Barongwa Ba Ba Bosula
FA BIBELA e tlhalosa ka seabe sa badimona mo dikgannyeng tsa motho e araba dipotso tsa motheo kaga bosula tse di ka se keng di kgone go arabiwa ka tsela epe e sele. Ka sekai, sekaseka mafoko ano a a tswang mo go International Herald Tribune e e malebana le ntwa e e lowang kwa Balkans: “Setlhopha sengwe sa babatlisisi ba Lekgotla la Dinaga tsa Yuropa se ne sa swetsa ka gore [masole] a beteletse basadi le basetsana ba Mamoselema ba ka nna 20 000 . . . e le karolo ya tsamaiso e e rulagantsweng ya go tshosetsa e e diretsweng go ba kgokgontsha, go ba nyemisa moko, le go ba leleka mo magaeng a bone.”
Polelo nngwe mo makasineng wa Time e ne ya leka ka natla go tlhalosa seemo seno jaana: “Ka dinako tse dingwe, makau a a mo ntweng a ka nna a betelela e le fela ka gonne ba batla go itumedisa ba bagolo mo go bone, batlhankedi ba ba kwa godimo ga bone, le gore ba tle ba ba amogele jaaka borre ba amogela barwa. Go betelela goo ke bosupi jwa gore o ineetse ka pelo yotlhe go nna le moya wa bogatlhamelamasisi wa setlhopha seo sa bosole. Lekawana le le iketleeditseng go dira dilo tse di tsitsibanyang mmele le tlobeletse segakolodi sa lone e le gore le tle le kgone go diragatsa maikaelelo a a sa fetogeng a setlhopha. Monna o tlhomamisa gore o a ikanyega ka go dira tiro eno e e tsitsibanyang mmele.”
Mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa “maikaelelo a a sa fetogeng a setlhopha” a le leswe go gaisa digakolodi tsa motho ka bongwe yo e leng leloko la sone? Jaaka motho ka bongwe, mo e batlileng e le mongwe le mongwe o eletsa go tshela ka kagiso le moagisani wa gagwe. Ka jalo ke ka ntlha yang fa batho ba betelela ba bangwe, ba ba bogisa, le go ba bolaya tota, ka dinako tsa ntwa? Lebaka la konokono ke gore ba tlhotlhelediwa ke maatla a bodimona.
Go tlhaloganya se badimona ba se dirang gape go dira gore re bone tharabololo ya se ba bangwe ba se bitsang “bothata jwa moithutabodumedi.” Bothata jono ke jwa kafa a ka dumalanyang dikakantsho tseno tse tharo ka gone: (1) Modimo o maatla otlhe; (2) Modimo o lorato e bile o molemo; le (3) gore go diragala dilo tse di tshosang. Ba bangwe ba akanya gore gone go a kgonega go dumalanya dikakantsho lefa e ka nna dife tse pedi mo go tseno, mme lefa go ntse jalo le ka motlha go ka se kgonege go di dumalanya tsotlhe di le tharo. Lefoko la Modimo ka bolone le re neela karabo, mme karabo eo e akaretsa meya e e sa bonaleng, barongwa ba ba bosula.
Motsuolodi wa Ntlha
Bibela e re bolelela gore Modimo ka boene ke moya. (Yohane 4:24) Kgabagare o ne a nna Mmopi wa dimilione tsa dibopiwa tse dingwe tsa semoya, e bong barwa ba baengele. Motlhanka wa Modimo Daniele o ne a bona baengele ba le dimilione di le lekgolo mo ponatshegelong. Dibopiwa tsotlhe tsa semoya tse Jehofa a neng a di bopa di ne di siame e bile di dira tumalanong le thato ya gagwe.—Daniele 7:10; Bahebera 1:7.
Moragonyana, fa Modimo o ne o “thaea methèō ea lehatshe,” barwa bano ba Modimo ba baengele ba ne ba “ōpela mmōgō” mme “ba thèla loshalaba loa boitumèlō.” (Yobe 38:4-7) Mme lefa go ntse jalo mongwe wa bone o ne a simolola go nna le keletso ya go batla go ikgagapelela kobamelo e e tshwanetseng Mmopi. Ka go tsuologela Modimo, moengele yono o ne a itira satane (le le rayang “moganetsi”) le diabolo (le le rayang “mosebi”).—Bapisa Esekiele 28:13-15.
Satane o ne a bua le mosadi wa ntlha ebong Efa kwa Edena a dirisa noga go mo tlhotlheletsa gore a se ka a utlwa taolo ya Modimo e e tlhamaletseng ya gore a se ka a ja loungo lwa setlhare sengwe mo tshimong. Kwa morago, monna wa gagwe le ene o ne a ja. Ka gone, banyalani ba ntlha ba ne ba kopanela le moengele yono mo go tsuologeleng Jehofa.—Genesise 2:17; 3:1-6.
Lefa gone ditiragalo tsa kwa Edena di ka tswa di lebega jaaka thuto e e tlhamaletseng fela ya go utlwa, Satane o ne a tsosa dikgangkgolo tse pedi tse di botlhokwa gone koo tsa boitsholo. La ntlha, Satane o ne a ganetsa gore tsela e Jehofa a busang dibopiwa tsa gagwe ka yone e ne e dirwa ka tshwanelo le ka tsela e e tla ba itumedisang. Gongwe batho ba ne ba ka dira botoka fa ba ipusa. La bobedi, Satane o ne a belaela gore a go na le mongwe wa dibopiwa tse di botlhale yo o ka nnang a ntse a ikanyega mo Modimong fa a sa neelwe dilo tse di bonalang mme a ntse a utlwa.a
Go tlhaloganya dikgangkgolo tse di neng tsa tsoga kwa Edena, mmogo le go itse dinonofo tsa ga Jehofa, go re thusa go tlhaloganya tharabololo ya “bothata jwa moithutabodumedi,” e leng go dumalanya go nna gone ga bosula le dinonofo tsa Modimo tsa maatla le lorato. Lefa gone go le boammaaruri gore Jehofa o na le nonofo e e sa lekanngweng le sepe e bile a le mothofatso ya lorato, gape o botlhale e bile o tshiamo. O dirisa dinonofo tseno tse nne ka tekatekanyo e e feletseng. Ka gone, o ne a se ka a dirisa nonofo ya gagwe e e sa lekaneng le ya motho go senya batsuolodi bano ba bararo gone fela foo. Seo e ne e tla bo e le tshiamo mme tota go sa bontshe botlhale kana lorato. Mo godimo ga moo, ga a ka a ba itshwarela fela a bo a lebala, e leng tsela e ba bangwe ba akanyang gore e ka bo e ne e le yone tsela e e bontshang lorato. Fa a ka bo a dirile jalo o ka bo a sa bontsha botlhale lefa e le tshiamo.
Go ne go tlhokega nako go rarabolola kgangkgolo eo Satane a neng a e tsositse. Go ne go tla tsaya nako gore batho ba itshupe gore ba ne ba ka kgona go ipusa sentle kwantle ga Modimo. Ka go letlelela batsuolodi bano ba bararo gore ba tswelele pele ba tshela, gape Jehofa o ne a dira gore go kgonege gore dibopiwa di nne le seabe sa go supa gore maiphako a ga Satane ga a boammaruri ka go direla Modimo ka boikanyegi tlase ga maemo a a thata.b
Jehofa o ne a boleletse Adame le Efa ka phepafalo gore fa ba ne ba ka ja leungo le ba le ileditsweng, ba ne ba tla swa. Mme ba ne ba swa, le mororo Satane a ne a tlhomamiseditse Efa gore o ne a se kitla a swa. Satane le ene o atlholetswe loso; mo nakong eno o tsweletse pele ka go tsietsa batho. E bile tota, Bibela e bolela jaana: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.”—1 Yohane 5:19; Genesise 2:16, 17; 3:4; 5:5.
Baengele Ba Bangwe Ba A Tsuologa
Go ise go ye kae fela morago ga ditiragalo tsa kwa Edena, baengele ba bangwe ba ne ba kopanela mo go tsuologeleng bolaodi jwa ga Jehofa. Bibela e bolela jaana: “Me ga dihala, e rile batho ba simolola go ntsihala mo lehatshiñ, me ba tsala bana ba basetsana, Bomorwa Modimo ba bōna bomorwadia batho ha ba le bantlè, me ba tsaea basadi mo go bonè, botlhe ba ba ba ratañ.” Ka mafoko a mangwe, baengele bano ba ne ba “tlogèla yo e leñ bonnō yoa bōnè [kwa legodimong]” mme ba ne ba tla mo lefatsheng, ba ikapesa mebele ya senama, mme ba ne ba ipelela menate ya nama le basadi.—Genesise 6:1, 2; Yude 6.
Pego eno e tswelela jaana mo go Genesise 6:4: “Me ga bo go le merōle ea meroba mo lehatshiñ, mo malatsiñ auō, me le gōna moragō ga mouō, ha bomorwa Modimo ba tsèna mo go bomorwadia batho, me ba tsala bana nabō: bauō, e ne e le banna ba ba diganka tsa metlha ea bogologolo, banna ba ba itsegeñ.” Barwa ba ba tsetsweng ke basadi bano mme borraabone e le baengele ba ne ba nonofile fela thata, “banna ba ba diganka.” E ne e le banna ba ba ratang ntwa, kana Ba-Nephi·limʹ, e leng lefoko la Sehebera le le rayang “ba ba digelang ba bangwe fa fatshe.”
Se se kgatlhang ke gore ditiragalo tseno kwa morago di ne tsa tlhalosiwa mo ditlhamaneng tsa ditso tsa bogologolo. Ka sekai, mo polelong nngwe ya sekaleboko e e nang le dingwaga di le 4 000 ya Sebabilona e tlhalosa ka ditiro tsa bogaka jwa maatla a a fetang a motho tsa ga Gilgamesh, yo o neng e le modingwana yo o seganka, a rata ntwa yo o neng “a amoga [tseela] makau makgarebane a bone.” Sekai se sengwe se se tswang mo tlhamaneng ya Segerika, ke se se bolelang ka seganka se se nang le maatla a a fetang a motho se go tweng Hercules (kana Heracles). Hercules, yo o neng a tshotswe ke motho yo go tweng Alcmene, rraagwe e le modimo Zeus, o ne a simolola go dira ditiro dingwe ka dikgoka fa a sena go bolaya mosadi le bana ba gagwe a dirwa ke go lwala tlhaloganyo. Le mororo ditlhamane tse di ntseng jalo di ne tsa fetolwa thata fa di ntse di bolelwa go tswa losikeng lo longwe go ya go lo longwe, di dumalana le seo Bibela e se bolelang ka ga Banefilimo le borraabone ba baengele ba batsuolodi.
Tlhotlheletso ya baengele ba ba bosula le barwa ba bone ba ba diganka e ne ya dira gore lefatshe le simolole go tlala ka bothubaki mo Jehofa a neng a swetsa ka gore a senye lefatshe ka morwalela o mogolo. Banefilimo ba ne ba nyelediwa mmogo le batho ba ba sa reng sepe ka Modimo; batho fela ba ba neng ba falola e ne e le Noa yo o siameng le lelapa la gagwe.—Genesise 6:11; 7:23.
Lefa go ntse jalo, baengele ba ba bosula bone ba ne ba se ka ba swa. Go na le moo, ba ne ba ikapola mebele ya bone ya senama mme ba boela mo sebakeng sa moya. Ka go bo ba ne ba tlhoka kutlo, ba ne ba se ka ba letlelelwa gape mo lelapeng la Modimo la baengele ba ba tshiamo; kana gone go letlelelwa gape go ikapesa mebele ya senama jaaka ba ne ba dira mo motlheng wa ga Noa. Ba sa ntse ba na le tlhotlheletso e e senyang mo dikgannyeng tsa batho, ba kaelwa ke “kgōsana ea badimo,” Satane Diabolo.—Mathaio 9:34; 2 Petere 2:4; Yude 6.
Baba ba Batho
Satane le badimona e sale e ntse e le babolai ka metlha e bile ba le setlhogo. Satane o ne a tsaya diruiwa tsa ga Jobe ka ditsela tse di farologaneng a ba a bolaya bontsi jwa batlhanka ba gagwe. Go tswa foo, o ne a bolaya bana ba ga Jobe ba ba lesome ka go dira gore “sehehō se segolo” se senye ntlo e ba neng ba le mo yone. Morago ga moo, Satane o ne a itaya Jobe ka “dishō tse di boshula, go simolola ka sebete sa lonaō go ea phugoñ ea gagwè.”—Yobe 1:7-19; 2:3, 7.
Badimona le bone ba bontsha tshekamelo e e ntseng jalo e e bosula. Mo motlheng wa ga Jesu ba ne ba dira batho dimumu e bile ba ba foufatsa. Ba ne ba dira gore monna mongwe a itshegake ka matlapa. Ba ne ba piriganyetsa mosimane mongwe fa fatshe mme “ba mo tsibiketsa mo go botlhoko.”—Luke 9:42; Mathaio 9:32, 33; 12:22; Mareko 5:5.
Dipego tse di tswang mo lefatsheng lotlhe di bontsha gore Satane le badimona ba bogale go gaisa lefa e le leng pele. Ba itaya batho ba bangwe ka bolwetse. Ba bangwe ba ba bogisa ka go ba tlhora boroko kana go ba dira gore ba lore ditoro tse di tshosang kana ka go ba sotla ka tlhakanelodikobo. Gape ba dira gore ba bangwe ba lwale tlhaloganyo, ba bolaye batho, kana ba ipolaye.
Ba Santse Ba Tla Itshokelwa Lobaka Lo Lo Kana Kang?
Satane le badimona ba gagwe ga ba ketla ba itshokelwa goyagoile. Jehofa o ile a ba letlelela go nna gone go fitlha mo motlheng wa rona ka ntlha ya lebaka le le utlwalang, mme jaanong nako ya bone e khutshwane. Fa lekgolo leno la dingwaga le ne le simologa, go ne ga tsewa kgato e kgolo ya go fokotsa tiro ya bone. Buka ya Tshenolō e tlhalosa jaana: “Ga nna ntwa mo legodimoñ; Mikaele [Jesu Keresete yo o tsositsweng] le baengele ba gagwè ba bololèla kgōgèla [Satane] ba ea go tlhabana naeō; me kgōgèla ea tlhabana e na le baengele ba eōna: Me ba se ka ba henya, le gōna ba se ka ba tlhōla ba na le bonnō mo legodimoñ. Me kgōgèla e kgolo, nōga ea bogologolo ea pirigañwa, eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe; ea piriganyediwa koñ kwa lehatshiñ, le baengele ba eōna ba piriganyediwa kwa tlhatse naèō.”—Tshenolō 12:7-9.
Phelelo e ile ya nna efe? Pego eno e tswelela jaana: “Ke gōna a lo ko lo itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna.” Baengele ba ba siameng ba ne ba itumela ka gonne Satane le badimona ba gagwe ba ne ba sa tlhole ba le kwa legodimong. Mme re ka reng ka batho ba ba mo lefatsheng? Bibela e bolela jaana: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshenolō 12:12.
E re ka Satane le badimona ba gagwe ba tenegile ba ikaelela go tlisetsa batho tlalelo ka mo ba ka kgonang ka gone pele ba ka senngwa mo bogautshwaneng. Go ile ga nna le dintwa tsa lefatshe di le pedi mo lekgolong leno la dingwaga le dintwa tse dipotlana di feta 150 fa e sa le ka ntwa ya lefatshe ya bobedi e khutla. Re setse re na le mareo a a nang le dipolelwana tseno tse di bontshang bothubaki jwa losika lono: “go dirisiwa ga megare e e kotsi jaaka dibetsa tsa ntwa,” “Polao ya Kgailo,” “mafelo a polaelo,” “dikampa tsa petelelo,” “babolai ba ba sa kgaotseng go bolaya,” le “bomo ya atomiki.” Dikgang di tletse ka dipolelo tsa diokobatsi, dipolao, go thuntshiwa ga dibomo, go ja batho ga bao ba lwalang tlhaloganyo, go ganyaola batho, tlala, le pogiso.
Dikgang tse di monate ke gore dilo tseno ke tsa nakwana fela. Mo bogautshwaneng, Modimo o tla senya Satane le badimona ba gagwe. Moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa ponatshegelo nngwe e e tswang kwa Modimong jaana: “Me ka bōna moengele moñwe a hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo. Me a chwara kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane, me a mo golega kgolegō ea dinyaga di le makgolo a le shomè. Me a mo latlhèla mo moletiñ o o senañ bolekeleco, me a o cwala, a ba a o kana mo godimo ga gagwè, gore a se ka a tlhōla a tsietsa merahe, go tsamaea dinyaga tse di makgolo a leshomè di heta pele.”—Tshenolō 20:1-3.
Morago ga moo, Diabolo le badimona ba gagwe ba tla “bōna go gololwa ka lobakanyana,” mme go tswa foo ba tla nyelediwa ka bosakhutleng. (Tshenolō 20:3, 10) A bo eo e tla nna nako e e molemolemo jang ne! E re ka Satane le badimona ba gagwe ba tla bo ba nyeleditswe ka bosakhutleng, Jehofa o tla nna “gotlhe mo go cotlhe hèla.” Mme eleruri mongwe le mongwe o tla “inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”—1 Bakorintha 15:28; Pesalema 37:11.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Seno se ne sa phepafala sentle moragonyana fa Satane a ne a bolela jaana ka motlhanka wa Modimo Jobe: “Letlalō le tle le ntshediwe letlalō, E, cotlhe tse motho o nañ nacō o tla di ntshetsa botshelō yoa gagwè. Me a u ko u ntshè seatla sa gago yana, u mo amè lesapō le nama, me o tla gu itatola mo matlhoñ a gago.”—Yobe 2:4, 5.
b Go bona tlhaloso e e oketsegileng ya go bo Modimo o letleletse boikepo, bona buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A ke motho fela yo o dirang dilo tse di ntseng jalo, kana go na le maatla a a bosula, a a sa bonaleng a a ka bonwang molato?
[Motswedi wa Setshwantsho]
Oil wells burning in Kuwait, 1991: Chamussy/Sipa Press
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A bo e tla nna nako e e molemolemo jang ne fa badimona ba sa tlhole ba tlhorontsha batho!