe ya fa ba santse ba tshela mo tsamaisong eno ya dilo. Ka thuso ya moya wa ga Jehofa, ba le bantsi ba ile ba kgona go di lwantsha. Mme ba tshwanetse gore ba nne ba lwe ka metlha.—Bagalatia 5:16, 17.

Batho ba ba ntseng jalo ga ba leofe fa fela ba laola dikeletso tsa bone. Mme fa e le banna ba ka nna ba swetsa ka botlhale gore ba se ka ba “senka” go nna le maikarabelo mo phuthegong fa ba santse ba lwantshana le maikutlo a a nonofileng a a tlhotlheletsang a nama. (1 Timotheo 3:1) Ka ntlha yang? Ka gonne ba itse gore phuthego e ikanya bagolwane go le kana kang. (Isaia 32:1, 2; Bahebere 13:17) Ba lemoga gore go buiwa le bagolwane ka dikgang tse dintsi tsa botho tse di kwa teng mme ba tshwanetse go dirisana le maemo a a masisi. E tla bo e se selo se se lorato e bile ga go botlhale, tota e bile ga go utlwale gore motho yo o nnang a ntse a lwa ntwa kgatlhanong le dikeletso tse di seng phepa tsa nama a dire ka natla go tshwanelegela boemo jo bo ntseng jalo jwa maikarabelo.—Diane 14:16; Johane 15:12, 13; Baroma 12:1.

Mo mothong yo o neng a sotla bana pele ka go tlhakanela dikobo le bone pele ga a kolobediwa, go ka nna ga bo go na le ditlamorago tse dingwe. Fa a ithuta boammaaruri, o a ikwatlhaya a bo a fetoga, a sa tle le boleo jo bo setlhogo joo mo phuthegong. Morago ga foo a ka nna a gatela pele, a fenya dikeletso tsa gagwe tse di phoso gotlhelele, tota a bo a rata go “senka” boemo bongwe jwa boikarabelo mo phuthegong. Go tweng he, fa e le gore o santse a tshwanetse gore a tlose leina le le maswe le a nang le lone mo tikologong la gore e ne e le motho yo o neng a sotla bana ka go tlhakanela dikobo le bone pele? A o tla nna motho yo “o se nang se a ka tshwaiwang phoso ka sone, . . . [a] nna le tshupo e e molemomogolo go tswa mo bathong ba ba ka kwa ntle”? (1 Timotheo 3:1-7, 10, NW; Tito 1:7) Nnyaa, o ne a tla bo a sa nna jalo. Ka jalo, a ka se ka a tshwanelegela ditshiamelo tsa phuthego.

Fa Mokeresete yo o Ineetseng a Leofa

Jehofa o tlhaloganya gore re bokoa le gore tota le morago ga go kolobediwa re ka nna ra wela mo boleong. Moaposetoloi Johane o ne a kwalela Bakeresete ba motlha wa gagwe jaana: “Dilo tse ke a di lo kwalela, gore lo tle lo se ka lwa leofa. Mme fa motho mongwe a leofa re na le Mmueledi kwa go Rara, e bong mosiami Jesu Keresete. Ke ene seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona; e be e se sa [tsa] rona tsosi fela, mme le gone e le sa tsa lefatshe lotlhe.” (1 Johane 2:1, 2) Ee, mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu, Jehofa o tla itshwarela Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba ba welang mo boleong—fa ka boammaaruri ba ikwatlhaya mme ba tlogela ditsela tsa bone tse di sa siamang.

Sekai sa seno se bonwa mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Korinthe. Moaposetoloi Paulo o ne a utlwa ka kgang ya go dira boaka le wa losika mo phuthegong e e neng e sa tswa go tlhomiwa eo, mme o ne a laela gore monna yoo a kgaolwe. Moragonyana, moleofi yono o ne a ikwatlhaya mme Paulo a kgothaletsa phuthego gore e mo busetse. (1 Bakorinthe 5:1, 13; 2 Bakorinthe 2:5-9) Ka jalo, ka maatla a a thusang a bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa le tlhwatlhwa e kgolo ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, boleo jwa monna yoo bo ne jwa tlhatswiwa. Go ka nna ga direga dilo tse di tshwanang le gompieno. Lefa go ntse jalo, selo se sengwe ke gore, tota le fa motho yo o kolobeditsweng yo o dirileng boleo jo bo masisi a ikwatlhaya a bo a itshwarelwa mo matlhong a ga Jehofa, go ka nna ga bo go santse go na le ditlamorago tse di nnang teng tsa boleo jwa gagwe.—Diane 10:16, 17; Bagalatia 6:7.

Ka sekai, fa mosetsana mongwe yo o ineetseng a dira boaka, a ka nna a ikwatlhaela ditiro tsa gagwe thata mme kgabagare a ba a busediwa mo seemong se se itekanetseng sa semoya a thusiwa ke phuthego. Mme go tweng fa a ka ima ka ntlha ya boitsholo jwa gagwe jo bo sa siamang? He botshelo jwa gagwe bo tla bo bo fetogile ka tsela e a sa kgoneng go dira sepe ka gone ka ntlha ya se a se dirileng. Monna yo o dirileng boaka a ka nna a ikwatlhaya mme a bo a sa kgaolwe. Mme molekane wa gagwe yo o ikanyegang o na le mabaka a Dikwalo a go mo tlhala, e bile a ka nna a tlhopha go dira jalo. (Mathaio 19:9) Fa a mo tlhala, monna yono, le mororo Jehofa a mo itshwaretse, o tla tshela botshelo jotlhe jwa gagwe ka ditlamorago tse di masisi tseno tsa boleo jwa gagwe.—1 Johane 1:9.

Go tweng ka monna yo ka go tlhoka lorato a tlhalang mosadi wa gagwe a bo a ya go nyala mosadi yo mongwe? Gongwe kgabagare o tla ikwatlhaya a bo a busediwa mo phuthegong. Fa dingwaga di ntse di tsamaya a ka nna a gatela pele a bo a ‘gagamalela kwa boitekanelong.’ (Bahebere 6:1) Mme fa fela mosadi wa gagwe wa ntlha a santse a nna a sena molekane, a ka se ka a tshwanelega go direla mo boemong jwa go nna le boikarabelo mo phuthegong. Ga se “monna yo o mosadi mongwe fela” ka gonne o ne a sena mabaka ape a Dikwalo a go tlhala mosadi wa gagwe wa ntlha.—1 Timotheo 3:2, 12.

A ano ga se mabaka a a nonofileng a go bo Mokeresete a tshwanetse go leka go ila bosula?

Go Tweng ka Motho yo o Sotlang Bana ka go Tlhakanela Dikobo Nabo?

Go tweng fa Mokeresete yo o kolobeditsweng wa mogodi a sotla ngwana ka go tlhakanela dikobo nae? A moleofi yono o bosula thata jaana mo e leng gore le ka motlha Jehofa a ka se ka a mo itshwarela? Ga go a nna jalo tota. Jesu o ne a re go ‘tlhapatsa Mowa o o Boitshepo’ ke selo se se ka se kang sa itshwarelwa. Mme Paulo o ne a bolela gore ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa dibe mo mothong yo o tlwaelang go dira boleo ka boomo lefa a itse boammaaruri. (Luke 12:10; Bahebere 10:26, 27, NW) Mme ga go na gope koo Baebele e bolelang gore fa mogodi mongwe wa Mokeresete a sotla ngwana ka go tlhakanela dikobo nae—e ka tswa e le wa losika kana o sele—a ka se ka a itshwarelwa. Eleruri, maleo a gagwe a ka kgona go tlosiwa gotlhelele fa a ikwatlhaya ka boammaaruri go tswa mo pelong a bo a fetola boitshwaro jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, o santse a tla tshwanela ke gore a lwe le dikeletso tse di sa siamang tsa nama tse a ileng a di tlhagolela. (Baefeso 1:7) Mme go ka nna ga bo go na le ditlamorago tse a sa kgoneng go di tila.

Go ikaegile ka molao wa naga e a nnang kwa go yone, motho yo o sotlang bana yono a ka nna a tshwanela gore a ye kgolegong ka sebaka se se rileng kana a lebane le dithibelo dingwe tse Puso e tla di mo beelang. Phuthego ga e kitla e mo sireletsa mo dilong tseno. Mo godimo ga moo, monna yoo o itshupile a na le bokoa jo bo masisi jo go tloga jaanong bo tshwanetseng jwa akanyediwa. Fa go bonala a ikwatlhaya, o tla kgothadiwa gore a gatele pele mo semoyeng, a nne le seabe mo tirelong ya tshimo, tota le go nna le seabe mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le mo dikarolong tse dingwe tse a sa ruteng mo go tsone mo Pokanong ya Tirelo. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore o tla tshwanelegela go direla mo boemong bongwe jwa boikarabelo mo phuthegong. Mabaka a Dikwalo ke eng malebana le seno?

Mangwe a mabaka ke gore, mogolwane o tshwanetse a bo “a na le go ikgapa.” (Tito 1:8) Ke boammaaruri gore ga go na ope wa rona yo o kgonang go ikgapa ka mo go feletseng. (Baroma 7:21-25) Mme Mokeresete yo o ineetseng yo o godileng yo o welang mo boleong jwa go sotla ngwana ka go tlhakanela dikobo nae o supa bokoa jwa nama jo e seng jwa tlholego. Boitemogelo bo bontshitse gore mogolo yo o ntseng jalo a ka nna a sotla bana ba bangwe ka tsela e e tshwanang. Gone ke boammaaruri gore ga se motho mongwe le mongwe yo o sotlang bana yo o boeletsang boleo jwa gagwe, mme ba le bantsi ba a go dira. Mme phuthego e ka se ka ya bala dipelo go bolela gore ke mang yo o tla sotlang bana gape le gore ke mang yo o se kitlang a go dira. (Jeremia 17:9) Ka jalo, kgakololo e Paulo a neng a e neela Timotheo e dira ka tsela e e kgethegileng mo kgannyeng ya bagolo ba ba kolobeditsweng ba ba neng ba sotla bana: “O se ka wa beela motho ope diatla ka potlako, le gone o se ka wa tlhakanela le batho ba bangwe dibe tsa bone.” (1 Timotheo 5:22) Go sireletsa bana ba rona, monna yo go itsegeng gore o kile a sotla ngwana ga a tshwanelegele boemo jwa boikarabelo mo phuthegong. Mo godimo ga moo, a ka se ka a nna mmulatsela kana a direla mo tirelong epe fela e e kgethegileng ya nako e e tletseng.—Bapisa molaomotheo o o mo go Ekesodo 21:28, 29.

Bangwe ba ka nna ba botsa gore, ‘A batho ba bangwe ga ba a dira mefuta e mengwe ya boleo mme go bo go bonala fa ba ikwatlhaile, go ise go ye kae ba bo ba boeletsa gape boleo jwa bone?’ Ee, seo se kile sa diragala, mme go na le mabaka a mangwe a a tshwanetseng go akanyediwa. Ka sekai, fa motho mongwe a leka ditsela tsa boitsholo jo bo sa siamang mo mogoding yo mongwe, mogodi yoo o tshwanetse a kgona go lwantsha maiteko a a a dirang. Go motlhofo go tsietsa bana, go ba tlhakanya tlhogo kana go ba tshosetsa. Baebele e bua ka go tlhoka botlhale ga bana. (Diane 22:15; 1 Bakorinthe 13:11) Jesu o ne a dirisa bana jaaka sekai sa boikokobetso jwa go tlhoka molato. (Mathaio 18:4; Luke 18:16, 17) Go tlhoka molato ga ngwana go akaretsa go tlhoka boitemogelo gotlhelele. Bontsi jwa bana ba rata batho, ba batla go ba itumedisa mme ka ntlha ya seo go motlhofo gore ba sotliwe ke mogolo yo o logang maano yo ba mo itseng le go mo ikanya. Ka jalo, phuthego e na le boikarabelo mo pele ga Jehofa go sireletsa bana ba yone.

Bana ba ba thapisitsweng sentle ba ithuta go utlwa le go tlotla batsadi ba bone, bagolwane le bagolo ba bangwe. (Baefeso 6:1, 2; 1 Timotheo 5:1, 2; Bahebere 13:7) E tla bo e le bosula jo bo garolang pelo fa mongwe wa bagolo bano ba ka dirisa go sa itse le go ba ikanya ga ngwana go mo raela kana go mo pateletsa go ineela mo ditirong tsa tlhakanelodikobo. Batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ka tsela eno gantsi ba tsaya dingwaga tse dintsi gore ba fenye tlalelo ya maikutlo e e nnang gone ka ntlha ya seno. Ka jalo, phuthego e tla otlhaya motho yo o sotlang bana jalo ka tsela e e botlhoko le go mmeela dithibelo. Ga go a tshwanela gore go akanngwe ka boemo jwa gagwe mme go na le moo, go akanngwe ka bophepa jo bo senang selabe jwa phuthego.—1 Bakorinthe 5:6; 2 Petere 3:14.

Fa motho yo o sotlang bana a ikwatlhaya ka boammaaruri, o tla lemoga gore go botlhale gore a dirise melaometheo ya Baebele. Fa a ithuta ka boammaaruri go ila bosula, o tla ila se a se dirileng mme a bo a lwanela gore a se ka a boeletsa boleo jwa gagwe. (Diane 8:13; Baroma 12:9) Mo godimo ga moo, tota o tla leboga Jehofa ka ntlha ya bogolo jwa lorato lwa gagwe, leo ka ntlha ya lone moleofi yo o ikwatlhayang, yo o tshwanang le ene a santseng a ka kgona go obamela Modimo wa rona yo o boitshepo mme a ka solofela go nna fa gare ga “bathokgami” ba ba tla agang mo lefatsheng ka bosakhutleng.—Diane 2:21.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 1996.

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

Lefa Jehofa a itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang, go ka nna ga bo go na le ditlamorago tsa ditiro tsa bone tse di sa kakeng tsa tilwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela