Ke Eng Fa O Tshwanetse go Itshwarela?
MOITHUTI mongwe wa Mojuda e bile e le mokwadi Joseph Jacobs o kile a tlhalosa go itshwarela e le “thuto e e kwa godimo le e e bokete go feta tse dingwe tsotlhe tsa boitsholo.” Eleruri, batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata tota go bua mafoko a a reng “ke go itshwaretse.”
Go bonala gore go itshwarela go tshwana thata le madi. Motho a ka a naya ba bangwe ka tshosologo e bile e le ka go ba utlwela botlhoko mme gape a ka nna a a ipolokela fela ka bogagapa. Tsela ya ntlha ke yone ya bomodimo. Re tshwanetse gore re nne pelotshweu fa go tla mo go itshwareleng. Ka ntlha yang? Ka gonne Modimo o kgothaletsa seo le gone moya wa go sa itshwarele le go rata go ipusolosetsa o ka etegetsa dilo fela.
Batho ba le bantsi ba a tle ba re: “Ga ke shakgale; ke a ipusolosetsa!” Ka maswabi, mafoko ano ke one a laolang matshelo a batho ba le bantsi gompieno. Ka sekai, mosadi mongwe o ne a sa buise mosadi wa ga kgaitsadie ka lobaka lo lo fetang dingwaga tse supa ka gonne, jaaka mosadi yono a bolela, “o ntiretse dilo tse di botlhoko mo go maswe mme ga ke ise ke kgone go mo itshwarela.” Mme lefa go ntse jalo ga se gantsi go didimalela motho jalo go kgotsofatsang keletso ya go batla go ipusolosetsa, fa e le gore go dirisiwa jaaka sengwe sa go pateletsa modiramolato gore a kope maitshwarelo kana a otlhaiwa ka gone. Go na le moo, go ka mpa ga dira fela gore kgotlhang e tswelele pele ka lobaka lo lotelele, e letla gore seno e nne kgotlhang e kgolo. Fa go utlwela botlhoko ruri jalo go sa fedisiwe, go batla go ipusolosetsa goo go ka senya dikamano tsa motho le ba bangwe ga bo ga tsenya botsogo jwa gago mo kotsing.
Kotsi ya go sa Batle go Itshwarela
Fa motho a sa itshwarele, go tlhakatlhakana maikutlo go go nnang teng go baka go ngomoga pelo. Go ngomoga pelo le gone go ka baka malwetsi a a masisi. Dr. William S. Sadler o ne a kwala jaana: “Ga go na ope yo o ka tlhaloganyang ka botlalo jaaka ngaka kafa malwetsi le matshwenyego a le mantsi thata a batho a amanang ka tlhamalalo ka gone le go tshwenyega mo mogopolong, go boifa, go tlhakatlhakana maikutlo, . . . go sa akanye dilo tse di siameng le go tshela botlhaswa.” Lefa go ntse jalo, tota go fuduega maikutlo go baka mathata a a kana kang? Kgatiso nngwe e e buang ka tsa kalafi e araba jaana: “Dipalopalo . . . di ne di supa gore balwetsi ba le babedi mo go ba le bararo ba ba neng ba ya kwa ngakeng ba ne ba na le matshwao a matlhoko a a bakwang ke go ngomoga pelo kana a etegediwa ke gone.”
Ee, go tenegela mongwe, go mo ila, le go mo tlhoa ruri go kotsi. Maikutlo ano a a borai a tshwana le ruse e e jang mmele wa sejanaga ka iketlo. Sejanaga se ka lebega se le sentle kafa ntle, mme kafa tlase ga pente go diragala tiragalo e e senyang.
Se se botlhokwa le go feta moo, fa re gana go itshwarela mme go na le lebaka la go nna kutlwelobotlhoko, seo gape se ka nna sa re gobatsa semoyeng. Mo matlhong a ga Jehofa Modimo, re ka nna ra fetoga ra tshwana le motlhanka yo o mo setshwantshong sa ga Jesu. Mong wa motlhanka yono o ne a mo itshwarela molato o mogolo o a neng a o kolota. Lefa go ntse jalo, fa motlhankakaene a ne a mo rapela gore a mo itshwarele molato o monnye fela o a neng a o kolota, o ne a nna bogale a gana go mo itshwarela. Jesu o ne a dira gore go phepafale gore fa le rona re sa iketleetsa go itshwarela, Jehofa o tla gana go itshwarela maleo a rona. (Mathaio 18:21-35) Ka jalo, fa e le gore ga re ke re itshwarela, re ka nna ra latlhegelwa ke segakolodi sa rona se se phepa fa pele ga Modimo le yone tsholofelo ya rona ka isagwe! (Bapisa 2 Timotheo 1:3.) Jalo he, re ka dira eng?
Ithute go Itshwarela
Go itshwarela ga boammaaruri go tswa mo pelong. Go akaretsa go itshwarela phoso ya modiramolato le go tlogela keletso epe ya go ipusolosetsa. Ka jalo, tshiamiso ya makgaolakgang le katlholo e e ka dirwang di tlogelwa mo diatleng tsa ga Jehofa.—Baroma 12:19.
Lefa go ntse jalo, go tshwanetse ga elwa tlhoko gore ka gonne “pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata,” ga se ka metlha e batlang go itshwarela lefa gone e tshwanetse go dira jalo. (Yeremia 17:9) Jesu ka boene o ne a re: “Mo peduñ go cwa megopolō e e boshula, le dipolaō, le dikgokahalō, le boaka, le bogodu, le pateleco, le dikgalō.”—Mathaio 15:19.
Se se itumedisang ke gore, pelo ya rona e ka thapisediwa go dira se se tshwanetseng. Lefa go ntse jalo, thapiso e re e tlhokang e tshwanetse ya tswa motsweding o mogolwane. Re ka se ka ra go dira re le rosi. (Yeremia 10:23) Mopesalema yo o neng a tlhotlheleditswe ke Modimo o ne a lemoga seno mme a rapela Modimo gore a mo kaele. O ne a kopa Jehofa jaana ka thapelo: “Nthuta ditaō tsa gago. Ntlhaloganyetsa tsela ea dikaèlō tsa gago.”—Pesalema 119:26, 27.
Go ya ka pesalema e nngwe, Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a simolola go ‘tlhaloganya tsela’ ya ga Jehofa. O ne a e lemoga ka boene a bo a ithuta mo go yone. Ka jalo, o ne a kgona go re: “Yehofa o tletse bopelotlhomogi, me o pelochweu, o bonya go galeha, o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko. Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo.”—Pesalema 103:8, 13.
Re tlhoka go ithuta fela jaaka Dafide a ne a dira. Re ithute ka moya wa thapelo sekao se se itekanetseng sa Modimo sa go itshwarela, mmogo le sa ga Morwawe. Fa re dira jalo, re ka kgona go ithuta go itshwarela go tswa mo pelong.
Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ka botsa sentle ba re: Jaanong go ka tweng ka boleo jo bo masisi? A maleo otlhe a tshwanetse go itshwarelwa?
Go Leka go Nna Tekatekano
Fa motho a diretswe phoso e e masisi, seno se ka utlwisa botlhoko tota. Go nna jalo segolobogolo fa e le gore mongwe yo o senang molato o leofetswe mo go masisi. Ba bangwe ba ka nna ba bo ba ipotsa jaana, ‘Ke ka itshwarela jang motho yo o ntsieditseng mo go maswe le go nkutlwisa botlhoko?’ Fa go dirilwe boleo jo bo masisi jo go ka tshwanelang gore motho wa jone a kgaolwe, yo o diretsweng phoso a ka nna a tlhoka gore a dirise kgakololo e e mo go Mathaio 18:15-17.
Lefa go ka nna jang, boemo bo ka ikaega thata ka modiraphoso. Fa e sale ka nako ya fa a dira phoso a o kile a bontsha ka tsela nngwe gore o ikotlhaya ka bopeloephepa? A moleofi o fetogile, gongwe a ba a leka go dira diphetogo tsa mmatota? Mo matlhong a ga Jehofa go ikotlhaya ka tsela e e ntseng jalo ke gone go ka lereng boitshwarelo lefa go dirilwe maleo a a boitshegang tota. Ka sekai, Jehofa o ne a itshwarela Manase, nngwe ya dikgosi tse di boikepo go gaisa tsotlhe mo hisitoring ya Iseraele. Ka ntlha yang? Modimo o ne a dira jalo ka gonne kgabagare Manase o ne a ikokobetsa a bo a ikotlhaela ditsela tsa gagwe tse di makgapha.—2 Ditihalō 33:12, 13.
Mo Bibeleng boikwatlhao jwa mmatota bo akaretsa go fetola maikutlo ka bopeloephepa, go ikwatlhaela ka pelo yotlhe diphoso dipe tse di dirilweng. Fa go tshwanela e bile go kgonega, motho yo o ikwatlhayang gape o leka go busetsa yo o leofetsweng dilo tsa gagwe. (Luke 19:7-10; 2 Bakorintha 7:11) Fa go sena boikwatlhao bope jo bo ntseng jalo, Jehofa ga a itshwarele motho.a Mo godimo ga moo, Modimo ga a lebelela gore Bakeresete ba itshwarele batho ba ba kileng ba bo ba le mo leseding la semoya mme jaanong ba dira dilo tse di maswe ka bomo fela ebile ba sa ikwatlhaye. (Bahebera 10:26-31) Mo mabakeng mangwe a a feteletseng, go ka nna ga se ka ga tshwanela gore motho a itshwarelwe.—Pesalema 139:21, 22; Esekiele 18:30-32.
Go sa kgathalesege gore a modiraphoso a ka itshwarelwa kana nnyaa, motho yo o leofetsweng mo go masisi a ka batla go akanyetsa potso eno e nngwe gape: A ke tshwanetse go tswelela pele ke fuduegile maikutlo thata jaana, ke utlwile botlhoko thata e bile ke tenegile fela thata, go fitlha kgang e baakanngwa ka botlalo? Akanya ka sekai seno. Kgosi Dafide o ne a utlwa botlhoko fela thata fa molaodi wa masole a gagwe ebong Joabe a ne a bolaya Abenere le Amase, “banna ba le babedi ba ba siameñ . . . le ba ba molemō bogolo go èna [Joabe].” (1 Dikgosi 2:32) Dafide o ne a bontsha gore o tenegile ka go bua mme kwantle ga pelaelo le ka thapelo go Jehofa. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya ga go na pelaelo gore maikutlo a ga Dafide a ne a kokobela. Ga a ka a nna a shakgetse go ya losong. Dafide o ne a ba a tswelela pele a dira le Joabe, mme lefa go ntse jalo ga a ka a itshwarela mmolai yono yo o sa ikwatlhaeng fela. Dafide o ne a tlhomamisa gore kwa bofelong molato o a duelwa.—2 Samuele 3:28-39; 1 Dikgosi 2:5, 6.
Go ka nna ga tlhoka nako le boiteko pele ba ba hutsafaditsweng ke go leofelwa mo go masisi ba ka wela dibete fa ba sena go shakgala thata kwa tshimologong. Go kokobela gono go ka nna motlhofo thata fa e le gore modiraphoso o dumela gore o phoso a bo a ikwatlhaya. Lefa go ntse jalo, motho yo o senang molato mme a leofetswe o tshwanetse a kgona go gomodiwa le go itumedisiwa ke go itse tshiamiso le botlhale tsa ga Jehofa le ke phuthego ya Bokeresete, go sa kgathalesege gore modiraphoso o tsaya kgato efe.
Gape, ela tlhoko gore fa o itshwarela moleofi, seno ga se reye gore o mpampetsa boleo joo. Mo Mokereseteng, go itshwarela go raya go tlogela dilo tsotlhe mo diatleng tsa ga Jehofa ka go mo ikanya. Ke ene Moatlhodi yo o tshiamo wa lobopo lotlhe, mme o tla diragatsa tshiamiso ka nako e e tshwanetseng. Seo se tla akaretsa go atlhola “bagokahadi le baboaka” ba ba go dirang ka go iphitlha.—Bahebera 13:4.
Melemo ya go Itshwarela
Mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Gonne wèna, Yehofa, u molemō, u iketleeditse go ichwarèla; u bile u letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko mo go botlhe ba ba gu bitsañ.” (Pesalema 86:5) A o tshwana le Jehofa, o “iketleeditse go ichwarèla”? Mesola ya teng e mentsi.
Sa ntlha, go itshwarela ba bangwe go dira gore o kgone go dirisana sentle le bone. Bibela e kgothatsa Bakeresete jaana: “Lo nnè pelonomi moñwe mo go eo moñwe, le pelonamagadi, lo ichwarèlanè, hèla yaka Modimo le ōna o ichwaretse lona mo go Keresete.”—Baefesia 4:32.
Sa bobedi, go itshwarela go lere kagiso. Eseng kagiso le batho ba bangwe fela mme gape le kagiso ya mogopolo.—Baroma 14:19; Bakolosa 3:13-15.
Sa boraro, go itshwarela ba bangwe go re thusa go gakologelwa gore rona ka borona re tlhoka go itshwarelwa. Ee, “botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.”—Baroma 3:23.
Sa bofelo, fa re itshwarela ba bangwe go bula tsela ya gore Modimo a tle a itshwarele dibe tsa rona. Jesu o ne a re: “Ha lo ichwarèla batho ditlolō tsa bōnè, Rra eno oa legodimo le èna o tla ichwarèla lona.”—Mathaio 6:14.
A ko o akanye dilo tse dintsi tse Jesu a tshwanetseng a bo a ne a di akantse mo thapameng e a neng a swa ka yone. O ne a tshwenyegile ka balatedi ba gagwe, tiro ya go rera, mme bogolo jang le ka bothokgami jwa gagwe go Jehofa. Lefa go ntse jalo, le ka nako ya fa a ne a boga botlhoko mo koteng ya pogisetso, o ne a bua ka eng? Mangwe a mafoko a gagwe a bofelo e ne e le, “Rra, ba ichwarèlè.” (Luke 23:34) Re ka etsa sekao se se molemo sa ga Jesu ka go itshwarelana go tswa mo pelong.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefa go ntse jalo, gone Jehofa o tlhatlhoba le dilo tse dingwe fa a akanyetsa go itshwarela motho. Ka sekai, fa modiraphoso a sa itse dilo tse Modimo o di batlang, go tlhoka kitso jalo go ka fokotsa molato. Fa Jesu a ne a kopa Rraagwe gore a itshwarele batho ba ba neng ba mmolaya, kwantle ga pelaelo Jesu o ne a raya masole a Baroma ao a neng a mmolaya. Ba ne ba ‘sa itse se ba se dirang,’ ba sa itse gore tota e ne e le mang. Lefa go ntse jalo, baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba tlhotlheletsa gore a bolawe jalo ba ne ba na le molato o mogolo thata—mme bontsi jwa bone ba ne ba ka se ka ba itshwarelwa.—Yohane 11:45-53; bapisa Ditihō 17:30.
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
A o tlhalogantse ntlha ya konokono ya setshwantsho sa ga Jesu sa motlhanka yo o sa itshwareleng?
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Go itshwarela ba bangwe go dira gore o kgone go dirisana sentle le bone gape go lere boitumelo