LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 9/1 ts. 32
  • ‘Ke Dirilwe ka mo go Gakgamatsang’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ke Dirilwe ka mo go Gakgamatsang’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 9/1 ts. 32

‘Ke Dirilwe ka mo go Gakgamatsang’

“KE TSWA kae?” Eno ke potso e bontsi jwa bananyana bo e botsang ka nako nngwe. Fa bana ba sena go gola, potso ya bone gantsi e nna boteng le go feta pele: “Botshelo bo tswa kae?” Go ile ga tlotliwa ka potso eno ka diketekete tsa dingwaga, mme gone jaanong borasaense ba le bantsi ba bona thutotlhagelelo e le yone karabo e e utlwalang go di feta tsotlhe ya bothata jwa gore botshelo bo tswa kae. Totatota, batho ba ba rutang thutotlhagelelo ba tlhalosa gore botshelo bo tlile fela ka tshoganetso.

Mo e ka nnang dingwaga tse 3 000 tse di fetileng, Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ.” (Pesalema 139:14) Fa re ntse re ithuta mo go oketsegileng kaga botshelo, re bona boammaaruri jwa mafoko ao ka mo go oketsegileng. Eleruri, moitse wa physics ebong Fred Hoyle o ne a kwala jaana: “Fa baithuti ba saense ya ditshedi ba ntse ba lemoga dilo tse di oketsegileng tsa kafa botshelo bo gakgamatsang e bile bo raraane ka gone, go bonala sentle gore mabaka a a ka supang gore bo simologile ka kotsi fela a mannye mo eleng gore a ka kgaphelwa kwa thoko gotlhelele. Botshelo bo ka se ke jwa bo bo nnile teng ka kotsi fela.”

Mme gone tota botshelo bo tswa kae? Ditlhogo tse pedi tse di kwa tshimologong ya makasine ono di araba potso eo. Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana o dirise aterese e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng 2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela