LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 12/1 ts. 29-31
  • “Gakologelwa Metlha e e Fetileng”—Ka Ntlha Yang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Gakologelwa Metlha e e Fetileng”—Ka Ntlha Yang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhotlheletso le Kgothatso
  • Go Ithuta ka Diphoso Tsa Nako e e Fetileng
  • Go Nna Bori le go Leboga
  • O se Ka wa Lebala Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Buka ya Bibela ya bo 5—Duteronome
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • O ka Kgona go Tokafatsa Tsela e o Gakologelwang Dilo ka Yone
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • O se Ka wa Lapa mo Lobelong Lwa Botshelo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 12/1 ts. 29-31

“Gakologelwa Metlha e e Fetileng”—Ka Ntlha Yang?

“GAKOLOGELWA metlha e e fetileng.” Tlhagiso eno ya ga moaposetoloi Paulo, e e kwadilweng mo e ka nnang ka 61 C.E., e ne e kwaletswe Bakeresete ba Bahebera kwa Jutea. (Bahebere 10:32, The New English Bible) Ke eng se se neng sa dira gore a bue jalo? Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega gore baobamedi bao ba ga Jehofa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba se ka ba lebala metlha e e fetileng? A re ka solegelwa molemo ke go tsaya tsiya kgakololo e e tshwanang gompieno?

Ka makgolokgolo a dingwaga, bakwadi ba Baebele ba re tlhagisitse kgapetsakgapetsa gore re se ka ra tlhokomologa kana re se nne re sa kgatlhegele dilo tsa nako e e fetileng. Dinako tse di fetileng le ditiragalo tsa tsone di ne di tshwanetse go nna di gakologelwa le go akanyediwa. Le eleng Jehofa o ne a re: “Gakologelwang dilo tsa pele tsa bogologolo; gonne ke nna Modimo, mme ga go na ope o sele; ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna.” (Isaia 46:9) A re tlhatlhobeng mabaka a mararo a a nonofileng a go tsaya tlhagiso eno tsia.

Tlhotlheletso le Kgothatso

Sa ntlha, e ka nna sone selo se segolo se se go tlhotlheletsang le go go kgothatsa. Fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya Bahebere lekwalo, o ne a kwalela Bakeresete mmogo ba tumelo ya bone e neng e lekwa ka metlha ka ntlha ya go bo Bajuta ba ne ba ba ganetsa. Ka a tlhokomela gore ba tlhoka go godisa boitshoko, Paulo o ne a re: “Lo ikgakolole metlha ya jale, e e rileng lo sena go bonesiwa, lwa bona ntwa e kgolo ya ditlhokofatso mo go yone.” (Bahebere 10:32) Go gakologelwa ga bone ditiro tse di fetileng tsa boikanyegi jo bo nitameng mo ntweng ya semoya go tla ba thusa go ba naya bopelokgale jwa go wetsa lebelo. Ka tsela e e tshwanang, moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “Gakologelwang se, lo itshupe banna.” (Isaia 46:8) Jesu Keresete o ne a batla gore go direge se se tshwanang fa a ne a bolelela phuthego ya Efeso jaana: “Ke gone, a ko o gakologelwe kwa e rileng o wa wa bo o tswa teng [lorato lo o neng o na le lone lantlha], mme o ikwatlhaye, o dire ditiro tsa ntlha.”—Tshenolo 2:4, 5.

Thotloetso ya go ‘ikgakolola malatsi a bogologolo, go gopola dinyaga tsa dikokomana di le dintsi’ e ne e le selo se se neng se tlhaga nako le nako fa Moshe a ne a bua le Baiseraele, jaaka fa a ne a kgothatsa morafe oo go bontsha go ikanyega ka nitamo mo go senang poifo go Jehofa. (Duteronome 32:7) Tlhokomela mafoko a gagwe a a kwadilweng mo go Duteronome 7:18: “O se ka wa [ba] boifa [Bakanana]; o gakologelwe sentle se Jehofa Modimo wa gago o se diretseng Faro, le lefatshe lotlhe la Egepeto.” Fa ba gakologelwa ditiro tsa ga Jehofa tsa go boloka batho ba gagwe, seno se ne se tshwanetse sa ba tlhotlheletsa gore ba tswelele ba ikanyega mo melaong ya Modimo.—Duteronome 5:15; 15:15.

Se se utlwisang botlhoko ke gore gantsi Baiseraele ba ne ba ineela mo boleong jwa go lebala bobe. Go ne ga felela ka eng? “Ba ba ba menoga gape, ba leka Modimo, ba rumola Moitshepi wa Iseraele. Ga ba a ka ba gakologelwa seatla sa one, le fa e le letsatsi le o ba golotseng mo moganetsing ka lone.” (Pesalema 78:41, 42) Kwa bokhutlong, go lebala ga bone ditaolo tsa ga Jehofa go ne ga felela ka gore a ba latlhe.—Mathaio 21:42, 43.

Mopesalema o ne a tlhoma sekao se se molemo fa a ne a kwala jaana: “Ke tlaa nna ke umaka ditiro tsa ga Jehofa; gonne ke tlaa gakologelwa dikgakgamatso tsa bogologolo. Le gone ke tlaa akanya tiro ya gago yotlhe, ke kanka ka ga tse o di dirang.” (Pesalema 77:11, 12) Go akanya mo go ntseng jalo ka tirelo e e ikanyegang ya nako e e fetileng le ditiro tse di lorato tsa ga Jehofa go tla re naya tlhotlheletso, kgothatso le kanaanelo e re e tlhokang. Gape go “gakologelwa metlha ya jale” go ka fedisa go lapa mme go ka re tlhotlheletsa gore re dire gotlhe mo re ka go kgonang le gore re itshoke ka boikanyego.

Go Ithuta ka Diphoso Tsa Nako e e Fetileng

Sa bobedi, go se lebale e ka nna tsela ya go ithuta ka diphoso tse di fetileng le ditlamorago tsa tsone. A akantse ka seno, Moshe o ne a gakolola Baiseraele jaana: “Gakologelwa, o se ka wa lebala, jaaka o ne wa gakatsa Jehofa mo nageng, go simolola ka letsatsi le o duleng ka lone mo lefatsheng la Egepeto, wa tsamaya wa fitlha mo felong fano, lo ntse lo tsuololela Jehofa fela.” (Duteronome 9:7) Jaaka Moshe a boletse, go se utlwe ga Baiseraele go ne ga felela ka gore ‘Jehofa Modimo wa bone a ba tsamaise dinyaga tse di 40 mo nageng.’ Ke ka ntlha yang fa ba ne ba kgothadiwa go gakologelwa seno? E ne e le go ba dira gore ba ikokobetse le go siamisa ditsela tsa bone tsa botsuolodi e le gore ba ka ‘tshegetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa bone, go sepela mo ditseleng tsa gagwe, le go mmoifa.’ (Duteronome 8:2-6) Ba ne ba tla ithuta ka kgopolo ya gore ba se boeletse diphoso tse di fetileng gape.

Mokwadi mongwe o ne a akgela jaana: “Motho yo o bonokopela o solegelwa molemo ke maitemogelo a gagwe ka namana, motho yo o botlhale o solegelwa molemo ke a ba bangwe.” Fa Moshe a ne a bolelela bana ba Baiseraele gore ba solegelwe molemo ke go tlhokomela diphoso tsa bone tse di fetileng, moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa ba bangwe—phuthego ya Korinthe ya lekgolo la ntlha la dingwaga le rona—go tlhokomela thuto e e tswang mo pegong yone eo ya hisitori. O ne a kwala jaana: “Jaana dilo tse, di ba dirafaletse [Baiseraele] ka mokgwa wa sekaelo; mme tsa kwalwa gore di nne tlhagiso mo go rona, ba dikhutlo tsa metlha di wetseng mo go rona.” (1 Bakorinthe 10:11, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jesu Keresete o ne a akantse ka tiragalo e nngwe gape ya bogologolo ya mo Baebeleng le botlhokwa jwa go ithuta go tswa mo go yone fa a ne a re: “Gakologelwang mosadi wa ga Lote.” (Luke 17:32; Genesise 19:1-26) Mofilosofi mongwe e bile e le mokwadi wa maboko a Seesemane e bong Samuel Taylor Coleridge o ne a kwala jaana: “Fa fela motho a ne a ka ithuta go tswa mo hisitoring, a bo re ne re ka ithuta dithuto tse dintsi jang ne!”

