LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 9/15 ts. 3-4
  • A O A Itshwarela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O A Itshwarela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itshwarela Ke Kgwetlho
  • ‘Tswelelang lo Itshwarelana lo Gololesegile’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Itshwarele go Tswa Pelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Itshwarelaneng lo Gololesegile
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ke Eng Fa O Tshwanetse go Itshwarela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 9/15 ts. 3-4

A O A Itshwarela?

BILL le morwadie wa dingwaga tse 16 ebong Lisa, ba ne ba sa kgone go tshedisana sentle. Gantsi dikgotlhang tse e seng tsa sepe fela fa gare ga bone di ne di fetoga dikomang tse di bogale. Kgabagare, go tlhoka kutlwano go ne ga bo ga baka gore Lisa a kobiwe mo lapeng.a

Morago ga lobaka lo lo rileng, Lisa o ne a lemoga gore ke ene a neng a le phoso mme a tla go kopa rraagwe gore a mo itshwarele. Mme lefa go ntse jalo mo boemong jwa gore a lebale diphoso tsa ga Lisa tsa nako e e fetileng, rraagwe yo o neng a galefile o ne a gana fa morwadie a leka go agisana le ene. A ko o akanye fela! O ne a sa batle go utlwela morwadie tota botlhoko!

Dingwaga di le makgolokgolo tse di fetileng monna mongwe yo o neng a sena molato o ne a atlholelwa loso ka ntlha ya molato o a neng a sa o dira. Basupi ba ne ba tlisa bosupi jwa maaka, mme babusi ba dipolotiki ba ne ba gana go mo direla tshiamo. Monna yo o senang molato yoo e ne e le Jesu Keresete. Nakwana fela pele a swa, o ne a kopa Modimo jaana ka thapelo: “Rra, ba ichwarèlè; ka gonne ga ba itse se ba se dihañ.”—Luke 23:34.

Jesu o ne a iketleeditse go itshwarela, go tswa mo pelong ya gagwe, e bile balatedi ba gagwe ba ne ba kgothalediwa gore ba mo etse mo ntlheng eno. (Baefesia 4:32) Lefa go ntse jalo, jaaka Bill, batho ba le bantsi ka go tlhoka bopelotlhomogi ba gana go itshwarela. Wena o dira jang mo ntlheng eno? A o iketleeditse go itshwarela ba bangwe fa ba go leofela? Mme re ka reng ka maleo a a masisi? A le one a tshwanetse go itshwarelwa?

Go Itshwarela Ke Kgwetlho

Go itshwarela ga se ka metlha go nnang motlhofo. Mme mo dipakeng tseno tse di tlhokofatsang, go na le mathata a a ntseng a oketsega mo ditirisanong tsa batho. Botshelo jwa lelapa ke jone segolobogolo bo atisang go nna le matshwenyego le dikgatelelo. Moaposetoloi wa Mokeresete ebong Paulo o sale a boletse bogologolo gore maemo a a ntseng jalo a ne a tla ata mo “metlheñ ea bohèlō.” O ne a re: “Batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, . . . e se barati ba molemō gopè, e le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ.”—2 Timotheo 3:1-4.

Ka jalo, ga go ka tsela e nngwe, rotlhe re nna le dikgatelelo go tswa kwantle tse di re lekang gore re kgona go itshwarela ba bangwe go le kana kang. Mo godimo ga moo, gape re lwa le dikgatelelo tse di mo teng ga rona. Paulo o ne a bolela jaana ka bohutsana: “Molemō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ. Me ha se ke sa se rateñ e le shōna se ke se dihañ, ga e tlhole e le nna eo ke se dihañ, me ke boleo yo bo agileñ mo go nna.” (Baroma 7:19, 20) Ka ntlha ya seo, bontsi jwa rona ga re itshwarele jaaka re ne re ka rata go itshwarela. Kana gone, rotlhe re tlhotlhelediwa thata ke bosaitekanelang le boleo jo re bo ruileng, ka dinako tse dingwe bo dira gore re se ka ra utlwela batho ba bangwe botlhoko.

Fa mosadi mongwe a ne a kgothalediwa gore a itshwarele yo mongwe yo o neng a mo diretse phoso e nnye, o ne a araba jaana: “Ga go na ope yo o tshwanelwang ke go tseelwa matsapa a a kalo a go itshwarela.” Fa a tsewa motlhofo fela, mafoko ano a ka utlwala a sena botsalano, a bontsha go kgwaralala pelo, kana le eleng go belaela batho. Lefa go ntse jalo, fa re a tsaya masisi, re bona gore a senola go tlalelwa ga batho ba le bantsi fa ba lebana le lefatshe le ba bonang le le pelotshetlha, le sa amege, e bile le se botsalano. Monna mongwe o ne a re: “Batho ba go ja ntsoma fa o ba itshwarela. Go nna jaaka e kete o gatakwa fela.”

Ga go gakgamatse he, go bo go tlhagolela boikutlo jwa go itshwarela go le bokete jaana mo metlheng eno ya bofelo. Go ntse go le jalo, Bibela e re kgothaletsa gore re itshwarele ka bopelonomi. (Bapisa 2 Bakorintha 2:7.) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itshwarela?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela