Ke Mang Yo re Ka Mmonang Molato ka Ntwa?
AMODIMO o ka bonwa molato ka dintwa tse di lolweng ke batho? “Nnyaa, Modimo ga a batle ntwa.” Ke tsela e Martin Niemöller, moruti yo o tumileng thata wa Porotesetanta wa Mojeremane, a neng a araba potso eno ka yone ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Dikakgelo tsa gagwe di ne tsa gatisiwa ka 1946 mo bukeng e e bidiwang Ach Gott vom Himmel sieh darein—Sechs Predigten (Oo Modimo, Leba o le Kwa Legodimong—Dithero Tse Thataro). Buka eno e bolela jaana:
“Ope fela yo o batlang go bona Modimo molato ka [dintwa] ga a itse Lefoko la Modimo, kana ga a batle go le itse. Legale, ke kgang e nngwe gore jaaka Bakeresete a ke rona re ka bonwang molato o mogolo ka ntlha ya dintwa tseno tse di sa feleng kana nnyaa. Mme re ka se kgone go tila kgang eno motlhofo fela. . . . Gape go ka gakologelwa sentle gore ke dikereke tsa Bokeresete tse gangwe le gape di neng tsa segofatsa dintwa, masole le dibetsa mo dingwageng tsotlhe, tsa bo tsa rapela ka tsela e e seng ya Bokeresete gore go bolawe baba ba bone mo ntweng. Seno sotlhe ke phoso ya rona e bile ke phoso ya bagologolwane ba rona, mme le ka motlha re ka se bone Modimo molato ka seno. Mme rona Bakeresete ba gompieno re ikutlwa re tlhabiwa ke ditlhong go ema fa pele ga setlhopha se go tweng ke sa Baithuti ba Baebele ba ba Tlhagafetseng [Basupi ba ga Jehofa], bao ba neng ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisego ba le makgolokgolo le diketekete [tota] le gone go swa ka ntlha ya go gana tirelo ya sesole mo ntweng le go gana go bolaya batho.”
Gompieno, mo e ka nnang dingwaga tse 50 morago ga Ntwa ya Lefatshe II, mafoko a ga Niemöller a dira gore batho ba ba ratang kagiso ba akanyetse seno ka kelotlhoko. Nnyaa, ga re a tshwanela go bona Modimo molato ka go bo go na le tshololo ya madi mo ditšhabeng! Eleruri, ka baobamedi ba gagwe ba boammaaruri, ba ba sa itshunyeng nko mo dintweng tsa lefatshe, Modimo o bolela gore o tla fedisa dintwa tsotlhe mo bogautshwaneng.—Pesalema 46:9; Johane 17:16.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
USAF photo