LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 12/1 ts. 32
  • Ke Bomang ba ba Tla Nnang Bareri ba Efangele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Bomang ba ba Tla Nnang Bareri ba Efangele?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 12/1 ts. 32

Ke Bomang ba ba Tla Nnang Bareri ba Efangele?

KWA pokanong nngwe ya Lekgotla la Lefatshe la Dikereke e e nnileng gone dingwaga di ka nna 40 tse di fetileng, maloko a yone a ne a rotloediwa go “nna le moya wa go rera efangele” le go ruta matsomane a bone gore a “rere efangele.” Dingwaga tse tlhano morago ga moo, moruti wa Katoliki e bong John A. O’Brien o ne a kwala malebana le kafa go tlhokegang ka gone go lere barutwa ba basha “ka go ya kwa go bone” mme e seng fela ka “go nna mo magaeng a rona.” Mme ka January 1994, Mopapa John Paul II o ne a bolela gore ga “se nako ya go tlhabelwa ditlhong ke Efangele, ke nako ya go e rera ka matlhagatlhaga.”

Go bonala fa go lalediwa kgapetsakgapetsa ga bareri ba efangele go ne go sa reediwe. Setlhogo sengwe mo lokwalodikgannyeng lwa Australia lwa Illawarra Mercury lo ne lwa bolela jaana: “Bakatoliki ba ba tumileng thata kwa South Coast ga ba eletse go amogela mokgwa wa Basupi ba ga Jehofa mo tumelong ya bone.” Monna mongwe o ne a bolela gore go rera efangele ga “se selo se Katoliki e akanyang go se dira.” Yo mongwe o ne a akgela jaana: “Go molemo gore Kereke e iketleetse, mme e seng ka go tsamaya ka ntlo le ntlo. Gongwe go ka nna botoka fa go dirwa kwa sekolong kana ka makwalo.” Tota le moruti wa kereke e kgolo e e mo lefelong leo o ne a sa kgone go tlhaloganya mafoko a ga mopapa. O ne a bolela jaana: “Re tla kgothatsa batho go rera Efangele e ba e itseng ka tsela e ba tshelang ka yone. Ga ke akgele sepe fa e le gore seo se ka raya go tsamaya ka ntlo le ntlo.” Setlhogo sa dikgang se sobokanya seno sentle jaana: “Bakatoliki ba ka se utlwe taletso ya Mopapa ya go rera.”

Go sa kgathalesege go bo Labokeresete e palelwa ke go rera efangele, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang dimilione tse tlhano ba latela taelo ya ga Jesu ya gore “tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19, 20; bapisa Ditiro 5:42.) Go rera ga bone ka ntlo le ntlo jaanong go dirwa mo dinageng tse di fetang 230. Molaetsa o ba tlang ka one ke o o siameng tota, o o tlhomololang ditsholofetso tse di molemolemo tsa Baebele ka isagwe. Ke ka ntlha yang fa o sa buisane le bone mo nakong e e tlang fa ba go etetse?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela