Jehofa o Nnile Botshabelo Jwa Me
JAAKA GO BOLETSE PENELOPE MAKRIS
Mmè o ne a nkopa ka tlhoafalo a re: “Tlogela monna wa gago; bomorwarraago ba tla go batlela yo o botoka.” Ke ka ntlha yang fa Mmè wa me yo o lorato a ne a batla gore ke senye lenyalo la me? Ke eng se se neng se mo kgopisitse thata jaana?
KE TSHOTSWE ka 1897 mo motsaneng o mmonye wa Ambelos mo setlhaketlhakeng sa Gerika sa Samos. Lelapa la gaetsho e ne e le maloko a a ineetseng a Kereke ya Greek Orthodox. Rre o ne a tlhokafala nakonyana fela pele ga ke tsholwa, mme nna le Mmè le bomorwarre ba bararo re ne ra tshwanelwa ke go dira ka natla gore re tshele mo bodiding jo bogolo jwa dinako tseo.
Ka 1914 go ne ga simolola Ntwa ya Lefatshe I, mme ka bonakonyana fela morago ga foo, bomorwarre ba babedi ba ne ba laelwa gore ba ikwadise mo bosoleng. Mme e le go tila go dira seo, ba ne ba fudugela kwa Amerika, ba re tlogela le morwarre yo mongwe le Mmè mo gae. Morago ga dingwaga di le mmalwa, ka 1920 ke ne ka nyalwa ke Dimitris, morutabana yo mmotlana mo motseng wa rona.
Loeto Lwa Botlhokwa
Ka bonako fela fa ke sena go nyalwa, malome o ne a tla go re etela a tswa kwa Amerika. Go ne ga direga gore a tle ka nngwe ya dibolumo tsa Studies in the Scriptures, tse di kwadilweng ke Charles Taze Russell. E ne e le kgatiso ya Baithuti ba Baebele, ba gone jaanong ba itsegeng e le Basupi ba ga Jehofa.
Fa Dimitris a bula buka, o ne a bona setlhogo se se buang ka kgang eo e leng kgale a ipotsa ka yone a sa ntse a le ngwana, “Go diragalang ka motho fa a swa?” Fa a ne a le kwa sekolong se segolo o ne a botsa moithutabomodimo wa kereke ya Greek Orthodox potso eno, mme ga a ka a bona karabo e e mo kgotsofatsang. Tlhaloso e e phepafetseng le e e utlwalang sentle e e mo kgatisong eno e ne ya kgatlha Dimitris fela thata mo eleng gore o ne a tlhamalalela fela kwa go rekisetswang kofi gone, kwa banna ba kwa Gerika ba neng ba tlwaetse go kopanela teng. Fa a le koo o ne a ba bolelela ka dilo tse a neng a di ithutile go tswa mo Baebeleng.
Go Emela ga Rona Boammaaruri Jwa Baebele
Mo e ka nnang ka yone nako eno—mo masimologong a dingwaga tsa bo1920—Gerika e ne e le mo ntweng e nngwe gape. Dimitris o ne a patelediwa go ikwadisa mo bosoleng mme a romelwa kwa nagakgolong ya Turkey, kwa Asia Minor. O ne a thuntshiwa mme a romelwa gae. Fa a sena go fola, ke ne ka tsamaya le ene go ya kwa Smyrna, kwa Asia Minor (e gone jaanong e bidiwang Izmir, Turkey). E rile ntwa e khutla ka tshoganyetso ka 1922, re ne ra tshwanela go tshaba. Tota, re ne ra falola ka tshoba la mogodu mo seketswaneng se se neng se senyegile thata, se ya kwa Samos. Fa re fitlha kwa gae, re ne ra khubama mme ra leboga Modimo—Modimo o re neng re itse go le go nnye fela ka ene.
Ka bonako fela Dimitris o ne a abelwa go ruta kwa sekolong se sengwe kwa Vathy, mo motsemoshate wa setlhaketlhake seno. O ne a tswelela a ntse a bala dibuka tsa Baithuti ba Baebele, mme bosigo bongwe pula e na, re ne ra etelwa ke bangwe ba bone ba babedi ba tswa kwa setlhaketlhakeng sa Chios. Ba ne ba tswa Amerika go tla go direla e le batsamaisi ba dibuka, jaaka fa baefangele ba nako e e tletseng ba nako eo ba ne ba bidiwa jalo. Re ne ra ba fa boroko mo bosigong joo, mme ba ne ba bua le rona ka dilo tse dintsi malebana le maikaelelo a Modimo.
Morago ga moo Dimitris o ne a nthaya a re: “Penelope, ke tlhokomela gore seno ke boammaaruri, mme ke tshwanetse go bo sala morago. Seno se raya gore ke tshwanetse go tlogela go opela kwa Kerekeng ya Greek Orthodox, le gore ga ke na go ya kerekeng le bana ba sekolo.” Lefa kitso ya rona ka Jehofa e ne e le nnye, keletso ya rona ya go mo direla e ne e le kgolo. Ka jalo ke ne ka araba ka re: “Ga ke na go go kgoreletsa. Wena tswelelapele.”
O ne a tswelela mme gone a ntse a okaoka: “Ee, mme fa boikaelelo jwa rona bo ka lemogiwa, ke ya go latlhegelwa ke tiro.”
“O se ke wa tshwenyega,” ke ne ka rialo, “a batho botlhe ba tshela ka tiro ya borutabana? Re basha e bile re itekanetse, mme ka thuso ya Modimo re ka kgona go bona tiro e nngwe.”
Mme ka yone nako eo re ne ra lemoga gore Moithuti yo mongwe wa Baebele—le ene e le motsamaisi wa dibuka—o ne a le teng mo Samos. Fa re utlwa gore mapodise a ne a gana gore a neele puo ya Baebele ya phatlalatsa, re ne ra tsamaya ra ya go mmatla. Re ne ra mo fitlhela kwa lebenkeleng a tlotla le baithutabomodimo ba babedi ba Greek Orthodox. Ka ntlha ya go bo ba tlhabilwe ke ditlhong ka go bo ba sa kgone go buelela tumelo ya bone ka Baebele, baithutabomodimo bano ba ne ba tsamaya. A kgatlhilwe ke kitso ya motsamaisi yono wa dibuka, monna wa me o ne a mmotsa jaana: “Go tla jang gore o dirise Baebele bonolo jalo?”
“Re ithuta Baebele ka thulaganyo,” o ne a araba jalo. A bula beke ya gagwe, o ne a ntsha buka e e ithutiwang ya The Harp of God mme a re bontsha gore buka eno e dirisiwa jang go ithuta jalo. Re ne re tlhoafaletse go ithuta mo eleng gore nna le monna wa me, le motsamaisi wa dibuka, le banna ba bangwe ba babedi re ne ra tsamaya le mongalebenkele go ya kwa ga gagwe ka yone nako eo. Motsamaisi yono wa dibuka o ne a naya mongwe le mongwe wa rona khopi ya buka ya The Harp of God, mme re ne ra simolola go ithuta ka yone nako eo. Re ne ra tswelela ka thuto ya rona go fitlha bosigogare, mme fa bosigo bo tloga bosa, re ne ra simolola go ithuta dipina tse di neng di opelwa ke Baithuti ba Baebele.
Go tloga ka nako eo go ya pele, ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka makgetlho a le mmalwa ka letsatsi. Baithuti ba Baebele ba ba leng kwa lefelong le lengwe ba ne ba nna ba re romelela dibuka tsa go ithuta Baebele. Ka January 1926, ke ne ka ineela go Modimo ka thapelo, ke ikana ka pelo yotlhe gore ke tla dira thato ya gagwe. Moragonyana mo selemong seo nna le monna wa me re ne ra bontsha boineelo jwa rona ka kolobetso ya mo metsing. Re ne re na le keletso e e maatla ya go bua le ba bangwe ka dilo tse re di ithutileng, ka jalo re ne ra simolola bodiredi jwa ntlo le ntlo ka pampitshana ya Message of Hope.
Go Itshokela Kganetso e e Bokete
Tsatsi lengwe ke ne ka lalediwa ke mosadi mongwe yo mosha gore ke nne gone kwa tirelong ya kobamelo kwa kerekeng e nnye ya Greek Orthodox. “Ga ke tlhole ke obamela Modimo ka tsela eo,” ke ne ka tlhalosa jalo. “Go ne jaanong ke mo rapela ka moya le ka boammaaruri, jaaka fa Baebele e ruta.” (Johane 4:23, 24) O ne a gamaregile mme a bolelela batho gongwe le gongwe ka se se diragetseng, a tsenya le monna wa me mo dilong.
Mongwe le mongwe o ne a simolola go nna kgatlhanong. Re ne re sa bone kagiso gope—lefa e le mo gae kana kwa dipokanong tse re neng re di tshwara le batho ba le mmalwa ba ba kgatlhegang mo setlhaketlhakeng. Ka ntlha ya go bo ba tlhotlhelediwa ke baperesiti ba Orthodox, batho ba ne ba phuthega mo re tshwarelang dipokano gone, ba konopa ka matlapa e bile ba tlhapatsa.
Fa re ne re tsamaisa pampitshana ya Message of Hope, bana ba ne ba re dikaganyetsa mme ba re goa ba re “Badumedi ba Mileniamo” le mafoko a mangwe a a sotlang. Batho ba ba dirang mmogo le monna wa me le bone ba ne ba simolola go mo bakela bothata. Morago ka 1926 o ne a sekisiwa, a latofadiwa ka gore ga a tshwanelege go nna morutabana wa sekolo sa botlhe, mme a atlholelwa malatsi a le 15 kwa kgolegelong.
Fa Mmè a utlwa seno o ne a nkgakolola gore ke tlogele monna wa me. “Reetsa fano mmè wa me yo o rategang,” ke ne ka araba jalo, “o itse sentle tsela e ke go ratang e bile ke go tlotlang ka yone. Mme ga ke kitla ke go letla go nthibela mo go obameleng ga rona Modimo wa boammaaruri, Jehofa.” O ne a boela gae a kgobegile marapo fela thata.
Go ne ga tshwarwa kopano ya Baithuti ba Baebele kwa Athena ka 1927, mme Jehofa o ne a re bulela ditsela gore re nne gone. Re ne ra itumedisiwa mme ra nonotshiwa semoyeng ke go kopana le dipalopalo tsa badumedimmogo. Fa re boela kwa Samos, re ne ra tsamaisa dikhopi tse 5 000 tsa pampitshana e e nang le setlhogo se se reng A Testimony to the Rulers of the World mo ditoropong le mo metseng e e mo setlhaketlhakeng sa rona.
Ka nako eo Dimitris o ne a lelekwa mo tirong ya gagwe ya borutabana, mme ka ntlha ya go bo re ne re tlhoilwe, go ne go le thata go bona tiro. Mme e re ka ke ne ke kgona go roka mme Dimitris a na le bokgoni jwa go penta, re ne re kgona go bona madi a a lekaneng go kgotsofatsa dilo tse re di tlhokang. Ka 1928 monna wa me le bakaulengwe ba bangwe ba Bakeresete ba le banè ba kwa Samos, ba ne ba atlholelwa go nna dikgwedi tse pedi mo kgolegelong ka ntlha ya go rera mafoko a a molemo. Ka ntlha ya go bo e ne e le nna fela Moithuti wa Baebele yo o seng mo kgolegelong ke ne ke kgona go ba isetsa dijo kwa kgolegelong.
Go Lwantshana le Malwetse a a Botlhoko
Ka lekgetlho lengwe ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa tubercular spondylitis, bolwetse jwa seemera jo bo neng bo sa itsewe ka nako eo. Ke ne ke felelwa ke keletso ya dijo mme ke ne ke tshwerwe ke letshoroma le legolo le le sa feleng. Kalafi ya jone e ne e akaretsa go phuthelwa ka polasetara mo mmeleng go tswa kwa thamong go ya kwa diropeng. E le gore re kgone go lebana le bothata jwa madi, monna wa me o ne a rekisa setsha gore ke kgone go tswelela ka kalafi. Ka ke ne ke ngomogile pelo, ke ne ka rapela Modimo ka malatsi otlhe gore a nnonotshe.
Fa ba losika ba nketetse, ba ne ba ntse ba tlhotlhetsa molelo wa kganetso ba sa kgaotse. Mmè o ne a re mathata a re leng mo go one a bakwa ke go bo re fetotse bodumedi jwa rona. Gonne ke sa kgone go tsamaya, ke ne ke tlatsa mosamo wa me ka dikeledi ke ntse ke kopa Rraarona yo o kwa legodimong gore a mphe bopelotelele le bopelokgale gore ke kgone go itshoka.
Mo tafoleng e e fa thoko ga bolao jwa me, ke ne ke beetse baeng Baebele ya me le dibukana di le mmalwa le dipampitshana. E ne e le lesego go bo dipokano tsa phuthego ya rona e nnye di ne di tshwarelwa mo tlung ya rona; ke ne ke kgona go kgothadiwa semoyeng ka metlha. Re ne ra tshwanelwa ke gore re rekise setsha se sengwe gore re duele kalafi e ke neng ke e newa ke ngaka nngwe kwa Athena.
Ka bonakonyana fela morago ga moo, re ne ra etelwa ke molebedi yo o etang. O ne a utlwile botlhoko tota go mpona ke le mo boemong jono le Dimitris a sena tiro. O ne a re thusa ka pelo e ntle go dira dithulaganyo tsa go nna kwa Mytilene kwa setlhaketlhakeng sa Lesbos. Re ne ra fudugela koo ka 1934, mme Dimitris o ne a kgona go bona tiro. Fa re le koo re ne ra fitlhela gape bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba molemo ba Bakeresete ba ba neng ba ntlhokomela fa ke ntse ke lwala. Morago ga kalafi ya dingwaga tse tlhano ka bonya ka bonya ke ne ka fola.
Lefa go ntse jalo, ka 1946, morago fela ga Ntwa ya Lefatshe II, ke ne ka lwala thata gape, mo lekgetlhong leno ke ne ke tshwerwe ke tubercular peritonitis. Ke ne ke robetse dikgwedi di le tlhano ke tshwerwe ke letshoroma le legolo le ditlhabi tse di botlhoko. Mme fela jaaka mo nakong e e fetileng, ga ke a ka ka khutla go bolelela baeng ba me ka Jehofa. Kgabagare ke ne ka fola.
Go Bulatsela Lefa Re ne Re Bogisiwa
Basupi ba ga Jehofa kwa Gerika ba ne ba bona kganetso e e sa feleng morago ga dingwaga tsa ntwa. Re ne re tshwarwa ka makgetlho a mantsi fa re ntse re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Monna wa me o ne a nna mo e batlileng e nna ngwaga kwa kgolegelong. Fa re ne re simolola letsatsi la rona mo bodireding, gantsi re ne re ipaakanyetsa go ya go fetsa bosigo re tshwerwe kwa seteisheneng sa mapodise. Lefa go ntse jalo, Jehofa ga a ise a ko a re latlhe. Ka metlha o ne a re naya bopelokgale jo re neng re bo tlhoka le nonofo gore re itshoke.
Ka bo1940 ke ne ka bala Informant (e jaanong e leng Tirelo ya Rona ya Bogosi) e e neng e bua ka ga paakanyetso ya bobulatsela jwa malatsi a boikhutso. Ke ne ka swetsa gore ke leke go nna le seabe mo karolong eno ya tirelo e e tlhokang go neela ka diura tse 75 ka kgwedi mo bodireding. Go ne ga felela ka gore maeto a me a go boela le dithuto tsa me tsa Baebele di oketsege—ka nakonyana eo ke ne ke tshwara dithuto tse 17 beke nngwe le nngwe. Gape ke ne ka simolola tselana ya dimakasine mo lefelong la kgwebo la Mytilene, moo ka metlha ke neng ke tsamaisa dikhopi tse di ka nnang 300 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo mabenkeleng, mo diofising, le mo dibankeng.
Fa molebedi yo o etang a ne a etetse phuthego ya rona ka 1964, o ne a re: “Kgaitsadi Penelope, ke bone mo Karateng ya gago ya Pego ya Baboledi gore o na le matswela a mantle jang mo bodireding jwa gago. Ke ka ntlha yang fa o sa tlatse kopo ya bobulatsela jwa ka metlha?” Ke tla nna ke leboga kgothatso ya gagwe ka metlha; bodiredi jwa nako e e tletseng bo ile jwa dira gore ke itumele ka dingwaga tse di fetang masome a mararo.
Boitemogelo jo bo Nang le Matswela
Mo Mytilene go na le lefelo la boagelani le le neng le tletse ka batho le le bidiwang Langada, koo batshabi ba Bagerika ba neng ba nna gone. Re ne re tila go tsamaya ka ntlo le ntlo koo ka ntlha ya kganetso e e setlhogo e re neng re kopane le yone. Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa monna wa me a ne a le kwa kgolegelong, ke ne ke tshwanela go feta mo lefelong leno fa ke ya go mo etela. Ka letsatsi lengwe pula e na mosadi mongwe o ne a nkopa gore ke tsene mo ga gagwe go tla go mpotsa gore ke ka ntlha yang fa monna wa me a ne a le kwa kgolegelong. Ke ne ka tlhalosa gore ke ka ntlha ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le gore o ne a boga fela jaaka Keresete a ne a boga.
Fa nako e ntse e ya, mosadi yo mongwe le ene o ne a rulaganya gore ke fete kwa ga gagwe. Fa ke fitlha ke ne ka fitlhela gore o laleditse basadi ba le 12. Ke ne ke solofetse gore ke tlile go ganediwa, ka jalo ke ne ka rapela Modimo gore o mphe botlhale le bopelokgale gore ke kgone go lebana le boemo lefa e le bofe jo bo ka tlhagang. Basadi bano ba ne ba na le dipotso tse dintsi, mme bangwe ba ganetsa, mme ke ne ka kgona go ba naya dikarabo tse di tswang mo Dikwalong. Fa ke ema ke re ke a tsamaya, mosadi wa ntlo eo o ne a nkopa gore ke tle gape ka letsatsi le le latelang. Ke ne ka amogela taletso eo ka boitumelo. Fa re tla le tsala ya me mo letsatsing le le latelang, re ne ra fitlhela basadi ba setse ba ntse ba letile.
Morago ga moo re ne ra tswelela ka metlotlo ya Dikwalo ka metlha mme re ne ra simolola dithuto tse dintsi tsa Baebele. Basadi bano ba le mmalwa ba ne ba gatelapele mo kitsong ya boammaaruri, mme le malapa a bone a ne a dira fela jalo. Moragonyana setlhopha seno se ne sa dira karolo ya konokono ya phuthego e ntšha ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mytilene.
Jehofa o Nnile Molemo mo go Nna
Mo dingwageng tse dintsi tseno Jehofa o duetse maiteko a me le a monna wa me a go Mo direla. Palonyana ya Basupi ba kwa Samos ka bo1920 e ne ya gola ya nna diphuthego tse pedi le setlhopha se le sengwe se se nang le baboledi ba le 130. Mme kwa setlhaketlhakeng sa Lesbos, go na le diphuthego tse nnè le ditlhopha tse tlhano tse di akaretsang baboledi ba Bogosi ba le 430. Monna wa me o ne a bolela Bogosi jwa Modimo ka matlhagatlhaga go fitlhela a tlhokafala ka 1977. A bo e le tshiamelo jang ne go bona bao re ba thusitseng ba sa ntse ba le tlhaga mo bodireding! Ee ruri, bone le bana ba bone, le ditlogolwana tsa bone, le dikokomane tsa bone, ba dira boidiidi jo bogolo jo bo obamelang Jehofa bo le seoposengwe!
Tsela ya me ya tirelo ya Bokeresete, e e setseng e feta dingwaga tse 70 jaanong, ga ya ka ya nna e e motlhofo. Lefa go ntse jalo, Jehofa o nnile kago ya phemelo e e ka se bapisiweng le epe. Ka ntlha ya dingwaga tse dintsi le botsogo jo bo bokoa, ke nna fela mo bolaong mme ga ke tlhole ke kgona go dira thata mo go rereng. Mme fela jaaka go dirile mopesalema, ke kgona go raya Jehofa ke re: “Ke ene botshabelo jwa me, le kago ya me ya phemelo; Modimo wa me o ke o ikantseng.”—Pesalema 91:2.
(Kgaitsadi Makris o tlhokafetse fa setlhogo seno se ne se kwalwa. O ne a na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong.)
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
A na le monna wa gagwe ka 1955
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ka January 1997 Kgaitsadi Makris o ne a tla bo a tshwara dingwaga tse 100