Go Nna Bori le go Leboga

Sa boraro, go gakologelwa go ka dira gore re nne le dinonofo tse di kgatlhang Modimo tsa go nna bori le go leboga. Jaaka fa re itumela mo dilong tse dintsi tsa paradaise ya rona ya moya ya lefatshe lotlhe, a re se lebaleng gore e theilwe ka maje mangwe. Ano a akaretsa boikanyegi jo bo nitameng, lorato, go intsha setlhabelo, bopelokgale fa re lebane le pogiso, boitshoko, bopelotelele le tumelo—dinonofo tse di bontshitsweng ke bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete bao ba ileng ba simolola tiro kwa mafatsheng a a farologaneng ka dingwaga tse di masomesome tse di fetileng. Fa e feleletsa pego ya yone ya hisitori ya segompieno ya batho ba Modimo kwa Mexico, 1995 Yearbook of Jehovah’s Witnesses e ne ya re: “Mo bathong ba ba sa tswang go kopanela bosheng jaana le Basupi ba ga Jehofa diteko tse batho ba ba ileng ba nna le seabe mo go simololeng tiro kwa Mexico ba neng ba lebana le tsone di ka nna tsa nna mo go bone selo se se sa lebelelwang. Ba tlwaetse paradaise ya semoya moo go nang le letlotlo la dijo tsa semoya, moo go nang le ditsala di le dikete tse di makgolo tse di boifang Modimo, le moo tirelo e e direlwang Modimo e dirwang ka tsela e e rulagantsweng sentle.”

Basimolodi bao ba tiro ba bogologolo gantsi ba ne ba bereka ba le bosi kana e le ditlhotswana tse dinnye tse di kwa thoko. Ba ne ba lebane le bodutu, go tlhoka dilo, le diteko tse dingwe tse di botlhoko tsa bothokgami jaaka fa ba ntse ba itshokile ba bolela molaetsa wa Bogosi. Lefa gone bontsi jwa batlhanka bano ba bogologolo ba ne ba tlhokafala, a bo go itumedisa jang ne go itse gore Jehofa o gakologelwa tirelo ya bone e e ikanyegang! Moaposetoloi Paulo o ne a tlhomamisa seno fa a ne a kwala jaana: “Modimo ga o tshiamololo ya gore o ka lebala tiro ya lona, le go rata leina la one, mo lo go bonyweng.” (Bahebere 6:10) Fa Jehofa ka go rata a gakologelwa, a ga re a tshwanela go dira ka tsela e e tshwanang ka moya wa go leboga?

Bao ba sa leng basha mo boammaaruring ba ka kgona go ithuta ka hisitori eno mo kgatisong ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi Jwa Modimo.a Go feta moo, fa re le lesego la go bo re le mo lelapeng kana mo phuthegong ya Bokeresete eo maloko a yone a a akaretsang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ba e leng kgale ba direla mo go yone, re kgothadiwa tumalanong le Duteronome 32:7 gore re “ikgakolole malatsi a bogologolo, gopola dinyaga tsa dikokomana di le dintsi; botsa rraago, o tlaa go tlhotlhela; bagolwane ba gago, ba tlaa go bolelela.”

Ee, go gakologelwa ditiro tse di fetileng tsa poifomodimo go ka re tlhotlheletsa gore re tswelele re itshoka ka boitumelo mo tirelong ya rona ya Bokeresete. Gape, hisitori e na le dithuto tse re tshwanetseng go di ithuta. Mme go tlhatlhanya ka paradaise ya rona ya semoya e e segofadiwang ke Modimo go re dira gore re nne le dinonofo tse di molemo tsa go nna bori le go leboga. Ruri, “gakologelwa metlha e e fetileng.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela